LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 12/8 ts. 6-8
  • “Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!”
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Go Bo go Ile ga Dirisiwa Sebetsa Se Se Bolayang ka go Kgatlampolola
  • A Mme Gone Ba Ne Ba Na le Mabaka a go Bolaya?
  • “Gopolang Pearl Harbor!”
    Tsogang!—1991
  • Nako ya Fa Dipelo Tse Di Gamuketseng Botlhoko Di Fola
    Tsogang!—1991
  • Japane e Newa Mpho E e Sa e Lebelelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Go Tlogela Kobamelo ya Mmusimogolo ka go Tla mo kobamelong ya boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tsogang!—1991
g91 12/8 ts. 6-8

“Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!”

LEMORORO Majapane a ile a ipelela phenyo ya kwa Pearl Harbor le go nna ba ntse ba e gopola fa ba santse ba tsweletse ka go fenya, letlha leo le ile la lebalesega gotlhelele morago ga gore ba fenngwe mo ntweng. Bosheng jaana fa mmuso wa Japane o ne o botswa gore ke eng o ne o sa ikope maitshwarelo mabapi le tlhaselo eo, mokwaledimogolo wa khuduthamaga o ne a araba jaana: “Fa re bua re lebile mabaka a a rileng kana re ne re tsere kgang fela, boikutlo jwa me ke gore tlhaselo ya kwa Pearl Harbor ga go na gore e ka akgolwa jang. Legale, dikgang tse di amanang le ntwa magareng ga United States le Japane di ne tsa rarabololwa ke San Francisco Peace Treaty.”

Mafoko a gagwe a bontsha tsela eo Majapane mangwe a ikutlwang ka gone ka tlhaselo eo ya go sa itebetswe e e ileng ya tlhosetsa ntwa ya kwa Pacific. Pampiri ya dikgang ya Mainichi Shimbun e bega gore lemororo Majapane a a fetang sedikadike a etela Hawaii ngwaga le ngwaga, ke ba sekae fela ba bone ba ba etelang U.S.S. Arizona Memorial, e e ileng ya agiwa e le segopotso sa tlhaselo ya kwa Pearl Harbor.

Lefa kgoeletso ya “Gopolang Pearl Harbor!” yone e gopotsa Maamerika bangwe mahutsana, Majapane bone ba gakologelwa dipogisego tsa bone ka kgoeletso ya “Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa.” Dibomo tsa atomiki tse di neng tsa thunya kwa ditoropong tsa Hiroshima le Nagasaki ka August 1945 di ne tsa se ka tsa ama fela maikutlo a ba di neng di ba thunyeditse ka namana, mme gape le a setšhaba ka kakaretso.

Go itseela ka tsebe go tswa go ba ba neng ba le teng go re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang ba na le maikutlo a ba nang nao. A re tseyeng ka sekai, Itoko, yo o neng a sa tswa go fetsa sekolo, mme jaanong a direla jaaka mokwaledi mo kagong ya Thutelodikepe kwa Hiroshima. Lemororo a ne a le mo kagong e a neng a direla mo go yone, o ne a amiwa ke go phatsima ga bomo ya atomiki, jaaka ekete o ne a lebagane le lesedi la yone tota. Itoko o tlhalosa jaana, “ke ne ke bereka le masole go tlosa ditopo mo toropong. Fa e le mo nokeng gone masole a ne a latlhela letloa a le mo mokorong, mme ba ne ba ntsha direpa di ka feta 50 nako le nako fa ba goga letloa. Re ne re isa direpa tseo kwa lotshitshing lwa lewatle, mme re di tlhatlaganye di le tlhano setlhopha sengwe le sengwe re bo re di tshuba. Bontsi jwa bone ba ne ba le segwere. Ke ne ke sa kgone go farologanya gore monna ke ofe mosadi ke ofe, le dipounama tsa bone di ne di rurugile ekete melomo ya dipidipidi.” Ga go na gore Majapane ba ka lebala jang matlhotlhapelo ao a a ileng a tlisiwa ke dibomo tseo tse pedi tsa atomiki.

Lebaka la Go Bo go Ile ga Dirisiwa Sebetsa Se Se Bolayang ka go Kgatlampolola

Moporofesara wa kwa Yunibesithing ya Nagasaki ebong Shigetoshi Iwamatsu, yo le ene ka boene a neng a amiwa ke bomo ya atomiki, e ne ya re dingwaga tse 20 tse di fetileng a kwalela dipampiri tsa dikgang tsa kwa Mafatsheng a Bophirima go ba itsise ka seemo sa ba ba ileng ba amiwa ke dibomo. Asahi Evening News e bega gore, “o ne a gakgamadiwa fela thata ke kafa a ileng a fetolwa ka gone. Sephatlo sa dikarabo di ne di bontsha gore dibomo tseo tsa atomiki ke tsone tse di khutlisitseng ditlhaselo tsa Japane le gore go a gakgamatsa go bo batho ba di ba amileng e le bone ba ntshang boikuelo jwa kagiso.”

The Encyclopedia Americana ya riana, fa e tlhalosa lebaka la go bo go ile ga dirisiwa sebetsa se se bolayang ka go kgatlampolola: “O ne [Harry S. Truman] a tsaya tshwetso ya go dirisa dibomo tsa atomiki kgatlhanong le Japane, ka go bo a ne a dumela gore di tla khutlisa ntwa ka bofefo le go femela matshelo.” Lemororo a sa dirwe ke go bo a sa amege ka maikutlo a ba ba amilweng ke bomo ya atomiki, mmegadikgang wa Mojapane ebong Kenkichi Tomioka yo o neng a bega ka seemo se se tlhakatlhakaneng sa morago ga ntwa, o dumalana jaana: “Fa re lebelela kwa morago nakong e le magareng ga March/April le August 1945, ka nako ya fa dipaakanyetso tsa go konela ntwa tse di neng di baya bokamoso jwa setšhaba mo kotsing di ne di fitlhile kwa setlhoeng, ga re kake ra itlhokomolosa seabe seo melemonyana e mebedi eo [eleng dibomo tsa atomiki] e neng ya nna le sone, ya go alafa ditlhogonyana tse di twanyatwanyang tsa bontwadumela ba ba neng ba ikaeletse gore ba tla sireletsa naga ya bone gore fa e le sengwe go she logong go sale molora. Go thulana moo go ne go tla raya go rotloetsa setšhaba sa batho ba ba didikadike tse 100 (go ikemisetsa go swa go na le go ineela), ke gore gyokusai.”

Lefa go le jalo, ba ba ileng ba latlhegelwa ke baratiwa ntateng ya go thuntshiwa ga dibomo tseo tsa atomiki le ba ba lwalang malwetse a a bakilweng ke marang a tsone, ga ba gomodiwe ka gope ke mafoko a a emang nokeng go latlhelwa ga pikadon, kgotsa “peke thuu,” jaaka bafalodi ba ne ba bitsa dibomo tsa atomiki. Lemororo ba ile ba iteba ka lebaka le letelele jaaka ba ba ileng ba amiwa ke dibomo tseo ba sena molato, bangwe ba bafalodi ba dibomo tsa atomiki jaanong ba lemoga gore jaaka Majapane, ba tshwanetse go dumela, jaaka Moperofesara Iwamatsu a ile a bua, “melato e ba e dirileng fa ba tlhasela mafatshe a kgaolo ya Asia-Pacific.” Erile ka 1990 mongwe wa ba ba neng ba amiwa ke bomo o ne a kopa maitshwarelo mabapi le melato e Japane e e dirileng ka nako ya ntwa, fa pele ga baemedi ba batswakwa kwa ditshupetsong tsa ngwaga le ngwaga tse di kgatlhanong le bomo kwa Hiroshima.

A Mme Gone Ba Ne Ba Na le Mabaka a go Bolaya?

Bontsi jwa bafalodi le ba ba ileng ba iponela ditiragalo tsa kwa Pearl Harbor, Hiroshima le Nagasaki ka matlho, ba ila ntwa lebaibai. Bangwe fa ba leba kwa morago kwa nakong eo, ba ipotsa gore a mme tota gone dinaga tsa bone di ne di na le mabaka a a utlwalang a go lopa gore baratiwa ba bone ba intshe setlhabelo jalo.

Matlhakore oomabedi a ne a tikana ka mafoko ka boikaelelo jwa go tlhotlheletsa mowa wa ntwa le go tlhatswa go bolaya moo. Maamerika ba ne ba bitsa Majapane ba re ke “dinokwane tsa Majapi,” ba bile ba go fitlhela go le motlhofo go kuketsa kgabo ya kilo le ya go batla go ipusolosetsa ka mafoko a a reng “Gopolang Pearl Harbor!” Kwa Japane batho ba ne ba rutwa gore Maamerika le Maesemane ke kichiku, ke gore “diphologolo tsa bodimona.” Tota ebile bontsi kwa Okinawa bo ile jwa ipolaya go na le go tshwarwa ke “diphologolo.” Go ile ga diragala gape gore, fa Majapane a sena go ineela, mme jaanong masole a a neng a ba fentse a Amerika a goroga fa maemelong a dikepe a a gaufi, Itoko yo mmotlana, yo o neng a umakiwa kwa pelenyana, o ne a neelwa diphuthelwana di le pedi tsa botlhole jwa potassium cyanide ke mookamedi wa gagwe. O ne a mo laela jaana, “o se ka wa ba wa nna botshamekelo jwa masole a batswakwa.”

Legale, Itoko o ne a thusiwa ke ditsala tsa gagwe tsa letso le le tlhakaneng la Majapane le Ma-Hawaii go atolosa ka iketlo tsela eo a neng a leba dilo ka yone mme kwa morago o ne a lemoga gore Maamerika le Maborithane ba ka nna botsalano, mokgwa o montle, le bopelonomi. O ne a kopana le George, motho wa lotso lwa Se-Irish yo o neng a tsaletswe kwa Singapore, yo rraagwe a neng a bolawa ke Majapane. Ba ne ba tlwaelana mme kwa morago ba nyalana. Ke sekai se le sengwe fela sa bontsi jo bo ileng jwa lemoga gore ba e neng e le baba ba bone pele, ke batho ba ba pelontle. Fa botlhe ba ka bo ba se ka ba bona “baba” ka matlho a ntwa, mme go na le moo ka matlho a bone a a senang kilo, ba ka bo ba ile ba ba tshololela lorato eseng dibomo.

Ee, kagiso gareng ga batho ka bongwe e e thailweng mo motheong wa go tlhaloganyana e a tlhokega gore go ke go nne le kagiso mo lefatsheng. Mme fa re akanya ka dintwa tse di lolweng fa esale ka 1945, se se bontsha gore batho ga ba a ithuta ntlha eno ya botlhokwa mo ditiragalong tsa kwa Pearl Harbor le Hiroshima. Legale gone, kagiso gareng ga batho ka bongwe ga e a lekana go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo he, go tlhokega eng? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]

Lemororo kgoeletso ya “Gopolang Pearl Harbor!” yone e gopotsa Maamerika bangwe mahutsana, Majapane bone ba gakologelwa dipogisego tsa bone ka kgoeletso ya “Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!”

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]

Kagiso gareng ga batho ka bongwe e e thailweng mo motheong wa go tlhaloganyana e a tlhokega gore go nne le kagiso mo lefatsheng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Lloyd Barry a na le Adrian Thompson, eleng barongwa ba Mokgatlho wa Watch Tower, ba eme fa pele ga Peace Memorial ya kwa Hiroshima ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Marope a Hiroshima morago ga go thunya ga bomo ya atomiki

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Army/Courtesy of The Japan Peace Museum

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela