Go Namolwa mo Dikgorong tsa Loso ka Kalafi Eo Go Sa Dirisiweng Tshelo ya Madi mo go Yone
Jaaka fa go boletse modiredi wa kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa
GO NE go lebega go gakgamatsa. Ka February 1991, ke ne ke ile kwa Buenos Aires, Argentina, go ya go thusa go tshwara diseminara tseo di leng malebana le mefuta e mengwe ya kalafi e e ka dirisiwang mo boemong jwa ditshelo tsa madi. Mme jaanong ke ne ke le gaufi le loso, ke dutlela madi a a seng kana ka sepe mo teng.
Bothata jono bo ne jwa simologa beke pelenyana ga ke ya koo, fa ke ne ke le kwa Mexico. Ke ne ka utlwa ke na le setlhabi mo mpeng lefa go le jalo ke ne ka seka ka akanya fa e le selo se se masisi go le kalo. Ngaka nngwe ya koo e ne ya ntlhalosetsa gore e ne e le selo se se tlwaelegileng ka baeng ba Maamerika go nna le mathata mo megodung fa ba etetse mo karolong eo. O ne a nnaya melemo go leka go okobatsa setlhabi seo.
Letsatsi le le latelang leo fa ke ne ke le mo sefofaneng go ya kwa Buenos Aires, setlhabi se ne sa oketsega. Ke ne ke utlwa ekete go na le sengwe se se mphisang mo mpeng, mme malatsi a le mabedi morago ga moo ke ne ke utlwa ekete ke molelo o o tutumang. Ke ne ka tlhabiwa lemao e le gore setlhabi seo se ke se okobale. Seno se ne sa nthusa gore ke fetse karolo ya me ya go ruta mo seminareng. Morago ga moo, ke ne ka tseelwa bookelong jwa koo go tswa kwa lekaleng la Basupi ba ga Jehofa, koo nna le mosadi wa me re neng re nna gone. Fa ke fitlha koo go ne ga tlhalosiwa fa ke tshwerwe ke tlhagala ya mo mpeng eo go lebegang e ne e sa tswa go emisa go dutla madi.
Selo seno se ne se gakgamatsa, ka jaana ke ne ke ise ke ko ke tsamaye ke tshwarwe ke tlhagala kana tota le eleng matshwao a yone. Lefa go le jalo, go ne go solofelwa gore ke ne ke tla boa gape ke fola fa nka robadiwa ke kokelo, go nwa melemo e e lwantshang asiti mo maleng, le go ja dijo tse di boleta. Ka maswabi, morago ga go boela kwa bookelong jwa kwa Bethele, ke ne ka simolola go dutla gape.
Mantle a me a ne a le mantsho, a tletse madi, mme ebile ke ne ke setlhafetse jaaka ekete ke motho yo o suleng. Kwa bofelong, ke ne ka idibala, mme ke fa dipeipi tseo di neng di tsentswe mo letsogong la me di kgaoga ka kotsi. Mosadi wa me o ne a taboga go ya go bitsa mooki.
A Ke Tshwanetse go Ariwa Kana Nnyaa?
Ka bonakonyana fela dingaka tse pedi di ne di setse di le kafa letlhakoreng la bolao jwa me. Ka go bua le nna go na le yo o nthanolelang, di ne tsa nkitsise fa hemoglobin ya me e ne e fologetse go digerama di le 6,8 mo disilitareng nngwe le nngwe (selekanyo se se tlwaelegileng sa yone ke digerama di ka nna 15 mo disilitareng nngwe le nngwe). Ba ne ba nkitsise fa ba ntse ba ikgolaganya ka mogala le ngaka eo e neng e kgona go ara kwantle ga go dirisa madi. Ngaka eno e ne ya bolela fa e akanya gore ke tshwanetse go ariwa ka bonako. Ke ne ka botsa fa e le gore ga go na mofuta o mongwe wa kalafi kwantle ga go arwa.
Go ne ga ikgolaganngwa le ngaka eo e ithutetseng malwetsi ao a amanang le mateng a motho. O ne a tlhalosa fa go ne go kgonega gore go ka fetisiwa peipe eo go ka kgonwang go bonwa ka yone go feta ka mometso wa me go ya go fitlha kwa lerobeng leo le leng gaufi le duodenum, e leng karolo ya ntlha ya mala a mannye. E ne e tla re fa e fitlha fa go neng go dutla madi gone, go be go latlhelwa khemikale eo e bidiwang hemostat mo nthong e le gore e ke e leke go khutlisa go tlhola madi a ntse a dutla.
“Go na le kgonagalo e kana kang ya gore seno se atlege?” Ke ne ka botsa.
“Go ka nna ga atlega ebile go ka nna ga seka ga atlega,” o ne a araba jalo. Lefa go ntse jalo, ngaka e e arang e ne ya ntlhalosetsa gore fa go ne go ka diragala gore hemostat e palelwe, go diega go dira ga yone le go dutla ga madi a mantsi go ne go ka nna ga dira gore go seka ga kgonega gore karo e dirwe. Go ne ga lebega go sena sepe se se ka dirwang fa e se gore ke arwe fela.
Ke ne ka simolola go nna mo tlalelong. Nna le mosadi wa me re ne ra tlamparelana. Pele fela ga ke ka rwalelwa kwa bookelong ka ambulense, ke ne ka direlwa setlankana sa tumalano, mme ke ne ka se saena. Ditsala tsa rona di ne di ikutlwa gore ka gongwe ke ne ke se kake ka kgona go falola karo eno ke ntse ke tshela.
Go Ariwa
Kwa phaposing eo go arelwang mo go yone, ke ne ka bewa mo godimo ga seo se neng se lebega okare ke tafole e kgolo ya galase. Lesedi le ne le tlhaga go tswa kwa tlase mme le phatsima ka phatsimo e kgolo go tswa kwa godimo. Letshogo le ne la nkaparela, eleng seo go lebegang mang le mang a ne a kgona go se lemoga, ka jaana nngwe ya dingaka tse di arang e ne ya nkatamela. “O seka wa tshwenyega go tla siama,” o ne a rialo. Go bonala ga gagwe a tshwenyegile ka nna go ne ga nkgomotsa. Ke ne ka idibadiwa ka gore go dirwe gore ke seka ka tlhola ke hema, mme mo lobakeng loo lo neng lo lebega jaaka motsotswana fela, ke ne ka simolola go nna mo maibing, ka swa segatsu, mme morago ka se tlhole ke ikutlwa.
Ke ne ka kubuga ka nako ya fa ba ne ba nkentsha mo kolotsaneng ya balwetsi go nthobatsa mo beteng e e tlwaelegileng ya kokelo. Ke ne ka simolola go tsenwa ke tsebetsebe fa ke ne ke utlwa setlhabi se se tseneletseng mo ke neng ke ariwe gone le go tswa mo ditšhupung tseo di neng di le mo nkong ya me le mo mometsong. Mosadi wa me, mmogo le tsala nngwe ya rona, ba ne ba nkgomotsa. Lenyora leo le neng le nkaparetse le ne la kokobala ka nako ya fa ba ne ba ntshedila ka metsi mo dipounameng tsa me. Ke ne ka itumelela go bo ke santse ke tshela.
Lefa gone ke ne ka tlhomamisediwa gore karo e atlegile, kelo ya madi a me e ne e ntse e ya kwa tlase. Phoso e ne e ka tswa e le fa kae? Fa ba ne ba sekaseka mantle ame ba ne ba lemoga fa ke santse ke dutla madi. Dingaka tse di arang di ne di tlhomamisega gore bothata e ne e se go tswa mo letlhakoreng leo ba neng ba sa tswa go le baakanya—lefa go le jalo, bothata bo ne bo le fa kae he?
Dingaka di ne di akanya gore ke tshwanetse ka bo ke ile ka ja selo sengwe se se nang le botlhole seo se neng se dira gore go nne le ntho, gongwe e le mo ngating. Ba ne ba bolela gore ke ne ke le bokoa thata go ka ariwa gape.
Kgatelelo ya Gore Ke Amogele Tshelo ya Madi
Jaaka fa kelo ya madi a me e ne e ntse e ya kwa tlase, kgatelelo ya gore ke amogele tshelo ya madi e ne ya oketsega. Mooki yo o neng a ntlhokometse o ne a bolela gore ene fa e ne e ka bo e le ngaka, o ne a tla ntshela madi a sa tlhole a re ka moso. Mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong, ngaka e ne ya tla mo go nna mme ya re: “O tshwanetse wa dumela go tshelwa madi gore o ke o tshele.”
Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ka ntlha ya mabaka a bodumedi le a tsa kalafi, ke ne ke se kitla ke amogela tshelo ya madi. (Lefitiko 17:10-14; Ditihō 15:28, 29) O ne a shakgetse, mme ke ne ka bona gore o dirwa ke gore ga a tlhaloganye le go tlotla boemo jo bosa reketleng.
Ka ntlha ya kgatelelo eo e neng e ntse e gola, mmogo le maemo a mangwe a kwa bookelong joo, ke ne ka kopa gore ke tlogelwe gore ke tsamaye. Ka bonakonyana fela ke ne ka busediwa kwa bookelong jwa Bethele ka ambulense.
Kalafi E E Bolokang Botshelo Eo E Ileng ya Atlega
Ke ne ka kopa ngaka koo, eo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, go ntlhomamisetsa gore o ne a ntshetse EPO (erythropoietin) eleng horomone e e itiretsweng eo e thusang moko mo marapong go ka tlhagisa disele tsa madi a mahibidu ka selekanyo seo se neng se tla oketsa lobelo lwa tiragalo eno. O ne a bolela fa a dirile jalo. Ke boammaaruri gore, mmele o santse o ka tlhoka dilo tsa motheo tseo di ka thusang e le gore o tle tlhagise disele tse di itekanetseng tsa madi a mahibidu. Dithusi tseno ke asiti ya folic bitamine ya B, le tshipi segolobogolo. Iron dextran (Imferon) ke sethusi se se bonako sa go naya molwetsi tshipi eo e tlhaelang mo mmeleng, mme ke ne ka kopa gore ke e newe.a
Lefa go ntse jalo, Imferon e ne e seo mo Argentina. Go ne go le thata go e bona le eleng kwa United States, ka jaana bontsi jwa yone e ne e rwaletswe kwa Botlhabagare ka ntlha ya ntwa e e neng e le kwa Kgokgometsong ya Peresia. Go ntse go le jalo, kwa bofelong e ne ya bonwa, mme ka bonakonyana fela e ne ya romelwa le Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o neng a tla Argentina.
Ka nako eo hemoglobin ya me e ne e fologetse go fitlha go 4. Ka go itse gore go tsaya madi mo go nna kgapetsakgapetsa go dira ditekeletso go ne go ka baka anemia, ke ne ka bolelela motegeniki wa tsa kalafi yo o neng a tla kwa Bethele gore ga ke ne ke tlhola ke letlelela gore a tsee madi mo go nna. O ne a gana ka go bolela jaana: “Re tshwanetse gore re a tsee e le gore re tle re itse gore go diragalang.”
“Wa itse gore ke eng seo se diragalang,” ke ne ka araba jalo. “Ke dutla madi, mme ke seedi sefe se se botlhokwa thata mo mmeleng wa motho?”
“Ke madi,” o ne a rialo.
“Mme ke tsere tshwetso ya gore mo nakong eno o tla seke o tlhole o tapa ape mo go nna,” ke ne ka araba jalo. Gore kelo ya madi a me e ne ya wela tlase go le kana kang ga go itsewe.
Mo bosigong joo ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo, ke kopa kaelo ya gagwe le go tlhalosa gore ke ne ke na le tsholofelo ya gore ke tla tsoga mo letsatsing le le latelang. Ke ne ka kgona go tsoga, lefa go le jalo ke ne ka utlwa okare maatla a botshelo a ne a tswa mo go nna. Go ne ga lebega ke le gaufi le go swa. Fa ke sa lwale hemoglobin ya me e mo e ka nnang digerama di le 17,2 mo diselitareng nngwe le nngwe, ke le motho yo ka gale kelo ya madi e leng kwa godingwana ga seelo se se tlwaelegileng, ka gone ke ne ke latlhegetswe ke diperesente tse 75 tsa madi a me. Sengwe se ne se tshwanetswe ke go dirwa.
Mo mosong oo ke ne ka kopa go buisana le dingaka tseo di neng di ntlhokometse malebana le kalafi eo ba neng ba nneela yone. Ke ne ke ise ke tsamaye ke newe Bitamine ya K, eo e neng e le botlhokwa thata mo go edifatseng madi, lefa go le jalo, ka gangwe fela ba ne ba dumela go simolola go nnaya yone. Mme morago ke ne ka botsa gore: “A eseng gore go dutla gono ga madi go ka tswa go bakiwa kana go okediwa ke nngwe ya diokobatsi tse lo di nnayang?”
“Nnyaa,” ba ne ba araba jalo.
“A lo a tlhomamisega ka ga seno?” ke ne ka gatelela jalo.
Go sale gale mo mosong o o latelang, nngwe ya dingaka tse di arang e ne ya tla kwa go nna ya mpolelela gore morago ga gore ba dire dipatlisiso tse dingwe gape ba ile ba fitlhela gore sengwe sa diokobatsi tseo ba neng ba nnela tsone se ne se ka nna tota sa tswa se na le seabe mo go direng gore madi a dutle jaana. Ka bonakonyana fela ba ne ba kgaotsa go tlhola ba se dirisa mo go nna. Go bo dingaka di ne di iketleeleditse go ntheetsa jaaka molwetsi le go sekaseka ka kelotlhoko mofuta wa kalafi o o ba neng ba nneela one go ne ga dira gore ke ba tlotle ka mo go oketsegileng.
Go ne ga lerwe dibuka tsa kalafi fa bolaong jwa me morago ga ke sena go kopa jalo, mme nna le mosadi wa me re ne ra simolola go dira patlisiso mo go tsone. Setlhogo sengwe mo go tsone se ne se bua kaga hemostat ya khemikale, eleng molemo o o neng o kgona go emisa go dutla ga madi. E ne e se lobaka lo leele re sa tswa go bona setlhogo seno fa Dr. Marcelo Calderón Blanco, yo e leng Mosupi ka nna, a tla mme a tlhalosa fa a eletsa go dirisa molemo one oo! Ke ne ka newa molemo ono ka gore ke o tshelwe ka dipeipe. Mo e ka nang ka yone nako eo, Imferon e ne ya tla go tswa kwa United States mme ka e newa ka gore e tsenngwe mo methapong ya me.
Jaanong re ne ra tshwanelwa ke go leta. Go ne ga feta letsatsi le le lengwe fela, ke bo ke ikutlwa ke nna le maatlanyana. Malatsi a le mararo morago ga moo, ke ne ka ba letla gore ba tseye madi go ya go dira diteko ka one. Se se gakgamatsang ke gore, hemoglobin ya me e ne e tlhatlogetse go 6! Go ntse go le jalo, ka nako ya fa ba ne ba e tlhatlhoba malatsi a le matlhano pelenyana, e ne e wetse go 4 mme e ntse e tswelela pele go wela tlase! Dingaka di ne di na le dipelaelo. Di ne tsa laela gore go dirwe teko e nngwe gape. Le yone e ne ya supa se se tshwanang. EPO le Imferon di ne di thusa!
Motegeniki wa kwa klileniking yo o neng a ntse a dira diteko tsa madi mo go nna o ne a tla mo go nna mme a mpolelela fa a belaela gore gongwe ngaka e ntshetse madi. “Ga go na motho ope yo kelo ya madi a gagwe e ka tlhatlogang ka bonako jaana kwantle ga go tshelwa madi,” o ne a gatelela jalo. Ngaka e ne ya mo tlhomamisetsa gore ga go na madi ape ao ke neng ke a tshetswe. “Lo latela thulaganyo efe ya kalafi eo e tlhatlosetsang selekanyo sa madi kwa godimo ka bonako jaana?” o ne a batla go itse. O ne a itsisiwe ka go dirisiwa ga EPO le Imferon.
Dr. Amilcar Fernández Llerena, yo e neng e le nngwe ya dingaka tsa me tseo eseng Basupi, o ne a nketela ka letsatsi leo diteko tsa madi di neng di sa tswa go ntshiwa ka lone. Morago ga go ntlhatlhoba, o ile a bua jaana ka kgakgamalo: “Ke go fa leina le lesha—Lasaro.” (Bapisa Yohane 11:38-44.) Ke ne ka kgaratlha go itshoka gore ke seka ka lela.
Dr. Llerena o ne a re: “O ka leboga Modimo wa gago, Jehofa, go bo o santse o tshela.” Ke ne ka mmotsa gore o bolelang. “Fa o ne o le motho yo o gogang, o le motho yo o dirisang diokobatsi botlhaswa, kana o le motho yo o nwang bobe,” o ne a araba jalo, “o ka bo a sa boa o ntse o tshela mo karong ele. Mme jaanong ka gonne mmele wa gago o le phepa ebile o itekanetse ka jaana o ikobela molao wa Modimo, o ile wa kgona go boa o ntse o tshela mo go yone.”
Tshedimosetso eo ke ileng ka e dirisa mo kgannyeng eno ya me bontsi jwa yone ke e re neng re ntse re e ruta Dikomiti tsa Botsereganyi le Dikokelo kwa Amerika Bokone, Yuropa, le Latin America. Thulaganyo eno e gatelela katlego eo eleng teng mo mefuteng e mengwe ya kalafi eo e ka dirisiwang mo boemong jwa go dirisa madi. Se se itumedisang ke gore, tshedimosetso e e malebana le mefuta e mengwe ya kalafi e e ka dirisiwang mo boemong jwa go dirisa madi e ka bonwa ke dingaka ka go ikgolaganya le nngwe ya Dikomiti tsa Botsereganyi le Dikokelo, tseo go nnang le tse di fetang 800 tsa tsone go ralala lefatshe lotlhe.
Ke na le tsholofelo ya gore boitemogelo jono jwa me bo tla thusa Basupi ba bangwe bao ba batlang go newa kalafi eo go sa dirisiweng madi mo go yone. Bookelo jo ke neng ka ariwa kwa go jone bo ne jwa ikgolaganya le lekala la Basupi ba ga Jehofa la kwa Argentina moragonyana ga moo bo tlhalosa fa jaanong bo lemogile gore re na le thulaganyo ya kalafi e e nang le katlego ya go naya balwetsi ba rona kalafi kwantle ga go dirisa dilo tseo di nang le madi mme ba bolela fa ba tla itumelela go dirisana mmogo le rona mo nakong e e tlang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona lethathama le le nang le dintlha ka botlalo la mefuta e mengwe ya kalafi, bona Tsogang! ya December 8, 1991, tsebe 28.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa ke ne ke tswa mo bookelong morago ga karo