LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 7/8 ts. 9-12
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo kwa Tirong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo kwa Tirong?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Banna Ba Ba Kgerisang
  • Basadi le Molao
  • Go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1996
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Kwa Gae?
    Tsogang!—1992
  • Nka Dirisana Jang le go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?
    Tsogang!—2000
  • Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo Gompieno?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 7/8 ts. 9-12

Basadi—A Ba Neelwa Tlotlo kwa Tirong?

“Ekane ba nyetse kana ba sa nyala, banna ba le bantsi ba ne ba leba basadi jaaka bao go ka itshamekelwang fela ka bona.”—Jenny, yo pele e neng e le mokwaledi wa semolao.

“Go kgokgontshiwa le go gobololwa mo go tsa tlhakanelodikobo ke selo se se tletsetletseng mo maokelong.”—Sarah, mooki kwa bookelong.

“Go ne go diragala ka makgetlo a mantsi kwa tirong, gore batho ba banna ba nphepise gore ke kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang le bone.”—Jean, mooki kwa bookelong.

A DIKAKGELO tseno di bontsha maemo a a sa tlwaelegang, kgotsa a dilo tseno ke dilo tse di tletsetletseng? Tsogang! e ne ya botsolotsa basadi ba le mmalwa bao ba nang le maitemogelo mo go tsa kwa tirong. A ba ne ba neelwa tlotlo le go tshwarwa sentle ke badirimmogo le bone ba senna? Tseno ke dingwe tsa dikakgelo tsa bona:

Sarah, eleng mooki wa kwa New Jersey, kwa U.S.A., yo o nang le maitemogelo a dingwaga tse robonngwe mo bookelong jwa sesole jwa U.S. o bolela gore: “Ke gakologelwa gore fa ke ne ke dira kwa San Antonio, kwa Texas, go ne ga tlhaga phatlhatiro mo Lefapheng la Karoganyo ya Diphilo. Ke ne ka botsa dingaka di le mokawana gore ke dire jang gore ke bone tiro eo. Ngaka nngwe ya monna e ne ya araba jaana e ntse e nyenyanyenya, ‘Tlhakanela dikobo le ngaka e e okametseng lefapha leo.’ Ke ne ka araba jaana, ‘Fa e le gore go ntse jalo ga ke e batle tiro eo.’ Lefa go le jalo ka dinako tse dintsi eno e ile ya nna tsela eo bangwe ba ileng ba bona tlhatlhosetsotiro mmogo le go bona ditiro ka yone. Mosadi o tshwanelwa ke go ineelela dikeletso tsa tlhakanelodikobo tsa monna yo o gatelelang yo o palelwang ke go itshoka.

“Ka nako e nngwe, ke ne ke dira mo phaposing ya balwetsi ba ba lwalang thata ke ntse ke tsenya molwetsi mongwe di-IV [dipeipi tseo di tsenngwang mo methapong] fa ngaka nngwe e tla mme e be e ntlhoba mo leragong. Ka go tenega ke ne ka tswa mo phaposing eo go ya mo go e e neng e le fa gaufi. O ne a ntshala morago mme a ntlhapatsa. Ke ne ka mo itaya ka lebole gape ka mo kgoromeletsa mo kgamelong ya matlakala! Ke ne ka boela gape kwa molwetsing wa me. Se se itumedisang ke gore ga a ka a tlhola a tshamekela mo go nna gape!”

Miriam, mosadi yo o nyetsweng wa kwa Egepeto yo pele e neng e le mokwaledi kwa Cairo, o ne a tlhalosa seemo sa basadi bao ba dirang mo karolong ya Mamoseleme ya Egepeto jaana: “Basadi ba teng ba apara ka tsela e e tlotlegang go na le basadi ba dinaga tsa Bophirima. Kwa ke neng ke bereka teng ga ke ise ke tsamaye ke bone ope a tsenngwa kgoro tsotlhe ka maikaelelo a go batla go tlhakanela dikobo nae. Lefa go le jalo go na le mokgwa wa go tsenya basadi kgoro tsotlhe ka maikaelelo a go batla go tlhakanela dikobo nabo mo ditseleng tsa Cairo tse di fetang kafa tlase ga marogo go ya bokgakaleng jwa gore gone jaanong jaana koloi ya pele e rulaganyeditswe gore e palangwe ke basadi fela.”

Jean, mosadi yo o sa bueng bobe fela a ititeile sehuba yo o nang le maitemogelo a dingwaga di le 20 jaaka mooki, o ne a re: “Ke ile ka ipeela molao o o gagametseng wa gore ga ke ne ke ratana le ope kwa ke berekang teng. Fela go tsenngwa kgoro tsotlhe go ne ga nna gone e ka tswa e le fa ke dira le dingaka kgotsa le badirimmogo ba bangwe ba banna. Botlhe ba ne ba akanya gore ba ne ba ka sologelwa molemo ke go dirisa tsela eo maikutlo a rona le menagano e neng e ka arabela ka gona mo go seno. Fa rona baoki re gana go ‘dirisana mmogo’ le bone mo dikeletsong tsa bone tsa tlhakanelodikobo, ba ne ba gana go re thusa fa re tlhoka thuso ya go pega molwetsi mo bolaong kgotsa dilo tse dingwe tse di jaaka tseo.”

Jenny o ne a direla jaaka mokwaledi wa semolao dingwaga di le supa. O bolela seo a ileng a itemogela sone fa a ne a dira le babueledi. “E ka tswa e le ba ba nyetseng kana ba ba sa nyalang, banna ba bantsi ba ne ba leba basadi jaaka bao go ka itshamekelwang fela ka bona. Maikutlo a bone e ne e le gore ‘jaaka babueledi re tshwanelwa ke seno ka ntlha ya matsapa a rona, mme ebile batho ba sesadi ke nngwe ya ditshiamelo tsa rona.’” Mme le bosupi bo bontsha gore barutegi ba bangwe le bone ba na le kgopolo e e tshwanang. Mme ke eng seo basadi ba ka se dirang go ngotla go tlhola ba tsenngwa kgoro tsotlhe jaana?

Darlene, montsho wa Amerika yo o neng a dira jaaka mokwaledi le jaaka mofepabaeng mo reseturenteng, o ne a re: “Dilo di ka go senyegela fa o ka se ka ke wa itshegela melelwane ya boitsholo. Fa motho wa monna a dira motlae ka wena o be o dira motlae ka ene le wena, teng fela foo dilo di tswa mo taolong. Ke ne ka tshwanela go tlhalosa boemo jwa me mo makgetlong a a farologaneng. Ke ile ka dirisa dikakgelo tse di jaaka, ‘Ke ne ke tla itumela thata fa o ne o ka seka wa bua le nna ka tsela eo.’ Mo lekgetlong le lengwe ke ne ka re: ‘Jaaka mosadi yo o nyetsweng, ke tsaya gore seo o sa tswang go se bua ke go ntlontlolola, mme ga ke solofele fa monna wa me a ne a ka rata seo.’

“Ntlha ke gore, fa o batla gore o tlotliwe, o tshwanetse wa berekela seo. Mme ga ke bone tsela eo mosadi a ka gapang tlotlo ka gone fa a tlhola a leka go tseisana kgang le banna ka seo ke se bitsang puo e e sa siamang—eleng metlae e e sa kgatlheng le ditshwaelo tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. Fa o ka se ka ke wa sega melelwane e e tlhamaletseng sentle malebana le gore ke metlotlo efe kana maitsholo afe ao o tla a letlelelang kana o se kitlang o a letlelela, he monna mongwe o tla leka go e tlola.”

Banna Ba Ba Kgerisang

Connie, mooki yo o nang le maitemogelo a dingwaga tse 14, o tlhalosa tsela e nngwe ya go kgokgontshiwa eo e ka tlhagelelang e sa lebelelwa mo maemong a mantsi. “Ke ne ke dira le ngaka nngwe tiro ya ka gale ya go fetola matsela a a bofang dintho tsa balwetsi. Ke ne ka latela ditaelo tsotlhe tse ke di rutilweng fela jaaka di ntse. Ke itse gotlhe ka ditsela tsa go tshola dintho le matsela di le phepa, le dilonyana tse dingwe. Lefa go ntse jalo go ne go sena sepe se se siamang mo ngakeng eno. O ne a nkgakgaupetsa le go ntshwaya diphoso mo go sengwe le sengwe seo ke neng ke leka go se dira. Selo seno, eleng go nyenyefatsa basadi, se na le go diragala kgapetsakgapetsa. Banna bangwe ba na le bothata jwa go ikgopola fela ba le nosi, mme go lebega ba pateletsa gore basadi bao ba dirang le bone ba nne ka fa tlase ga taolo ya bone.”

Sarah yo o neng a tsopolwa pelenyana, o oketsa jaana ka maitemogelo a gagwe mo go seno. “Ke ne ke ntse ke bereka go baakanyetsa karo eo e neng e tla tloga e dirwa fa ke ne ke sekaseka go itaa ga pelo le kgatelelo ya madi ya molwetsi mongwe. Rekoto ya EKG [electrocardiogram] ya gagwe e ne e sa tlhomama moo ke neng ke itse sentle fela gore o mo maemong ao a neng a se kitla a kgona go ariwa mo go ona. Ke ile ka dira phoso e kgolo ka go tlhokomedisa ngaka eo e neng e tlile go mo ara ka seno. O ne a tenegile mo go maswe, mme o ne a araba jaana: ‘Tiro ya baoki ke go tlhokomela dipitsana tsa bosigo tsa balwetsi, eseng go tlhokomela di-EKG.’ Ke ne ka ya go begela ngaka eo e eteletseng pele dingaka tseo di dirisanang le go swisa balwetsi ba ba tlileng go ariwa bogatsu ka kgang eno, mme o ne a re ene le setlhopha sa gagwe ba ne ba se kitla ba dirisana le ngaka eo e e arang fa maemo a ntse jalo. Go tswa foo ke fa ngaka eno e ne ya bolelela mosadi wa molwetsi yono gore ke nna yo ke neng ke ikarabelela go bo monna wa gagwe a ise a ariwe! Mo maemong a a ntseng jalo mosadi ga a ka ke a fenya kgang. Ka ntlha yang? Gonne o tshoseditse boikgopolo joo motho wa monna a nang le jone o sa lemoge seo.”

Go phepafetse gore, basadi ka dinako tse dintsi ba ile ba lebagana le go tsenngwa kgoro tsotlhe le go nyadiwa mo ditirong. Fela ke maemo afe ao ba nang nao fa pele ga molao?

Basadi le Molao

Mo dinageng tse dingwe go ile ga tsaya basadi makgolokgolo a dingwaga gore molao o akanye le go akanya fela go tsenya molao o o lekalekanyang ditshwanelo tsa bone le banna. Mme koo molao wa gona o buang ka go lekalekana ga banna le basadi, gantsi go na le phatlha e kgolo magareng ga go bua ka go lekalekana gono le go go diragatsa.

Kgatiso ya UN ya The World’s Women—1970-1990 e bolela jaana: “Mokhino ono o mogolo o tsenyeleditswe mo melaong eo e ganelang basadi go lekalekana le banna mo ditshwanelong tsa bona tsa go reka lefatshe le eleng la bone, go adima madi le go tsenelela ditumalano tsa semolao.” Jaaka fa go boletse mosadi mongwe jaana go tswa kwa Uganda: “Re tswelela re ntse re tsewa jaaka baagi ba maemo a a kwa tlase—nnyaa, baagi ba maemo a a kwa tlase tota le eleng go feta a bana ba rona ba basimane, ereka jaana bana ba rona ba basimane maemo a bone e le a a tlang pele ga a rona. Tota le eleng ditonki le diterekere ka dinako tse dingwe di tshwarwa botoka go na le rona.”

Kgatiso ya Men and Women eo e gatisiwang ke Time-Life e bolela gore: “Ka 1920, Molao wa bo 19 o o ileng wa tsenyelediwa mo Molaotheong wa United States o ne wa neela basadi tshwanelo ya go tsenela ditlhopho—nako eo e neng e le kgale basadi ba ile ba fenya go bona tshwanelo eo mo dinageng tse dintsi tsa Yuropa. Mme lefa go ntse jalo tshwanelo ya go tsenela ditlhopho e ne ya se ka ya neelwa basadi kwa Boritane go fitlha ka 1928 (mme kwa Japane ba ile ba e neelwa morago ga Ntwa ya Lefatshe II).” Fa a ne a bontsha go sa itumeleleng tshiamololelo eo molao o ileng wa e direla basadi mo go tsa sepolotiki, Emily Wilding Davison, yo e neng e le leloko la mokgatlho o o neng o lwela ditshwanelo tsa basadi kwa Boritane tsa go tsenela ditlhopho, o ne a itatlhela fa pele ga pitse eo e neng e palangwe ke Kgosi mo lobelong lwa dipitse lwa 1913 lwa Derby mme a swa. E ne ya nna mosweladikano ka ntlha ya go lwela ditshwanelo tsa basadi.

Lebaka la gore e be e le morago fela thata jaana ka 1990, Senate ya U.S. e ileng ya simolola go akanya ka go tsenya “Molao O O Malebana le Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi” le re bontsha ka moo babeimolao bao bontsi jwa bone e leng banna ba ileng ba arabela ka bonya ka gone mo ditlhokafalong tsa basadi.

Tlhaloso eno e khutshwane ya ka moo basadi ba tshwarwang ka gone go ralala lefatshe lotlhe e re gogela kwa potsong e e reng, A dilo di tla tsamaya di fetoga? Ke eng seo se tlhokegang gore seemo seno se fetoge? Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla tlotla ka dipotso tseo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

Ke Bomang Bao Maemo A Leng Bokete Thata mo go Bone?

“Basadi ba dira pedi-tharong ya tiro ya lefatshe lotlhe. Ba tlhagisa diperesente di le 60 go ya go di le 80 tsa dijo tsa Afrika le Asia, diperesente tse 40 tsa Latin America. Lefa go le jalo ba amogela fela nngwesomeng ya lotseno lwa lefatshe lotlhe mme ba na le tshiamelo ya go nna fela le kafa tlase ga peresente e le nngwe ya dithoto tsa lefatshe lotlhe. Ke bone bao ba bopang palo e kgolo ya bahumanegi ba lefatshe lotlhe.”—May You Be the Mother of a Hundred Sons, ka Elisabeth Bumiller.

“Ntlha ke gore basetsanyana ga ba tsene sekolo [mo dinageng dingwe tsa lefatshe] gonne go se na metsi a a phepa. . . . Ke ile ka bona basha ba basetsana ba ya go gelela metsi sekgala sa dikilometara di le masome a mabedi go ya go tse masome a mararo go tswa mo gae, sekgala seo se tsayang letsatsi lotlhe. Ka nako ya fa ba le dingwaga tse di lesome le bone kgotsa di le lesome le botlhano, basetsana bano . . . ga ba ise ba ke ba tsene ka kgoro ya sekolo, le fa e le go ithuta sepe.”— Jacques-Yves Cousteau, The Unesco Courier, November 1991.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go tsenngwa kgoro tsotlhe ga basadi ka maikaelelo a go tlhakanela dikobo nabo ga go a tshwanelwa ga letlelelwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela