A Go Dupa ke Saense Kana ke Tirisabadimo?
“KE KGAKGAMATSO!” go ne ga khutsa jalo morui mongwe wa dikgomo tsa mashi kwa Bophirimagare jwa United States. Kalanyana e tshesane ya setlhare sa perekisi e ne e tsokotsega thata le go sokega mo diatleng tsa gagwe. O ne a epesetsa dinala tsa gagwe mo makwating a yone go leka go e emisa, mme kgogedi ya go ya kwa tlase e ne e le kgolo fela thata. O ne a bua jaana a tshogile, “Makwati a lone a bile a salela mo diatleng tsa me.” O ne a sala a gakgametse le go feta fa a ne a tshwara metse a sena go epa gone fa kalanyana e neng e supile teng. Go ne go diragalang?
Morui yoo o ne a dira se gantsi se bidiwang go dupa, boloi jwa metsi, kana boitseanape jwa metsi. Gantsi, modupi o tshwara kala e e maphata mo diatleng tsa gagwe a bo a nna a ya kwa le kwa, a tlhoma mogopolo mo tirong ya gagwe ya go batla metsi. Ka tshoganetso fela, thobane ya gagwe e ka nna ya simolola go tshikhinyega. Dithobanyane tse dingwe di obegela kwa tlase ka bofefo, tse dingwe kwa godimo, fa gongwe di betsa modupi mo sefatlhegong kana mo sehubeng, fa tse dingwe tsone di tshikhinyega go le gonnye fela. Mo go nngwe le nngwe ya ditiragalo tseo, modupi o kgona go utlwa gore go na le metsi kwa tlase. Go dupa go dirwa mo lefatsheng lotlhe. Go ya ka diphopholetso dingwe, badupi ba ka nna 25 000 ba dira tiro eo kwa United States fela.
A Go Ka Tlhalosiwa ka Saense?
A go na le molaomotheo mongwe wa saense o o dirang gore go dupa go kgonege? Potso eo e sale e le ya moruthutha ka lobaka lo loleele. Dingwaga tse di fetang 70 tse di fetileng, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa tlhalosa jaana: “Ga re batle go nyatsa epe ya melao ya tlholego, mme go a gakgamatsa gore thothinyana ya metsi e e [dimitara tse thataro] kafa tlase ga lefatshe e bo e ka nna le nonofo e kgolo mo e ka konang kalana ya setlhare fa molatswana o tletse one o sa dire kalana eo sepe. . . . Jalo he, go tshwanetse ga bo go na le sengwe gape kwantle ga go diragadiwa ga melao ya tlholego.”
Go sa kgathalesege seo, bontsi jwa badupi ba santse ba re go dupa ke saense. Tota ebile, Mokgatlho wa Badupi wa Amerika o ipitsa “Mokgatlho wa thuto le wa saense, mme e bile e se wa papadi.” Mo dingwageng tse di fetileng, borasaense ba le bantsi ba ne ba leka go dirisa disaense tse di farologaneng go tlhalosa gore go dupa ke eng. Ka bo1700 ba ne ba re ke “manyelo” a dikarolwana tsa atomiki a a neng a dira gore go dupa go kgonege. Ka bo1800 ba ne ba re ke motlakase. Mo lekgolong la rona ba ile ba supa dilo di le dintsi tse di tshwanang le marang a radio, mmakenete wa motlakase le tlhaloganyo ya motho.
Maabane fela jaana, ka 1979, makasine wa maemo wa New Scientist o ne wa kwala megopolo e e neng e bonala e utlwala ka ga go dupa. Mogakolodi mongwe mo go tsa maatla le moithutapopego ya lefatshe o ne a akantsha gore mmele wa motho o tshwanetse wa bo o amiwa thata ke diphetogonyana tsa motlakase, mmakenete, kana tsa mmakenete wa motlakase tse di bakiwang ke metsi a a kafa tlase kana lenyatshipi.a
Mme legale megopolo eo ga e a ka ya amogelwa ke borasaense ba le bantsi. Tota ebile, mo go The Encyclopedia Americana, borasaense ba Yunibesithi ya Harvard ebong E. Z. Vogt le L. K. Barrett ba tsholola go dupa jaana: “Ditekeletso tse di etsweng tlhoko kwantle le mo teng ga laborothari ga di a kgona go tlhomamisa gore go dupa ke eng, mme fa go sekasekwa ka saense go dupa ga go na motheo gotlhelele.” Ka November 1990, badupi ba ne ba nna le seabe mo ditekeletsong di le 720 kwa Kassel, Jeremane. Le mororo ba ne ba kgotsofadiwa ke maemo a ditekeletso tse di neng di direlwa mo go one e bile ba na le tsholofelo e e tletseng ya gore ba tlile go atlega, badupi ba ne ba palelwa; ba ile ba atleganyana ka lereirei mo go dupeng metsi a a kafa tlase ga lefatshe le ditshipi. Makasine wa kgwedi le kgwedi wa Naturwissenschaftliche Rundschau o ne wa swetsa ka gore fa go lejwa ka leitlho la saense, go dupa “go tshwana le go kapisa ledi la tshipi.” Ditekeletso tse dingwe tsa mofuta oo le tsone di ile tsa felela ka tsela e e tshwanang.
Badupi ba tlhalosa go palelwa moo ka mafoko a a gakgamatsang. Ka sekai, ba bangwe ba ngongoregela gore ditekeletso di dira gore ba belaele bokgoni jwa bone kana gore go ba dira gore ba dupe ka maikaelelo a e seng one kana go sa tlhoafalwa. Mabaka ano, fa ba bolela, a ba dira gore ba latlhegelwe ke dinonofo tsa bone ka nakwana. Tota ebile, palo e e rileng ya badupi ba lemogile gore morago ga go dupa ka katlego ka loboka lo loleele, ke ka nako e ba tshwanetseng go itshupa ka yone ba latlhegelwang ke maatla—kana a ba forang. Ka lebaka leo bangwe ba gopola gore nonofo e e tlhotlheletsang go dupa e ka se tshamekisiwe ke ope.
A seno se utlwala jaaka saense mo go wena? Mme tota, dinonofo tsa tlholego (tse di ka sekasekwang ka go dirisa mekgwa e e itsegeng ya saense) ga di itse sepe ka go tshameka, e ka tswa e le tse di siameng kana jang; e bile gape ga di diragale ka tsela e e sa laolesegeng. Ga di ke di fetoga. Ga di ye le maikutlo, mogopolo, kana le maikaelelo a bao ba di lekeletsang kana ba di tlhatlhobang. Ka jalo, mo go borasaense ba le bantsi go dupa ke tumelabotlhodi—e seng sepe gape. Mme e bile, le badupi ba ba itsegeng ba dumelana gore ga go na nonofo e e itsiweng go ya ka saense e go ka tweng e baka go dupa.
A ke Tsietso Fela?
A jaanong seno se raya gore go bo go se na tlhaloso ya saense go raya gore dipego tsotlhe tse di bolelang gore batho ba ile ba kgona go dupa ke ditiragalo tse di welaneng fela kana maaka fela? Go tweng ka se se diragaletseng morui yo re simolotseng ka ene—a e ne e le lesego fela, tiragalo ya mofuta wa yone fela?
Boammaaruri ke gore, go na le dipolelo di le dintsi tse di ntshang bosupi jo bo supang gore batho ba ile ba kgona go dupa. Ka sekai, mmè mongwe kwa Vermont o ne a bitsa modupi fa a se na go kgaolelwa metsi mo ntlong ya gagwe. Go bonala gore phaephe e telele e e neng e tswa kwa motsweding o o kgakala le ntlo e ne e dutla. Mosadi yoo o ne a sa itse le kwa phaephe eo e leng teng—e ne e sale e katetswe dingwaga tse 30 tse di fetileng—re sa bue ka go itse kwa e thubegileng teng. Mme modupi o ne a bua ka pelo a botsa thobane ya gagwe, mme e ne ya supa golo gongwe. Disentimetara di le 15 go tswa fa e supileng teng, karolo e e dutlang ya phaephe e ne ya bonwa.
Gongwe polelo e e itsegeng ke ya modupi yo o itsegeng thata wa Moamerika ebong Henry Gross. Baithutapopego ya lefatshe ba ne ba tlhatswegile pelo gore ga go kake ga fitlhelwa metsi a a siametseng go nowa kafa tlase ga lefatshe kwa Bermuda. The Saturday Evening Post e ne ya bega jaana: “Gross o ne a ala mmapa wa Bermuda mo lelapeng la [mokwadi wa padi ebong Kenneth] Roberts kwa Kennebunkport, Maine, mme fa a se na go fetisa thobane ya gagwe ya go dupa, o ne a tshwaya mafelo a le mararo koo go neng go ka bonwa metsi a a siametseng go nowa teng . . . Go tlhomamisa go dupa ga gagwe, Gross le Roberts ba ne ba fofela kwa Bermuda, ba kgothaletsa puso go ntsha didirisiwa tsa go epa, ba bo ba ya go epa. Dikgwedi di sekae moragonyana, ka April 1950, didiba tseo ka boraro di ne di na le metse a a siameng fela jaaka Gross a ne a boletse.”
Badupi ba re ba dupile metsi a didiba tse di diketekete. Babegadikgang ba ile ba pata badupi, ba feta ba bona dithobane di thaphoga ka maatla mo diatla tsa modupi tse di ileng tsa tswa marophi, mme ba bile ba utlwa badupi ba bolela le boteng jwa metse kwa tlase tota. Ba ile ba bona didiba di epiwa mme go nna fela jaaka go boletswe. Lefa gone saense e ka se ka ya tlhalosa kafa tiragalo e e sa tlwaelesegang eno e kgonegang ka gone, ntlha ke gore yone e a diragala—mo bathong bangwe, ka dinako tse dingwe. Ka ntlha yang?
Hisitori e Senolang
Hisitori ya go dupa e senola sengwe mo ntlheng eno. Go dupa go ka nna ga bo go sale go le teng ka dingwaga tse di diketekete. Mme ke mo lekgolong la bo 16 la dingwaga, fa ngaka Georgius Agricola a ileng a kwala buka ya gagwe e kgolo ka moepo, De Re Metallica, go ileng ga kwalwa ka botlalo ka go dupa. Baepi ba Majeremane ba ne ba dirisa mokgwa oo go dupa manyatshipi. Mme le ka nako eo go ne go ntse go na le kgang ya gore a go dupa ke tiragalo ya tlholego kana ke ya tirisabadimo. Agricola o ne a kwala gore bangwe ba ne ba na le dipelaelo ka mokgwa oo, ka gore “dikalana [dithobane tsa go dupa] di ne di sa tshikhinyege fa di tshwerwe ke mongwe le mongwe fela, fa e se ba ba neng ba di boka le go dirisa maitsaeanape.” Fa go dupa go anama le Yuropa, dikgotlhang tsa gone le tsone di ne tsa anama fela jalo. Martin Luther o ne a go kgala, mme le baeteledipele ba bangwe ba kereke ba ne ba go kgala. Go itumedisa baruti bao, bangwe ba badupi ba ne ba kolobetsa dithobane tsa bone, mme ba bitsa Modimo wa Tharonngwe fa ba dupa.
Mo baduping ba le bantsi, go batla metsi le manyatshipi go ne go sa lekana. Ba ne ba dirisetsa thobane eo ditiro tse dintsi. Kwa Fora, mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Jacques Aymar o ne a simolola go dupa dinokwane! Go begwa gore, nako nngwe fa a dupa metsi, thobane ya gagwe e ne ya thaphoga ka maatla fa phuphung ya mosadi mongwe yo o neng a bolailwe. Go tsweng foo thobane e ne ya obegela kwa monneng wa gagwe, mme a bo a tlhanola direthe. Aymar—le ba le bantsi ba ba neng ba mo etsa—ba ne ba dirisa thobane ya go dupa go tsoma magodu mo Yuropa yotlhe. Ditlhakanatlhogo tsa Makatoliki di bile tsa hira Aymar le thobane ya gagwe go ba thusa go tsoma Maporotesetanta gore ba ba bolae.
Kamano le Tirisabadimo
Ga go gakgamatse, gore le ka nako ya ga Aymar go ne go na le “baitse” ba ba neng ba gopola gore ba ka dirisa saense go tlhalosa ditiragalo tseo. Ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore thobane ya go dupa ya ga Aymar e ne e utlwa “mouponyana” o e leng wa babolai fela, o ba ileng ba o bitsa “selo sa babolai.” Mme go itshupa sentle gore, bokgoni jwa ga Aymar bo ne bo sa amane ka gope le saense. Maatla a a neng a tlhotlheletsa se Aymar a neng a se dira a ne a le botlhale. A ne a ka kgona go dupa magodu, a farologanya gareng ga Maporotesetanta le Makatoliki, a bo a batle metsi le ditswammung gape.
Ka tsela e e tshwanang, e ka nna eng fela fa e se maatla a a botlhale a a ka dirang gore go dupa mo mmapeng go kgonege, mo thobane e supang kwa go nang le metsi teng mo mmapeng wa lefelo le le kgakala? Badupi bangwe ba kgonne go bona dipatšhe, dipasa, makgabisa, tota le batho ka go dupa ka seakgaakgegane mo godimo ga mmapa. Ba bangwe ba botsa didirisiwa tsa go dupa go araba dipotso tse di tlhokang dikarabo tsa ee kana nnyaa. Ka bo1960 bangwe ba Masole a U.S. ba ne ba dirisa dithobane tsa go dupa, go dupa mesele, dibomo tse di katetsweng, le tsa lorapo kwa Vietnam. Malatsing ano thobane ya go dupa e dirisiwa thata mo masaitsiweng. E dirisiwa go bolelela pele ka isagwe, go batla ‘dipoko,’ le go tlhotlhomisa ka ‘matshelo nakong e e fetileng.’
Mokwadi mongwe ebong Ben G. Hester o kile a bo a tlhatswegile pelo gore go dupa ke “tiragalo ya tlholego e e iseng e tlhaloganngwe.” Mme e rile morago ga dingwaga tse di robang bobedi a ntse a tlhatlhobisa kgang eno, o ne a kwala buka e go tweng Dowsing—an Exposé of Hidden Occult Forces. Mo bukeng eo o ne a tshwantshanya thobane ya go dupa le didirisiwa tse di etsang diboto tsa Ouija. O ile a lemoga gore bangwe ba badupi ba re ba ka fodisa batho—kana ba ba lwatsa—ka thobane ya go dupa! Ka tsela e e tshwanang, modupi ebong Robert H. Leftwich o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng Dowsing—The Ancient Art of Rhabdomancy: “Dinonofo tse di dirisiwang di tshwanetse e bo e le tsa ga tsone tse . . . di tsamaelang le tsa tse di dirisiwang mo boloing. Ka lebaka leo go lekeletsa ka bofafalele go ka nna kotsi.”
Mo Bakereseteng ba boammaaruri, mafoko ano ga a jese di welang. Go sa kgathalesege gore go boammaaruri kana nnyaa, go dupa go ya ka ditiragalo tse di fa godimo ga se saense gotlhelele; go lebega e le tirisabadimo. Ke fela jaaka borasaense ebong Evon Z. Vogt le Ray Hyman ba ile ba sobokanya kgang mo go Water Witching U.S.A.: “Ka jalo re swetsa ka gore go dupa metsi ke mokgwa o o papametseng wa maselamose a too.”
A Mokeresete o ka Dupa?
Kwantle ga pelaelo, fa e le gore go dupa tota ke boloi, Mokeresete wa boammaaruri ga a kake a batla go amana le gone ka tsela epe. Batho ba Modimo ba ne ba laelwa jaana, jaaka re bala mo Bibeleng mo go Duteronome 18:10: “Go se ka ga fitlhelwa ope mo go lona . . . yo o loang, yo o dirisang maselamose kana ope yo o batlang dipheko kana morai.” Moperofeti Hosea o ne a hutsafadiwa ke go palelwa ga Baiseraele go utlwa taelo eno, mme a kwala jaana: “Batho ba me ba bua le dikota tsa bone tsa dikgong, thobane e araba dipotso tsa bone.”—Hosea 4:12, The Jerusalem Bible.
Mme legale ba bangwe ba ka nna ba re, bone ba dirisa mokgwa o o motlhofotlhofo wa go dupa: go batla metsi. A mme gone go dupa metsi ga go amiwe ka gope ke tirisabadimo? Se se gakgamatsang ke gore gantsi bathapisi ba go dupa ba ruta baithuti go bolelela thobane se ba se batlang ka tlhamalalo, jaaka e kete ke selo se se nang le tlhaloganyo. Mothapisi mongwe e bile ene o bolelela baithuti ba gagwe gore ba fe thobane leina mme ba bo ba e bitse ka lone! Gantsi badupi ba botsa dithobane tsa bone gore metsi a bokgala bokae. Thobane e bo e simolola go tshikhinyega, mme modupi a bo a bala gore e tshikhinyega ga kae. Palo e a e balang ke yone boteng jwa metsi ka dimetara! A seno ga se supe gore go na le botlhalenyana bongwe jo bo fitlhegileng jo bo dirang tiro eo?
Mo godimo ga moo, go dupa metsi go tsamaisana le mokgwa mongwe o Basupi ba ga Jehofa ba saleng ba iketse tlhoko mo go one—ESP (extrasensory perception). Tora ya Tebelo e ne ya bolela ka go amana ga tsone bogologolo ka 1962. Moragonyana fela ga foo, Lekgotla la Badupi la Amerika le ne la araba jaana ka lokwalo: “Re dumelana le mogopolo wa gore go dupa ke mofuta mongwe wa ESP le gore go dira mofuta ope fela wa ESP go ka dira gore ‘o tshwarwe ke moya’ kana gore o ipiletse ‘meya e e bosula’ fa e le gore ga o dire ka kelotlhoko. Lefa go ntse jalo, re ganana le kgakololo ya lona e e gagametseng ya gore batho ba se ka ba go dira gotlhelele.”b
O tsaya jang kgang eo? Fa e le gore tota le batho ba ba buelelang go dupa metsi ba sa kgwe mathe ba dumela gore e ka nna ya dira gore motho a dirisane le meya e e bosula kana le gone go tsenwa ke moya tota, a Mokeresete o ka se ka a batla go kgaogana le gone gotlhelele?
Bangwe ba ka nna ba botsa gore, ‘A mme golo mo go dupa ga go lere melemo e mentsi? A seo ga se supe gore nonofo e e tlhotlheletsang go dupa e molemo?’ Ka maswabi, karabo ke nnyaa. Gakologelwa gore, “Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) Le mo motlheng wa Bibela tota madimona a ne a leka go ithatisa batho ka go bua dipolelo tsa boammaaruri.—Ditihō 16:16-18.
Gone legale, ga re kake ra gagamala ra re mokgwa mongwe le mongwe wa go dupa (le ESP) ga o kake wa tlhalosiwa ka saense le gore o bakiwa ke madimona. Kwantle ga pelaelo, go na le dilo di le dintsi ka mogopolo wa motho le ka dinonofo tsa tlholego tse saense e iseng e kgone go di tlhalosa. Mme e bile ga go belaetse gore go na le ditiragalo tse dintsi tsa go dupa le tsa ESP tse di ka tshololwang fela go twe ke tsietso fela e re tswang le yone kgakala. Mme e re ka ditiro tsa bogologolo le tsa gompieno tsa go dupa di gokaganye thata le tirisabadimo le ESP, go itshupa sentle gore go tla bo go le kotsi go tsaya fela gore ke maretshwa a a senang molato.
Nnyaa, fa re tla mo kgannyeng eno ya go dupa, kgakololo e e reng “lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ” e lebega e santse e tshwanela.—2 Bakorintha 6:17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mongwe wa megopolo eo o ne wa begwa mo tokololong ya Awake! ya June 22, 1979.
b E rile ka 1989 pego e e tletseng ka go dupa mo makasineng wa The New Yorker e ne ya bolela gore gompieno le badupi ba ba tlhogoethata ba Maamerika ba dumela gore—lefa gone e le ka meno a matelele—ESP ke yone tlhotlheletso ya go dupa.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
A ke Thobane ya go Dupa?
GO NA le mefuta e le mentsi ya dithobane tsa go dupa kwantle ga wa kala e e maphata. Badupi bangwe ba dirisa dithobane tsa tshipi di le pedi tse di dirang sefapaano fa di “tshwara” selo se se batliwang. Bangwe ba dirisa thobane e e tshwarwang jaaka bora mo matsogong a bone. Bangwe ba dirisa dihankara tsa diaparo. Ba bangwe ga ba dirise sedirisiwa sepe fela; sa bone ke go emela go ikutlwa ba selelega kana go utlwa ba tsunyediwa ke sengwe mo diatleng tsa bone. Gape go setse go na le dithobane tsa segompieno tse di rekisiwang, tse di nang le mekgothi lefa go tsenngwang teng sampole ya selo se se batliwang. Legale, gape go na le dilo tse di tshwanetseng tse di kgonang go dupa mo tshipi e leng teng. Tsone di dirisa maatla, jaaka dibetiri, mme ka jalo di kgona go farologanngwa motlhofo le dithobane tsa go dupa.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Woodcut of dowser from Georgius Agricola’s De Re Metallica