LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 24
  • Ruri Kutlwano E Gone Ka Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruri Kutlwano E Gone Ka Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Utlwana Ke Boikaelelo jwa Modimo
  • Dilo Tse Di Tlhotlheletsang Kutlwano
  • Kutlwano ya Bokeresete e Galaletsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Buka ya Bibela ya bo 49—Baefesia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Lelapa la ga Jehofa Le na Le Kutlwano e e Tlhokegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Lo Nne Lo na Le Kutlwano mo Metlheng Eno ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 24

Ruri Kutlwano E Gone Ka Keresete

Dintlhakgolo go Tswa go Baefesia

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a rera kwa Efeso kwa tshimologong ya 52 C.E. Motse o o humileng ono wa kgwebo wa kwa Asia Minor gape e ne e le lefelo la bodumedi jwa maaka. Mme Bokeresete bo ne jwa gola koo fa Paulo a sena go boela kwa Efeso, mo e ka nnang ka mariga a 52/53 C.E. O ne a tlhola a bua letsatsi le letsatsi mo lefelong la sekolo la metshameko mme a naya bosupi ka ntlo le ntlo mo lobakeng lo a lo ntseng koo lwa dingwaga tse di ka nnang tharo.—Ditihō 19:8-10; 20:20, 21, 31.

Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Baefesia lokwalo fa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma mo e ka nnang ka 60-61 C.E. Setlhogo sa lokwalo lwa gagwe ke go utlwana le Jesu Keresete mmogo le go utlwana ka ene. Ebile tota, le umaka mafoko a a reng ‘mo go [“kutlwanong le,” NW] Keresete,’ ka makgetlo a le 13, ao a leng mantsi go feta a lokwalo lope fela lo Paulo a lo kwadileng. Jaaka Baefesia, re ka solegelwa molemo ke mafoko a ga Paulo kaga seabe sa ga Keresete, go tila boitsholo jo bo maswe le go gana go tlhotlhelediwa ke maatla a boikepo a semoya.

Go Utlwana Ke Boikaelelo jwa Modimo

Sa ntlha, Paulo o ne a tlhalosa kafa Modimo o neng o tla dira gore go nne le kutlwano ka Keresete ka gone. (1:1-23) Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le go phutha dilo tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ka “[taolo, NW]” (tsela ya go laola dilo). Modimo o ne o tla phutha bao ba tlhophetsweng botshelo jwa selegodimo le ba bangwe ba ba neng ba tla tshela mo lefatsheng, ka Keresete. Gompieno, Modimo o dirile gore go nne le kutlwano fa gare ga batlodiwa le ba “boidiidi yo bogolo,” mme go ‘sopanngwa ga dilo tsotlhe mo lefatsheng’ go tla tswelela go fitlha fa ba ba leng mo mabitleng ba utlwa lentswe la ga Jesu mme ba tswa. (Tshenolō 7:9; Yohane 5:28, 29) Re tshwanetse go lebogela seno fela jaaka Paulo le ene a ne a rapelela gore ekete Baefesia ba ka anaanela dilo tseo Modimo o di ba nayang.

Morago o ne a lebisa tlhokomelo go Bakeresete ba Baditšhaba bao pele ba neng ba sule ka ntlha ya boleo. (2:1–3:21) Molao o ne wa tlosiwa ka Keresete mme Bajuda le Baditšhaba ba ne ba thaelwa motheo wa gore ba utlwane, mme ba nne tempele eo Modimo o neng o tla nna mo go yone ka moya wa gagwe. Tiro ya ga Paulo e ne e le go itsise Baditšhaba bosaitsiweng jo bo boitshepo gore ba kgone go utlwana le Keresete, yoo ba neng ba ka atamela Modimo ka ene ba gololesegile mo puong. Paulo o ne a rapelela Baefesia gape, mme jaanong a kopa Jehofa gore a dire gore ba tlhomame mo tumelong le mo loratong.

Dilo Tse Di Tlhotlheletsang Kutlwano

Paulo o ne a bontsha gore Modimo o ne o ba neile dilo tseo di tla ba dirang gore ba utlwane. (4:1-16) Gareng ga tseno ke mmele o le mongwe wa semoya o e leng phuthego. Mmele ono o dira ka kutlwano kafa tlase ga botlhogo jwa ga Keresete. Mme o naya banna dineo go ba thusa gore ba nne bangwe fela mo tumelong.

Jehofa gape o dira gore Bakeresete ba kgone go supa dinonofo tse di rotloetsang kutlwano. (4:17–6:9) Bakeresete ba tila dilo dipe tseo e seng tsa bomodimo jaaka puo e e maswe ka gonne ba ‘apere motho yo mosha.’ Ba dira dilo ka botlhale, ba tlotla Keresete ebile ba supa fa ba ikokobeditse tota.

Mo godimo ga moo, Modimo o dira gore Bakeresete ba kgone go emelelana le maatla a meya e e boikepo a a batlang go senya kutlwano ya rona. (6:10-24) Re sirelediwa ke ditlhabano tsa semoya tse di tswang mo Modimong. Ka jalo a re di diriseng mme re rapele ka tlhoafalo, re akaretsa badumedi ka rona mo mekokotlelong ya rona.

Abo Paulo a ne a naya Baefesia kgakololo e e molemo jang ne! A re e reetseng ka go tila boitsholo jo bo sa siamang le go se letle maatla a meya e e boikepo go re tlhotlheletsa. Mme a re anaaneleng kutlwano e re nang le yone ka Jesu Keresete fela thata.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Metswi E E Molelo: Ditlhabano tsa semoya di akaretsa “thèbè ea tumèlō” eo ka yone re timang, kana re dirang gore “mecwi eotlhe e e molelō” ya ga Satane e se ka ya re gobatsa. (Baefesia 6:16) Mengwe ya metswi e e neng e dirisiwa ke Baroma e ne e le matlhaka a a nang le phatlha fa gare le nkgwana ya letsopa e e neng e tletse ka lookwane lo lo shang. E ne e thuntshiwa ka bora jo bo sa gagamalang thata gore molelo o se ka wa tima, mme kgabo eo ya molelo e ne e gola fa o e gasa ka metsi. Mme masole a ne a sirelediwa ke dithebe tse dikgolo mo metswing eo, fela jaaka go dumela mo go Jehofa go thusa batlhanka ba gagwe gore ba kgone go “tima mecwi eotlhe e e molelō.” Ee, tumelo e re thusa go emelana le dilo tse di tshwanang le ditlhaselo tsa meya e e boikepo mmogo le go emelana le diteko tsa go dira diphoso, go latelela botshelo jwa go rata dilo tse di bonalang, le gore re se ka ra boifa le go belaela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela