LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 3/8 ts. 9-11
  • Dingwaga Tse Di Fa Tse Di Opisang Tlhogo tsa Bosha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dingwaga Tse Di Fa Tse Di Opisang Tlhogo tsa Bosha
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Rute Gore Boitsheko Bo Na le Mosola
  • Sekao sa Gago
  • A Ga O Ise O Simolole go Ba Ruta?
  • Bua le Bana ba Gago ka Tlhakanelodikobo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Nka Tlhalosa Jang Se ke Se Dumelang ka Tlhakanelodikobo?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Ruta Ngwana ka Thobalano
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 3/8 ts. 9-11

Dingwaga Tse Di Fa Tse Di Opisang Tlhogo tsa Bosha

Basha ba faraferwe ke melaetsa e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Tlhakanelodikobo e dirisiwa mo go bapatseng sengwe le sengwe, bo ditlhako le marokgwe a dijini tota. Mmino wa malatsing ano o tletse ka mafoko a a amanang le tlhakanelodikobo. Mo thelebisheneng go bontshiwa bagolo ba maratwa go lejwa ba tlhakanela dikobo le yole le yole. A mme seno tota ke selo se se siameng?

Pampiri nngwe e kgolo ya dikgang kwa Amerika e ne ya re “go goromediwa ga tlhakanelodikobo” ka nako e bontsi bo a bong bo lebeletse thelebishene ka yone ke selo “se se tshwenyang mme ebile ke go baya thulaganyo ka tsela e e bontshang go tlhoka maikarabelo mo gogolo.” The Journal of the American Medical Association e ne ya go bitsa “go jewa ntsoma ga bana ba ba saleng mo dingwageng tsa bone tsa bosha ke bobegadikgang jwa ipapatso le itlosobodutu.”

O tshwanetse go tlhomamisa gore bana ba gago ba itse gore ga se mongwe le mongwe yo o tshelang ka mokgwa o o ntseng jalo. Lefa gone, jaaka go bolelwa go twe sephatlo sa basetsana ba ba dingwaga tse 17 mo Amerika ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo, seo se raya gore sephatlo se sengwe ga se ise. Fela jaaka Mokwaledi wa pele wa Thuto kwa U.S. ebong William J. Bennett a ile a bolela: “Ga se ‘mongwe le mongwe’ yo o dirang jalo, mme ebile gongwe le rona re ka rata go neela basha bao—eleng sephatlo sa ba ba dingwaga tse 17—tshegetso le tiiso.”

O ne a supa gore mo patlisisong nngwe e e ileng ya dirwa kwa Grady Memorial Hospital kwa Atlanta, Georgia, U.S.A., basetsana ba le 9 mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba ba dingwaga tse di kafa tlase ga 16 “ba ne ba batla go itse gore ba ka re ‘nnyaa’ jang.” A o ka thusa bana ba gago gore ba tlhatswege pelo, gore ga se go gana mo go boleta fela mo go supang go sa nitama, mme go na le moo ke nnyaa yo o papametseng yo o gagametseng yo eleng karabo e e tshwanetseng mo go sepe fela se se dirwang ke motho yo mongwe se se bontshang gore o go kgothaletsa boitsholo jo bo sa siamang? A o ka ba thusa go lemoga gore batho ba ba nang le mosola ba tla ba tlotla ka ntlha ya seo? Ke fela jaaka mosha mongwe yo o bidiwang Emily a ile a bolelela pampiri nngwe ya dikgang ya kwa California, U.S.A., jaana: “Batho ba ba tlotlwang fela thata ga ba tlhakanele dikobo.”

O tshwanetse go thusa bana ba gago go lemoga gore tlhakanelodikobo e na le maatla fela thata—e maatla mo e kgonneng go atisa losika lwa motho lotlhe fela. Seno legale, ga se reye gore ga e kake ya laolwa. Go na le moo, go raya gore fela jaaka koloi e e maatla ya lobelo, e tshwanetse go dirisiwa sentle, go ya ka melao ya tsela. Go itlhokomolosa melao mo tseleng e e tsamayang e itsoketsa ka dithaba go ka baka mathata. Go ikgatholosa melao e Modimo o e beileng ya boitshwaro mabapi le tlhakanelodikobo go ka nna le matswela a a tshwanang. O ka thusa bana ba gago jang, ba o ba ratang go le kana, gore ba lemoge ntlha eno?

Ba Rute Gore Boitsheko Bo Na le Mosola

Tlotla le ngwana wa gago ka sekao se se molemo se se mo Bibeleng sa kgarejwana e ntle ya Moshulama. O ne a ka riana ka mabela: “Nna ke lorakō, le mabèlè a me a nntse yaka dikagō tse di godileñ tsa lōna.” Boitsholo jwa gagwe bo ne bo ntse jaaka lebotana le le sa kakeng la palangwa la kago e e sireleditseng e na le dipilara tse go seng motlhofo go di fitlhelela. Mme mo matlhong a monna yo o neng a tlile go nna monna wa gagwe, o ne a tshwana le “moñwe eo o na a bōna kagishō.” Ee, kagiso ya mogopolo o o sa tshwenngweng ke boikotlhao ke molemo o mogolo wa boitsheko.—Sehela sa Dihela 8:10.

Mme gone mosha a ka ema jang a nitame mo boitsholong, jaaka lebota? Le pele ga dikgang tseo di tla, o tshwanetse wa tlhomamisa gore ngwana wa gago yo o ntseng a gola o tlhaloganya kafa go leng botlhokwa ka teng gore a ele tlhoko go tila maemo a a ka gogelang, mme ebile gantsi a dira jalo, mo boitsholong jo bo sa siamang. Ka sekai, ba tshwanetse go itse gore fela jaaka go kgweetsa o nole go ka baka mathata, fela jalo mathata a ka bakiwa ke phathi ya basha e mo go yone bangwe ba tlileng ka bojalwa kgotsa e go senang mogolo yo o dirang dilo segolo teng.

Gapegape, ba thuse gore ba lemoge ntlha ya gore go nna ba le bosi mo ntlong (kana folete) le mosha yo mongwe wa bong jo bo farologaneng ke go ipaya mo tekong. Basha ba tlhoka go bona ka phepafalo kafa go leng diphatsa ka gone mo boitsholong jwa bone go letlelela motho mongwe yo ba sa nyalanang nae go nna a ba phoraphora dirwe tsa bone tse di mo sephiring, go akaretsa le mabele tota. Ba tlhalosetse gore phepiso fa gongwe e simologa ka go nna o phoraphorwa dikarolo tseo tsa mmele jalo mo go tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.—Bapisa 1 Bakorintha 7:1.

O tshwanetse go thusa bana ba gago ba o ba ratang gore ba tlhaloganye gore lorato lwa boammaaruri lo raya mo gogolo thata go na le tlhakanelodikobo le gore go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene go phoso. Basha bangwe ba tlhakanela dikobo le pele ga ba solofetsana lenyalo. Ba ka nna ba tlhakanela dikobo le ba le mmalwa mme nyalo yone e pala. Mme jaanong, fa dingwaga di ntse di feta mme ba simolola go bona gore tota jaanong ba tlhoka molekane wa lenyalo, ba iphitlhela e le ditlhobogwa tse di jewang ke bodutu. Go boammaaruri gore, ga go na ope yo o kileng a kopa gore ba mo solofetse lenyalo, mme ga go na ope yo o kileng a ba solofetsa nyalo.

Bomorwao le bomorwadio ba tshwanetse go itse gore bokgarejana jwa bone bo tlhotlhwakgolo mo bo ka sekang jwa latlhwa fela jaaka ekete go tshololwa metsi a a leswe. Thusa ngwana wa gago go lemoga gore tlhakanelodikobo e ka ipelelwa ka botlalo fela mo thulaganyong e e tlotlegang ya lenyalo. Ka puo e e monate, ya poko, Bibela e a re: “Nwa metse mo sedibelecoñ se e leñ sa gago, le metse a a èlañ mo mocwediñ o e leñ oa gago. A mecwedi ea gago e chwanetse go cheamèla koñ kwa ntlè, le dinoka tsa metse go ea le mebila hèla? A mocwedi oa gago o nnè segō; me u itumèlè mo mosadiñ oa bokau yoa gago.”—Diane 5:15, 16, 18.

Lona jaaka batsadi ba ba lorato, lo tshwanetse go dira maiteko a a tseneletseng go ba ruta dintlha tseno. Seno ke kgwetlho ya mofuta wa yone fela mo malatsing ano, bogolo jang ka jaanong boimana jwa batho ba ba sa nyalwang bo setse bo amogelesega. Mooki mongwe wa mmelegisi ebong Lillian, a re ga a sa tlhole a gakgamadiwa ke go bona letshogo mo matlhong a mosimanyana yo o dingwaga tse 15 yo o nang le ngwana a ise a nyale fa motsadi wa gagwe yo o itumetseng a mo neela morwawe yo o sa tswang go tsholwa e le ngwana yoo mosimanyana yoo a sa mo ipaakanyetsang, a sa ikemisetsang go mo amogela, kana tota le eleng gone go kgona go mo amogela.

Moanedi mongwe wa thelebishene o ne a re bontsi jwa “basadi ba babotlana ba ba nang le bana mme ba sa nyalwa” gantsi ga ba kgone go fetsa sekolo, go bereka, kgotsa le gone go godisa bana ba bone ka tshwanelo. O ne a re, bommabana bano ba basha, “ke ditshwara tsa mathata a ba mo go one. . . . Lehuma e bo e nna selo se se sa kakeng sa tilwa se se bileng gantsi se itira seboaboane se fetela le mo baneng.”

Sekao sa Gago

Kafa o itshwarang ka teng go tla ama bana ba gago fela thata. Seno fa gongwe se ka diragala ka tsela e e bofitlha go ka e lemoga. Go diragalang fa rre e le motho yo o matlhomantsi? Kgotsa e re fa mmè a bona lekolwane la maratwa go lejwa le feta a bo a re, “hhuu a lekolwane banna motho wa go ka bewa peo!”? A batsadi ba ba ntseng jalo ruri ba kgothaletsa basha ba bone go itsheka? Fa e le gore se se go kgatlhang thata ke tsela eo motho a bopegileng ka yone, a o ka gakgamala fa bana ba gago le bone ba baya dinonofo tsa senama kwa pele ga boitsholo, bopelonomi, lorato lwa boammaaruri, kgotsa boineelo jwa motho yoo mo Modimong?

Go ruta bana ba gago se ba tshwanetseng go se itse ka tlhakanelodikobo he go raya mo gontsi go feta jaaka gongwe o ne o gopotse. Go akaretsa boikutlo jwa gago, moya oo o o agang mo lapeng, boikemisetso jwa go ruta bana ba gago go sale gale, gape le sekao se o se tlhomang. Go phepafetse gore seno sotlhe, se tlhoka nako le maiteko, mme lefa go le jalo tuelo ke e kgolo!

A Ga O Ise O Simolole go Ba Ruta?

Jaanong go tweng fa e le gore bana ba gago ba setse ba godile, mme o ise o tlotle le bone ka dilo tse? O ka bolela fela jaana: “Ke dirile phoso e kgolo ka go tsaya lobaka lo lo kana ke sa buisane le lona ka dilo tse, mme ereka ke lo eleletsa botshelo jo bo molemolemo ka mo go ka kgonagalang ka teng ke tshwanelwa ke go tla leka go dira jalo gone jaanong.”

Ee ruri, go botoka go tlotla le bana ba gago ka dilo tseno ba setse ba le batona go na le go sa dire jalo gotlhelele. Go ruta bana ba gago ka boitsholo ke boikarabelo jwa botlhokwa le tshiamelo. Ron Moglia wa Yunibesithi ya New York o ne a re: “Motsadi mongwe le mongwe yo o ikamogang tshwanelo ya go bua le ngwana wa gagwe ka kgang ya dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo o itatlhela sengwe sa dilo tse di molemo go di itemogela.”

Fa e le gore o sa tswa go lemoga dilo tse Modimo o di batlang mabapi le boitsholo mme bana ba gago ba itse gore o ne o sa di dirise mo botshelong jwa gago pele, tlhomamisa gore ba tlhaloganya gore ke eng jaanong o fetogile. O ka nna wa akantsha gore ba ipalele makasine ono mme o bo o rulaganya gore le tle le tlotlisane ka dintlha tse di mo teng. O se ka wa kgobiwa marapo ke mosha yo o reng: “Owai, moo ke go itse gotlhe!” Ga go sepe se se ka tsayang sebaka sa kaelo e e tshwanetseng ya boitsholo, a e ka tswa e le megopolonyana e e setsweng kwa sekolong kgotsa mainane a balekane tota le one maitemogelo a motho a nang nao ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo. Boammaaruri ke gore go tlhoka kitso go ka bitsa mathata.

Go thapisa bana ba gago go ka batla gore o dire maiteko a magolo, mme lefa go le jalo tuelo ya gone e ka nna e e tlhatswang pelo eleruri! Ke fela jaaka fa Bibela e tlhalosa jaana, ka bokhutshwane le ka papamalo: “Mosiami eo o tsamaeañ mo go tlhokeñ molato ga gagwè, go segō bana ba gagwè moragō ga gagwè.”—Diane 20:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Thelebishene e rutang malebana le dilo tse di amanang le go tlhakanela dikobo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go itlhokomolosa melao ya go kgweetsa gantsi go baka mathata a magolo, mme go ntse fela jalo le ka go itlhokomolosa melao ya bomodimo ya boitshwaro

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela