LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 8/8 ts. 9-11
  • AIDS—E Tla Fela Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • AIDS—E Tla Fela Jang?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela E E Tlwaelegileng Ya Go Fokotsa Bothata
  • Go Fela ga AIDS
  • Ke Eng Fa Afrika E Boga Thata Jaana?
    Tsogang!—1992
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
  • Dipalopalo Tse di Tshosang Tsa AIDS
    Tsogang!—2001
  • Ke ka Tila Jang go Tsenwa ke AIDS?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 8/8 ts. 9-11

AIDS—E Tla Fela Jang?

“KE TLHATSWEGILE pelo ka botlalo gore re tla kgona go nna le kento ya yone mo gare ga ngwagasome eno.”—Jorg Eichberg, tlhogo ya patlisiso ya kento kwa Wyeth-Ayerst Research Center, Philadelphia, U.S.A.

Akanya fela gore fa go ne go ka bonwa kalafi, kana kento e e thibelang AIDS. Abo seo se ne se tla itumedisa jang ne! Mo dingakeng tse di berekanang le AIDS tse 9 000 tseo di neng di kgobokanetse kwa Florence, Italy, mo ngwageng o o fetileng di kopane ka setlhogo se se reng “Boitseanape Jo Bo Gwetlhang AIDS,” kwantle ga pelaelo selo se segolo mo megopolong ya bone e ne e le go dira dipatlisiso tsa go bona kalafi eo.

Jaaka fa batho ba le 9 go tswa mo go ba le 10 ba tshwaetsega mo dinageng tse di tlhabologang, kgatelelo ya gore go bonwe kalafi e e dirang e feta lefa e le leng pele. Go ntse go le jalo, go ya ka lokwalodikgang lwa New Scientist, ba le bantsi ba bao ba neng ba tlile konferenseng ya Florence go ne go lebega ba “latlhegetswe ke pono ya bone ya gore ba bone kalafi eno ka potlako.” “Ka gongwe,” go akantsha jalo lekwalodikgang leno, “seemo ke se se maswe thata jaana mo e leng gore ba le bantsi “ba setse ba itlhobogile ka bothata jono.”

Boammaaruri ke gore baitseanape ba iphitlhela ba faraferwe ke dipotso tse dintsi go feta dikarabo. New Scientist e tlhalosa gore “dingwaga di le 10 fa esale leroborobo leno le le gone, bothata jo bo lebaganeng le baithutamegare le baithutathulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi bo bogolo go feta lefa e le leng pele.” Rra klilinike ya AIDS wa kwa Borethani e leng Ian Weller o ne a tlhagisa jaana: “Kalafi e e ka kgonang go bolaya megare ya malwetsi ga e kake ya bonwa fela ka bonako.”

Lefa go le jalo fa go ne go ka kgonagala gore go nne le mokento o o lwantshang AIDS, ke ba bakae ba ba neng ba ka kgona go e bona? Dr. Dennis Sifris, yo eleng ngaka ya kalafi yo ene ka boena a nang le maitemogelo a a maemo mo Afrika, ao a a iponetseng ka a gagwe a mabedi o tlhalosa jaana: “Re na le kento e e nang le katlego tota ya TB [tuberculosis (bolwetsi jwa mafatlha)] jaaka fa re ne re ka rialo TB e tshwanetse e ka bo e kumutswe ka medi ya yona [fela jaaka] mmasele le Hepatitis B. Go ntse go le jalo malwetsi a mararo ao . . . ke one malwetsi a magolo ao a bolayang batho ba bantsi gompieno kwa Afrika. Ka jalo lefa gone go ka ribololwa mokento wa bolwetsi jo bo rileng gore kento eo e kgone go bonwa ke batho ba ba lwalang ke bothata jo bogolo.”

Ka tsholofelo e nnye thata ya gore go ka bonwa kalafi ya bolwetsi jono, selo se le sengwe fela seo se ka dirwang mo Afrika ke gore batho ba patelediwe gore ba fetole maitsholo a bone ka tsa tlhakanelodikobo. Lefa go le jalo potso ke gore—seno se ka dirwa jang?

Tsela E E Tlwaelegileng Ya Go Fokotsa Bothata

Tsela e e tlwaelegileng ya go leka go rarabolola bothata jwa AIDS mo Afrika ke go fa batho dikhondomo, ee, dikhondomokhondomo. Bakgweetsi ba dilori tse dikgolo ba di fiwa mahala mo dikgorong tsa melelwane. Makwalodikgang a di naya batho di le mo dienfelopong. Dikliliniki le badiredi ba tsa boitekanelo ba boloka dimilione tsa tsone.

Lefa gone ditsela tseno tsa go rarabolola mathata di ka nna le matswela a a rileng mo go anameng ga AIDS, gone mme ga se gore ga di na mathata ao di a bakang—segolobogolo mo Afrika. Modiredi wa tsa boitekanelo Stefan van der Borght wa Medecins Sans Frontieres kwa Angola o tlhalositse gore, fa o naya batho ba le dimilione tse tharo dikhondomo, go bonala go le molemo. Lefa go le jalo seo se tla raya gore banna ba le milione le halofo ba ka tlhakanela dikobo gabedi fela di be di setse di fedile.

Gape, mo godimo go mathata a a leng teng a go di rulaganya le go di abela batho, ke tlhotlheletso efe eo go abiwa go go sa tlhaoleng ga dikhondomo go nang le yone mo bathong ba boitsholo jo bo repileng—jone joo eleng motswedimogolo wa AIDS mo Afrika? Bosupi jotlhe bo bontsha gore ditsela tseo tsa go leka go rarabolola bothata di tlhotlheletsa go tlhakaneladikobo go na le go e fokotsa. Le e leng batlhankedi ba tsa puso ba simolotse go bulega matlho malebana le ntlha eno. Naga nngwe ya Afrika e setse e tsentse tirisong thulaganyo ya bogasadikgang eo e eteletsweng pele ke Puso ya go gogela morago go buelela dikhondomo mo go tsa kgwebo, ka jaana di rotloetsa boitsholo jo bo repileng. Mokwadi ebong Keith Edelston o tlhalosa ntlha eno go ya pele mo bukeng ya gagwe ya AIDS—Countdown to Doomsday a re: “Re akantse ka kgonagalo ya go tshwaetsega . . . le o ntse o dirisa dikhondomo, go mo pepeneneng gore tsela e le yosi fela ya go sireletsega ke go nna le molekane a le mongwe fela wa lenyalo.”

Lefa go le jalo a go boela tlwaelong ya go nna le molekane a le mongwe fela mo thulaganyong ya lenyalo a ke tlhopho e e ka kgonegang mo Afrika?

Go Fela ga AIDS

“Fa ka moso batho ba ka latlha boitsholo jo bo repileng,” go bolela jalo porofesara Reuben Sher, yo e leng mankge mo mererong ya AIDS mo Afrika, “mogare ono o ne o tla swa. Batho bao ba tshwaeditsweng ke one ba ne ba tla swa mme seno e tla nna bokhutlo jwa ona.” Ka tsela e e tshwanang, mokwaladikgang go The Star, e leng kuranta ya dikgang ya mo Gauteng, mo Afrika Borwa, o bolela gore “mo mothong yo o sa direng boitsholo jo bo repileng kana yo o sa tlhakanelang dimmao tsa diokobatsi le ba bangwe kana ya o sa amogeleng tshelo ya madi, [HIV] ke mogare o go leng thata tota go tshwaediwa ke ona.”

Gone jaanong jaana, Basupi ba ga Jehofa ba feta 450 000 mo Afrika ba tila tsone dilo tseo. Ba na le tumelo e e tiileng ya gore go itshola go ya ka Bibela ga se matsapa a lefela. A o ko o akanye ka moo ba lebang dilo ka gone: Ereka jaana Mmopi, Jehofa Modimo, e le ene yo o dirileng batho, ka gone melaometheo ya gagwe ya boitsholo eo a e beetseng batho ke yone fela eo e tshwanelwang ke go salwa morago. Molaomotheo o o begilweng mo go Bahebera 13:4 ke sekai se se molemo: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe.” Go na le go ikutlwa ba amogilwe monate mongwe, bao ba dirisitseng kgakololo ya dikwalo tseo ba ile ba ipoloka go tswa mo masetlapelong a a seng kana ka sepe a mmele le a maikutlo.—Bapisa Ditihō 15:29; 2 Bakorintha 7:1; Baefesia 5:3-5.

Se se kgatlhisang ke gore, metswedi ya dikgang go le gantsi e ile ya akgela ka tsela ee ka maitsholo a Basupi ba ga Jehofa mo Afrika: “[Ba] itshupile e le . . . batho ba ba molemo thata, baagi ba ba nang le thulaganyo bao ba tshelang go ya ka melao e e kwa godimo ya boitsholo,” go ne ga bolela jalo Daily Telegraph ya London, England. E ne ya oketsa ka gore: “Basupi ga ba dumalane le ditlwaelo tsa Seafrika tsa boitsholo jo bo repileng le go nyala lefufa.” Ka tsela e e tshwanang, mokwadi wa buka ya Contemporary Transformations of Religion, Bryan Wilson, o akgela gore “mo setšhabeng sa Afrika, Basupi . . . ke batho bao ba farologaneng thata” le gore “matswela a . . . maitsholo a [bona] o ka kgona go a bona mo go bona.”

Seo ga se reye gore Basupi ba ga Jehofa ba sireletsegile gotlhelele kgatlhanong le ditlamorago tsa AIDS. Bangwe ba bona ba ile ba tshwaediwa ke balekane ba lenyalo bao ba sa tsheleng go ya ka melaometheo eo e tshwanang le ya bone ya Bokeresete, mme ba bangwe ba tsenwe ke bolwetse joo pele ga e nna Basupi. Gape, palonyana e e potlana ya bangwe ba bone e itlhophetse go boela gape mo maitsholong a a repileng a lefatshe la segompieno, mme palonyana e e rileng ya bano e tshwaeditswe ka AIDS e le maduo a maitsholo ano a bone. (Bagalatia 6:7) Lefa go le jalo, bao ba gagamaletseng mofuta wa botshelo jo bo senang maitsholo a mantle ka boomo ba ile ba bo ba latlhegelwa ke tshiamelo ya bona ya go tswelela ba le mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Bakorintha 5:13; 6:9, 10) Lefa go le jalo bontsi jwa bao ba potileng dimilione tse nne ka kwa ba Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe lotlhe ba ipelela botsogo jo bo molemo jwa mmele, maikutlo le jwa semoya joo bo nnang gone ka ntlha ya go kgomarela melaometheo ya Mmopi ya boitshwaro jo bo phepa.

Ka boitumelo, Bibela e bontsha gore tharabololo ya bosakhutleng ya dibetso tse di ntseng jaaka AIDS e gaufi thata. (Tshenolō 21:1-4) Jehofa Modimo o solofetsa lefatshe le lesha leo mo go lona dilo tsotlhe tsa boitsholo jo bo sa siamang tse di bakang malwetsi a a ntseng jaaka AIDS jaana di tla kumulwang gotlhelele gona. Ga go kitla go tlhola go nna le dilo tse di ntseng jaaka motswasetlhabelo yo o bogang mme a sena molato, ka jaana mongwe le mongwe o tla latela mokgwa wa botshelo o o tlhamaletseng, le o o phepa o o dirang gore go nne le boitumelo jwa baommaaruri.—Isaia 11:9; 2 Petere 3:13.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 9]

“Ga go botlhokwa gore re senye dibilione tsa madi mo go direng dipatlisiso le mo go direng ditlhabololo . . . Seo re tshwanetseng gore se dira ke go boela maitsholong a a siameng.”—Dr Mark Hendricks, moithutathulaganyo ya mmele ya twantshomalwetsi wa Afrika Borwa

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go kgomarela thata tlwaelo ya go nna le molekane wa lenyalo a le mongwe ke tsela e e botlhokwa thata ya go tila sebetso sa AIDS

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Modimo o solofetsa lefatshe le lesha leo le senang malwetsi a a ntseng jaaka AIDS gotlhelele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela