LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 2/8 ts. 10-14
  • Go Fela ga Tirisodikgoka ya mo Lelapeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fela ga Tirisodikgoka ya mo Lelapeng
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Botho jo Bosha”
  • Ithute go Ntsha Maoma a Pelo
  • Balebedi ba ba Pelotlhomogi
  • Kafa Modimo o Lebang Lenyalo ka Teng
  • Se Se Letlelelwang ke Molao wa Modimo
  • Go Fela Ga Tirisodikgoka mo Lelapeng
  • O ka Fenya Mathata a a Senyang Lelapa
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?
    Tsogang!—1993
  • Fa Tirisodikgoka E Diragala mo Lelapeng
    Tsogang!—1993
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 2/8 ts. 10-14

Go Fela ga Tirisodikgoka ya mo Lelapeng

“Go thibelwa ga thubakanyo mo gae le go fokotsa tirisodikgoka mo lelapeng go tlhoka go fetola tsela ya go dira dilo mo setšhabeng le mo lelapeng.”—Behind Closed Doors.

POLAO ya ntlha mo ditiragalong tsa motho e ne e le ya motho a bolaya morwarraagwe. (Genesise 4:8) Mo diketeketeng tsa dingwaga tse di ileng tsa feta fa e sale go tloga ka nako eo, motho o sale a ntse a le mo nthagarageng ya mekgwa yotlhe ya tirisodikgoka mo lelapeng. Go ile ga ntshiwa megopolo e le mentsi ya kafa bothata bo ka rarabololwang ka teng, mme lefa go le jalo, bontsi jwa yone e na le mathata ka boyone.

Ka sekai, go sokolola go direlwa fela bao ba amogelang gore ba na le bothata. Mongwe yo o kileng a bo a gobolola mosadi o bua jaana ka khutsafalo: “Mo go mongwe le mongwe wa rona [ba re ntse re sokololwa], go na le banna ba le bararo koo ba ba reng, ‘o tshwanetse go tsenya mosadimogolo mo tseleng.’” Ka jalo go raya gore mogobolodi o tshwanetse go dumela gore o na le bothata. Go tlile jang gore a felele e le mogobolodi? Ka go thusiwa go baakanya diphoso tsa gagwe, o ka nna a felela a kgonne bothata jwa gagwe.

Mme kana dithulaganyo tsa loago ga di na badiri ba ba lekaneng. Ka jalo, go fopholediwa gore mo 90 lekgolong ya dipolao tsa bana mo United States, go a bo go ile ga begwa ka seemo se se diphatsa mo lelapeng go le pele. He, dithulaganyo le mekgatlho e e disang e ka kgona fa e kgonang teng mme eseng gotlhe. Go na le sengwe se se tlhokegang thatathata.

“Botho jo Bosha”

Setlhopha sengwe sa patlisiso se ne sa re, “Se se tlhokegang se lekana le go dirwa sesha ga dikamano tsa maloko a lelapa.” Tirisodikgoka mo lelapeng ga se bothata jwa mabole fela; sa ntlhantlha ke bothata jwa mogopolo. Peo ya gone e jalwa ke kafa maloko a lelapa—molekane, ngwana, motsadi, ngwana wa ga mmaago—ba lebanang ka gone. Go dira dikamano tseno sesha go raya go nna le seo Bibela e se bitsang ‘botho jo bosha.’—Baefesia 4:22-24; Bakolosa 3:8-10.

A re sekasekeng mengwe ya melaometheo ka lelapa e e mo Bibeleng e e re thusang go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete jo bo ka gogelang mo goreng maloko a lelapa a nne le kamano e e botoka.—Bona Mathaio 11:28-30.

Tsela ya go leba bana: Go nna motsadi go raya mo gontsi go na le go tshola ngwana fela. Mme legale, ka maswabi, bontsi gompieno bo tsaya bana ba bone jaaka mokgweleo mme ka jalo ba bo ba sa tseye boikarabelo jwa bone jaaka batsadi ka tlhoafalo. Bano ke bone ba ka nnang ba felela e le bagobolodi.

Bibela ya re bana ke “boshwa yoa ga Yehofa” le “tuèlō.” (Pesalema 127:3) Batsadi ba ikarabela fa pele ga Mmopi mabapi le go tlhokomela boswa joo. Bao ba tsayang gore bana ke mokgweleo ba tlhoka go tlhagolela botho jo bosha mo ntlheng eno.a

Go sa solofele go feta selekanyo mo baneng: Patlisiso nngwe e bontshitse gore bontsi jwa bommabana ba ba gobololang ba solofela gore maseanyana a ngwaga e le nngwe ba bo ba setse ba itse go farologanya molemo le bosula. Nngwetharong ya bao ba ileng ba botsolotswa bone ba ile ba re fa a le dikgwedi di le thataro.

Bibela e bontsha gore mongwe le mongwe o tsholwa a sa itekanela. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Ga e re go nna le temogo ke selo se motho a tsalwang ka sone. Go na le moo, ya re “ka go dirisiwa” dinonofo tsa motho tsa temogo di “rutiwa go farologanya molemo le bosula.” (Bahebera 5:14, NW) Mo godimo ga moo, Bibela e bua ka “dilō tsa bonyana,” “boeleele” jwa bosimane, le “boithamako” jwa bosha. (1 Bakorintha 13:11; Diane 22:15; Moreri 11:10) Batsadi ba tshwanetse go tlhaloganyo ditlhaelo tseno, ba seka ba solofela dilo tse di sa tshwaneleng dingwaga le bokgoni jwa ngwana.

Go otlhoya bana: Mo Bibeleng lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “otlhaya” le raya “ruta.” Ka jalo, boikaelelo jwa konokono jwa go otlhaya, ga se go utlwisa botlhoko, mme ke go ruta. Bogolo jwa tiro eo bo ka dirwa kwantle ga go mo phanya marago, lefa gone fa gongwe go ka nna ga tlhokega. (Diane 13:24) Bibela ya re: “utlwañ thutō, lo tlhalehè.” (Diane 8:33) Ka tsela e e tshwanang, Paulo le ene o ne a re motho o tshwanetse go nna “boiphaanyō,” a fe kgalemo ka “bopelotelele.” (2 Timotheo 2:24; 4:2) Seno se raya gore ga go kitla go nna le go kgomoga ka bogale le go dirisa mashetla mo go feteletseng lefa e leng gore go mo phanya marago go a tlhokega.

A ko e re o akantse ka melaometheo eno ya Bibela o ipotse jaana: ‘A kotlhao ya me e a ruta, kgotsa e laola ka go utlwisa botlhoko? A kotlhao ya me e nwetsa melaometheo e e siameng kgotsa letshogo fela?’

Ditlhaelo tsa boitshwaro tsa bagolo: Mogobolodi mongwe o bolela gore o ne a “palelwa ke go itshwara” mme a betsa mosadi wa gagwe. Mogakolodi o ne a botsa rre yoo gore a o kile a tlhaba mosadi wa gagwe. Rre yoo o ne a araba ka gore, “Moo ga se mo nka go dirang!” Rre yoo o ne a thusiwa gore a bone gore o ne a direla dilo mo selekanyong, mme fela mathata ke gore e ne e se selekanyo se se tshwanetseng.

Selekanyo sa gago ke sefe? A o ema pele ga fa dipharologanyo di tsala kgobololo? Kana o tenega mo e leng gore o felela o goa, o rogana, o kgarametsa, o latlhaganya dilo, kgotsa o teketa?

Botho jo bosha bo na le melelwane e e gagametseng, e e kgakala thata le go ka letla go gobolola maikutlo kgotsa mmele. Baefesia 4:29 ya re, “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona.” Temana 31 e tlatsa jaana: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng “bogale” le kaya “go kgomoga.” Se se kgatlhang ke gore, buka e go tweng Toxic Parents ya re selo se se tshwaegang ka bagobolodi ba bana ke “go palelwa ke go laola maikutlo mo go maswe fela thata.” Botho jo bosha bo laola go dira ka go kgomoga, e ka tswa e le ga sebele kgotsa ga puo.

Ee gone, botho jo bosha bo akaretsa monna le mosadi ka bobedi. Mosadi o tshwanetse go ikela tlhoko gore a seka a rumola molekane wa gagwe, a anaanele maiteko a gagwe a go tlhokomela lelapa, a dirisane le ene. Mme go se nne ope wa bone yo tla batlang se ope wa bone a ka sekang a se kgona—go itekanela. Go na le moo, boobabedi ba tshwanetse go dirisa 1 Petere 4:8: “Me bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè; gonne loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.”

Go tlotla batsofe: Lefitiko 19:32 ya re, “Tlotla batsofe.” (Today’s English Version) Seno e ka nna kgwetlho fa e le gore motsadi yo o tsofetseng o a lwala kgotsa o batla sele le sele. Timotheo wa Ntlha 5:3, 4 e bua ka go “tlotla” le go “leboga” batsadi. Seno se ka kopanyeletsa go ba tlamela ka tsa madi mo godimo ga go ba tlotla. Fa re akanya ka se batsadi ba rona ba se re diretseng fa re santse re le maseanyana a a senang boitiro, re tshwanetse ra ba tsaya ka tsela e e tshwanang fa go tlhokegang teng.

Fenya go lwa ga bana mo lapeng: Pele ga fa go galefa ga ga Kaine go mo dira gore a bolaye monnawe ebong Abele, o ne a gokololwa jaana: “Sebe se kokota fa mojakong wa gago. Se batla go go laola, mme o se fenye.” (Genesise 4:7, TEV) Maikutlo a ka laolwa. Ithuteng go itshokelana, “lo itshokelana ka bopelotelele ka lo ratana.”—Baefesia 4:2, Phillips.

Ithute go Ntsha Maoma a Pelo

Bontsi jwa batho ba ba bogang ka ntlha ya tirisodikgoka mo lelapeng ga ba ke ba go bolelela ope. Mme lefa go le jalo Dr. John Wright o kgothatsa jaana: “Basadi ba ba teketwang ba tshwanetse go batla tshireletso ya maikutlo le mmele ya mongwe o sele yo o ka kgonang.” Seo se raya le mongwe le mongwe fela mo lelapeng yo o gobololwang.

Ka dinako tse dingwe motho yo o bogang o go fitlhela go le thata go bulela motho yo mongwe mafatlha a gagwe. Ka tota gone, go nna boikanyego mo kamanong e e atamalaneng thata ya motho—eleng lelapa—go tsetse mahutsana. Lefa go le jalo, Diane 18:24 ya re, “go na le tsala e e kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.” Go bona tsala e e ntseng jalo le go ithuta go mmolelela ka boikanyego ke kgato ya botlhokwa ya go bona thuso e e tlhokegang. Ee gone, mogobolodi le ene o tlhoka go thusiwa.

Ngwaga le ngwaga diketekete tse di makgolokgolo di fetoga bangwe ba Basupi ba ga Jehofa. Bano ba itebaganya le kgwetlho ya go nna le botho jo bosha. Mo go bone go na le ba ba kileng ba bo ba dirisa dikgoka mo lelapeng. Go lwa le tshekamelo epe ya go boela mo seemong seo gape, ba tshwanetse gore ka metlha ba letle Bibela go nna “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola.”—2 Timotheo 3:16.

Mo Basuping bano ba basha, go nna le botho jo bosha ke selo se se tswelelang pele, ka gore Bakolosa 3:10 ya re ke ‘jo bo ntseng bo shafadiwa.’ Ka jalo go iteka o sa kgaotse ke selo se se tlhokegang. Se se itumedisang ke gore, Basupi ba ga Jehofa ba tshegediwa ke matshutitshuti a “bomorwa rra[abo], le bokgantsadi[abo], le bomma[abo], le bana” ba semoya.—Mareko 10:29, 30; bona gape le Bahebera 10:24, 25.

Gapegape, mo diphuthegong tse di ka tshwarang 70 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe, go na le balebedi ba ba lorato ba ba tshwantshiwang le “boitiketso mo phefong le lefelo la go tshabela matsubutsubu mo go lone.” Ba tla “bona le go utlwa se se tlhokwang ke batho.” (Isaia 32:2, 3, TEV) Ka jalo bao ba sa tswang go nna Basupi ba ga Jehofa bosheng, le bao ba setseng ba na le maitamogelo, ba na le lekadiba le mo go lone ba ka bonang thuso mo phuthegong ya Bokeresete jaaka fa ba ntse ba lekela go nna le botho jo bosha.

Balebedi ba ba Pelotlhomogi

Fa batho ba atamela balebedi ba Bakeresete mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go bona kgakololo, balebedi bano ba rutilwe go reetsa mongwe le mongwe ka go tshwana. Ba kgothalediwa go utlwela botlhoko thata le go tlhaloganya mongwe le mongwe, bogolo jang bao ba ileng ba gobololwa thata.—Bakolosa 3:12; 1 Batheselonia 5:14.

Ka sekai, mosadi yo o teketilweng o ka nna a bo a utlwisitswe botlhoko fela thata. Mo dinageng di le dintsi gompieno, fa go ne go ka bo go teketilwe mongwe o sele yo e seng leloko la lelapa ka mokgwa oo, mogobolodi yoo o ka bo a feletse a le mo kgologelong. Ka jalo bao ba ileng ba utlwisiwa botlhoko ba tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e bonolo, fela jaaka go tshwanetse ka botlhe bao ba ileng ba gobololwa ka mekgwa e mengwe ya kgobololo, e etsang ya tlhokanelodikobo.

Mo godimo ga moo, batho bao ba tlolang molao wa Modimo ba tshwanelwa ke go di arabela. Ka tsela eno phuthego e bolokwa e le phepa, mme le batho ba bangwe ba ba senang molato ba a sirelediwa. Mme se se botlhokwa le go feta, go tshololelwa moya wa Modimo ga go kgorelediwe.—1 Bakorintha 5:1-7; Bagalatia 5:9.

Kafa Modimo o Lebang Lenyalo ka Teng

Fa batho e nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa, ba dumelana le go laolwa ke melaometheo ya go tshela Sekeresete e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. Ba ithuta gore monna o beilwe go nna tlhogo ya lelapa, gore a le kaele mo kobamelong ya boammaaruri. (Baefesia 5:22) Legale botlhogo ga bo neele motho tetla ya go bogisa mosadi, go senya botho jwa gagwe, kgotsa go itlhokomolosa dikeletso tsa gagwe.

Go na le moo, Lefoko la Modimo le papamatsa gore banna ba tshwanetse “go tswelela ba rata basadi ba [bone], fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego mme a e intshetsa . . . Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, ka gonne go ise go ko go nne le monna ope yo o kileng a ila nama ya gagwe; mme o a e otla le go e tlhokomela.” (Baefesia 5:25, 28, 29, NW) Tota ebile, Lefoko la Modimo la re basadi ba tshwanetswe ke “tlotlo.”—1 Petere 3:7; bona gape le Baroma 12:3, 10; Bafilipi 2:3, 4.

Ka phepefalo ga go na monna ope wa Mokeresete yo ka boammaaruri a ka reng o rata mosadi wa gagwe tota kgotsa o a mo tlotla fa a mo gobolola ka mafoko kgotsa mo mmeleng. Moo e tla bo e le boitimokanyi, ka gonne Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Banna, ratañ basadi ba lona, me lo se ka loa ba ñañalèla.” (Bakolosa 3:19) Mo bogautshwaneng, fa katlholo ya Modimo e tla bo e tlisiwa kgatlhanong le tsamaiso eno e e bosula kwa Hara–Magedona, baitimokanyi ba tla welwa ke seru se se tlileng go wela baganetsi ba puso ya Modimo.—Mathaio 24:51.

Monna yo boifang Modimo o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka a dira ka mmele wa gagwe. A o ka betsa mmele wa gagwe, a ipholea sefatlhogo ka mabole, kgotsa a itsubula moriri? A o ka inyenyefatsa ka lesotlo le go ija ditshego fa pele ga batho? Motho yo o ntseng jalo batho ba ka tsaya gore ga di tseye sentle kwa tlhogong.

Fa monna wa Mokeresete a teketa mosadi wa gagwe, go lo moo go dira gore ditiro tse dingwe tsa gagwe tsa Bokeresete e nne lefela fa pele ga Modimo. Gakologelwa gore, “moitei” ga a tshwanelwe ke ditshiamelo mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Timotheo 3:3; 1 Bakorintha 13:1-3) Ee gone, le mosadi ope fela yo o tsayang monna wa gagwe jalo o tlola Molao wa Modimo.

Bagalatia 5:19-21 e akaretsa “dikilanō, le kgañ, . . . le dikgakalō” mo ditirong tse di kgalwang ke Modimo mme e bo e bolela gore “ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” Ka jalo, go teketa molekane kgotsa bana ga go kake ga emelwa ka gope. Gantsi ga go kafa molaong wa naga mme ebile kwantle ga pelaelo ga go kafa molaong wa Modimo.

Tora ya Tebelo, e leng makasine o o gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, o ile wa neela seo Dikwalo di se bolelang mo kgannyeng eo, o bua jaana ka bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ntswa e le bateketi: “Mongwe le mongwe yo o ipolelang gore ke Mokeresete mme ka metlha le ka botlhogoethata a tlala bogale o ka nna a kgaolwa,” a tlosiwa.—August 1, 1976, tsebe 190; bapisa 2 Yohane 9, 10.

Se Se Letlelelwang ke Molao wa Modimo

Kgabagare Modimo o tla atlhola ba ba tlolang molao wa gagwe. Mme mo nakong eno, Lefoko la one la reng mabapi le balekane ba Bakeresete bao ba teketiwang fa moteketi a sa fetoge mme a tswelela ka go teketa? A batlhaselwa ba ba senang molato ba patelesega go tsenya botsogo jwa bone jwa senama, jwa tlhaloganyo, le jwa semoya, tota gongwe le matshelo a bone mo kotsing?

Tora ya Tebelo, fa e akgela mabapi le tirisodikgoka mo lelapeng, e tlhalosa se Lefoko la Modimo le se letlelelang. Ya re: “Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: ‘Mosadi gaa tshwanela go tlogela monna wa gagwe; mme fa e le gore o patelesega go mo tlogela, a a se ka a nyalwa gape kgotsa e seng jalo a boe a agisane le monna wa gagwe; mme le monna a se tlogele mosadi wa gagwe.’” Setlhogo seo se tswelela ka go bontsha gore: “Fa e le gore kgobolola e gola mo e ka se kang ya itshokelwa, kgotsa le jone botshelo bo nna mo kotsing, molekane yo o dumelang o ka nna a tlhopha go ‘tsamaya.’ Mme legale maikaelelo e tshwanetse a go boa go ‘agisanwa gape’ mo nakong e e tlang. (1 Bakorintha 7:10-16) Lefa go le jalo, ‘go tsamaya’ ka bo gone ga se mabaka a Dikwalo a go tlhala le go nyalwa/nyala gape; tlhalano ya kafa molaong kgotsa kgaogano ya kafa molaong e santse e ka sireletsa kgatlhanong le kgobololo e e oketsegileng.”—September 1, 1983, ditsebe 28-9; bona gape le tokololo ya November 1, 1988, ditsebe 22-3.

Seo motho yo o gobololwang a se tlhophang mo maemong a a ntseng jalo e tshwanetse ya nna tshwetso ya gagwe. “Moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.” (Bagalatia 6:5) Ga go na ope yo o ka mo direlang tshwetso eo. Mme ebile ope a seka a leka go mo patelela go boela kwa monneng wa gagwe yo o mo gobololang koo botsogo jwa gagwe, botshelo, le bomoya jwa gagwe bo leng mo kotsing. Seo e tshwanetse go nna tlhopho ya gagwe ka namana, e a e itiretseng ka go rata, e seng ka go bo bangwe ba batla go mo patelela maikutlo a bone.—Bona Filemone 14.

Go Fela Ga Tirisodikgoka mo Lelapeng

Basupi ba ga Jehofa ba ithutile gore tirisodikgoka mo lelapeng e tsamaelana le se Bibela e neng ya se bolelela pele mabapi le metlha eno ya bofelo, e mo go yone bontsi bo tla “gobololang,” ba sena “lorato lwa tlholego,” le “go nna bogale.” (2 Timotheo 3:2, 3, The New English Bible) Modimo o solofetsa gore morago ga metlha eno ya bofelo, o tla tlisa lefatshe le lesha la kagiso le mo go lone batho “ba tla aga[ng] ka thagamō, me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Esekiele 34:28.

Mo lefatsheng leo le le molemolemo, tirisodikgoka e tla nna selo sa maloba ka bosakutleng. “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.

Re go kgothaletsa gore o ithute mo gontsi ka ditsholofetso tsa Bibela ka isagwe. Tota ebile, o ka solegelwa molemo ke go dirisa melaometheo ya Bibela mo lelapeng la gago gone jaanong.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kgakololo e ntsi e e molemo mabapi le go nna motsadi yo o dirang sentle e mo bukeng ya Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., dikgaolo 7 go ya go 9, “Go Nna le Bana—Boikarabelo le Tuelo,” “Karolo ya Lona jaaka Batsadi,” le “Go Thapisa Bana Go Tswa Bonyaneng.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Melaometheo ya Bibela e thusa go rarabola dikgotlhang tsa mo lelapeng

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Batlhaselwa ba tlhoka go bulela tsala e e nang le bokgoni mafatlha a bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela