LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 8/8 ts. 27
  • Fa Lebolela la Loso Le Tlositswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Lebolela la Loso Le Tlositswe
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mmaba oa Bohèlō” O Tla Fenngwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Loso lo Tla Fedisiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 8/8 ts. 27

Fa Lebolela la Loso Le Tlositswe

GO A diragala gore o bale ka loso jaaka selo sa tlholego kana se se sa reng sepe. Tota mme gone, ga go a nna jalo, go ya ka pego ya Bibela. Loso ke mmaba yo o nnileng teng ka ntlha ya sebe. Mo go Baroma 5:12 Bibela e a re, “ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.”

Ka ntlha ya go bo Modimo o ne o sa ikaelela gore batho ba swe, o ile wa rulaganya kgoro ya botso ka lorato. Ka go letlelela Morwawe go re swela, o ile a rulaganya ka setlhabelo se se tshwanetseng go fedisa kotlhao ya loso. (Mathaio 20:28; 1 Yohane 2:2) O ile gape a solofetsa ka lefatshe la paradaise le le tla nnang le puso e ntšhantšha e e tla busang setho. Puso eo e tla tlosa gotlhelele diphelelo tsa boleo le loso. (Luke 18:30) Mo go Tshenolō 21:3, 4 Bibela e a re: “Modimo ka osi o tla nna nabō . . . Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hete-tse rure.” Mme go tweng ka ba ba setseng ba sule?

Ba na le tsholofelo ya tsogo—tsholofelo ya go tshela gape jaaka batho mo lefatsheng la Paradaise, ka mebele e e itekanetseng sentle le megopolo. Ee, “lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna.” (Yohane 5:28, 29) Ene yo o rometsweng ke Modimo go golola setho ebong Jesu Keresete, o re neela tlhomamisetso e nngwe gape: “Gonne go rata ga Rrè ke mo, gore moñwe le moñwe eo o bōnañ Morwa Modimo, a mo dumèla, a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.”—Yohane 6:40.

Ke tsholofelo eno ya tsogo e e tshegetsang ba le bantsi ba ba latlhegetsweng ke baratiwa ba bone ka loso. Ba lemoga gore baratiwa ba bone ba “robetse mo losong fela,” mme ka jalo “ga ba hutsafale jaaka batho ba bangwe, ba ba senang tsholofelo.” (1 Bathesalonia 4:13, The New English Bible) Ba solofetse go kopana le bone mo isagweng mo tsamaisong e ntšha ya dilo e e solofeditsweng ke Modimo. Ba ikanya mo Modimong o o neelang kgomotso le tsholofelo.—Baroma 15:4, 13; 2 Bakorintha 1:3; 2 Bathesalonia 2:16.

Ke sone seo ditirelo tsa phitlho tsa Basupi ba ga Jehofa di farologaneng le tse dingwe gotlhelele jaana. Gore ba kgone go lejwa ke Modimo sentle, Basupi ba tila mekgwa epe e e sa dumalaneng le Lefoko la gagwe ebong Bibela. Mekgwa le matlhasedi a a itshetlegileng ka ditumelo tse di sa rutweng mo Bibeleng di a tilwa. Ereka ba obamela Modimo o o osi o o boammaaruri ebong Jehofa, ba tila go neela baswi ba bone tlotlo eo ya kobamelo. Gape ba tila go supa dikhumo le maemo a bone, ereka ba itse gore seno ga se itumedise Modimo. (1 Yohane 2:16) Diphitlho tsa bone di motlhofo gape di na le seriti mme di thusa go kokobetsa dipelo tsa bao ba swetsweng. Go neelwa polelo ya segopotso sa moswi, e e tlhalosang ka tsholofelo e e mo Bibeleng. Ba a hutsafala, mme eseng ka go feteletsa.

Basupi ba ga Jehofa ba itse gore go ise go ye kae ‘mmaba wa bofelo eleng loso,’ o tla tlosiwa. Mme mafoko ano a a boleletsweng pele a tla diragadiwa: “Losho lo medicwe ke phenyo. Losho, phenyo ea gago e kae? Losho, lobèlèla loa gago lo kae?”—1 Bakorintha 15:26, 54, 55.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela