Ba Neele Kaelo E Ba E Tlhokang
BANA ba gago ba ka ithuta jang go itshireletsa mo lefatsheng leno leo boitsholo jwa lone jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo bo golelang pele? Eseng go tswa mo thelebisheneng, eo setlhopha sengwe sa basha se ileng sa e baya mo maemong a bonè mo dilong tse di botlhokwa tseo ba bonang tshedimosetso mo go tsone kaga tlhakanelodikobo. Eseng go tswa kwa dikolong, koo eleng gore barutabana ba ruta se se tsamaelanang le mekgwa le ditekanyetso tse di fetogang tsa lefatshe leno le le senang boitsholo. Mme gotlhelele eseng go tswa mo dipolelong tsa bana ba ba tsenang sekolo le ba gago.
Gore thuto kaga boitshwaro le kaga botshelo jwa lelapa e ke e atlege, e tshwanetse go simolola kwa gae. Fela jaaka morutabana mongwe wa sekolo se segolwane yo o neng a tshwenyegile a ile a re: “Mongwe o tshwanetse go nna le sebete sa go bolela jaana: ‘Bonang fa bana, ga go kake ga lo utlwisa botlhoko go emela nako ya lona!’”
A seo ke se o se rutileng bana ba gago? Ka ntateng ya dikgang tse di buang ka tlhakanelodikobo tse di tletsetletseng gompieno tse di re farafereng, a o kile wa ipotsa gore a tota le yone tsela ya go ba ruta o a e itse?
Kafa Sekai Se ka Ba Amang ka Teng
Fela jaaka fa batsadi ba gago ba ile ba ama botshelo jwa gago ka tsela eo ba neng ba tshela ka yone, le wena sekao sa gago se ka ama matshelo a bana ba gago fela thata. Go bontsha fela thata kafa o ba ratang ka teng le se o eletsang gore ba tswe sone.
Fa e le gore fa o nyala/nyalwa o ne o ise o ke o tlhakanele dikobo, o ka itsise bana ba gago kafa seo se neng sa go itumedisa ka teng. Rremogolo mongwe o gakologelwa letsatsi lengwe, mo e ka nnang dingwaga tse 60 tse di fetileng, fa rraagwe a ne a mmolelela kafa a ileng a itumela ka teng go bo a ile a nyala, a itse gore ga a ise a ko a tsenelele mo tirong epe ya boitshwaro jo bo sa siamang eo e neng e ka senya lenyalo la gagwe. Puisano eo e ile ya ama fela thata tsela eo rremogolo yono a ileng a tshela botshelo jwa gagwe ka yone, mme o dumela gore sekao sa gagwe se ile sa ama matshelo a bana ba gagwe fela thata.
Lefa go le jalo, fa e le gore bana ba gago ba itse gore tsela e o neng o tshela ka yone fa o ne o sa le ngwana e ne e se ntle, o tshwanetse go tlhomamisa gore ba itse gore ke ka ntlha yang o ile wa fetoga. Ga se fela gore o godile mme gape ke ka go bo o bone ditekanyetso tse di kwa godimo tse o neng o ka tshela tumalanong le tsone.
Go Nna Tsebe Ntlha
Batsadi ba ba atlegileng gantsi ba bolela ka nako e ntsi eo ba e dirisang go reetsa bana ba bone. Ba itse seo se diragalang mo matshelong a bana ba bone. Karen o ne a itirela mokgele wa gore a ne a bereka mo ntlong ya boapeelo mo ditshokologong. Ka tsela eno, fa barwadie ba ne ba tla gae, ba ne ba kgona go mmolelela seo se neng sa diragala kwa sekolong mo letsatsing leo.
Erline o ne a go dirile mokgwa go emela barwadie fa ba tla gae bosigo le go reetsa fa ba mmolelela sotlhe seo ba tlhotseng ba se dira. O ne a re, “Fa go na le sengwe se se tlhokang gore se baakanngwe, ke ne ke se beela nako e e tlang. Mme ke ka bo ke se ka ka se itse fa ke ne ke se ka ka reetsa.” O ile a buisana le barwadie go fitlhela ba fetsa sekolo le dinako tsa bone tsa lefereo. Nako e e ntseng jalo e o e dirisang le bana ba gago e ka kgona go fema matlhotlhapelo a a ka nnang teng mo nakong e e tlang.
Mme go tweng fa e le gore bana ba gago ga ba bue thata? Fa go ntse jalo, gongwe o ka ipotsa jaana, ‘A ba dirwa ke gore ke batho ba ka tlholego ba didimetseng, kgotsa ba tshaba go bolela dilo ka ntateng ya mokgwa o nkileng ka itsaya ka one ka nako e e fetileng? A ke ka dira gore ba inkanye gape mo nakong eno ka go dira maiteko a a kgethegileng a go ba bontsha kafa ke ba kgatlhegelang ka teng? A ke ka dira gore ba kgone go bua dilo tseo e seng tsa sepe gompieno gore gongwe e tle e re kgabagare ba bue tse di masisi go feta tseo?’
Ditlhagiso Tse Di Botlhokwa
Bana ba gago ba tlhoka gore ba tlhagisiwe ka ditlamorago tsa boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka sekai, ba tshwanetse go itse gore, le mororo ba utlwa se se farologaneng, ga go na mokgwa ope wa thibelopelegi o o senang diphoso. Go ima mo go sa batlegeng le malwetsi a tlhakanelodikobo a a tshelanwang gantsi a nna teng lefa go dirisitswe dilo tsa thibelopelegi. Go ya ka mokgatlho wa Planned Parenthood, dikhontomo di palelwa ke go thibela go ima ka makgetlo a a ka tshwarang 12 lekgolong, mme di ka nna tsa palelwa le go feta go thibela go tshelwa ga megare ya bolwetsi jwa AIDS.
Go lebega basha ba le bantsi ba tlhatswegile pelo gore bone ga ba ka ke ba welwa ke mathata. Lefa go le jalo, malwetsi a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, go kopanyeletsa le AIDS, a ka kgona go tshelwa ke batho bao eleng gore mo nakong ya gompieno ga ba ise ba bontshe dikai tsa gore ba na le one mme ebile ba sa itse fa ba a tshela ba bangwe. Malwetsi a mantsi a a ntseng jalo a a tlhaselang basha gompieno a ka kgona go baka boopa, mathata a a amanang le go tshola, kankere, tota le eleng loso.
Ka sekai, go dumelwa gore Maamerika a le dimilione tse 40 a na le bongwe jwa malwetsi ano, jo go tweng genital herpes, jo go iseng go itsiwe molemo wa jone. Bommè bao ba nang le jone ba ka kgona go bo tshela maseanyana a bone. Bana bano ba ba senang molato ba ka tsholwa ba na le mathata a tlhaloganyo, ba senyege boboko le monyetsane le dinerefe tsa jone tse eleng tsone tse di laolang tsamaiso ya mmele, kgotsa ba swe ka ntateng ya bokoa bongwe jo bo masisi jwa dikarolo tsa mateng. Abo e le tlhotlhwa e e maswe jang ne go e duela ka ntlha ya monatenyana wa ka nakwana o o solofetsweng!
Tlhakanelodikobo eno e e seng kafa molaong eo e ileng ya tsenya malwetsi ano e ka nna tota ya bo e ne e se monate. Mmatlisisi yo o ileng a botsa basha ba le bantsi o ile a re “mo basetsaneng, palo eo e se kang ya itumelela [tlhakanelodikobo] ya ba santse ba le basha e ne e feta gabedi ya ba ba ileng ba e itumelela.” Batsadi ba tlhoka go gatisa mo baneng ba bone gore tlhakanelodikobo—eleng thulaganyo e e molemo thata e ka yone Mmopi wa rona a neng a ikaeletse gore lefatshe la rona le lentle le agiwe ke batho—ga e a tshwanela gore e dirwe ka bogotswana ka kwantle ga thulaganyo ya lenyalo.
Thuto Eo Totatota Ba E Tlhokang
Bana ba gago ba tlhoka go itse gore tsela e e nosi eo e ka ikanngwang ya go tila mathata a a amanang le tlhakanelodikobo pele ga lenyalo ke go latela melaometheo e Modimo o ileng wa e tlhoma eo e saleng e itshupile fa e siame. Ke melaometheo efe? Go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo, go tsweng foo motho a bo a ikanyega botshelo jotlhe mo mothong yoo yo a mo ratang, yo eleng gore fa dilo di ne di ya ka tshwanelo, le ene abo a ise a ko a tlhakanele dikobo le ope.
Lefa go le jalo, lebaka la konokono la go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ga se ka go bo go tsala mathata mme go na le moo ke ka go bo Mmopi wa rona a re go phoso. Bibela e bolela jaana: “Lo ithibè mo boakeñ.” “Tshabañ boaka.” Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore, bao ba tswelelang ka go dira dilo tseo “ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bathesalonia 4:3; 1 Bakorintha 6:9, 10, 18.
Go sala morago melaometheo ya Modimo go tlisa botshelo jo bo itumedisang, le jo bo kgotsofatsang. Go re sireletsa mo malwetsing a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, boimana jo bo sa batlegeng, mathata a go nna motsadi yo o senang molekane, le matlhotlhapelo a go tlogelwa ke batho ba ba neng ba re dirisa ka maikaelelo a go ikgotsofatsa.
Mo dingwageng tse di fetang 2 500 mafoko ano a a ileng a kwalwa ke moperofeti wa bogologolo wa Modimo a ile a itshupa a le boammaaruri: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”—Isaia 48:17, 18.
Mme melaometheo eno ya boitshwaro e ka dumalana jang le mokgwa wa segompieno wa lefereo? Potso eo e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.