Kgopolo E E mo Bibeleng
Ke Eng Se Se Tshwanetseng go Dirwa Fa Moruti A Leofa?
GO SA itshware sentle ga baeteledipele ba bodumedi go etswe tlhoko ke batho fela thata gompieno go feta lefa e le leng pele. Baporotesetanta ba ile ba tlhabisiwa ditlhong fela thata ke boitshwaro jo bo makgapha jwa baruti ba thelebishene. Morago ga gore moruti mongwe wa thelebishene a tshwarwe bosheng jaana a na le seaka e le la bobedi mo dingwageng tse tharo, o ile a bolelela balatedi ba gagwe gore Modimo o mmoleletse gore boitshwaro jwa gagwe ga bo ame ope ka sepe.
Fa makasine wa Time o ne o bega ka patlisiso nngwe e e tsereng dingwaga tse 25 o ne wa re: “Mongwe yo e kileng ya bo e le moitlami go ya ka thuto ya ga Benedict . . . o fopholetsa gore sephatlo sa baperesiti ba ba 53 000 ba Roma Katoliki kwa U.S. ba roba ikano ya bone ya go nna ba sa nyale.” Gape, pego nngwe ya dikgang e e neng ya tswa ka 1990 e ne ya bega ka baruti ba le mmalwa ba ba ileng ba sekisediwa go gobolola bana kwa Canada ka gore: “Baeteledipele bano ba kereke ba ne ba ile ba itlhokomolosa, kgotsa ba ganela kgotsa ba tsaya kgato e e lolea mabapi le dingongorego kaga go gobololwa ka tlhakanelodikobo, ntswa ba ne ba amogela dingongorego tseo go tswa mo bathong bao ba neng ba gobolotswe ka tsela eo, kgotsa ba di amogetse mo malokong a kereke a a mo kgaolong ya moruti yoo, mo mapodiseng, mo badireding ba tsa loago le mo baruting ba bangwe.”
Time e ne ya re, “pele ga malobanyana fela jaana, baruti ba ba neng ba tlola molao ba ne ba fudusiwa go tswa mo kgaolong e nngwe go ya go e nngwe.” Mme jaanong ereka dikgetsi tsa go batla go duelwa tseo di neng tsa pegwa ke bao ba ileng ba gobololwa ke baruti ba ba sa itshwareng sentle madi a tsone a setse a feta dimilione tse 825 tsa diranta kwa United States, jaanong gantsi baruti ba alafiwa ditlhaloganyo pele ga ba ka neelwa maikarabelo a bodumedi gape.
Ke eng se se ka dirwang fa moruti, moperesiti, kgotsa mogolwane a leofa? Bibela e neela kaelo efe mabapi le kgang e e ntseng jalo ya boitsholo jo bo sa siamang? A re sekasekeng dikwalo tse pedi tsa konokono tsa Bibela tse di buang ka kgang eo—Tito 1:7 le 1 Timotheo 3:2.
O Tshwanetse go Nna Motho “Eo O Senañ Molato”
Bibela e a re: “Gonne mookami [“bishopo,” The New American Bible (thanolo ya Katoliki)] oa phuthègō o chwanetse go nna motho eo o senañ molato, yaka molebalebedi oa Modimo.” (Tito 1:7) Paulo o ne a neela Tito taolo eno fa a ne a mo laela gore a ye go tlhoma bagolwane mo diphuthegong tsa Kereta. Lefa go le jalo, ke eng se tota moaposetoloi a neng a se bolela fano?
Mafoko “motho eo o senañ molato” a ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le go tweng a·negʹkle·tos. Fa e ne e akgela ka lefoko leno, The New International Dictionary of New Testament Theology e ne ya tlhalosa jaana: “Anenklētos ke lefoko le le kayang go pegwa molato mo kgotleng, mme le tlhalosa boitshwaro jo eleng gore ga bo na mokgobo, jo e eleng gore ka jone ga go na gore motho o ka bonwa molato jang.” Ka jalo, pele ga monna a ka tlhomiwa go nna mogolwane o tshwanetse gore e be e le motho yo o senang mokgobo gotlhelele; yo o ka sekang a kgobiwa ka tsela nngwe, kgotsa a pegwa molato. Mme ke fela fa mogolwane a ka nna a ntse a sena molato ka boammaaruri a ka tswelelang a ntse a le mo tirong ya gagwe.—Bapisa 1 Timotheo 3:10.
Ga se fela gore mogolwane o tshwanetse go etelela phuthego pele mme gape o tshwanetse go direla phuthego. O tshwanetse go sikara maikarabelo a gagwe jaaka molebalebedi. Ke molebalebedi wa Modimo; o disa dikonyana tsa Modimo. Ka jalo, o ikarabelela santlhantlha mo go Mong wa letsomane ebong Jehofa, mme kwa morago a bo a ikarabelela mo bathong bao eleng gore Modimo o mo neetse maikarabelo a go ba okamela.—1 Petere 5:2, 3.
“Eo O Senañ Mokgōbō”
Bibela e a re: “Ke gōna mookami [“bishopo,” NAB] oa phuthègō o na le go nna motho eo o senañ mokgōbō.” (1 Timotheo 3:2) Lefoko la Segerika le go tweng a·ne·piʹlem·ptos le le ranolwang jaaka “eo o senañ mokgōbō” totatota le raya “yo o ka sekang a tshwarwa.” Ka mafoko a mangwe botshelo jwa molebedi bo tshwanetse gore bo nne ka tsela eo eleng gore mopateletsi o ka seka a kgona go nna le legotlho le a ka mo tshwarang ka lona. Fa e ne e tlhalosa bokao jwa lefoko leo la Segerika go ya pele, buka e go tweng Theological Dictionary of the New Testament ya re molebedi “ga a ka ke a tlhaselwa (tota le ke ba eseng Bakeresete) ka ntateng ya boitshwaro jwa gagwe.”
Modimo o tlhometse batho ba ba okamelang batho ba gagwe le go ruta Lefoko la gagwe ditekanyetso tse di kwa godimo. Jakobe o ne a bolela jaana ka ene le ka bagolwane ba bangwe: “Re tla bōna tshekishō e e bokete bogolo.” Mme Jesu o ne a bolela molaomotheo ono o o kaelang: “Eo o neilweñ segolo, go tla lōpiwa segolo mo go èna.”—Yakobe 3:1; Luke 12:48.
Ka jalo, fa molebedi wa Mokeresete a leofa fela mo go maswe mme a bo a ikotlhaya, a ka nna a tswelela e le leloko la phuthego, mme lefa go le jalo o tshwanetse go tlosiwa mo maikarabelong a gagwe a bolebedi. O tla bo jaanong a na le mokgobo. Go ka nna ga mo tsaya dingwaga tse dintsi gore a boe a nne le leina le le molemo gape mme a tlhoke mokgobo. Kgang ya gagwe e ka nna ya tshwantshanngwa le ya molebalebedi wa ga Hesekia ebong Shebana. Ka ntateng ya boitshwaro jwa gagwe jo bo sa siamang Jehofa o ne a mo kgalemela ka mafoko ano: “Me ke tla gu kgorometsa mo tihoñ ea gago, me o tla gu pagolola mo boemoñ yoa gago.” Mme kwa morago go bonala fa Shebana a ile a kgona go nna le leina le le molemo gape ka gore re bala gore o bile a busediwa go nna mokwaledi wa kgosi.—Isaia 22:15-22; 36:3.
Go Tweng Fa E Le Gore Moruti Ga A Ikwatlhaye?
Ditumelo tse dintsi tsa Labokeresete di ile tsa letlelela baruti ba ba itlwaeditseng go dira boleo. Erile ka 1459 mokadinale ebong Rodrigo Borgia a nna motlatsamopapa, e le maemo a a kwa godimo thata mo ofising ya ditsamaiso ya Lekoko le le Busang la Katoliki. Ka ntateng ya boitsholo jwa gagwe jo bo maswe fela thata, o ne a kgalemelwa ke Mopapa Pius II. Lefa go le jalo, le mororo a ne a ile a nna le bana ba dikgora ba le bane, erile ka 1492 lekgotla la bakadinale le ne la mo tlhopha go nna mopapa! O ne a tswelela ka boitsholo jwa gagwe jo bo maswe e le Mopapa Alexander VI. Go letlelela baruti ba ba sa ikotlhayeng ba ba boitshwaro jo bo maswe mo go ileng ga diragala mo hisitoring ya Labokeresete kwantle ga pelaelo go ile ga tlatseletsa mo boitshwarong jo bo repileng jo re bo bonang mo go ene gompieno. Ka jalo he, go tshwanetse ga dirwa eng fa e le gore moruti ga a ikwatlhaye?
Moruti wa Mokeresete yo o dirang boleo jo bo masisi mme a bo a palelwa ke go bontsha boikwatlhao o tshwanetse go lelekiwa mo phuthegong. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Me gompiyeno ke lo kwalèla, go re, e tle e re ha gu na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè. . . . Tlosañ motho eo o boshula mo gare ga lona.”—1 Bakorintha 5:11-13.
Kgato e e gagametseng e sireletsa leina la phuthego mme e e farologanya le ‘ba ba buang phatlalatsa ba re ba itse Modimo mme ba o itatola ka ditiro tsa bone.’ Tsela e bodumedi bo tshwarang bothata jwa moruti yo o leofang ka gone e tla go thusa go lemoga gore a tota bodumedi joo ka boammaaruri ke jwa Bokeresete.—Tito 1:16; Mathaio 7:15, 16.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Mopapa Alexander VI
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe]
Alinari/Art Resource, N.Y.