LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 11/8 ts. 12-18
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Kgotsofatsang Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Lesha Le Le Kgotsofatsang Botlhe
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditharabololo Tse Di Nnelang Gongwe
  • Mathata A Mangwe Ao A Tla Bong A Baakantswe
  • Ga Se Dijo tsa Ditoro
  • Lefatshe Le Lesha Le Tla go Kgotsofatsa
  • Goromente
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Fela ga Ntwa
    Tsogang!—1999
Tsogang!—1992
g92 11/8 ts. 12-18

Lefatshe Le Lesha Le Le Kgotsofatsang Botlhe

LEFA gone go ka tswa go le thata go dumela seno, lefatshe le lesha tota le gaufi. Le tla nna gone nako e sa le gone go tla go namola lefatshe la rona pele ga gore kgono ya lone ya go boloka botshelo bo tswelela bo le teng e senyege gotlhelele. Mme lefatshe leno le lesha le tla khumola dikotsi tsotlhe tseo di tshosetsang go nna gone ga setho. Le tla dira seno jang?

Morago ga go umaka kafa maemo a lefatshe a sa jeseng di welang ka gone, raditiragalo ebong Arnold J. Toynbee dingwaga tse dintsi tse di fetileng o ile a botsa jaana: “Ke eng seo re ka se dirang gore re ke re bolokege?” Fa a araba potso eno ya gagwe, o ile a re: “Ka go tlhoma tsamaiso e e utlwanang ya melao-theo mo dipolotiking ya dipuso tsotlhe tsa lefatshe.”

Lefa go ntse jalo, lefa yone e le “tsamaiso e e utlwanang,” lefatshe le lesha le le tlang ga le ne le tla “ka dipolotiki.” Ga le ne le dirisa puso ya temokerasi kana mofuta ope fela o o itiretsweng ke motho wa mogopolo wa tsa sepolotiki. Lefatshe leno le lesha le tla fitlhelela mekgele ya lone ka gonne e tla bo e le puso e le nngwe fela eo e tla bong e le busa. Ka lethathama leo le jesang kgakge la ditiragalo, puso eno ya lefatshe ka bophara ka bonakonyana fela e tla khumola mathata otlhe ao gone jaanong setho se lebaganeng le one. Jang? Ka go fedisa dilo tsotlhe tseo di bakang mathata ano le dikgoreletsi tseo gantsi eleng tsone di kgoreletsang maiteko ape fela a go a rarabolola.

Fa re bua boammaaruri fela, go ka kgonagala jang gore selo sa go nna jalo se tsamaye se nne gone? A e tla bo e ntse e se batho ba ba sa itekanelang bao ba busang, batho bao go itshupileng ba sa siama ebile ba sena bokgoni jwa go rarabolola mathata a batho? Mme gone, akanya fela gore fa go ne go na le babusi ba ba itekanetseng ba dipuso tsa lefatshe, bao kwantle ga bogagapa ba akantseng fela ka dikgatlhego tsa bao ba ba busang. Mme he o akanye ka tsela eo mathata a neng a tla rarabololwa ka gone.

Ditharabololo Tse Di Nnelang Gongwe

Fa lefatshe lotlhe le busiwa ke puso e le nngwe fela ya babusi ba ba itekanetseng, morafe mongwe le mongwe ga o kitla o tlhola o nna le puso ya one ya mofuta o o rileng. Borapuso, baemedi ba dipuso, le borradipolotiki ba bangwe ga ba ne ba tlhola ba busa mo godimo ga ditšhaba di le dintsi, merafe, le ditso tsa setho. Metsemegolo e mentsintsi ya selegae le ya boditšhaba, mmogo le meago ya yone le matlo a batlhankedi ba tsone, ga e ne e tlhola e tlhokega. Seno se tla emisa go tlholwa go senngwa madi a mantsintsi mo go tlhokomeleng meago eno, mmogo le ditshenyegelo tse di kwa godimodimo tsa mesepele tsa batlhankedi ba puso jaaka fa ba ntse ba tsaya maeto go ya dikokoanong tse di rileng, ba ya dikomiting le dikonferense tsa boditšhaba le tsa khuduthamaga. Se sengwe gape, seo se tla bong se sa tlhole se le gone e tla bo e le batllhankedi ba ba senyang madi ba dipuso ba ba bewang mo mannong ao a bone, le bathusi ba bone ba bantsintsi, bakwaledi ba bone, le ditlelereke, mmogo le dithulaganyo tse di raraaneng tsa semmuso tseo di diegisang kgatelopele.

Kagiso e ne e tla nna teng ka gonne bomorafe jo bo kgaoganyang batho bo tla bo bo sa tlhole bo le gone, mo boemong jwa jone go tla bo go na le bolaodi jo bo kopanyang batho jwa lefatshe ka bophara. Masole, le masole a mo mawatleng, masole a difofane, ka dibetsa tsotlhe tsa one, le batlhankedi ba maemo a a kwa godimo ba tsa sesole, le baofisire ba ba kafa tlase ga bone, ga ba ne ba tlhola ba tlhokega gore ba sireletse bolaodi jwa morafe mongwe le mongwe. Tota le eleng thulaganyo ya go romela ditlhodi kwa dinageng tse dingwe ga e ne e tlhola e nna teng. Kafa tlase ga goromente wa lefatshe ka bophara yo go nang le babusi ba ba itekanetseng mo go ene, ga go ne go ne go nna le mebaraka e e bulegetseng botlhe, kana mebaraka e e seng kafa molaong eo mo go yone go ka rekwang kana ga rekisiwang dibetsa; ga go ne go nna le dikarolo tsa mafatshe tseo merafe e e farologaneng e batlang di nna kafa tlase ga yone. Batho botlhe ba lefatshe e tla be e le bakaulengwe mmogo bao ba kitlannyeng. Ka gone, bomorafe bo tla nyelela.

Akanya go ya pele ka mesola eo e tla tlelang batho kafa tlase ga goromente o o sa kgaoganang wa babusi ba ba itekanetseng. Boradikgwebo tse dikgolo, ba ba ntseng jaaka badiri ba dibetsa, ga go ne go nna le tsela epe eo ba ka tlhotlheletsang batho ba dipolotiki ka yone e le gore ba tswelele ba ntse ba kgona go tlhagisa le go rekisa dikuno tseno tsa bone tse di senyang. Go tla bo go sa tlhole go na le batho ba ba tletseng botlhajana bao ba tlhotlheletsang batlhankedi ba puso ka botlhajana jwa bone gore ba fetole melao go ya ka dilo tseo di amanang le dikgatlhego tsa loago lwa bone fela; go sa tlhole go na le tlhakantšuke ya mafapha a a farologaneng a puso ao a dirang ka bonongwane, a senya madi a mantsintsi mo dilong tseo eseng tsa botlhokwa tseo di solegelang batho ba sekae fela molemo; go se na batho bao ba ganang go ikobela melao e e malebana le mathata a kgotlelo ka ntlha ya mabaka a bogagapa a tsa kgwebo (e le gore ba boloke dipoelo di le kwa godimo); go sena bao ba gatakang molao o o sireletsang ditshedi tseo di leng mo kotsing ya go ka fedisiwa ka dinao e le fela ka ntlha ya dikgatlhego tse di rileng tse di kgethegileng.

Mathata A Mangwe Ao A Tla Bong A Baakantswe

Puso e e ntseng jalo e e itekanetseng ya lefatshe lotlhe ga e ne e letlelela tshiamololo. Fa e sena go tsaya marapo, e tla tlhomamisa gore ditiro tsotlhe tsa bokebekwa di atlholwe ka tsela e e tshwanetseng, e e nang le tshiamo. Ka gone, baagi ba teng ba tla bo ba sa tlhole ba na le poifo ya gore babolai ba ba kotsi le go feta ba ka nna ba simolola go bolaya batho ba bantsi gape.

Mme gone go tweng ka matsatsa a a rulagantsweng ka botlhajana a bokebekwa le mekgatlho e megolo e e gwebisanang ka diokobatsi e se kafa molaong? Puso ya lefatshe e e itekanetseng e ka fedisa dilo tseno tsotlhe gotlhelele. Melao ya bosetšhaba e e sa letleng gore batlolamolao ba busediwe morago kwa dinageng tsa bone ga e ne e tlhola e nna yone e sireletsang dikebekwa tseo tsa boditšhabatšhaba. Tsela ya botlhajana eo batlolamolao bano ba dirisang makoa ao melao ya selegae e nang le one le tsela ya botlhajana eo ba dirisang dikgolagano tseo di tlhotlheletsang tsa sepolotiki ka gone e tla bo e le dilo tsa maloba. Tsela e le nngwe fela eo e tla dirisiwang go ka khumola bokebekwa gape e tla imolola lefatshe go tswa mo mathateng a mangwe a mantsi a loago, a a ntseng jaaka go betšha, dintwa tsa digongwana, ditshwantho tseo di tlhotlheletsang keletso ya tlhakanelodikobo, boaka, le go thobisa dilo ka bogodu. Abo e tla bo e le tsela e e molemo jang ne le e e lolamisang dilo jang ne mo go tsa ikonomi!

Ee, mathata otlhe ao a tlhakanyang tlhogo, le ao go leng boima go a rarabolola ao a tshwenyang ditlhaloganyo di le dintsi tsa batho ba ba botlhale gompieno a tla bo a rarabolotswe gotlhelele mo lefatsheng leo le lesha. Mme bothata bongwe le bongwe bo tla rarabololelwa ruri—a sa tlhole a nna teng. Dikokomana tseo di tla latelang ga di ne di tlhola di boga e le ka ntlha ya one mathata ao.

Ga Se Dijo tsa Ditoro

‘Mme gone,’ o ka nna wa botsa, ‘babusi bano ba ba itekanetseng bao ba tla busang lefatshe leno le lesha ba tla bo ba tswa kae?’ Mmopi wa motho o tla rulaganyetsa gore ba nne gone! A go thata go dumela seno? Mme gone, a o ke o akanye ka seno: Fa o ne o na le maatla, a o ne o se kitla o fedisa maemo otlhe a a dirang gore go nne le matshwenyego a a kanakana mo lefatsheng? Ee eleruri o ne o ka dira jalo! A mme gone, re tshwanetse go akanya gore, Mmopi wa rona a ka se dire se se tshwanang?

Ntlha ke gore, Mmopi wa rona yo o lorato o ikaeletse go lere lefatshe le lesha, mme tsela eo a tla dirang gore le nne gone ka yone ke ka goromente wa lefatshe wa tshiamo. Seno ke seo Morwa wa gagwe, Jesu Keresete, a ileng a se ruta batho go se rapelela ka mafoko ano: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshe yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10.

Bogosi joo ke puso ya mmatota, goromonte wa lefatshe lotlhe. Kgosi ya jone, Jesu Keresete, “o bile o tla na le pushō go cwa lewatleñ le go wa lewatleñ, le go cwa Nokeñ le go wa dikhutloñ tsa lehatshe.” (Pesalema 72:8) Mme ka bonakonyana fela o tla tsaya marapo go tswa mo dipusong tsa batho, jaaka fa Lefoko la Modimo le solofetsa fa le re: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi [goromente yo a tla bong a busiwa ke Kgosi ya Modimo, Jesu Keresete] yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe [a gone jaanong], me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

Ereka goromente yono wa lefatshe yo o rulagantsweng ke Modimo wa legodimo a tla bo a tsamaisiwa ke babusi ba ba nang le maatla a a fetang a batho, o tla kgona go fitlhelela dilo tse dintsi tse di molemo tseo babusi ba batho ba palelwang ke go di dira. Bibela e tlhalosa goromente wa Modimo e re ke bogosi jwa legodimo jo bo tla nnang le Kgosi, Jesu Keresete, a thusiwa ke batho ba semoya ba le 144 000. Babusi bano botlhe e tla bo e le batho ba ba ikanyegang bao ba ileng ba bontsha bothokgami jwa bone jo bo senang matsoketsane ka nako ya botshelo jwa bone fa ba ne ba le mo lefatsheng pele ga fa ba tsosediwa botshelong jwa selegodimo. Botlhe ba tla bo ba le mo maemong a mantle a go ka direla batho dilo tsotlhe tse di molemo ka jaana ba ile ba itemogela se se tlhokwang ke motho ka nako ya fa ba tshela mo lefatsheng.—Tshenolō 14:1-3.

Akanya fela ka mathata ao seno se ka kgonang go a fedisa. Ka jaana ba tla bo ba na le bosasweng, babusi bano ba semoya ga ba ne ba lapa kana ba swa. (1 Bakorintha 15:50, 53) Mme ebile ga ba kake ba senngwa ke dithaelo gore ba sokamise tshiamo kana go ka direla ba bangwe ka tlekeetso e le ka gonne ba ba file pipamolomo. Kana gone mme, ke eng seo motho ka sephiri a ka se nayang motho wa semoya yo o nang le bosasweng e le pipa molomo? A e ka nna madi, lebokoso la majalwa a a tlhwatlhwakgolo, loeto lwa go ya setlhaketlhakeng sengwe se se sa tlwaelegang, kana ditekethe tsa go ya dipontshong dingwe kana konsareteng? Dilo tseno tse di bonalang di ka raela batho ba nama le madi eseng dibopiwa tseno tsa semoya. Ka gone batho bao ba tla bong ba busiwa ke babusi bano ga ba ne ba tlhola ba boga e le ka ntlha ya ditiro tse di sokameng tseo gompieno di fitlhelwang thata jaana mo dipusong.

Lefatshe Le Lesha Le Tla go Kgotsofatsa

A o motho yo o setseng a godile? Akanya fela ka kitso, bokgoni, le maitemogelo ao o setseng ile wa ikgobokanyetsa one mo tsamaong ya dingwaga. Lefa go le jalo a o ile wa lemoga gore lefa gone dikgono tsa gago tsa go akanya tsa tlhaloganyo di itshiametse sentle fela, go nna le go koafala go go diragalang ka bonya ka bonya mo dikgonong tsa gago tsa mmele? Mmele wa gago ga o sa tlhole o kgona go tsibogela ditaelo tsa tlhaloganyo ya gago jaaka o ne o dira pele. Ee, lobelo lwa tsela eo o tsibogelang dilo ka lone le a ngotlega, maatla a gago a a fokotsega, le tsela eo o itshokelang dilo ka yone e ntse e ya fokotsega. Pono ya gago le kutlo di a koafala mme mesifa ya gago e latlhegelwa ke nonofo, fa kafa letlhakoreng le lengwe ditlhabi o di utlwa kgapetsakgapetsa.

Lefa go le jalo leka go akanya fela ka botlhale jo o bo bapetseng go ralala dingwaga tse dintsintsi tsa botshelo jwa gago bo le mo mmeleng o mosha tota le o o leng botoka go feta kgakala o o neng o na le one mo dingwageng tsa gago tsa bosomameamabedi—ee, mmele otlhe wa gago o le matlhagatlhaga fela jaaka tlhaloganyo ya gago. Akanya fela ka dilo tse dintsintsi tseo o neng o ka kgona go di dira ka mmele wa gago o o itekanetseng! Ohoo, ka mmele o o ntseng jalo o o dirang ka thelelo o o kgonang go dirisana mmogo le tlhaloganyo ya gago eo e dirang dilo segolo, o ne o tla fitlhela o ipelela tiro nngwe le nngwe eo o e dirang. Boitemogelo jwa gago bo ne bo tla go kgontsha go dira dilo ka bokgoni, eleng seo se neng se tla tlatseletsa mo go kgotsofaleng ga gago. Mme fa o le motho yo mosha, akanya fela ka boipelo jo o tla nnang le jone ka go tswelela pele o ntse o le mosha ebile o nonofile fa kafa letlhakoreng le lengwe o ikgobokanyetsa botlhale, kitso, le maitemogelo ka bosakhutleng.

Jaanong, akanya go ya pele kaga seno, mme o akanye ka bao o tlwaelaneng le bone le ditsala tsa gago, bao o ba itseng le balosika lwa gago, botlhe ba le mo maemong ano a a tshwanang. Akanya fela ka dilo tseo lotlhe lo neng lo tla kgona go di dira tse di ntseng jaaka go tlhamaganya dilo, go aga, le ditiro tse dingwe tseo di batlang bokgono. Ohoo, abo seo e tla bo e le ditebelelo tse di itumedisang jang ne mo bathong bao ba nang le dikgoni, ba ba ntseng jaaka batsweretsi, baopedi, bao ba tlhamang dilo, bakgabisi ba dijarata, badiri ba ditshingwana, le baithutadimela! Ditiro tsa bone e ne e tla nna tse di jesang kgakge. Ditiro tse di bothakga tsa botaki, matlo, ditshingwana, diparaka—ee, go tlhagisiwa ga didirisiwa tse dintle tsa go opela le bokgoni jwa go di tshameka jalo ke botlhangwe fela jwa ditiro tseno tsa bone tseo di jesang kgakge.

Bongwe jwa maikaelelo a goromente ono wa lefatshe le lesha ke go dira gore losika lwa batho lo itekanele mo mmeleng. Go bona ga gago, go utlwa, le dirwe tse dingwe tsa kutlo di tla bo di dira ka bokgoni jwa maemo a a kwa godimo. Ka lobaka lo lokae? Mme gone, fa puso ya batho e ne e ka go naya kalafi eo e ka go nayang tlhomamisetso ya go ntšhafatsa dikarolo tsotlhe tse di dirang mo mmeleng wa gago selekanyo sa 50 lekgolong mo lobakeng lwa ngwaga mme e le fela ka tlhwatlhwanyana e e kwa tlase, a o ne o se kitla o fisegela go nna wa ntlha go e fiwa kalafi eo? Goromente oo wa lefatshe le lesha o re tlhomamisetsa ntšhafatso e e ntseng jalo e e feletseng, ya selakanyo sa 100 lekgolong kwantle ga go re lopa sepe—eseng ya ngwaga fela, ngwaga tse 5, kana ngwaga tse 50, go na le moo e le ya bosakhutleng.

Se lebe tebelelo eno e e itumedisang eo eleruri e tla ipelelwang ke batho mo go lone lefatshe leno jaaka selo seo go leng thata go se dumela. Mo ditsebeng 15 go ya go 18, akanya fela ka masego ao batho bao ba ratang Modimo ba tla a ipelelang.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15-17]

Seo Lefatshe Le Lesha Le Tla Se Lereng

Go Fedisiwa ga Bokebekwa le Thubakanyo

“Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ.”—Diane 2:22.

Go Fedisiwa ga Ntwa

“Di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a bōnè dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.

Dilo Tse Di Monate tse Dintsintsi Tse Di Tla Jewang ke Botlhe

“Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louñō loa aōna lo tla ebelèga.”—Pesalema 72:16.

Botlhe Ba Tla Bo Ba Na le Magae A Mantle le Tiro E E Monate

“Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna . . . Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.”—Isaia 65:21, 22.

Kagiso Gareng ga Batho le Diphologolo

“Me phiri e tla aga le kwanyana, nkwè e tla botha le potsane; . . . me ñwanyana eo monnye o tla di gōga.”—Isaia 11:6.

Go sa Tlhole go Na le Bolwetsi, Botsofe, Kana Loso

“O tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:4.

Go Tsosiwa ga Baratiwa ba Rona Ba Ba Suleng

“Lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe [la ga Jesu] ka lona, Me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela