LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 5/8 ts. 13-14
  • A go Na le Seo Re Se Tshelelang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Seo Re Se Tshelelang?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo Potso Eno e le Botlhokwa
  • A Go Na le Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • O Bone Botshelo jo bo Nang le Bokao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Bokao Jwa Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Matsapa a go Batla Boikaelelo jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 5/8 ts. 13-14

A go Na le Seo Re Se Tshelelang?

“‘Ke ka ntlha yang fa re le mo lefatsheng?’ ke potso e e botlhokwatlhokwa e motho a tshwanetseng go e ipotsa. . . . ke dumela gore go na le lebaka la go bo re tshela le mororo ke ile ka bona go swa mo go senang lebaka la go bo go nnile teng. Loso ga le na lebaka la go bo le le teng, mme botshelo jone bo na le mosola.”

MAFOKO ano a ile a kwalwa ke Elie Wiesel, mokwadi yo o itsegeng thata ebile e le mongwe wa ba ba ileng ba seka ba swela kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Bonazi. Ke mongwe wa bontsi jo bo ileng jwa araba potso eno e e ileng ya botswa ke makasine wa Life: “Ke ka ntlha yang fa re le mo lefatsheng?” O ne a bone botshelo ka nako eo go neng go le thata go bo itumelela ka yone, mme lefa go le jalo o ne a tlhatswegile pelo gore botshelo bo na le mosola.

Lefa go le jalo, ga se mongwe le mongwe yo o ileng a dumalana le ene. Mokgweetsi mongwe wa thekisi yo o bidiwang José Martínez o ne a araba potso eo ka tsela eno: “Re tletse mono go swa, go tshela le go swa. Ke kgweetsa thekisi. Ke ye go tshwara ditlhapi, ke itlhabise phefo le mokapelo wa me, ke duele makgetho, ke bale go sekaenyana, go tsweng foo ke bo ke ipaakanyetsa gore ke re phaa ke swe . . . Botshelo ke matshamekwane eleruri.” Mo go José, go papametse gore botshelo ga bo na mosola, ga bo na boikaelelo bope.

Se se gakgamatsang ke gore, bontsi jwa batho ba ba rutegileng ba ne ba lebega ba dumalana le se se neng se buiwa ke mokgweetsi wa thekisi go na le se se neng buiwa ke mokwadi. Mo bukeng ya bone e go tweng Origins, borathutotlhagelelo ebong Richard E. Leakey le Roger Lewin, ba akantsha jaana: “Gongwe tota ebile losika lwa motho ke phoso e e masisi mo ditsheding, ereka le ile la tlhagelela go feta seemo seo ka sone le neng le ka kgona go tshela ka kutlwano gareng ga lone ka bolone le ditshedi tse dingwe.” Go raya gore go ya ka bone, botshelo jwa motho ga bo na mosola.

Ka mo go tshwanang, rathutotlhagelelo ebong Stephen Jay Gould o ne a kwala jaana: “Re fano ka go bo setlhopha sa ditlhapi dingwe tseo di neng di farologane le tse dingwe di ne di na le lefafa le le neng le bopegile ka tsela ya lona e le nosi fela mo le neng le ka fetoga maoto a ditshedi tse di tshelang mo lefatsheng; . . . ka go bo losika longwe lwa setshedi se se nnyennyane se se bokoa, se se neng se tlhaga kwa Aferika mo kotareng ya dingwaga tse di dimilione tse di fetileng, le ile la kgona go tshela ka maretshwanyana go tla go fitlha mo nakong eno. Re ka nna ra batla karabo e e ‘fetang eno’—mme ga re ka ke ra e bona gope.” Mo go Gould, botshelo jwa motho ke kotsinyana fela e e senang mosola.

Gone legale Gould o buile boammaaruri mo ntlheng e le nngwe fela. Bontsi bo batla karabo e e “fetang eo” ene a e akantshang. Mo dinakong tsa mathata, bontsi bo akanya jaaka Jason yo o dingwaga di 11. Mosimanyana yono o ne a kwala jaana ka loso lwa tsala ya gagwe yo mmotlana: “Fa tsala ya me ebong Kim e ne ee swa ka ntateng ya kankere ke ne ka botsa mmè gore fa e le gore Modimo o no o tlile go dira gore Kim a swe a le dingwaga di le 6 fela, ke ka ntlha yang fa a ne a dira gore a tsholwe?” Ka tlholego fela Jason o ne a ikutlwa gore botshelo bo tshwanetse go nna le seo bo se kayang, mme loso lo lo botlhoko lwa tsala ya gagwe yo mmotlana le ne la lebega le kgoreletsa boikaelelo joo.

Lebaka la go bo Potso Eno e le Botlhokwa

A go botlhokwa go itse gore a botshelo bo na le boikaelelo kana nnyaa? A potso eno ke ya botlhajana fela, kgotsa a ke e re tshwanetseng go amega ka yone? Bontsi bo ile jwa tshela matshelo a jone kwantle ga go akanyetsa seno ka tsela epe. Mme fa e le gore José Martínez o bua le boammaaruri, tsela eo ba ileng ba e tsaya e ne e le botlhale go ka e sala morago.

Lefa go le jalo, fa e le gore, Elie Wiesel o bua boammaaruri le gore botshelo ka boammaaruri bo na le mosola, he ka phepafalo re tshwanetse gore re leke go tlhaloganya seno. Eseng jalo, re ka latlhegelwa ke selo se se botlhokwa thata kaga boitemogelo jo bo molemo jwa go tshela. Go tla bo go tshwanakana fela lefa re ne re tsamaya mo lefelong le go supiwang dintshwantsho tsa botaki mo go lone mme re bo re sa di lebelele kgotsa re ya go nna kwa lefelong le le rekisetsang dijo tse di apeilweng mme re bo re sa otore dijo.

Re ka bona jang gore a tota botshelo bo na le boikaelelo bongwe kgotsa nnyaa? Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dintlha dingwe tseo di tla re thusang go rarabolola bothata jono.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela