A Moshe e ne e le Modupi wa Metsi?
“MOSHE, yo o ileng a ntsha metsi ka go itaya lefika ka thobane (Dipalō 20:9-11), o ile a bidiwa modupi wa ntlha wa metsi.” (The Encyclopedia Americana) Mogopolo ono o tlhagelela gantsi thata fa go buiwa ka go dupa. Bosheng jaana makasine wa National Wildlife o ne wa bitsa lore lwa ga Moshe ka papamalo wa re ke “thobane ya too.” Mme badupi bangwe ba dumela gore ba neelwa nonofo ke Moshe.
Mme se se farologanang le seo, Moshe ke ene a ileng a kwala taelo kgatlhanong le boloi! (Duteronome 18:10) Mme kgakgamatso ya kwa Meriba ga e tshwane gotlhelele le go dupa metsi. Bontsi jwa badupi bo ikantse thobane go bona metsi kwa a leng teng; ba e sala morago, ba emetse gore e tlole. Mme Moshe ene ga a ise a ko a sale morago lore lwa gagwe a emetse gore lo tlole; tota e bile lefa e le gone go batla metsi ga ise a ke a go dire. Jehofa, Mmopi wa lefatshe le metswedi ya lone ya metsi e e fitlhegileng, o ne a bolelela Moshe kwa metsi a leng teng le kafa a ka a bonang ka teng: “O buisè lehika,” Modimo o ne wa laela jalo, “gore le ntshè metse a yeōna.”—Dipalō 20:8.
Mo godimo ga moo, gantsi badupi ba bolelela batho kwa ba tshwanetseng go epa teng. Fa lore lwa ga Moshe le itaya lefika, go ne ga phunyega morwalela wa metsi—a a neng a lekane go nyorolola setšhaba sotlhe. Moshe o ne a galefelwa ke Modimo fa a ne a ipega marota ka ntlha ya kgakgamatso eo. A bo go ne go ka nna maswe le go feta fa a ka bo a neetse thobane ya gagwe tlotlo—logong lo lo senang tlhaloganyo!