LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 65
  • Batsadi ba ka Ruta Bana ba Bone Jang ka Tlhakanelodikobo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi ba ka Ruta Bana ba Bone Jang ka Tlhakanelodikobo?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Bua le Bana ba Gago ka Tlhakanelodikobo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Re ka Sireletsa Jang Bana ba Rona?
    Tsogang!—1993
  • Go Ruta Ngwana ka Thobalano
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 65

Batsadi ba ka Ruta Bana ba Bone Jang ka Tlhakanelodikobo?

Karabo ya Baebele

Ke mang yo o tshwanetseng go ruta bana ka tlhakanelodikobo? Baebele e naya batsadi boikarabelo jono, mme batsadi ba le bantsi ba ile ba thusiwa ke go dirisa dikakantsho tseno:

  • O se ka wa tlhabiwa ke ditlhong. Baebele e bua e sa fitlhe sepe fa e bua ka tlhakanelodikobo le dirwe tsa tlhakanelodikobo, e bile Modimo o ne a laela setšhaba sa Iseraele gore “ba bannye” ba tshwanetse go rutiwa ka dikgang tse di ntseng jalo. (Duteronome 31:12; Lefitiko 15:2, 16-19) O ka dirisa mafoko a a nang le seriti a a sa direng gore tlhakanelodikobo kgotsa dirwe tsa tlhakanelodikobo di bonale di tlhabisa ditlhong.

  • O se ka wa kgaotsa go ba ruta. Go na le gore o nne le motlotlo o moleele o o kaga tlhakanelodikobo le ngwana wa gago yo o tlogang a tsena mo dingwageng tsa bolesome, nna o bue le ene gangwe le gape ka tsela e a ka kgonang go e tlhaloganya.​—1 Bakorintha 13:11.

  • Ba rute melao ya boitsholo. Bana ba ka nna ba rutiwa dithuto dingwe ka tlhakanelodikobo kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgothaletsa batsadi gore ba rute bana ba bone ka tsela e mebele ya bone e dirang ka gone mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo mme gape ya re ba ba rute le ka tsela e ba tshwanetseng go ikutlwa le go itshwara ka yone ka tlhakanelodikobo.​—Diane 5:1-23.

  • Reetsa ngwana wa gago. O se ka wa tseega maikutlo kgotsa wa itlhaganelela go akanyetsa ngwana wa gago fa a go botsa dipotso ka tlhakanelodikobo. Go na le moo, nna “bonako go utlwa, bonya go bua.”​—Jakobe 1:19.

Kafa o ka sireletsang ngwana wa gago ka teng mo bathong ba ba sotlang ka tsa tlhakanelodikobo

Ruta ngwana wa gago kafa a ka ganang ka gone fa mongwe a batla go mo sotla ka tsa tlhakanelodikobo

  • Ithute. Ithute kafa batho ba ba sotlang ka tsa tlhakanelodikobo ba dirang ka teng.​—Diane 18:15; bona kgaolo 32 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1.

  • Itse gore go direga eng ka ngwana wa gago. O se ka wa tlogela ngwana wa gago le motho ope fela o sa tlhomamisege gore a o a ikanyega e bile o se ka wa mo ‘tlogelela fela.’​—Diane 29:15.

  • Ruta ngwana gore a se ka a reetsa mongwe le mongwe. Bana ba tshwanetse go ithuta go ikobela batsadi ba bone. (Bakolosa 3:20) Le fa go ntse jalo, fa o ruta ngwana wa gago gore ka metlha o tshwanetse go ikobela motsadi ope fela, o dira gore go nne motlhofo gore a sotliwe. Batsadi ba Bakeresete ba ka nna ba raya bana ba bone ba re, “Fa mongwe a go raya a re o dire selo se Modimo a reng se phoso, o se ka wa se dira.”​—Ditiro 5:29.

  • Mmontshe gore a ka itshireletsa jang. Ruta ngwana wa gago se a ka se dirang fa mongwe a batla go mo sotla ka tlhakanelodikobo fa o seyo. Go ikatisetsa maemo a a ka tlhagang go ka thusa ngwana wa gago gore a nne le bopelokgale jwa go re, “Ntlogele! Ke ya go bolela!” le gore a tshabe. O ka nna wa tshwanelwa ke go gakolola “bana ba gago gangwe le gape,” e re ka go le motlhofo gore ba lebale.​—Duteronome 6:7, Contemporary English Version.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela