Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Dira Jang Gore Ke Nne le Bopelokgale jwa go Farologana le Ba Bangwe?
“Ka dinako tse dingwe kgatelelo ya dithaka e ntira gore ke dire dilo tse ke ikutlwang gore di phoso, mme ereka go sa dire jalo go sa tsamaelane sentle le dithaka tsa me, ke bo fela ke re ee.”—John.
“KGATELELO ya dithaka e ama dikarolo tsotlhe tsa matshelo a rona.” Go bolela jalo mokwadi ebong Lesley Jane Nonkin. Dithaka di leka go go laolela kafa o tshwanetseng go apara ka teng. Ba baya melao ya kafa o tshwanetseng go tsamaya ka teng, go bua, le go kama moriri ka teng. Go dira dilo kafa o batlang ka teng ka namana ga go letlelesege. Ya le bone—eseng jalo o kgwiwa mathe!
Lefa go le jalo, basha ba Bakeresete ga se makgoba a go ya le ba bangwe. Ka go reetsa molao wa ga Jesu o o mo go Yohane 15:19, bone ga se “ba lehatshe” la batho ba ba senang sepe le Modimo.a Lefa go le jalo, go tshela mo lefatsheng mme o se karolo ya lone ke kgwetlho. Go tshwana le go fudua mokoro mo lewatleng le le sa iketlang. O mo metsing mme ebile a go dikologile, mme gore o tswelele o tshela, o leka ka bojotlhe gore o kgoreletse a a bontsi jo o ka bo kgonang gore a se ka a tsena mo mokorong wa gago! Ka mo go tshwanang, basha bao eleng bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba lwela go kganela mokgwa wa lefatshe leno o eseng wa bomodimo gore o se ka wa ama matshelo a bone.
Lefa go ntse jalo, seno ga se ka nako tsotlhe se leng motlhofo. Akanya ka mosha mongwe wa Mosupi kwa Japane yo o bidiwang Eiichiro. Kgatelelo ya go ya le ba bangwe e kgolo fela thata kwa lefatsheng leo, mo basheng le mo bagolong. Eiichiro o gakologelwa jaana: “Ka ntlha ya segakolodi sa me ke ne ke sa tseye karolo mo meletlong e e neng e kopanyeletsa ditshwantsho le dipina tsa bosetšhaba kwa sekolong. Mo godimo ga moo, ke ne ke gana go ithuta metshameko e e rutang ntwa, ka ntlha ya gore seno ga se dumalane le melaometheo ya Bibela.” (Bona Ekesodo 20:4, 5 le Luke 4:8; Isaia 2:4 le Luke 10:27.) Seno se ne sa dira gore Eiichiro a senoge—gongwe ka tsela e e tlhabisang ditlhong—mo dithakeng tsa gagwe.
Basha ba Basupi mo lefatsheng ka bophara ba lebane le maemo a a tshwanang. Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a re, “malatsi a boikhutso a thata le go feta. Basha ba bangwe ba tla batla go itse gore, ‘Ke ka ntlha yang fa o sa tsenelele mo moletlong?’” Go ya ka mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bosha kgang e e thata ke ya gore “a motho ke a ratane le basimane kana nnyaa.” Mme lefa go le jalo mosha mongwe wa Mokeresete o ngongorega ka kgatelelo ya gore a intshe bodutu le ba bangwe. A re: “Batho ka nako tsotlhe ba nna ba go botsa jaana, ‘A ga o ye phathing?’” Basha ba bangwe ba Basupi ba ile ba tshegwa ka ntlha ya go gana go ngwega mo tlelaseng kgotsa go kopa mo ditlhatlhobong. Ka jalo, go motlhofo go lemoga gore, go farologana le ba bangwe go tlhoka bopelokgale tota, mme basha ba le bantsi ga ba bone fa ba na le jone.
Mosha mongwe o ile a kwala jaana: “Ke tshela matshelo a mabedi—jwa kwa sekolong le jwa kwa gae. Kwa sekolong ke tsamaya le bana ba lefatshe. Mme bana bano nako le nako fa ba bula melomo ya bone ba re ba a bua go tswa tlhapa, mme jaanong ke setse ke simolola go tshwana fela le bone. Ke tshwanetse go dirang?” Karabo e phepafetse: Nna pelokgale go farologana le ba bangwe! Mme seo se ka dirwa jang?
Motswedi wa Bopelokgale jwa Boammaaruri
Bopelokgale ke nonofo ya mogopolo le ya boitshwaro ya go emelana le diphatsa, poifo, kgotsa mathata. Ga se botlhe ba ba nang le yone, mme lefa go le jalo o ka kgona go nna le yone. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana, “Gonne Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla.” (2 Timotheo 1:7) Ee, Modimo o ka kgona go go naya nonofo e o e tlhokang go emelana le dithaka tsa gago.—Bafilipi 4:13.
Mme yone nonofo eno o ka e bona jang? Tsela nngwe e e motlhofo ke ka go e kopa. Jesu o solofeditse jaana mo go Yohane 16:24, “Lopañ, me lo tla amogèla.” Gone ebile fa o lebane le diteko tsa gore o ineele thapelo e tshwanetse go nna fela mo dipounameng tsa gago. Mosha mongwe wa Mokeresete a re, “Ke rapela Jehofa gore ke kgone go laola mogopolo le pelo ya me.”
Basha ba ba Pelokgale ba Metlha ya Pele
Go bala ka dipolelo tsa Bibela tse di buang ka batlhanka ba Modimo ba ba pelokgale le go tlhatlhanya ka tsone ke tsela e nngwe e e ka go thusang go tlhagolela bopelokgale. Ka sekai, a o tlhabiwa ke ditlhong go itsise ba bangwe gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? He bala pego e e mo go 2 Dikgosi 5:1-5. E bua ka mosetsana mongwe wa Moiseraele yo o neng a thopilwe yo ka bopelokgale a ileng a bolelela ba bangwe kaga bodumedi jwa gagwe. Pego e nngwe e e kgatlhang thata e mo go Ditihō 4:20. Mo go yone baaposetoloi ba ile ba bolelela baganetsi ba bone ka bopelokgale jaana: ‘Ga re kake ra emisa go bua ka dilo tse re di boneng le go di utlwa.’ Go ithuta ka ditiragalo tseno go ka kgona go go tlhotlheletsa gore le wena o bontshe bopelokgale jo bo tshwanang fa o bua.
Kgang e nngwe e e kgatlhang ke ya ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa basha ebong Shaderake, Meshake, le Abedineko. Basha bano e ne e le bangwe ba basha bao ba neng ba tlotlega ba Bajuta bao ba ileng ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Kgosi ya Babelona e ne e gopotse gore e tla rutuntsha basha bano gore ba tle ba kgone go tsaya maikarabelo mo pusong. Go thusa mo go reng ba anye mokgwa wa Sebabelona wa botshelo, basha bano ba ne ba latlhisiwa maina a bone a Sejuta mme ba rutiwa puo le mokgwa wa Sebabelona. Batshwari ba bone gape ba ne ba leka go ba latlhisa mekgwa ya Sejuta ka go ba jesa “diyō tsa kgosi.”—Daniele 1:7, 8.
Bababelona ba ne ba gopola gore dijo tse di ntseng jalo di ne di ka rokotsa le moapei wa sethakga mathe. Mme mo Bajuteng bano ba ba boifang Modimo, dijo tseo tsa Sebabelona di ne di bifelesega ka tsela ya sedumedi. Lefa go le jalo, go bonala bontsi jwa basha ba batshwarwa ba ile ba ineela mo dithaelong tseo—botlhe kwantle ga ga Daniele le ditsala tsa gagwe fela. Akanya fela ka kgatelelo eo ba ka tswang ba ile ba nna mo go yone e tswa mo dithakeng tsa bone tsa Bajuta! Basha bano ba ile ba itsaya jang kafa tlase ga kgatelelo e e ntseng jalo? Ipalele pego e e nonotshang tumelo e e mo go Daniele kgaolo 1. Gongwe e tla go thusa gore o nne pelokgale go gana fa mongwe a go neela diokobatsi tse di sa letlelelwang ke molao kgotsa bojalwa!
“Nna Pelokgale”
Ga go a lekana fela go bala ka bopelokgale. Gore o tlhagolele bopelokgale jo bo tla go thusang go emelana le kgatelelo go tswa mo dithakeng, o tshwanetse gore letsatsi le letsatsi o reetse kgakololo ya ga Paulo eo a neng a e neela banna le basadi ba phuthego ya Korintha: “Lo eme lo tlhomame mo tumelong; lo nne pelokgale mme lo nonofe.”—1 Bakorintha 16:13, The Jerusalem Bible.
Ka sekai, fa o le mo batsadi ba gago kana maloko a mangwe a phuthego ya Bokeresete ba se kakeng ba go bona teng, a o fetola mokgwa o o aparang ka one kgotsa o o baakanyang moriri ka one gore o kgone go tsamaelana le wa basha ba lefatshe? Kgotsa a o ema o nitame o tshegeditse ditekanyetso tsa Bokeresete? Mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o pelokgale a re, “Ke gana go ya le mekgwa mengwe le mengwe ya go ipaakanya e e tlang le tsela.”
Potso e nngwe: A o pelokgale mo eleng gore o kgona go itsise ba o tsenang le bone sekolo gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Fa e le gore sekolo sa lona se letlelela seno, a o tsamaya ka Bibela le dibuka tsa Bibela kwa sekolong? Fa dikgang tse di amanang le thutotlhagelelo, meletlo ya boratanaga, kgotsa tshelo ya madi di tlhaga mo tlelaseng, a ‘o fetola mongwe le mongwe yo o go botsang kaga tsholofelo e e mo go wena.’ (1 Petere 3:15) Kgotsa o nna mo tesekeng ya gago o rile tuu o emetse fela gore go tla fela leng? Jesu Keresete o rile: ‘Yo o ntlhabelwang ke ditlhong nna le mafoko a me, le nna ke tla mo tlhabelwa ke ditlhong.’—Mareko 8:38.
Go na le go tlhabiwa ke ditlhong, Mokeresete yo o pelokgale o ikgantsha ka tsholofelo ya gagwe e e thailweng mo Bibeleng! (Bapisa Bahebera 3:6.) Mosha wa Mojapane yo o neng a tsopolwa kwa tshimologong ebong Eiichiro, o ile a ithuta go dira seo. O ne a botswa gantsintsi gore ke ka ntlha yang fa a sa tseye karolo mo meletlong ya boratanaga kgotsa mo go ithuteng metshameko ya go ithuta ntwa. A go bo a farologane le ba bangwe go ile ga mo tsenya mo mathateng mangwe? A re, “Nnyaa, ke ne ka tsaya seno sotlhe jaaka kgwetlho. Ke ne ka tshwanelwa ke go ipaakanyetsa dikarabo go femela dilo tse ke di dirang le go ikanya Jehofa gore a nthuse. Mme kgabagare, mathata ao a ile a fetoga molemo.”
Le wena ithute go bua fa o lebagane le dithaelo. Diane 1:10-15 e a re: “Morwaaka, ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla. Ha ba re, A re tsamaeè mmōgō . . . Morwaaka, u se ka ua tsamaea nabō mo tseleñ; thiba lonaō loa gago, gore lo se ka loa tsèna mo tselaneñ ea bōnè.” Lefa go le jalo, seo ga se reye gore ka dinako tsotlhe o bo o ba rerela. Mo bukeng ya gagwe e go tweng How to Say No and Keep Your Friends, mogakolodi ebong Sharon Scott o bolela gore ka dinako tse dingwe o ka batla fela go tsamaya, go gana taletso—kgotsa go e itlhokomolosa fela. Mme ka dinako tse dingwe, o ka nna wa patelesega gore o bue le go itsise ba bangwe gore ke ka ntlha yang o ka se ka wa kgona go tsamaya le bone. Mogakolodi Scott o gakolola gore o nitame: “O se ka wa etsaetsega . . . Bua o lebile motho mo matlhong. . . . Bua ka lentswe le le bontshang tlhomamo le le le nonofileng.”
O santse o ka jewa ditshego kgotsa wa kgalwa ka ntateng ya boemo jwa gago. Mme lefa go le jalo, ba le bantsi lefa gongwe ba sa rate ba tla felela ba go tlotla. Mosha mongwe yo o bidiwang Mike a re: “Bontsi jwa basimane bo itse gore ke Mosupi, mme ba a ntlotla. Fa e le gore ba a go bua ka selo sengwe se se maswe, ba atisa go re, ‘Mike, re ipaakanyetsa go bua, fa e le gore o batla go tsamaya, o ka tsamaya.’” Ga se basha botlhe ba ba tla go fang tlotlo e e ntseng jalo. Mme le fa go ntse jalo kwantle ga pelaelo Modimo o tla itumelela tsela e o dirang dilo ka yone. (1 Petere 4:3-6) Ke sone se mosha mongwe wa Mokeresete a boletseng jaana: “O se ka wa tshwenyega ka se bana ba bangwe ba se akanyang ka wena!” Se Modimo o se akanyang ke sone selo sa konokono. Mme o tla go segofatsa ka go bo o ile wa nna pelokgale go farologana le ba bangwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Farologana?” se se mo tokololong ya June 8, 1992.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Fa sebaka se go bulegela sa go tlhalosa ka bodumedi jwa gago, a o a tlhalosa ka bopelokgale?