Goromente
Tlhaloso: Thulaganyo ya go dira le go diragatsa melao. Bogoromente gantsi ba tlhalosiwa go ya ka metswedi le bogolo jwa taolo ya bone. Jehofa Modimo ke Molaodi wa Lobopo, yo o neelang taolo mo go ba bangwe tumalanong le thato ya gagwe le boikaelelo. Lefa go ntse jalo, Satane Diabolo, motsuolodi yo mogolo kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa, ke “kgōsana ea lehatshe”—seno e le ka tumelelo ya Modimo ya lobaka lo lo lekanyeditsweng lwa nako. Bibela e tlhalosa seemo sa kgolokwe sa bobusi jwa bopolotiki jaaka sebatana sa naga mme e re “kgōgèla [Satane Diabolo] ea se naea thata ea eōna, le setulō sa eōna sa bogosi, le taolō e kgolo.”—Yoh. 14:30; Tshen. 13:2; 1 Yoh. 5:19.
A go ka kgonega ka batho go tlhoma goromente yo tota o ka tlisang boitumelo jwa mmatota jwa go ya go ile?
Rekoto ya ditso tsa motho e bontshang?
Mor. 8:9: “Go na le motlha o motho o nañ le thata mo go eo moñwe ka ōna go ikutlwisa botlhoko.” (Seno se boammaaruri lemororo bogoromente bangwe le babusi ba ile ba simolola ka megopolo e mentle.)
“Tlhabologo nngwe le nngwe eo e kileng ya nna gone e ne ya re kgabagare ya wa. Ditso ke tlhatlhamano ya maiteko ao a neng a palelwa, kana ditlhotlheletso tseo di neng tsa ya di sa bonwa. . . . Ka jalo, jaaka raditiragalo, motho o tshwanetse a tshela ka boikutlo jwa kotsi e e ka se tilweng.”—Henry Kissinger, moitseanape wa tsa polotiki le porofesa wa ga goromente, jaaka a tsopotswe go The New York Times, October 13, 1974, ts. 30B.
Ke eng seo se kgoreletsang maiteko a batho mo kgannyeng ya goromente?
Yer. 10:23: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Modimo ga o a ka wa laela popo ya gagwe ya motho go itsamaisetsa ditsela ka boitaolo kwantle go Modimo.)
Gen. 8:21: “Go akanya ga pelo ea motho go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Ga se babusi fela mme le bao ba busiwang gape le bone ba tsaletswe botlhe mo sebeng, ka ditshekamelo tsa bogagapa.)
2 Tim. 3:1-4: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, . . . e le ba ba sa ichwareleñ, . . . e le ba ba ikgogomosañ.” (Mathata a a lebaneng le setho gompieno ga a ka ke gotlhelele a rarabololwa ke morafe o le mongwe fela fela; a tlhoka tshwaragano ya merafe-rafe e e feletseng. Mme dikgatlhego tsa bogagapa di thibela seo mme gape ka mo go masisi di kgoreletsa tshwaragano epe fela gareng ga makgotla a a farologaneng moteng ga merafe.)
Bibela gape e senola gore maatla a a kwa godingwana ga motho a kgokgoetsa dikgang tsa batho. “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo boshula.” (1 Yoh. 5:19) “Gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le . . . babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baef. 6:12) “Gonne ke meōea ea badimo, . . . e e cwelañ kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.”—Tshen. 16:14.
Batho ba ka bona kgololo ya go ya go ile mo go boleng le mo go gatelelweng ke goromente jang?
A go tlhoma banna ba bangwe mo maemong go ka rarabolola bothata?
A ga go boammaaruri gore, koo go nang le ditlhopho tse di gololesegileng, banna ba ba mo pusong gantsi ba ntshiwa mo maemong dingwaga di se kaenyana fela? Goreng? Bantsi ga ba kgotsofadiwe ke tiro ya bone.
Pes. 146:3, 4: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.” (Ka jalo, dithulaganyo dipe fela tsa tokafatso tseo babusi ba di tlhomang ka bofefo di fetela mo diatleng tsa ba bangwe mme gantsinyana di bo di phuaganngwa.)
Go sa kgathalesege gore mmusi ke mang, o ntse a le karolo ya lefatshe leno le le namaletseng mo thateng ya ga Satane.—1 Yoh. 5:19.
A tsogologelo puso e e thubakanyo ke karabo?
Le eleng fa babusi ba ba bodileng ba ka digwa le melao e e tshiamololo ya latlhiwa, goromente yo mosha o tla bo a sa ntse a dirilwe ka batho ba ba sa itekanelang ebile e tla bo e sa ntse e le karolo ya tsamaiso ya sepolotiki eo Bibela ka phepafalo e reng e tlase ga taolo ya ga Satane.
Math. 26:52: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Jesu o ne a bua seno le mongwe wa baaposetoloi ba gagwe ka nako eo thata ya goromente e neng e dirisiwa ka tshiamololo kgatlhanong le Morwa Modimo ka sebele. E ne e ka nna tsela efe e e tshwanetseng segolo e motho a neng a ka e tlhabanela, fa e le gore seo e ne e le selo se se siameng go se dira?)
Dia. 24:21, 22: “Morwaaka, u boihè Yehofa le kgosi: me u se ka ua itlhakanya le ba ba tlhanoga tlhanogañ. Gonne tatlhègō ea bōnè e tla coga ka choganeco; me e mañ eo o itseñ tshenyègō ea bōnè boobabedi?”
Jalo he, karabo ya mathata a go bola le kgatelelo ke eng?
Dan. 2:44: “Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi [goromente] yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”
Pes. 72:12-14: “Gonne [kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa, Jesu Keresete] o tla golola motlhoki mogañ o lelañ; le mohumanegi eo o senañ mothusi. O tla tlhomogèla bahumanegi le batlhoki pelo; me meōea ea batlhoki o tla e boloka. O tla golola meōea ea bōnè mo pogishoñ le mo thubakoñ; me madi a bōnè a tla tlotlèga mo matlhoñ a gagwè.” (Kamego ya gagwe ka batho ba ba ntseng jalo fa a ne a le mo lefatsheng—go ba fodisa ga gagwe, go otla matshwititshwiti, le eleng go ba ntshetsa botshelo jwa gagwe—go ne go bontsha gore ammaaruri e ne e tla nna mmusi wa mofuta o o boleletsweng pele mo boperofeting.)
Bona gape ditsebe 84-89, tlaseng ga setlhogo “Bogosi.”
Ke goreng re tshwanetse go akanyetsa ka bomasisi se Bibela e se bolelang kaga bokamoso jwa goromente?
Babusi ba batho ga ba baakanyetse ka seo setho se se tlhokang ka potlako
Akanyetsa dilo tseno tseo batho gongwe le gongwe ba di tlhokang, tseo bogoromente ba batho ba sa kgoneng go di baakanyetsa mme e le tseo Modimo o di solofetsang: (1) Botshelo mo lefatsheng le le gololesegileng mo popong ya ntwa.—Isa. 2:4; Pes. 46:9, 10. (2) Letlotlo la dijo go mongwe le mongwe.—Pes. 72:16. (3) Matlo a a manobonobo go mongwe le mongwe.—Isa. 65:21. (4) Tiro e e kgotsofatsang go botlhe ba ba e tlhokang, e le gore ba tle ba ikotle le malapa a bone.—Isa. 65:22. (5) Botshelo jo bo sa maramariwang ke bolwetsi le dipobolo.—Tshen. 21:3, 4. (6) Tshiamiso; kgololesego mo letlhoong la bodumedi, la lotso, itsholelo le bomorafe.—Isa. 9:7; 11:3-5. (7) Go ipelela pabalesego, kwantle ga dinokwane go gobatsa motho mongwe kana dithoto tsa gagwe.—Mika 4:4; Dia. 2:22. (8) Lefatshe leo go lone dinonofo tse di tlhotlhwa kgolo fela thata tse di akareletsang lorato, bopelonolo, kamego ka mongwe ka wena, le boammaaruri.—Pes. 85:10, 11; Bagal. 5:22, 23.
Ka dikete tsa dingwaga, babusi ba bopolotiki ba ile ba solofetsa batho ba bone maemo a a botoka. Ka matswela afe? Lemororo batho mo merafeng e mentsi ba ile ba nna le letlotlo le le ntsi la dilo tse di bonalang, ga ba a itumela, mme mathata a ba lebaneng le one a raraane go feta le eleng pele.
Boperofeti jwa Bibela bo itshupile gotlhelele bo ikanyega
Lekgolo la dingwaga go le pele Lefoko la Modimo le ne la bolela ka boemo jwa borena jwa lefatshe jwa Babelona, gape kafa maatla a jone a neng e tla re kgabagare a rojwe mme tota, fa bo setse bo swafetse, motse-mogolo wa jone o ne o se ketla o agiwa gape. (Isa. 13:17-22) Go batla e nna makgolo a mabedi a dingwaga go le pele, le eleng pele ga ga Kurose a ne a tsalwa, Bibela e ne ya mmolelela pele ka leina la gagwe gammogo le seabe sa gagwe mo dikgannyeng tsa merafe-rafe. (Isa. 44:28; 45:1, 2) Pele ga Bameda le Baperesia ba ne ba ka nna bobusi jwa lefatshe, tlhatlogo ya jone, mokgwa wa jone wa go busa bo le gabedi, le kafa bo neng bo tla felela ka teng di ne tsotlhe tsa bolelelwa pele. Go feta makgolo a dingwaga a mabedi go le pele tsela ya puso ya Gerika tlaseng ga kgosi ya yone ya ntlha e ne ya bolelelwa pele, gammogo le kgaogano ya yone ya mmuso ka dikarolo di le nne.—Dan. 8:1-8, 20-22.
Bibela e boleletse pele ka botlalo maemo a lefatshe mo motlheng wa rona, mme e re itsise gore bogoromente botlhe ba batho ba tla khutla mo diatleng tsa Modimo le gore Bogosi jwa Modimo mo diatleng tsa Morwawe ebong Jesu Keresete bo tla busa setho sotlhe.—Dan. 2:44; 7:13, 14.
A e tla bo e se tsela ya botlhale go tsaya-tsia motswedi wa boikitsiso oo o ileng wa itshupa o ikanyega ka tsepamo mo go kalo?
Goromente wa Modimo ke tharabololo e le yosi fela ya tota go mathata a setho
Mathata ao a tlhokang go rarabololwa a tlhoka maatla, dikgono le dinonofo tseo batho ba se nang natso. Modimo o ka golola setho mo tlhotlheletsong ya ga Diabolo le badimona ba gagwe, mme O solofeditse go dira jalo, mme ga go na motho ope yo o ka dirang jalo. Modimo o ile a dira paakanyetso ya go dira seo boitseanape jwa tsa kalafi bo ka se kgoneng go se fitlhelela le ka motlha—go tlosa boleo, ka gone a khutlisa bolwetsi le loso mme a dira gore go kgonege ka batho go nna batho ba mofuta oo ba batlang go nna one tota. Mmopi o na le kitso e e tlhokafalang (ya lefatshe le ya ditsela tsotlhe tsa botshelo) go rarabolola mathata a go tlhagisa dijo le go thibela kgotlelo e e diphatsa, mme maiteko a batho gantsi a ile a tlisa mathata a mantsi. Lefoko ja Modimo le setse le fetola matshelo e le gore bao ba tla arabelang kgogong ya lone ba nna bonolo, batho ba ba lorato ka maitsholo a a kwa godimo, mokgatlho wa batho o o ganang go tsaya dibetsa go tlhabantsha bangwe ka bone mme ba tshela ka kagiso ya mmatota le bokaulengwe lemororo ba tswa mo merafeng yotlhe, ditsong tsotlhe, le ditlhopheng tsa dipuo.
Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa tsamaiso ya lefatshe ya gompieno leng? Bona ditlhogo tse dikgolo “Metlha” le “Metlha ya Bofelo.”