LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 3/8 ts. 7-8
  • Go Botlhokwa go Simolola go Sale Gale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Botlhokwa go Simolola go Sale Gale
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Tlhalosetse ka Diphetogo Tse Di Diragalang mo Mmeleng
  • Tlhakanelodikobo E Eseng Diphatsa ke Eng?
  • Ditaelo tsa Modimo Ke Tshireletso
  • Ke ka Tila Jang go Tsenwa ke AIDS?
    Tsogang!—1993
  • A Batsadi ba Tshwanetse go Ruta Bana ba Bone ka Tlhakanelodikobo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ba Neele Kaelo E Ba E Tlhokang
    Tsogang!—1992
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 3/8 ts. 7-8

Go Botlhokwa go Simolola go Sale Gale

BANA ba bannye ba na le tshwanelo ya gore ba tlhalosediwe ka botlalo ka tsela e e utlwalang malebana le kafa mebele ya bone e dirang ka teng le kafa ba ka itshireletsang ka gone mo bathong ba ba senang boitsholo. Mme lefa go ntse jalo go ka simololwa leng go ba ruta? Go sale gale go feta kafa bontsi bo akanyang ka gone.

Go tsena bogolong go simologa ka dingwaga tsa bokau/bokgarebe, eleng nako e ditshupo tsa go gola ga dikarolo tsa bonna le bosadi di simololang go bonala ka yone. Mosetsana a ka nna a simolola go bona kgwedi la ntlha a na le dingwaga di le 10 kgotsa pele ga foo kgotsa a setse a le dingwaga tse 16 kgotsa go feta. Mosimane a ka nna a tswa peo bosigo a robetse la ntlha gongwe a na le dingwaga tse 11 kgotsa 12. A bana ba gago ba tla bo ba na le kitso pele ga nako eo, a re re gongwe fa ba na le dingwaga tse di robang bongwe?a A mo dingwageng tseo tsa ba santse ba le babotlana ba tla bo ba setse ba tlhaloganya kafa go leng botlhokwa ka gone gore ba dibele bokgarejwana jwa bone?

Ba Tlhalosetse ka Diphetogo Tse Di Diragalang mo Mmeleng

Morwadio o na le tshwanelo ya go itse ka diphetogo tse di tla diragalang mo mmeleng wa gagwe tse di rulagantsweng ke Modimo. Mmè a ka nna a bua ka go bona ga gagwe kgwedi mme a ba a bontshe morwadie dilo tsa gagwe tseo a di dirisetsang go itshireletsa. O tshwanetse go tlhalosa gore diphetogo tseno ke thulaganyo ya tlholego ya mmele. Mmè a ka tlhalosetsa morwadie ka tsela e e tshwanetseng, gore mmele wa gagwe o tlile go ipaakanyetsa nako eo, e santse e le dingwaga tse dintsi kwa pele, e ka yone gongwe a tla nyalwang le go nna mmè le ene. Mmè a ka tlhalosetsa morwadie gore mmele o baakanyetsa leseanyana boalo jo bo kgethegileng jo bo matobetobe, jo bo tletseng ka ditshikanyana tse dintsi tsa madi mo popelong. Fa go diragala gore ngwana a se ka a imiwa, boalo jono bo a tswa bo elele le mosele o o lebisang kwa ntle, mme jaanong yone tiragalo eno e bidiwa go bona kgwedi.

Ka mo go tshwanang, morwao le ene o tshwanetse go itse go sale pele kaga go tswa peo bosigo a robetse, kgotsa go ikolobetsa. (Duteronome 23:10, 11) O tshwanetse go tlhaloganya gore go ntshiwa ga seedi se se bolele, ka nako ya fa gongwe a lora, ga se sepe fela fa e se tsela e ka yone mmele o tshololang peo e e setseng e kokotlegetse. Morwao le bomorwadio ba tshwanetse go itse gore ga go na sepe se se phoso ka diphetogo tseno tsa mebele ya bone. Se se diragalang fela ke gore mebele ya bone e a bo e baakanyetswa nako e e tlang e motlhaope ba tla bong ba nyetse/nyetswe le go nna batsadi ka yone.b

Jaaka batsadi, lo tshwanetse go tsaya dilo tseno ka masisi, ka gonne ke dilo tsa bomodimo. Mme Modimo o lo beile go nna barutisi.

Tlhakanelodikobo E Eseng Diphatsa ke Eng?

Fa dingwaga di ntse di tla ka go latelana ka lobelo mme bana ba gago jaanong ba tsena mo dingwageng tsa bosha, o tshwanetse go tlhomamisa gore ba itse gore tlhakanelodikobo gareng ga batho ba ba sa nyalanang e kotsi, go sa kgathalesege gore ba bolelelwa eng se se farologaneng. Malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo, go kopanyeletsa le AIDS, a apesitse lefatshe kobo ka letshoba. Malwetsi ao a ka baka boopa, go nna le mathata mo go tsholeng bana, kankere, tota le eleng loso. Mo godimo ga moo, a ka anamisiwa ke batho ba ba sa itseng le go itse gore a a ba tsenye.

Bana ba gago ba tshwanetse go lemoga gore ga go na epe tsela ya thibelapelegi e e ileng ya itshupa e kgona ka botlalo go fema boimana kgotsa go kgoreletsa go tshelwana ga bolwetsi. Tota ebile, palo e e bogolo bo gakgamatsang ya basha ba ba dirisang mefuta e e farologaneng ya thibelapelegi ba a ima. Mme le mororo dikhontomo di galalediwa gore di kgona go thibela go tsenwa ke AIDS go tswa mo mothong yo o tlhakanelang dikobo nae yo o nang nayo, The New England Journal of Medicine e ne ya bega gore dikhontomo di palelwa ke go thibela go tshelwana ga mogare wa AIDS mo makgetlong a a ka tshwarang 17 lekgolong a tiriso ya tsone.

Ke gone ka moo, mmegadikgang wa New York Post ebong Ray Kerrison a neng a kwala jaana a ganetsa maiphako a gore dikhontomo ‘di ka fokotsa fela thata bodiphatsa jwa go tsenwa ke AIDS’: “Bonnyannyane jo bo gakgamatsang. Fa o tlhatlhela lerumo mo kgatlhakgobeng e e tsenyang marumo ya tlhobolo, o bo o e dikolosa mme go tsweng foo o bo o itshupa mo tlhogong ka tlhobolo o bo o goga tirikara, o a bo o itse gore go na le kgonagalo e le nngwe mo go tse thataro ya gore o ipolaye. Mme fa e le ka khontomo, go na le kgonagalo e le nngwe mo go tse tlhano ya gore o tsenwe ke AIDS. Jaanong re ka kgona go fa maaka a gore dikhontomo di ka sireletsa motho gore a se ka a tsenwa ke AIDS leina le le tshwanetseng. Leina leo ke gareng ga metsu ya tlhakanelodikobo.”

Bana ba gago ba tshwanetse go tlhaloganya gore tharabololo ya mathata a malwetsi a tlhakanelodikobo e motlhofo. Ke go amogela thulaganyo ya Modimo ya tiriso ya mpho eno ya bomodimo ya go ikatisa. Tota ebile, tlhakanelodikobo e e babalesegileng ke fela mo lenyalong, mme ebile fa tota e le thulaganyo ya botshelo jotlhe le motho a le mongwe yo o mo ratang yo le ene a iseng a ke a nne le molekane yo mongwe o sele yo a kileng a tlhakanela dikobo nae.

Ditaelo tsa Modimo Ke Tshireletso

Bibela e a re: “Monna . . . o tla ñaparèla mosadi oa gagwè.” “U se ka ua diha boaka.” ‘Mme boaka bo se ka jwa ba jwa umakiwa mo go lona.’ ‘Fa go se seaka seo se ka [nnang] le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le Modimo.’—Genesise 2:24: Mathaio 5:27; Baefesia 5:3, 5.

Ditaelo tseno ga di gatelele. Go na le moo, go di sala morago go ka re tlisetsa boitumelo, le lelapa le le kitlaneng. Ngwana yo o iseng a tsholwe o tla neelwa se tota eleng tshwanelo ya gagwe—batsadi ba babedi, mmè le rre. Mongwe le mongwe wa bone o na le dinonofo tse di farologaneng, mme ka jalo mongwe le mongwe wa bone a ka neela ngwana dilo tsa botshelo tse yo mongwe a senang natso.

Jaaka batsadi, lo dirisa thuto le sekao sa lona, lo tshwanetse go nwetsa melaometheo ya Bibela ka nitamo mo pelong le mo tlhaloganyong ya ngwana wa lona. Lo tshwanetse go aga ka didirisiwa tse di thata tsa go aga—tse di palelang molelo. Fela jaaka fa Bibela e bolela jaana: “Tihō ea moñwe le moñwe e tla bōnadiwa: gonne letsatsi le tla e bolèla, ka e senolwa ke molelō; me molelō ka osi o tla leka tihō ea moñwe le moñwe kaha a nntseñ ka gōna.” Fa o aga kago e e thata mme tiro ya gago e kgona go ikemela, ruri o tla bona tuelo e kgolo.—1 Bakorintha 3:13.

Mme legale go santse go setse potso eno ya botlhokwa: O ka nonotsha jang thutuntsho eno fa bana ba ntse ba aloga mo dingwageng tsa bone tsa bosha mme ba tsena mo go tsa bogodi?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Dr. Leon Rosenberg wa Yunibesithi ya Johns Hopkins, Baltimore, Maryland, U.S.A., o ne a re: “E tshwanetse ya re fa ngwana a ya go tshwara dingwaga tse 9, batsadi ba bo ba setse ba kile ba nna le ene fa fatshe ba tlotla le ene ka botlalo ka menangwana e e mabapi le tlhakanelodikobo le boitsholo. Go nna molemo thata fa bana ba bona tshedimosetso e ntsi go tswa mo batsading ba bone.”

b Tshedimosetso e kgolwane e ka bonwa mo dikgaolong tseno “Go Golela mo Bonneng” le “Go Tsena mo Bosading” tsa buka ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone, mme buka eno o ka e bona go tswa mo bagatising ba makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Ke selo sa botlhokwa gore o thuse bana ba gago go ipaakanyetsa diphetogo tse di tla diragalang mo mmeleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela