Seabe sa Bodumedi mo Dintweng tsa Batho
THE World Book Encyclopedia (poeletso ya 1970) ya re, “Ga go ise go ko go nne le batho ba ba neng ba sena bodumedi jwa mofuta mongwe o o rileng.” Mme lefa go le jalo, boraditiragalo ebong Will le Ariel Durant ba ile ba kwala jaana: “Ntwa ke sengwe sa dilo tse di bopang ditiragalo.” A dilo tseno tse di bopang ditiragalo, ntwa le bodumedi, di amana ka tsela nngwe?
Boammaaruri ke gore, mo ditiragalong, ntwa le bodumedi e ne e le monwana le lenala. Lionel Casson o ne a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng Ancient Egypt, ka Egepeto e e neng e le nngwe ya mafatshe a ntlha mo ditiragalong a a neng a nonofile: “Medimo e ne e lebogelwa phenyo nngwe le nngwe ya sesole; mme ka ntlha ya go batla khumo e kgolwane, baperesiti ba ne ba tshwana le bofarwe ka go batla go tlhasela le go thopa dinaga tse dingwe.”
Ka tsela e e tshwanang, moruti W. B. Wright o ne a bua jaana ka Asiria, lengwe la mafatshe ao pele a neng a nonofile: “Ntwa e ne e le mo mading a morafe oo, mme baperesiti e ne e le bone ka metlha ba kgotletsang ntwa. Thatathata ba ne ba tlamelwa ka dilo tse di thopilweng mo ntweng.”
Mabapi le se a neng a se bitsa “Yuropa wa sephologolo,” Gerald Simons o ne a kwala jaana: “Batho ba ne ba sa tshele matshelo a a matswakabele, ba ne ba rulaganyeditswe sentle go dira tiro e le nngwe fela fela, go tlhabana ntwa.” Mme bodumedi bo ne bo na le seabe. Simons o ne a re, “Dipolelo tse dintsi tsa bogologolo di bolela ka ditšhaka tse go neng go nna madimona mo go tsone, kana tse di neng di direla jaaka baemedi ba medimo.”
Mme lefa go le jalo, seemo se ne se sa farologane le seo mo Mmusongmogolo wa Roma, o o neng o tsewa gore one o na le mokgwa wa setho fela thata. Moses Hadas o ne a tlhalosa jaana mo bukeng e go tweng Imperial Rome, “Baroma ba godisitswe ba rutwa gore ntwa ke yone botshelo.” Fa masole a Roma a ne a ya ntweng ba ne ba tsamaya ba tshotse difolaga tse di neng di na le ditshwantsho tsa medimo ya bone. Saetlopedia nngwe e ne ya re: “E ne e le selo se se tlwaelesegileng gore mookamedi wa masole a laole gore folaga e latlhelwe fa gare ga baba, gore a tlhotlheletse tlhoafalo ya masole a gagwe gore ba ye go tsaya selo se eleng gore mo go bone gongwe e ne e le selo se se boitshepo go gaisa sengwe le sengwe mo lefatsheng lotlhe.”
Ntwa le Ba Ba Ipitsang Bakeresete
Go nna le tlhotlheletso mo lefatsheng ga Labokeresete ga go a ka ga fetola dilo. Tota ebile, Anne Fremantle o ne a kwala jaana mo bukeng e go tweng Age of Faith: “Mo dintweng tsotlhe tse motho a di loleng, ga go epe ya tsone e e neng e lowa ka tlhagafalo go gaisa tse di neng di lowa ka ntlha ya tumelo. Mme mo ‘dintweng tse di boitshepo’ tseno, ga go epe e e neng e feta tsa Botlhabanedi jwa Bokeresete tsa Metlha ya Bogare ka tshololo ya madi le ka botelele.”
Se se gakgamatsang le gompieno ke gore, dilo ga di a fetoga thata. Makasine wa Time o ne wa bega gore, “Go lwa le go swa mo leineng la bodumedi go tswelela ka thubakanyo e e sa kgaotseng. Maporotesetanta le Maroma Katoliki kwa Ulster ba bolaana ka tsela e go sa lebegeng fa e tla fela. Maarabea le Maiseraele ba lebane ka matlho a mahibidu ka ntlha ya dikgogakgogano mabapi le naga, setso le bodumedi.” Mo godimo ga moo, diphapaang tsa bodumedi le tsa lotso di ile tsa baka dipolaano tse di setlhogo kwa go se e kileng ya bo e le dikgaolo tsa Yugoslavia, gape le mo dinageng tsa Asia.
Kgakgamatso ya dikgakgamatso ke gore, le ba ba ipitsang Bakeresete gantsi ba tlhabana le batho ba ba nang le tumelo e le nngwe fela le bone. Ka jalo, Makatoliki a bolaya Makatoliki mo dintweng. Raditiragalo wa Mokatoliki ebong E. I. Watkin o ne a dumelana jaana: “Lefa gone e le selo se se botlhoko go se dumela, ga re kake ra itlhokomolosa boammaaruri jwa ditiragalo jwa gore Bobishopo ka metlha ba ne ba ema nokeng dintwa tsotlhe tse di lolweng ke mebuso ya mafatshe a bone, fela ka ntlha ya go batla go fitlha boammaaruri kana ka ntlha ya bolope. Tota ebile ga ke itse sebaka sepe se boeteledipele jwa kereke jwa setšhaba bo kileng jwa kgala ntwa e e neng e sa tlhokafale . . . Go sa kgathalesege se baeteledipele ba kereke ba se buang, boammaaruri ke gore mogopolo wa ‘phoso ke ya o sele e seng lefatshe la gaetsho’ o ne o salwa morago ke Bobishopo ba Katoliki ka dinako tsa ntwa.”
Legale, oo ga se mogopolo wa Makatoliki fela. Kakgelo nngwe mo Sun ya Vancouver, Canada, e ne ya re: “Ga go na gore Boporotesetanta bo ka re jone ga bo amiwe ke ditlhotlheletso tsa go kgaogana ka ntlha ya semorafe. Ke bokoa jo gongwe bo amang madumedi otlhe a a teng jwa gore kereke e latele folaga . . . Ke efe ntwa e e lolweng e mo go yone go neng go sa twe Modimo o mo matlhakoreng oomabedi?”
Boammaaruri ke gore ga go na le fa e le e nngwe fela! Moruti wa Moporotesetanta ebong Harry Emerson Fosdick o ne a dumela jaana: “Tota le mo dikerekeng tsa rona re tlhometse difolaga tsa ntwa . . . Ka ntlha e nngwe ya molomo wa rona re bakile Kgosana ya Kagiso fa ka ntlha e nngwe re galaleditse ntwa.” Mme moakgedi Mike Royko o ne a re Bakeresete ga ba ise ba ko “ba okaoke go tlhasela Bakeresete ba bangwe.” O ne a tlhalosa jaana: “Fa ba ne ba kile ba okaoka, dintwa tse dintsi tse di matlho mahibidu tse di lolweng mo Yuropa di ka bo di sa ka tsa lowa.” E e tlhomologileng mo go tsone ke Ntwa ya Dingwaga tse di Masome a Mararo kwa Jeremane e e neng e lowa ke Maporotesetanta le Makatoliki.
Kwa ntle ga pelaelo, bosupi bo papametse. Bodumedi bo ile jwa nna moemanokeng, mme ka dinako tse dingwe, jwa tswa ene motlhotlheletsi wa dintwa tota. Ka lebaka leo, bangwe ba ne ba botsa jaana: A mme gone Modimo o ema nokeng setšhaba se sengwe kgatlhanong le se sengwe mo ntweng? A o tsaya letlhakore fa merafe e lwa? A go tla tla nako e dintwa di tla bong di seyo?