Re ka Sireletsa Jang Bana ba Rona?
“O se ka wa bo wa bolelela ope. Ke sephiri sa rona fela.”
“Ga go na ope yo o ka go dumelang.”
“Fa o ka bo wa bua, batsadi ba gago ba tlile go go ila. Ba tla itse gore e ne e le molato wa gago.”
“A ga o tlhole o batla go nna tsala ya me ya botlhokwa?”
“Ga kere ga o batle ke ya kwa kgolegelong?”
“Fa o ka bo wa bua ke tlile go bolaya batsadi ba gago.”
MORAGO ga go dirisa bana go kgotsofatsa dikeletso tsa bopepe, morago ga go ba amoga go ikutlwa ba sireletsegile le go tlhoka molato, batho bano ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba batla sengwe gape mo bathong ba ba ba sotlileng—TIDIMALO. Gore ba tlhomamise gore tidimalo eo e nna teng, ba dirisa ditlhong, sephiri, tota le matshosetsi. Ka jalo bana ba amogiwa sedirisiwa sa bone se segolo kgatlhanong le go sotlwa—go batla go bolela, go bua le go kopa mogolo mongwe go mo sireletsa.
Mahutsana ke gore, batho ba ba godileng gantsi ba na le go thusa batho ba ba sotlang bana ba sa itemoge. Jang tota? Ka go gana go lemoga kotsi eno, ka go kgothaletsa boikutlo jwa go swa ka lehunelo ka gone, ka go dumela ditlhamane tse di buiwang gantsintsi. Go tlhoka kitso, go bua maaka, le go didimala go sireletsa basotli, e seng ba ba ba sotlang.
Ka sekai, bosheng jaana Canadian Conference of Catholic Bishops e ne ya swetsa ka gore e ne e le “morero wa go swa ka lehunelo” o o ileng wa dira gore go sotla bana mo go maswe ga baruti ba Katoliki go tswelele ka masomesome a dingwaga. Fa makasine wa Time o ne o bega ka go anama ga leroborobo la go tlhakanela dikobo le bana, le one o ne wa re “morero wa go swa ka lehunelo” o na le seabe se “se thusang go godisa bosetlhogo jono” mo malapeng.
Lefa go ntse jalo, Time e ile ya bolela gore morero ono jaanong o a phutlhama. Ka ntlha yang? Ka bokhutshwane fela, lebaka ke thuto. Ke fela jaaka makasine wa Asiaweek o ile wa bolela: “Baitse ba dumelana gore tshireletso e e molemo kgatlhanong le go sotliwa ga bana ke go itsise batho ka yone.” Gore batsadi ba kgone go sireletsa bana ba bone, ba tshwanetse go tlhaloganya gore ruri matshosetsi ao a teng. O se ka wa tlogelwa mo lefifing ke dilo tse e seng boammaaruri tse di sireletsang basotli ba bana e seng bana.—Bona lebokose le le fa tlase.
Ruta Ngwana wa Gago!
Kgosi e e botlhale ebong Solomone e ne ya bolelela morwawe gore kitso, botlhale, le go kgona go akanya ke dilo tse di ka mo sireletsang “mo tseleñ ea boshula, mo banneñ ba ba buañ dilō tsa leshōkō.” (Diane 2:10-12) A seo ga se sone se bana ba se tlhokang? Pamphitshana ya FBI e go tweng Child Molesters: A Behavioral Analysis e bolela jaana mo setlhogong se se reng “Motho yo o ka Tlhaselwang Motlhofo”: “Mo baneng ba le bantsi tlhakanelodikobo ke kgang e e se keng e umakiwa e ba se nang kitso e e tlhomameng thata ka yone, bogolo jang mo batsading ba bone.” O se ka wa letlelela bana ba gago go nna “ba ba ka tlhaselwang motlhofo.” Ba rute ka tlhakanelodikobo.a Ka sekai, ga go a tshwanela gore ngwana ope a tsene mo bonneng kana bosading a sa itse gore mmele o tlile go fetoga jang ka nako eo. Go tlhoka kitso go tla ba dira gore ba etsaetsege, ba tlhabiwe ke ditlhong—le go ka tlhaselwa motlhofo fela.
Mosadi mongwe yo re tla mmitsang Janet o ne a sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo e santse e le ngwana, mme dingwaga tse dintsi moragonyana bana ba gagwe ba babedi le bone ba ne ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo. O gakologelwa jaana: “Tsela e re godisitsweng ka yone, re ne re se ke re bo re bua ka tlhakanelodikobo. Ka jalo ke godile e le selo se se ntlhabisang ditlhong. Se ne se tlhabisa ditlhong. Mme fa ke sena go nna le bana, go ne go ntse go tshwana fela. Ke ne ke kgona go bua le bana ba batho ba bangwe mme eseng ba me. Ke tsaya gore seo ga se a siama ka gore bana ba ka nna ba tlhaselwa motlhofo fa o sa bue le bone ka dilo tseno.”
Go sireletsa kgatlhanong le go sotliwa go ka rutiwa go sale gale. Fa o ruta bana ba gago go bua maina a dikarolo tse di etsang motlopa, mabele, marago, ntsutsutswane, ba bolelele gore dirwe tseno di siame, di kgethegile—mme fela ke tsa sephiri. “Batho ba bangwe ga ba letlelelwe go di tshwara—lefa e le Mama le Papa tota—lefa e le ngaka tota kwantle ga gore Mama kana Papa a bo a le teng kana a rile go siame.”b Go siame gore mofoko ao a bo a tswa mo batsading boobabedi kana mo go mongwe wa batlhokomedi ba bagolo.
Mo bukeng e go tweng The Safe Child Book, Sherryll Kraizer o bolela gore lefa gone bana ba sa tshwanela go tshaba go goa, kana go tshaba mosotli, bana ba le bantsi ba ba ileng ba sotliwa ba ile kwa morago ba tlhalosa gore ba ne ba sa batle go lebega ba sena botho. Ka jalo bana ba tshwanetse go itse gore bagolo bangwe ba dira dilo tse di maswe le gore ga go na ngwana ope yo o tshwanetseng go utlwa ope yo o mmolelelang gore a dire sengwe se se phoso. Ka dinako tseo ngwana o na le tshwanelo ya go re nnyaa, fela jaaka Daniele le ditsala tsa gagwe ba ile ba gana fa bagolo ba Babelona ba ne ba re ba je dijo tse di itshekologileng.—Daniele 1:4, 8; 3:16-18.
Mokgwa o mongwe wa go ruta o o akantshiwang thata ke motshameko wa “Go tweng fa . . . ?” Ka sekai, o ka nna wa botsa jaana: “Go tweng fa morutabana wa gago a go raya a re o betse ngwana yo mongwe? O ne o tla dirang?” Kana: “Go tweng fa (Mama, Papa, moruti, lepodisi) a go raya a re itatlhe mo kagong e e kwa godimo?” Karabo ya ngwana e ka nna ya bo e sa lekana kana e le phoso, mme o se ka wa mmaakanya ka bogale. Motshameko o se ka wa tsenya dilo tse di tshosang; tota e bile, baitse ba re o tshwanetse go tshamekiwa ka bonolo, ka lorato, ka tsela ya go tshameka tota.
Selo se sengwe gape, ruta bana go ganana le go bontshiwa lorato mo go sa tshwanelang kana mo go ba dirang gore ba ikutlwe ba kokobetse. Ka sekai, ba botse jaana, “Go tweng fa tsala ya ga Mama le Papa e batla go go suna ka tsela e e leng gore e go dira gore o ikutlwe o tlhabiwa ke ditlhong?”c Gantsi go molemo thata fa o kgothaletsa ngwana go dira se a neng a ka se dira, o go dira motshameko wa “A re dire jaaka e ke te.”
Ka tsela e e tshwanang, bana ba ka ithuta go ganana le maano a mangwe gape a basotli. Ka sekai, o ka nna wa botsa jaana: “Go tweng fa mongwe a re, ‘O itse gore ke eng, ke go rata mo. A ga o batle re nna ditsala?’” Fa ngwana a setse a itse go ganana le maanonyana ao, tlotla ka a mangwe. O ka nna wa botsa jaana: “Fa mongwe a re, ‘Ga ke re ga o batle go nkutlwisa botlhoko?’ O ne o tla reng?” Bontsha ngwana kafa a ka reng nnyaa ka teng ka mafoko le ka mmele ka tsela e e papametseng le e e nitameng. Gakologelwa gore, gantsi basotli ba lekeletsa ka go bona kafa ngwana a itsayang ka teng fa ba mo atamela ka tsela e e boferefere. Ka jalo ngwana o tshwanetse go rutiwa go gana ka nitamo a bolela jaana, “Ke ya go go tlaleya.”
O Nne Matsetseleko mo Thapisong ya Gago
O se ka wa dira gore thapiso eo e dirwe gangwe fela fela. Bana ba tlhoka gore go boaboelediwe. Go tla tswa mo go wena go bona gore o ka tlhalosa go ya bokgakaleng bofe mo thapisong eo. Mme fela nna matsetseleko.
Ka sekai, tlhomamisa gore o kgoreletsa maiteko ape a mosotli a go ka leka go dira ditumelano tsa go didimala. Bana ba tshwanetse go itse gore le ka motlha ga go a tshwanela gore mogolo ope a ba kope gore ba fitlhele ope wa batsadi ba bone sepe. Ba tlhomamisetse gore ka metlha ba tshwanetse go bolela—lefa gongwe ba solofeditse gore ga ba kake ba bolela. (Bapisa Dipalō 30:12, 16.) Basotli bangwe ba dirisa maretshwa a go ba tswala molomo fa ba itse gore ngwana o robile mongwe wa melao ya mo lapeng. Molaetsa e bo e nna wa gore, “Fa o sa ntlaleye ga ke kake ka go tlaleya.” Ka jalo bana ba tshwanetse go itse gore ga ba kake ba tsena mo mathateng ape ka go bolela—le mo maemong a a ntseng jalo tota. Ga go na kotsi epe ka go bolela.
Thapiso ya gago gape e tshwanetse go thusa bana go kgona go emelana le go tshosediwa. Basotli bangwe ba ile ba bolaya diphologotswana bana ba lebile mme ba bo ba ba tshosetsa ka gore ba tla dira batsadi ba bone se se tshwanang. Ba bangwe ba ile ba tlhagisa ba ba ba sotlang gore ba tla sotla le bomonnaabone. Ka jalo ruta bana gore ka metlha ba tshwanetse go tlaleya basotli, go sa kgathalesege matshosetsi a ba a dirang.
Mo ntlheng eno Bibela e ka nna sedirisiwa se se molemo sa go ruta. E re ka e gatelela nonofo e e fetang tsotlhe e Jehofa a nang le yone, e ka dira gore matshosetsi a mosotli a se ka a boifisa thata. Bana ba tshwanetse go itse gore go sa kgathalesege gore ke matshosetsi afe a a dirwang, Jehofa o kgona go thusa batho ba gagwe. (Daniele 3:8-30) Lefa batho ba ba bosula ba ka nna ba utlwisa botlhoko batho ba Jehofa a ba ratang, o ka kgona go baakanya tshenyo eo kwa morago le go dira dilo botoka gape. (Yobe, dikgaolo 1, 2; 42:10-17; Isaia 65:17) Ba tlhomamisetse gore Jehofa o bona sengwe le sengwe, go akaretsa batho ba ba dirang dilo tse di bosula le batho ba ba molemo ba ba dirang bojotlhe jwa bone go ganana le bone.—Bapisa Bahebera 4:13.
Go Nna Botlhale Jaaka Dinoga
Ke batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba sekaenyana fela ba ba dirisang dikgoka go tlhakanela dikobo le ngwana. Ka tlwaelo ba rata go intsha ditsala tsa bana pele. Kgakololo ya ga Jesu ya go re “Lo nneñ botlhale yaka dinōga” he e tshwanetse. (Mathaio 10:16) Go tlhokomela ngwana thata ga batsadi ba ba lorato ke nngwe ya ditsela tse di siameng go sireletsa kgatlhanong le go sotliwa. Bangwe ba batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba batla ngwana yo o nosi mo lefelong la botlhe ba bo ba simolola motlotlo go dira gore ngwana a thaakanye ditsebe. (“A o rata dithuuthuu?” “Tla o bone dintšanyana mo koloing ya me.”) Ee gone, ke boammaaruri gore ga o kake wa tlhola o salasalane morago le ngwana wa gago. Mme baitse ka tlhokomelo ya bana ba re bana ba tlhoka kgololesego ya go tsamayatsamaya mo. Mme batsadi ba ba botlhale ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba fa bana ba bone kgololesego e ntsi e ise e nne nako.
O tlhomamise gore o itse sentle mogolo mongwe le mongwe kana basha ba batona ba ba tsalaneng thata le bana ba gago, o nna kelotlhoko le go feta fa o dira tshwetso ya gore ke mang yo o tla tlhokomelang bana ba gago fa o seyo. O ele tlhoko thata babelegi ba ba dirang gore bana ba gago ba tlhabiwe ke ditlhong kana ba ikutlwe ba sa wele dibete. Gape, o tlhalefele basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba bonalang ba rata bana ba bannye thata mme ba sena ditsala tsa dithaka tsa bone. O tlhotlhomise ka kelotlhoko ditlamelo le dikolo tsa bananyana. Tsamaya le lefelo leo lotlhe o botsolotse badiri, o tlhomile leitlho go bona gore ba dirisana jang le bana. O ba botse gore a ba ka tshwenngwa ke gore o tle ka nako e ba sa e solofelang gore o tle go bona ngwana wa gago; fa ba gana, ya go senka phatlha go sele.—Bona Awake! ya December 8, 1987, ditsebe 3-11.
Lefa go ntse jalo, ka maswabi boammaaruri ke gore, le batsadi ba ba molemo thata ga ba ke ba kgona go laola sengwe le sengwe se se diragalelang bana ba bone.—Moreri 9:11.
Fa batsadi ba dirisana mmogo, go na le sengwe se ba ka se laolang: maemo mo gae. Mme e re ka legae e le lefelo le go sotliwa ga bana go diragalang thata teng, setlhogo se se latelang se tla itebaganya le lone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tsogang! ya March 8, 1992, ditsebe 3-11, le Awake! ya July 8, 1992, tsebe 30.
b Legale, batsadi ba tshwanetse go tlhapisa le go apesa bana ba bannye diaparo, mme ka dinako tseo batsadi ba tlhapisa dirwe tseno tsa sephiri. Mme legale o tshwanetse go ruta bana ba gago go itlhapisa ba santse ba le bannye; bangwe baitse ka tlhokomelo ya bana ba gakolola gore ba ithute go tlhapisa dirwe tsa bone tsa sephiri ba le dingwaga tse tharo fa go kgonega.
c Baitse bangwe ba tlhagisa gore fa o patelela ngwana wa gago go suna mongwe le mongwe yo o batlang go bontsha lorato ka tsela e e ntseng jalo, o ka nna wa bo o senya maikaelelo a thapiso eo. Ka jalo, batsadi bangwe ba ruta bana ba bone go kopa maitshwarelo ka maitseo kana gore go dirwe sengwe se sele fa ba kopiwa dilo tse ba sa rateng go di dira.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
O Ne a Goa a Kopa Thuso
SETLHOGO sengwe mo pampiring nngwe ya dikgang ya U.S. ya The Arizona Republic ka May 5, 1993, se ne sa re, “Go Ikuela kwa go Jehofa go Thibela Motho yo o Tlhakanelang Dikobo le Bana go Tlhasela Mosha Mongwe.” Motho yo o tlhakanelang le bana dikobo yoo o ne a utswa mosha mongwe wa dingwaga tse 13 a mo supile ka tlhobolo, a mo isa kwa ntlong ya gagwe. Fa mosha a ne a goa a re, “Jehofa, nthuse!” motho yoo yo o tlhakanelang le bana dikobo o ne a tshoga a tlogela mosimane. E ne ya re kwa morago mapodisi a tshwara monna yoo.
Lefa gone go bitsa leina la ga Jehofa go siame mo maemong a a ntseng jalo, ga go reye gore batlhanka ba Modimo ga ba kitla ba tlhaselwa mo “metlheñ [eno] ea bohèlō” e e thata. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Ka lebaka leo batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go ruta bana ba bone go nna botlhale fa ba dirisana le batho botlhe ba ba sa ba itseng, go sa kgathalesege gore ba lebega ba na le maemo jang.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Ruta bana go dirisa mafoko le mmele wa bone ka tsela e e papametseng le ka nitamo go ganana le go supetswa lorato ka tsela e e sa tlhamalalang