LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 5 ts. 8-9
  • Go Ruta Ngwana ka Thobalano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ruta Ngwana ka Thobalano
  • Tsogang!—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE
  • SE O KA SE DIRANG
  • Bua le Bana ba Gago ka Tlhakanelodikobo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ruta Bana ba Gago Botlhokwa Jwa Boitsholo jo bo Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Batsadi ba ka Ruta Bana ba Bone Jang ka Tlhakanelodikobo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 5 ts. 8-9
Mmè a anega diaparo mo terateng a ntse a bua le morwadie

GO THUSA LELAPA | BATSADI

Go Ruta Ngwana ka Thobalano

KGWETLHO

Mosimane a lebile ditsela tse di farologaneng tsa go bona tshedimosetso—Baebele, buka le didirisiwa tsa eleketeroniki

Mo dingwageng tse di fetileng, batsadi ba ne ba na le tshono e e molemo ya go nna bone ba ntlha go bua le bana ba bone ka thobalano. E bile ba ne ba kgona go tlhalosa dilo kgato ka kgato ba lebile dingwaga tsa ngwana wa bone le se a se tlhokang.

Gompieno dilo di fetogile. Buka ya The Lolita Effect ya re: “Bana ba tlwaela go utlwa le go bona melaetsa ya thobalano ba sa ntse ba le bannye e bile ditshwantsho le melaetsa ya thobalano mo metsweding ya tshedimosetso ya bana di nna di oketsega.” A dilo tseno di thusa bana kgotsa di a ba senya?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Tshedimosetso e e leswe ke ntletsentletse. Deborah Roffman o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Talk to Me First: “Metlotlo, dipapatso, difilimi, dibuka, mafoko a dipina, mananeo a thelebishene, melaetsa, metshameko, diboto, difouno le dikhomputara [di] tletse ditshwantsho tsa thobalano, puo e e leswe le dilo tse di dirang gore [bana le basha] ba le bantsi ba swetse ba sa lemoge gore thobalano e botlhokwa thata . . . go gaisa sengwe le sengwe.”

Babapatsi le bone ba baka mathata. Babapatsi le bagwebi ba bapatsa le go rekisa diaparo tsa bana tse dikhutshwane le tse di ba tsimpang, ba ba ruta ba sa le bannye gore ba tseye tsela e ba lebegang ka yone e le botlhokwa thata. Buka ya So Sexy So Soon ya re: “Babapatsi ba a itse gore bana ba bannye ba batla go amogelwa le go tshwana le dithaka tsa bone, ka jalo ba a ba gogela. Ditshwantsho tseno tsotlhe tsa thobalano le dilwana tsa tsone, ga di a direlwa go kgothaletsa bana go tlhakanela dikobo” mme di diretswe go “ba kgothaletsa go di reka.”

Go itse fela ga go a lekana. Fela jaaka go na le pharologano magareng ga go itse gore koloi e dira jang le go itse go e kgweetsa, go na le pharologano magareng ga go itse ka thobalano le go dirisa kitso eo go dira ditshwetso tse di siameng.

Sa botlhokwa: Gompieno go botlhokwa thata go thusa bana ba gago gore ba thapise “bokgoni jwa bone jwa go lemoga” gore ba kgone go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

SE O KA SE DIRANG

Nna le seabe. Le fa go ka lebega go tlhabisa ditlhong go bua le bana ba gago ka thobalano, ke boikarabelo jwa gago. Bo amogele.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 22:6.

Se tlotle nako e telele. Go na le go tlotla nako e telele le ngwana ka thobalano, dirisa ditshono tse dinnye go tlotla le ene, gongwe fa lo tsamaya ka koloi kgotsa lo dira tiro nngwe mo lapeng. Thusa ngwana wa gago go ntsha maikutlo ka go mmotsa dipotso tse di dirang gore a akanye. Ka sekai, go na le go mmotsa go re, “A o kgatlhiwa ke dipapatso tsa thobalano?” o ka re, “O akanya gore ke ka ntlha yang fa babapatsi ba dirisa ditshwantsho tse di ntseng jalo go rekisa dilwana tsa bone?” Fa ngwana wa gago a sena go araba, o ka mmotsa jaana, “O ikutlwa jang ka seo?”—Molaomotheo wa Baebele: Duteronome 6:6, 7.

Akanyetsa dingwaga tsa gagwe. Bana ba ba tlogang ba simolola sekolo ba ka rutiwa maina a dirwe tsa thobalano le gore ba ka itshireletsa jang fa mongwe a batla go tlhakanela dikobo le bone. Fa ba ntse ba gola, ba ka tlhalosediwa ka bokhutshwane gore ngwana o tswa kae. Fa ba nna le diphetogo tsa bosha, ba tshwanetse ba bo ba itse dintlha tsotlhe ka thobalano.

Mo rute melao. Simolola go ruta ngwana wa gago ka boikanyegi le ka tlotlo a sa ntse a le monnye. Seo se tla dira gore go nne motlhofo gore o tlotle le ene ka thobalano le gore o mo tlhalosetse melao ya gago sentle. Ka sekai, fa e le gore o dumela gore thobalano pele ga lenyalo ga e a siama, mmolelele. Mme o mo tlhalosetse gore goreng e le phoso e bile e le kotsi. Buka ya Beyond the Big Talk ya re: “Basha ba ba itseng gore batsadi ba bone ga ba batle basha ba tlhakanela dikobo, ga se gantsi ba tlhakanela dikobo.”

Tlhoma sekao. Tshela ka se o mo rutang sone. Ka sekai, a o a tshega fa go dirwa metlae ka thobalano? A o apara ka tsela e e tsosang maikutlo a thobalano? A o tshameka ka maikutlo a lorato? Seo se ka dira gore bana ba se ka ba ikobela melao ya gago.—Molaomotheo wa Baebele: Baroma 2:21.

Leba thobalano ka tsela e e siameng. Thobalano ke mpho e e tswang kwa Modimong e bile fa e dirwa ka nako e e siameng—mo lenyalong—e ka itumedisa thata. (Diane 5:18, 19) Ruta ngwana wa gago gore o tla itumelela mpho eo ka nako e e siameng, a sa utlwisiwe botlhoko le go tshwenyega ka ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.—1 Timotheo 1:18, 19.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Thapisa mosimane [kgotsa “ngwana, mosha”] ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

  • ‘O jalele melao ya Modimo kwa teng mo go morwao.’—Duteronome 6:6, 7.

  • “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute?”—Baroma 2:21.

SEABE SA MOTSADI

Le fa bana ba leba dilo ka go tshwana—go akaretsa le basha—ba tlhotlhelediwa thata ke batsadi ba bone go gaisa dithaka tsa bone. “Ka metlha bana ba kopa kgakololo mo batsading ba bone le go ba kopa gore ba ba tlhalosetse dilo dingwe tse di diregang ka tsela e e motlhofo le e ba e tlhaloganyang. Ba kopa thuso mo bathong ba bangwe fa ba lemoga gore re a ba tlhokomologa. . . . Ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke dipatlisiso tse di dirilweng dingwaga tse dintsi tse di fetileng: malapa a a tlotlang ka dikgang tse di jaaka tsa thobalano a godisa bana ba ba itekanetseng sentle ba ba kgonang go dira ditshwetso tse di siameng, ba ba ikarabelelang ka ditshwetso tsa bone, mme sa botlhokwa le go feta, ba kgona go tila go itshwara ka tsela e e tla ba tsenyang mo kotsing.”—Talk to Me First.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela