LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 12/8 ts. 9-11
  • Nako ya Fa Dipelo Tse Di Gamuketseng Botlhoko Di Fola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya Fa Dipelo Tse Di Gamuketseng Botlhoko Di Fola
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Loeto lwa Kagiso
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ntwa
    Tsogang!—2017
  • “Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!”
    Tsogang!—1991
  • Lefatshe le le Senang Ntwa le Tla Tloga le Tla
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 12/8 ts. 9-11

Nako ya Fa Dipelo Tse Di Gamuketseng Botlhoko Di Fola

ADELINE NAKO yo mmotlana, yo o neng a umakiwa kwa tshimologong ya motseletsele ono wa ditlhogo, o ne a nna le kilo e kgolo thata kgatlhanong le naga ya borraagwemogologolwane ebong ya Japane. Fa bana ba bangwe ba ne ba bitsa bana ba lotso lo lo tlhakaneng lwa Majapane le Ma-Hawaii ba re, “Majapi,” o ne a tle a ba fetole a re: “Rona re Maamerika.” O ne a tle a pente mafoko mo dipampiring go bonwa ke batho a a reng, “Nyeletsang Axis Powers,” mme ebile gape o ne a di goga kwa pele mo papatsong ya go reka ditempe tsa go leka go kgobokanya madi a a neng a dirisiwa mo ntweng. Adeline o ne a re: “Ke ne ke ikgantsha thata ka mephato ya 100 le 442 e e neng e bopilwe ka nisei, ke gore Majapane a a tsaletsweng kwa Amerika, ba ba neng ba lwela Amerika ka bopelokgale.”

Legale, fa a ntse a gola, o ne a simolola go ipotsa jaana: ‘Tota gone ke eng fa batho ba bolaana jaana?’ Go ne go lebega go sa siama gotlhelele. Ka pelo fela o ne a re, ‘Mabuda ba ne ba lwa. Bakeresete ba ne ba lwa. Botlhe ke baitimokanyi.’ Ereka a ne a setse a simolotse go ithuta Bibela a thusiwa ke Basupi ba ga Jehofa, o ne a gwetlha Mosupi yoo a neng a ithuta nae ka potso eno, “A lona Basupi ba ga Jehofa lo tsaya karolo mo ntweng?”

O ne a itsisiwe gore ga ba tseye dibetsa go bolaya motho ope fela. Ka nako eo go ne go santse go lowa e e matlho mahibidu kwa Yuropa le kwa Asia. Go ne ga tla gore Adeline a itse gore kwa Jeremane Basupi ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso le gore ba ba kwa United States ba ne ba tlhatlhelwa mo kgolegelong ka ntata ya go gana ga bone go tsaya dibetsa go ya ntweng. Ka pelo fela o ne a re, ‘Jo e tshwanetse ya bo e le jone bodumedi jwa boammaaruri.’

Loeto lwa Kagiso

Kgabagare fa kitso ya gagwe ya Bibela e ntse e gola o ne a ineela mo go Jehofa, Modimo o go rutwang ka one mo Bibeleng. Go ineela ga gagwe go “Modimo oa Kagishō” go ne ga mo dira gore a pitlologe mo loratong lwa gagwe ka go latela dikgato tsa ba lotso lo lo tlhakaneng lwa Majapane le Ma-Hawaii ba batlhano ba ba ileng ba ithaopela go ya kwa Japane morago ga Ntwa ya Lefatshe II. (Bafilipi 4:9) Ba ne ba iketleeleditse go thusa batho ba lefatshe la borraabomogolo, ba ebileng e ne e le baba ba bone pele, ka go rera mafoko a a molemo a kgomotso a Bogosi go tswa mo Bibeleng ba direla jaaka barongwa.—Mathaio 24:14.

Mongwe yo o neng a ithaopela go ya go thusa kwa lefatsheng leo le le neng le kgautlhantswe ke ntwa la Japane ebong Shinichi Tohara, o ne a gakologelwa kafa a neng a ikutlwa ka teng mabapi le loeto lwa gagwe. A re “ke ne ka akanya ka boteng malebana le kafa batho ba Japane ba ineelang ka gone fa go tla mo go direleng barena ba batho le mmusimogolo. Ke ne ka gopola ka bakgweetsi ba difofane tsa kamikaze, bao ba neng ba neetse matshelo a bone go mmusimogolo ka go fofisetsa difofane tsa bone ka boomo fela mo dikepeng tsa ntwa tsa baba. Ka pelo fela ke ne ka re, fa e le gore Majapane a ka nna le boineelo jo bo kana mo bathong, go tweng fa ba ne ba ka itse ka Morena wa boammaaruri ebong Jehofa?”

Ka maikutlo ao a mantle erile ka 1949 baithaopi bao ba bo ba goroga kwa Tokyo, e mo bogautshwaneng jaana e neng e lebega jaaka thothobolo ntateng ya ditlhaselo tsa difofane tsa B-29. Ba ne ba fitlhela eng mo matlong a a neng a le fa gare ga matlotla ano? Batho ba ba boboinyana ba ba ithatelang go bereka. Legale gone, go ne go santse go na le ba ba nang le moya wa kilo le wa go sa rate batho ba ba rileng. Lefa go le jalo, bontsi bo ne jwa amogela molaetsa wa Bibela wa kagiso ka atla tsoopedi.

Ka 1953, Adeline o ne a tlatsa palo ya barongwa bale ba ntlha. O ne a thusa ka iketleetso ba ba neng ba nyorilwe ba bile ba bolaetswe ke tlala molaetsa wa kgomotso o o fitlhelwang mo Bibeleng. O ne a tle a rakane le batho ba ba ganetsang mo tirong ya gagwe ya go rera. Ba ne ba tle ba mo reye ba re: “Lona batho ke lona ke lona ba lo latlhetseng dibomo tsa atomiki mo Hiroshima le Nagasaki!”

O ne a tle a fetole jaana, “Lo a itse gore ke tswa kwa Hawaii. Mme ebile Japane ke yone e ileng ya tlhasela Pearl Harbor pele le go bolaya batho ba bantsi teng. Mme lefa go le jalo seo ga se a nkgoreletsa go tla Japane go tla go bolelela batho ba mono mafoko ano a a molemo.” Mafoko ao gantsi a ne a ba reba bogale, ba bo ba amogele dibuka tse di tlhalosang Bibela.

Ka ntata ya motheo o o ileng wa thaiwa ke barongwa bao ba pele go tswa Hawaii le kwa mafatsheng a mangwe, jaanong Majapane ba feta 150 000 ke karolo ya bokaulengwe jwa bao ba tla se ‘ketlang ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.’—Isaia 2:4; 1 Petere 2:17.

Tsela E Dintwa Tsotlhe Di Tla Khutlang ka Yone

Ka boammaaruri, go itsane le go tlhagolela lorato lwa bopelonomi mo go ba bangwe ke selo sa konokono gore go nne le kagiso mo lefatsheng. Lefa go le jalo, seo ga se a lekana. Batho ba ba ratang kagiso ba bile ba na le ditsala mo matlhakoreng oomabedi le bone ba ne ba bilediwa ntweng ya Pacific ka go tewa gotwe ba lwela mabaka “a a utlwalang.” Kgoeletso ya bosetšhaba e ne ya fekeetsa boikutlo jwa bone jwa tlholego. Lemororo bangwe ba bone ba ne ba gana go ya ntweng lefa ntswa seo se ne se ka raya go romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso kana kwa dikgolegelong, go itshwara jalo ga bone, lemororo e le selo se se akgolelwang, fa e le gore go ile ga ama ka tsela nngwe boikutlo joo jo bo tseneletseng jwa ntwa, e ne e se ga sepe.

Fa setšhaba sotlhe se tsenelela mo ntweng, e a bo e se batho ba le bosi fela ba ba eteletseng pele. Gantsi botlhe ba ba tsayang karolo ba re ba eletsa go fema ntwa. Lefa go le jalo, go na le maatla mangwe a magolo a a ba tlhotlheletsang gore ba dire se se leng kgatlhanong le dikeletso tsa bone. Bibela e bitsa maatla ano a magolo e re ke, “modimo oa lehatshe yeno.” (2 Bakorintha 4:4) Ee ka boammaaruri, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula” ebong Satane Diabolo.—1 Yohane 5:19; bona gape le Yohane 12:31; 14:30.

Lefa go le jalo, Bibela e solofetsa gore, ‘Modimo wa kagiso o tla akofa o tapeta Satane.’ (Baroma 16:20) Maoko a go tapetiwa moo a ile a diragala kwa legodimong dingwaga di ka tshwara 77 tse di fetileng. Reetsa tlhaloso ya se moaposetoloi Johane a neng a se bona mo ponatshegelong nngwe e e kgatlhisang makgolo a dingwaga a a 18 a a fetileng pele ga tiragatso ya yone ka 1914: “Me ga nna ntwa mo legodimoñ . . . Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa kon̄ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.”—Tshenolō 12:7-9.

Fa esale ka nako eo Satane Diabolo o ntse a kganeletswe mo tikologong ya lefatshe. O ile a dirisa boradipolotiki le borantwadumela jaaka malatswathipana a gagwe ka botlhale go lere bohutsana jo bogolo ka dintwa tsa lekgolo leno la dingwaga. Lefa go le jalo, go felafela pelo ga gagwe go bontsha fela kafa a shakgetseng ka gone, “ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolō 12:12) Ka letsogo le le nonofileng la “kgōsana ea kagishō” ebong Jesu Keresete, Modimo o tla tshwara Satane morago ga ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe’ kwa “Hara–Magedona.”—Isaia 9:6; Tshenolō 16:14, 16.

Go farologana le dintwa tsotlhe tse di ntseng di lowa ke batho, mo ntweng e e tlang eo, selekanyo sa tshiamo ya Modimo seo se tla bong se rena ka nako eo se tla nna ka botlalo. Ke selekanyo sa Mmopi wa setho, yo o ratelang batho bontle fela thata. Go farologana le baeteledipele ba sepolotiki ba ba pateletsang batho ba bone go ya ntweng, Jehofa, eleng Mmopi wa rona, o tla bolelela batho ba gagwe jaaka a ile a bolelela setšhaba sa Iseraele mo metlheng ya ga Jehoshafate wa Juda mo lekgolong la bolesome la dingwaga B.C.E.: “Ga go ketla go batla gore lo tlhabanè mo tlhabanoñ e: lo ikemiseñ lo èmè hèla, me lo bōnè poloka ea ga Yehofa e e nañ le lona.”—2 Ditihalō 20:17.

Morago ga gore maru a mantsho a tlhotlheletso ya ga Satane a kaolosiwe, motho mongwe le mongwe mo merafeng yotlhe o tla ipelela kagiso ya boammaaruri le polokesego mo lefatsheng lotlhe. Ka nako eo he, maemo ano a a boleletsweng pele ke Isaia a tla nna selo sa mmatota. “Gonne, bōnañ, ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.”—Isaia 65:17.

Ka jalo he, se se ileng sa diragala kwa Pearl Harbor ga se kitla se gakologelwa ka bohutsana, lefa e le ba ba amilweng ke go thuntshiwa ga dibomo tsa atomiki kwa Hiroshima le Nagasaki ga ba kitla ba goeletsa ba re “Fa E le Ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!” Ka ntlha yang? Ka ntlha ya go bo gape mafoko ano a ga Isaia a boperofeti a tla bo a diragalela batho botlhe mo lefatsheng: “Me [Modimo] o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.

Boperofeti jono bo setse bo diragala gareng ga Basupi ba ga Jehofa, ba jaanong ba bopang bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo bo balwang ka didikadike. Seno se itshupa segolobogolo mo dikopanong tsa boditšhabatšhaba tsa Basupi ba ga Jehofa, tse di tshwarelwang mo mafelong a a farologaneng mo lefatsheng. Le wena o ka nna karolo ya batho bano ba boditšhabatšhaba ba ba nang le kutlwano mmogo le kagiso. O nne teng go ithuta gore le wena o ka nna jang karolo ya batho bano ba ba ‘thudileng ditšhaka tsa bone go nna magale a megoma le marumo a bone dithipa tse di segang mabele, ba ba se kitlang ba tlhola ba ithuta tlhabano gope,’ ba ba bileng ba solofetse lefatshe la paradaise mo bogautshwaneng, e go se kitlang lefa e le ka motlha ope go nna le dintwa mo go yone.—Pesalema 46:8, 9.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jerry le Yoshi Toma, Shinichi le Masako Tohara, le Elsie Tanigawa ba ile ba ithaopela go thusa ba ba kileng ya bo e le baba ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Gompieno bakaulengwe ba merafe yotlhe ba obamela Modimo ka kutlwano le ka kagiso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela