Sengwe Se Se Botoka go Gaisa Sengwe Se O Se Iponelang O Sa Se Fufulela
MO E KA nnang botlhe bao ba betšhang gantsi ba felela ba humanegile go na le jaaka ba ne ba ntse pele ga ba simolola go betšha. Gantsi, le bone ba ba seng kae ba ba kgonang go ikgapela madi a mantsi ba lemoga gore seo ga se reye gore ba tlile go bona boitumelo.
Lekgwatlha lengwe le le dingwaga tse 36 go tswa kwa Japane le ne la ikgapela R124 000 ka go iteka lesego. O ne a ikaeletse go reka ntlo ka madi ao a a ileng a a ikgapela, mme lefa go le jalo batho ba ne ba mo tswela pelo fela thata le go mo ja direthe mo eleng gore kgabagare o ne a fetsa ka gore ga go tlhokafale gore a a dirise mo tirong eo. O ne a gakgamatsa badiri ka ene fa a ne a tshuba thekethe e a neng a gapile madi ao ka yone fa pele ga matlho a bone.
Mapodise a kwa Florida a ile a tshwara mmè mongwe, yo le mororo a ile a gapa madi a a kana ka dimilione tse 14 tsa diranta ka go betšha, a ileng a loga leano la go bolaya ngwetsi ya gagwe. Morwawe a re o ne a tlhakantswe tlhogo ke go bo a ile a dirisa madi a gagwe mo dilong tseo di se kang tsa mo tswela mosola le go a ja ka tsela e e feteletseng mo go ileng ga a fetsa fela ka bofefo jo bogolo.
Mongwe Yo O Ileng a Latlhegelwa Mme ya Re kwa Morago A Nna Mofenyi
Domingo yo o nang le bana ba le batlhano o ne a tshwakgotswe ke go betšha. O tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke ikgapetse madi, gone re ne re sa bue. Ke ne ke gopola gore ke motho yo o botlhale thata, mme ke ne ke sa kgone go itshoka pele ga ke boela gape ke ya go betšha go supa gore madi a ntlha ga ke a tshogana ka ke a gapile.
“Fa go tshwakgoga mo go ne go ntaola, go ne go ntse jaaka ekare ke dirisitse diokobatsi. Ke ne ke ikemiseditse go itlhokomolosa mosadi wa me le bongwanake fela gore ke tswelele pele ke ntse ke betšha. Le mororo ke ne ke aga ke ikanela mosadi wa me gore ga ke kitla ke tlhola ke ya go betšha gape, ke ne ke itse mo pelong ya me gore moo e ne e le ditsholofetso tsa maaka fela. Ke gakologelwa nako nngwe fa ke ne ke tlhomamisetsa mosadi wa me gore fa e le ka go betšha gone ke kgwile ke theletse, fa ka nako e e tshwanang, ke ne ke loga leano la gore ke ya go bona kae madi a go ya go betšha.
“Ke ne ka latlhegelwa ke madi a me otlhe, madi a mosadi wa me, le kgwebo ya me, mme ke ne ka tsena mo dikolotong tse di masisi. Go ne go sa fete letsatsi lepe ke sa betšhe ka tsela nngwe, go fitlhelela sengwe se ntiragalela se se ileng sa ntira gore ke itshekatsheke. Ke ne ka simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgatlhwa thata ke seo se ke neng ke se ithuta, lefa ke se ka ka lesa go betšha gone fela foo. Ke leboga fela thata go bo Mosupi yo ke neng ke ithuta le ene a ile a nna pelotelele le nna jaana.
“Mme lefa go le jalo molaetsa wa Bibela o ne wa simolola go nkama. O ne wa nthusa gore ke latlhe go ijesa dijo tsa ditoro mme ke itebe jaaka Modimo o nteba. Seo e ne e le kgakgamatso eleruri. Ke ne ka ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong, fela jaaka bao moaposetoloi Paulo a ileng a kwala ka bone mo lekgolong la ntlha la dingwaga a re: ‘Me e ne ea re ka lobaka louō lo no loa na le louñō lohe mo diloñ tse gompiyeno lo tlhaywañ ke ditlhoñ ka ga cōna? gonne bokhutlō yoa dilō tseuō ke losho.’—Baroma 6:21.
“Go itse Modimo, leina la gagwe, botho jwa gagwe, mme bogolo jang boutlwelobotlhoko jwa gagwe go ile ga ntira gore ke fetole ditsela tsa me, ke kgone go akanyetsa ba bangwe go na le go ikakanyetsa ke le nosi. Kgabagare ke ne ka latlha mokgwa wa me wa go betšha gotlhelele, mme nna le mosadi wa gaetsho re ne ra kolobediwa.
“Jesu o rile boammaaruri bo tla re golola. (Yohane 8:32) Seo se ne se le boammaaruri ka nna. Ke boammaaruri jwa Lefoko la Modimo jo bo ileng jwa nneela sengwe se se botoka go se tshelela, jwa ntira gore ke boe ke itlotle gape, le go nkgotsofatsa fela thata. Ke ile ka ba ka thusa mongwe wa ditsala tsa me tse re kileng ra bo re betšha mmogo gore le ene a baakanye botshelo jwa gagwe fela jaaka ke ile ka dira. Fa ene le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa, seo se ne sa intumedisa fela thata go gaisa go gapa madi ka go betšha gope mo nkileng ka go dira.
“Ke na le dingwaga tse 20 jaanong ke sa tlhole ke betšha, lefa e le ka matsananyana tota. Ga ke kake ka re go ne go le motlhofo, mme gape gone go se thata mo go kalo. Mme se Modimo o se nneetseng se ile sa ntirela go feta go bona dilo tse ke di tlhokang tse ke neng ke batla go di fitlhelela ka go betšha.”a
Se Dikwalo di se buang ke sa botlhokwa thata mo go bao eleng gore ba batla go dira thato ya Modimo. Mme ba ba salang kgakololo ya Modimo morago ga ba tile fela bohutsana jo bo lerweng ke go betšha mme gape ba fitlhela gore o ba neela sengwe se se botoka fela thata go gaisa go ikgapela madi gope fela mo go betšheng.
Letlotlo Le Le Tlhotlhwakgolo Go Gaisa
Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, o ne a re: “O laeè ba ba humileñ mo motlheñ ono, gore ba se ka ba ipègèla godimo, leha e le go sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla, o o re naeañ dilō cotlhe ka letlōtlō, gore re di yè monate; U bo o ba laeè gore ba dihè molemō, . . . ba iketleeletsè go aba, ba itumèlèlè go abalana; Ba nntse ba ipeèlèla motlha o o tlañ mothèō o o molemō, gore ba tlè ba chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.”—1 Timotheo 6:17-19.
Letlotlo lengwe le motho a tshwanetseng go le itseela ke la go nna le leina le le molemo le Modimo. Seno se felela ka gore o bone “botshelō yo e leñ botshelō rure”—botshelo jo bo sa khutleng, sekgele se segolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa neelwa. Jesu o ne a rapela Modimo jaana: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
Go farologana le dikgele tse di sa tlhomamisegeng tsa madi, sekgele se Modimo o se neelang se ka kgona go ikgapelwa ke mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo. Mo godimo ga moo, go dira thato ya Modimo go fa motho monate mongwe le mongwe o motho a ka o eletsang, mme ebile go dira gore motho a itlotle le go tshela botshelo jo bo nang le bokao. Gone jaanong, ka ntlha ya ditlamorago tse di sa jeseng di welang tseo go betšha go nang natso, akanya ka kgakololo ya seane sa bogologolo sa Seesemane se se reng: “Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go tshameka ditaese ke go di latlhela kwa kgakala kwa.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa batho ba le bantsi bao ba neng ba tshwakgotswe ke go betšha go fedisa mokgwa oo. Ba bangwe ba ile ba thusiwa ke ditlhopha tse di fang dikgakololo tse di jaaka Gamblers Anonymous.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise ke sekgele se se kwa godimo go gaisa sepe se se kileng sa fitlhelelwa ka go betšha