LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 7/8 ts. 13-15
  • Go Tweng ka go Itiatia mo Mafelong a a Rileng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tweng ka go Itiatia mo Mafelong a a Rileng?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Batho ba Itiatia
  • Go Tlhoka Tsebe le Thubakanyo
  • Mokgwa o o Mosola Thata wa go Dirisa Nako
  • Dilo Dingwe di Sele Tse di Nang le Mosola
  • Dina o Tsena mo Mathateng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Nka Ijesa Monate Jang?
    Tsogang!—1996
  • Ke Eng fa Basha ba Bangwe ba ja Monate Thata Jaana?
    Tsogang!—1996
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Kgone go Ja Monate Motlha Mongwe Fela?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 7/8 ts. 13-15

Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Tweng ka go Itiatia mo Mafelong a a Rileng?

MAFELO a dibidio, diresetšhurente, marakanelo a mebila, mabenkele a a bulwang ka lobaka lo loleele—mo ditikologong tsa bahumi le tsa bahumanegi—di fetogile mafelo a bokopanelo koo basha ba itiatiang teng.

Lefelo la mabenkele bogolo jang ke lone le le ratiwang thata ke basha go tsamaisa nako foo kwa United States. Mo mafelong ao ditlhopha tsa basha fa gongwe di bonwa di sasanka moo ka diura di le dintsi. Mosetsana mongwe yo mosha a re, “Mafelo a mabenkele ke one a go iwang kwa go one, ka gore dilo di le dintsi di a diragala teng, mme go a bo go ntse go na le sengwe go gapa pelo ya gago—jaaka basimane!”

Fa go sena lefelo la mabenkele fa gaufi? Go dirisiwa patlelo nngwe e e senang sepe kana sekhutlo sa mmila. Tari wa dingwaga tse 15 a re: “Nna le ditsala tsa me re kgweetsa dikoloi tsa rona go ya kwa maemisetsong a dikoloi mo diparakeng tse di gaufi, re bo re nna mo godimo ga dibonete tsa dikoloi tsa rona re bo re gaseletsa ka nako e telele.”—Makasine wa ’Teen, September 1990.

Legale, ga se gore golo mo go itiatia ke selo se sesha. Bibela e bolela ka batho ba motlha wa pele ba ba neng ba kgobokana mo mafelong a botlhe “ba [ba] ne[ng] ba tle ba hetise lobaka loa bōnè ba sa dihe sepè sa bobedi ha e se go bolèla leha e le go utlwa señwe se sesha hèla.” (Ditihō 17:21) Jaanong ke eng fa mokgwa ono wa go fetisa nako o ratiwa ke basha thata jaana gompieno?

Go ya ka buka ya ga F. Philip Rice e go tweng The Adolescent, “basha ba lemoga botlhokwa jwa go nna karolo ya setlhopha sengwe. Ba batla go ratiwa ke dithaka tsa bone.” Ka jalo, go itiatia le ditsala go lebega go dira gore ba nne le ditsala le go engwa nokeng.

Basha ba bangwe ba go bona e le tsela fela ya go intsha bodutu. Michelle yo mmotlana o tlhalosa jaana: “Go nna kwa gae bosigo go bolaisa bodutu. O batla go tswa o ye go ja monate ka gore eseng jalo o tlile go bolaiwa ke bodutu maitseboa ao.” Ed wa dingwaga tse 16 a re go itiatia ke “tiro mme ebile ka tsela nngwe go go dira gore o se ka wa tsena mo mathateng.” Mme a gone go ntse jalo?

Fa Batho ba Itiatia

Bibela ga e nyatse gore motho a itumele le ditsala tsa gagwe. Lefa go ntse jalo, e tlhagisa jaana: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla na botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) Jaanong, ke basha ba le kae ba ba emang mo dikhutlong tsa mebila ba go ka tweng ba botlhale—ba ka boammaaruri ba tlotlang melaometheo ya Bibela? E ka nna ya bo e se gore ba rata go dira mathata, mme setlhopha se segolo sa basha ba ba bolawang ke bodutu, se se senang motlhokomedi se se nang le nako e ntsi e ba sa e diriseng mo go sepe se ka baka mathata.

Ka lebaka leo Bibela ga e buelele go itiatia. Akanya ka nako ya fa moaposetoloi Paulo le Silase ba ne ba etela toropo ya Thesalonika. Baganetsi ba molaetsa wa Bokeresete ba ile “ba itseèla banna bañwe ba dihèphè, mo go ba e leñ bomagagola tshèchwana [“ditshwakga tse di senang mosola,” Today’s English Version], me e rile ba sena go kgobokanya batho, ba heretlha motse.” (Ditihō 17:5) Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, bomagagola tshwetshwana bano e ne e le batho “ba ba neng ba ya thata kwa marekisetsong, mme ka jalo ba bo ba kailakaila ba se na se ba se dirang.” A seo se utlwala jaaka se o se itseng? Kwantle ga pelaelo, ditshwakga tseo gongwe di ne di sa kgatlhegele molaetsa wa ga Paulo, mme ereka ba ne ba sena se ba se dirang se se botoka, ba ne ba ka tlhotlheletsega motlhofo fela go tsosa dipheretlhego.

Go Tlhoka Tsebe le Thubakanyo

Jaanong, akanya ka seemo se se ka nnang sa tsosa mathata fa setlhopha sa basha ba ba sa direng sepe ba kopane mmogo. Legale ga se gore mongwe le mongwe o rulaganyetsa go thubakanya. Ken wa dingwaga tse 16 yo o itiatiang fa maemisetsong a dikoloi a sekolo a re, “Ga go na sepe se setona se se a bong se diragala. Re nna mo godimo ga dikoloi tsa rona re bua dinyao tsa boeleele fela kana re bua ka ga go ntshana ga basimane le basetsana.” Ee gone, ka nako e e rileng, go tsosa modumo ka metshameko, mmino, le go tlotla ka ba bong bo sele go ka tlosa mongwe le mongwe bodutu. Mme lefa go ntse jalo, gantsi basha ba felela ba lapisiwa ke go nnela go bua fela.

Babatlisisi ebong Mihaly Csikszentmihalyi le Reed Larson ba bega jaana: “Gangwe le gape, [basha] ba tlhalosa dinako tseno [tsa go itiatia] ba re ‘di tletse tlhakatlhakano,’ di leratla, botsenwa, le bogwane. . . . Go na le sengwe ka go kopana ga basha ba dithaka mo go dirang gore tlhakatlhakano e diragale, le fa gongwe basha ka bongwe ka bongwe mo go ba ba leng teng ba se na tshekamelo ya go tsosa tlhakatlhakano. . . . Tlhakatlhakano eo e akaretsa go kgweetsa dikoloi go tsositswe modumo, go latlhelwa dithine mo dijarateng tsa batho, le go lwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Being Adolescent.

Go boammaaruri gore, o ka nna wa bo o se na tshekamelo ya go dira dilo tsa boeleele fela ka go bo ditsala tsa gago di di dira. Mme o ne o ka nna wa itsenya mo kgatelelong e kgolo ya go dira bosula fa o ne o le fa gare ga badirabosula. (1 Bakorintha 15:33) Lefa gongwe o sa nne le seabe mo tlhakatlhakanong eo, go nna teng ga gago go ka nna ga dira gore ba bangwe ba nne le dipelaelo ka wena. Seno ke sone se se ileng sa diragalela mosetsana mongwe yo o neng a bidiwa Dina, morwadia tlhogo ya lotso wa Mohebera ebong Jakobe.

Dina o ne a godisiwa e le moobamedi wa ga Jehofa Modimo, le mororo lelapa la gaabo le ne le nna kwa nageng ya Kanana—naga e e neng e tletse ka mekgwa e e sa siamang ya tlhakanelodikobo le kobamelo ya medimo ya disetwa. Ka jalo, rraagwe ebong Jakobe, o ne a leka go fokotsa kamano ya gagwe le Bakanana ka go tlhoma mogope wa gagwe ka kwa ntle ga motse wa Shekeme le go nna le metswedi ya metsi e e leng ya gagwe fela. (Genesise 33:18; Yohane 4:12) Lefa go ntse go ntse jalo, Dina “[o ne a aga] a ea go bōna bomorwadia lehatshe,” gongwe ebile e ne e le ka metlha. (Genesise 34:1) Dina o ka nna a bo a ile a tsaya gore go itiatia le Bakanana go ne go sena kotsi epe. Mme lefa go ntse jalo basadi ba Bakanana ba ne ba itsege ka go nna matlhomatlho. Ka jalo fa monna mongwe wa Mokanana yo o neng a bidiwa Shekeme a bona Dina a na le basadi bao, o ne “a mo tsaea, a lala naè, a mo senya.”—Genesise 34:2.

Ka tsela e e tshwanang, go itiatia le setlhopha sa batho se se bosula go ka nna ga go tsenya mo mathateng. Lekawana lengwe le le bidiwang Leonard o gakologelwa gore le mororo a godisitswe e le Mokeresete, o ne a simolola “go senya nako le setlhopha se se tletseng boganana. Re ne re aga re kgarakgatshega mo le go nwa bojalwa mmogo—le mororo ke ne ke ise ke tshware dingwaga tse motho a letlelelwang go nwa bojalwa ka tsone. Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ke setse ke goga matokwane.”

Mokgwa o o Mosola Thata wa go Dirisa Nako

Patlisiso nngwe e lemogile gore 44 lekgolong ya basha ba ba botsoloditsweng ba ne ba dirisa diura di ka nna tharo go ya go tse tlhano kana go feta fa ba ne ba ya lefelong la mabenkele; 14 lekgolong ya bone e ne e dirisa di le thataro. Mme go na le go senya nako a sa dire sepe, mosha yo o botlhale o ‘sola sebaka molemo ka jaana metlha e le bosula.’—Baefesia 5:15, 16.

A ga o dire tiro ya gago ya sekolo le ya mo gae ka botlalo ka ntlha ya go senya nako le dithaka? Go tweng ka ditiro tsa semoya—go ithuta Bibela ka namana, dipokano tsa Bokeresete, tiro ya go rerela ba bangwe? A o itlhokomolosa maikarabelo ao? Fa o ‘tshwaregile thata mo ditirong tsa Morena,’ ga go lebege fa o ka nna le nako e ntsi go nna fela o sa dire sepe.—1 Bakorintha 15:58.

Dilo Dingwe di Sele Tse di Nang le Mosola

bGo itlosa bodutu ke karolo e e botlhokwa ya botshelo. (Moreri 3:4) Mme go itiatia ga se yone tsela e le yosi ya go ijesa monate. Mohumagatsana mongwe yo o bidiwang Lucy a re, “Ke itumelela go nna ke le nosi. Ke rata go bala, mme seno se nthusitse gore ke kgatlhegele ditso, ngwao, le puo ya merafe e sele. Ke etela dimusiamo, ke a roka le go apaya. Gape ke rata go taka le go kwala makwalo, mme ebile ke a tle ke leke le go kwala maboko ka dinako tse dingwe.” Nnyaa, ga se gore go nna nosi ke selo se ka nako tsotlhe se bolaisang bodutu.

Lelapa la gaeno le lone le ka go tlosa bodutu ka tsela e e sa leswefatseng. Jaanong, pele ga o tshikhinya tlhogo, reetsa gore lekawana le le bidiwang Jack le reng. O gakologelwa jaana: “Ka metlha batsadi ba rona ba ne ba na le sengwe se ba se re rulaganyeditseng go se dira. Re ne re ya go relela mo kapokong le go palama ditlhako tsa maotwana; re ne re ya kwa diparakeng, disuung, le dimusiamong. Le gone go phepafatsa jarata tota go ne go le monate fa re ne re go dira re le lelapa.” Gongwe lelapa la lona ga le sa tlhole le dira dilo mmogo. Fa go ntse jalo, ke eng o sa tswe ka mogopolo wa gore le tswe mmogo le le lelapa? O ka nna wa ja monate go gaisa jaaka o ne o solofetse!

Seno ga se reye gore o ka se ke wa itumelela go kopana le dithaka—go akaretsa nako ya go tsaya dikgang fela kana ya go ikhutsa mmogo. Mme o tshwanetse go tlhopha ditsala tsa gago. Lekawana lengwe le le bidiwang Enrique la re: “Ke ne ke aga ke na le ditsala tsa lefatshe, mme e rile morago ga go ineela go direla Jehofa, ke ne ka simolola go tsalana le basha mo phuthegong. Re ne re ya go rera mmogo, re tshameka bolo mmogo—ke ne ke leka go dira dilo di le dintsi mo ke ka kgonang ka gone le bone.”

Shelleace le ene o ne a aga a kopanela le setlhopha se e seng sone. O gakologelwa seno mabapi le ditsala tsa gagwe tsa pele: “Ba ne ba sena maikaelelo ape mo botshelong ba pholetha fela. Go ne ga ntsaya nako go kgaogana le bone, mme fa ke sena go dira jalo, ke ne ka nna le ditsala tse di molemo. E ne ya nna fela morago ga go dira jalo ke ileng ka gola semoyeng.”

Ka jalo le mororo go itiatia go ka nna ga bo go le monate ka dinako tse dingwe, ga go kake ga go thusa semoyeng, mme ebile go ka nna ga go gobatsa. Itlhokomele. Batla mekgwa e e botoka ya go dirisa nako ya gago.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

A go itiatia ke tsela e e molemo ya go dirisa nako gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela