LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 6/8 ts. 13-15
  • Ke Eng Fa Ke Tshwanetse Go Boga Ka Ntlha ya Bogole?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa Ke Tshwanetse Go Boga Ka Ntlha ya Bogole?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a Digole
  • Ka fa Modimo O Lebang Kgang Eo ka Teng
  • Go Itshokela Ba Bangwe
  • Tsholofelo E Thusa Gore O Itshoke
  • Ke Ka Tshela Jang Le Bogole Jwa Me?
    Tsogang!—1993
  • Ke Eng Fa ke Lwala Thata Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A Ke Tla Felela Ke Tshwana Le Morwarre?
    Tsogang!—1993
  • Go Nna Le Bokoa Mo Go Ithuteng
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 6/8 ts. 13-15

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng Fa Ke Tshwanetse Go Boga Ka Ntlha ya Bogole?

BECKY o gakologelwa jaana, “Ke ne ke na le dingwaga di le tlhano. Tsala ya me e ne e mpegile mo baesekeleng ya gagwe fa koloi e tswa ka fa khoneng e bo e re thula.” Go ne ga felela jang? “Ke ne ka robega leoto le go tswa dintho tse di masisi mo tlhogong. Dingaka di ne di sa solofele fa ke ka tshela.” Lefa go ntse jalo, Becky o ne a tshela, mme gompieno jaana ke mosetsana yo o itumetseng yo o dingwaga di le 16. Lefa go ntse jalo kotsi eo e ne ya mmakela ditlamorago tse di maswe. A re, “E ne ya nkoafatsa fela thata.”

Lekolwanyane lengwe le le bidiwang Craig le lone le segole, ka ntlha ya bolwetsi jo go tweng CP (cerebral palsy). Craig o tlhalosa jaana, “CP e ama dinama tsa me le thulaganyo ya methapo. Dinama tsa me ga di dire ka fa tshwanelong fa di laelwa ke boboko. Ka lebaka leo ke na le mathata a go tsamaya, go bua, le go itshisela gore ke se ka ka wa. Dilo tseo tsotlhe ke kgona go di dira mme e seng ka tsela e e motlhofo.”

A le wena o na bogole bongwe jwa mmele? Dipalopalo di bontsha gore e tla re ka ngwaga wa 2000, palo ya basha ba ba ba tlileng go nna digole ka tsela nngwe e tlile go tshwara dimilione di ka nna 59 mo lefatsheng. (World Health, January/February 1985) Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo ba le bantsi ba na le bogole jo bo tshwanang le jwa gago ga go ka ke ga go gomotsa fa o batla go taboga, go tlola, le go tshameka le basha ba bangwe mme o sa kgone.

Mathata a Digole

Bogole jwa mmele ga se selo se sesha. Mo metlheng ya Bibela bangwe ba ne ba ntse ba nnane (2 Samuele 4:4; 9:13), difofu (Mareko 8:22), ba le digole (Mathaio 12:10). Batho ba ba digole bao gantsi ba ne ba sa kgone go itirela sepe sa ditiro tse di botlhokwa mo botshelong.—Bapisa Duteronome 28:29; Diane 26:7.

O ka nna wa bo o le mo ntweng e e tshwanang ka ntlha ya dikgoreletsi tse o nang le tsone. Go ikapesa, go ja, kana go ya kwa sekolong go ka nna ga tlhoka gore o dire boiteko jo bogolo—le go tlhoka thuso e ntsi go tswa mo go ba bangwe. Becky a re, “Ga ke kgone go tsamaisa dikarolo tsa mhama wa me wa moja ka tshwanelo. Ka jalo ke ne ka tshwanela go ithuta go kwala ka letsogo la molema. Go tsamaya le gone e ntse e le bothata. Mo nakong eno ke tsamaya sentle ka tsela e e nametsang, mme malatsi a mangwe ke a tlhotsa thata.” Kana tsaya ka sekai mathata a mosimanyana yo mokhutshwakhutshwane. O bua jaana, ka dinyao: “Go tlhaela go fitlha fa go tobediwang teng mo loboteng go tshuba dipone ke mathata a mangwe . . . Kwantle ga pelaelo matlo a diretswe batho ba batelele.”—How It Feels to Live With a Physical Disability, ka Jill Krementz.

Mme lefa go ntse jalo, o ka nna wa lemoga gore mathata a a go tshwenyang le go feta ga se a bogole jwa mmele. Makasine wa Parents o tlhalosa jaana: “Basha gantsi ba tshwenyega thata ka gore ba bangwe ba itshwara jang, selo se se dirang gore botshelo bo nne thata le go feta mo basheng ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng. . . . Ba ipotsa gore batho ba bangwe ba ikutlwa jang ka tebego ya bone mme gantsi ba belaela go bontshiwa botsalano, ba go tsaya ekete ke go hutsafalelwa mo ba sa go batleng.” Ke selo sa tlholego go batla go ratiwa le go amogelwa ke ba bangwe. Mme legale, fa gongwe o ka nna wa ikutlwa o latlhilwe. Jaaka Michelle yo mmotlana a ile a bolela: “Ke tshedile botshelo jwa me jotlhe ke farologane le ba bangwe. Mabaka ke gore ga ke na seatla sa molema.”

Go bo o farologane gape go ka go dira gore o tlhole o nnetse go jewa ditshego. Craig o gakologelwa jaana, “Ke ne ke tsena sekolo sa bana ba ba digole go fitlhelela ke dira mophato wa botlhano. Mme erile mo mophatong wa botlhano, ke ne ka tsena sekolo sa botlhe. Ke ne ke sena mathata ape a a kalo go fitlhelela letsatsi lengwe basimane bangwe ba bo ba ntshega. Ba ne ba tshegisiwa ke tsela e ke neng ke tsamaya ka yone.” Becky le ene o gakologelwa mokgwa o o sa siamang o bana ba sekolo sa gagwe ba neng ba mo tshwara ka one. Ka ntlha ya go bo loaro lo a kileng a lo dirwa le bolaile mometso wa gagwe, lentswe la gagwe le magwata go sekaenyana. A re, “Bana kwa sekolong ba ne ba aga ba mpitsa mmakodu.”

Bagolo le bone fa gongwe ga ba itshware sentle. Bangwe ba ka nna ba se ka ba batla go lebaganya matlho le wena. Bangwe ba ka nna ba tila go go buisa gotlhelele, ba bua ka wena le batsadi ba gago kana ditsala—jaaka ekete ga o yo fa kana jaaka e kete o fapogile tlhaloganyo. Selo se se kgopisang le go feta ke batho ba ba go hutsafalelang ba ba agang ba go tlhomogela pelo, ba gatisetsa boikutlo jwa gore o selwana se se senyegileng.

Ka fa Modimo O Lebang Kgang Eo ka Teng

Mme jaanong gone, Modimo one o ikutlwa jang ka wena? A bogole jwa gago ke sesupo sengwe sa gore ga a go amogele? Ela tlhoko gore Jesu o ne a reng fa a ne a kopana le “eo o saleñ a tsalwa a houhetse.” Barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa gore: “Go no go leohile mañ? a monna eo, kgotsa batsadi ba gagwè ha e bo ne ne a tsecwe a houhetse?” Jesu o ne a araba jaana: “Go no go sa leoha monna eo, leha e le batsadi ba gagwè.” (Yohane 9:1-3) Nnyaa, bofofu joo bo ne bo sa dirwe ke go bo monna yoo kana batsadi ba gagwe ba ne ba dirile boleo bongwe jo bo rileng. Go na le moo, e ne e le ka ntlha ya bosaitekanelang jo rotlhe re bo amuleng mo go Adamo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.”—Baroma 5:12.

Ka jalo bogole ga bo bakiwe ke go bo Modimo a tsentse letsogo kana a otlhaya. Jo bongwe ke ka ntlha ya go sa nne kelotlhoko. Fa jo bongwe e le ka ntlha ya go welwa “ke motlha le bowelō.” (Moreri 9:11) Mme go na le basha ba ba golafalang mo mmeleng ka ntlha ya go sotlwa kana go itlhokomolosiwa ke batsadi.

Go sa kgathalesege gore mathata a gago e ka bo e le afe, ga o a tshwanela go ikutlwa gore Modimo o go tsaya jaaka selwana se se senyegileng. Go na le moo, o go tsaya o le botlhokwa, bogolo jang fa o boifa Modimo. (Luke 12:7) O a ‘go kgatlhegela’ ka namana mme o itumelela go go dirisa mo tirelong ya gagwe. (1 Petere 5:7) Ka na ebu, le mongwe wa batlhanka ba Modimo ba ba tlhomologileng, ebong moaposetoloi Paulo, go bonala fa a ne a na le bogole bongwe—“mutlwa mo nameñ.” (2 Bakorintha 12:7) A bo go gomotsa jang ne go itse gore “motho [fela] o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) O tlhaloganya sentle bokgoni jwa gago mme o itse se o tlileng go kgona go se dira fa o sena go itekanedisiwa gape mo lefatsheng la gagwe le lesha.—Tshenolō 21:3, 4.

Go Itshokela Ba Bangwe

Ka maswabi, bana ba sekolo le ba bangwe ba ka nna ba se ka ba leba dilo sentle jaaka Modimo o di leba. Tota e bile, fa gongwe batho ba setlhogo. Ka jalo, o seka wa gakgamala, fa bangwe ba dithaka tsa gago ba se kutlwelobotlhoko ka tsela e e tshwanang mabapi le bogole jwa gago. Legale, ga se gantsi batho ba dirang dilo ka go batla go utlwisa ba bangwe botlhoko kana go ba tlhabisa ditlhong; fa gongwe e a bo e le fela go batla go itse. Ka ntlha ya go tshwenyega thata ka bogole jwa gago kana e le fela ka ntlha ya go sa amege, ba ka nna ba bua sengwe sa boeleele kana se se utlwisang botlhoko.

Ke eng se o ka se dirang? Ka dinako tse dingwe o ka nna wa tila maemo a a tlhabisang ditlhong. Ka sekai, o ka nna wa dira gore ba bangwe ba wele dibete, fa o bona gore o ka re ba pitlagane maikutlo kana ga ba itse se ba ka se buang. O ele tlhoko gore rotlhe re na le go boifa dilo tse re sa di tlhaloganyeng. Thusa ba bangwe gore ba se ka ba lebelela bogole jwa gago fela go na le moo ba go itse wena ka namana. Fa maemo a lebega a patika, o ka nna wa re: “A o gakgamadiwa ke gore ke eng fa ke dirisa setulo sa maotwana?” Go ya ka makasine wa Parents, morutabana mongwe yo o kgaogileng tokololo nngwe, o dira gore baithuti ba gagwe ba wele dibete ka go simolola motlotlo jaana: “Ke akanya gore le tshwanetse lwa bo lo ipotsa gore go diragetseng. A lo batla go itse?”

Go sa kgathalasege maiteko a o a dirang, o ka nna wa utlwisiwa botlhoko gangwe le gape. Becky yo mmotlana a re: “Fa ke santse ke le monnye, ke ne ke aga ke tenega tota fa ba bangwe ba ntshega; ke sale ke ntse ke le motho yo o kgopakgopegang mo botshelong jwa me. Mme jaanong ga ke sa tlhole ke letlelela seo go nkgopisa. Fa gongwe ebile ke bo ke tshege ka ntlha ya seemo.” Ee, go nna dinyao go ka go thusa gore o seka wa amiwa ke dikakgelo tse di utlwisang botlhoko. Go na le “motlha oa go tshèga.” (Moreri 3:4) Kgosi Solomone o tswelela gape ka go neela kgakololo eno: “U se ka ua tlhōkōmèla mahoko aotlhe a a buiwañ.” (Moreri 7:21) Ka dinako tse dingwe tsela e e siameng go di gaisa ya go dirisana le puo ya boeleele ke go e itlhokomolosa. Becky a re, “O se ka wa ikatla tlhogo ka se batho ba se buang.”

Tsholofelo E Thusa Gore O Itshoke

Boammaaruri ke gore, setho sotlhe se na le bogole. Bibela ya re: “Lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō.” (Baroma 8:22) Mme o ka nna le tsholofelo ya isagwe. Tsaya ka sekai, mosetsana mongwe yo re tla mmitsang Carol. O ne a tshotswe a sa utlwe gotlhelele. Mme kotsi ya baesekele e ne ya dira gore a kgaolwe leoto. Carol o ne a eletsa ekete o ka swa. Mme o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mme a ithuta ka lefatshe la tshiamo le lesha le le tlang le mo go lone ‘monni a se kitlang a re ke a bobola.’ (Isaia 33:24) Ee, o ne a nna le tsholofelo ya gore motlha mongwe bogole jwa gagwe bo tla fodisiwa—ka kgakgamatso!—Isaia 35:5, 6.

Carol o ne a amiwa jang ke go ithuta ka Modimo? Bakeresete bangwe ba ba atamalanyeng le ene ba bolela jaana ka ene: “O nna a thamile mme ga a tlhole a nnetse go akanya ka bogole jwa gagwe.” Se se kgatlhang gape ke gore, ba re: “Bontsi jwa ditsala tsa gagwe ga ba itse gore o tsentse leoto la maitirelo le gore o na le mathata a magolo a go utlwa.” Ka ntlha yang? “O dirisa go leba molomo wa motho fa a bua le dilo tse di thusang kutlo.” Go itshupa sentle gore Carol ga a ka a nna le tsholofelo e le yosi ka isagwe fela. O ile a dira maiteko a gore a dirise bokgoni jwa gagwe jotlhe. Ka fa le wena o ka dirang se se tshwanang ka teng go tla tlotliwa ka gone mo setlhogong se se latelang mo motseletseleng ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ba bangwe ba bone gore go a thusa go tlhalosetsa ba bangwe seemo sa bone fa ba bona o ka re ba ipotsa dipotso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela