Go Tlhaba Batsadi ba Bobedi Botlhale
OFISI ya Palo ya Batho ya U.S. e bonela pele gore e tla re ka 1995 malapa a batsadi ba bobedi a bo a feta a a tlwaelesegileng. Ka nako eo, bana ba le 59 mo go ba le 100 ba tla bo ba le mo “malapeng a motswako” (malapa a a nang le batsadi ba bobedi) pele ga ba tshwara dingwaga tse 18. Go tla latela fano dikgakololo tse di malebana le batsadi ba bobedi ba palo ya bone e ntseng e oketsega.
Nna Pelotelele: Batsadi ba bobedi ba tshwanetse go itse gore go tla tsaya nako gore bana ba amogele motsadi yo mosha. Moitse ka tsa botsogo jwa tlhaloganyo ebong Mavis Hetherington o tlhalosa gore ke eng fa dikgwedi tsa ntlha—kana dingwaga—di ka nna tsa nna thata: “Fa go nyala sesha go santse go le gosha, barwa le barwadi ga ba rate, ba ngadile, ga ba utwisise le go tenegela e seng rraabone yo mosha fela mme gape le mmaabo. Ba tenegetse . . . mmaabo ka ntlha ya go nyalwa gape.” Batsadi ba bobedi ba tshwanetse go leka go tlhaloganya maikutlo a bana, le fa seo se se motlhofo.—Bona Diane 19:11.
Simolola Pele ka go Aga Kamano e e Molemo: Mo bukeng ya gagwe e go tweng Stepfamilies, Joy Conolly o gakolola batsadi ba bobedi gore ba tla bo ba le mo boemong jo bo botoka go ka kgalemela bana ba bone ba ba ba fitlhetseng morago ga go aga kamano e e molemo le bone. Pele ga moo, go nna botoka fa motsadi wa bone wa tlholego e nna ene a ba otlhayang fa go tlhokega. (Bapisa Diane 27:6.) Ka fa letlhakoreng le lengwe, batsadi ba bobedi ba ka dira gore bana ba bone ba bone ekete dilo ga di a fetoga thata ka go dira le bone dilo tse ba neng ba ntse ba tlwaetse go di dira—jaaka go tsamayatsamaya kana go tshameka mmogo. Legale, borre ba bobedi ba seka ba dirisa nako ya dijo, go kgalemela lelapa.
Tila go Rata ba Bangwe go Gaisa ba Bangwe: Rre kana mmè wa bobedi o tshwanetse go tila go sekamela ka fa baneng ba gagwe ba tlholego, ka mo go ka kgonegang ka teng, le fa seno se ka nna thata jang ka dinako tse dingwe.—Bapisa Baroma 2:11.
Atamelana le Bone ka go Neneketsa: Tshekatsheko ya bosheng ya malapa a batsadi ba bobedi e ile ya lemotsha gore gantsi go nna thata gore barwadi ba utlwane le rraabo wa bobedi. Mokwadi mongwe o ne a bolela jaana: “Borre ba bobedi fa ba leka go buisana le bone, barwadi ba a ikgogona. Borre ba bo ba leka go ba otlhaya, mme basetsana ba bo ba itwela.” Mokwadi yoo o sobokanya jaana: “Ga go lebege go na le sengwe se rre wa bobedi a ka se dirang kwa tshimologong, ka basetsana se se ka atlegang.” Ka lebaka leo bopelotelele le go ba tlhomogela pelo go a tlhokega. Le mororo basetsana ba itumelela go akgolwa ka mafoko ke borraabo ba bobedi, gantsi ga ba tseege sentle fa ba ba kgoma jaaka go ba tlamparela. Rre wa bobedi o tshwanetse go lemoga gore mosetsana o ka nna a ikutlwa ka tsela eo. Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse go remelela thata mo go akgoleng ka mafoko le go buisana go na le go mmontsha lorato ka go mo kgoma.—Bapisa Diane 25:11.
Tshaba Lefufa: Ditiragalo di bontsha gore barwadi ba ba fitlhetsweng gantsi ba tsaya mmaabo wa bobedi jaaka mogaisani. Mmè wa bobedi yo o solofelang le go tlhomogela basetsana pelo ka ntlha ya ka fa ba ikutlwang ka teng o ka nna a tila dikgotlhang tseo ka botlhale. Rre o ka tima molelo ka go tlhomamisetsa morwadie gore o santse a mo rata le go mo tlotla. (Diane 15:1) Babatlisisi ba tlhagisa gore gantsi bommè ba bobedi ba leka ka natla le ka bofefo thata gore ba amogelwe jaaka motsadi ke barweetsana ba ba ba fitlhetseng. Gape, le foo go tlhokega bopelotelele.
Go nna motsadi wa bobedi ga go motlhofo le eseng. Mme go ka dirwa, fela jaaka dikai tse di diketekete di bontsha. Gakologelwa gape gore, Bibela e neela kgakololo e e molemolemo ya go atlega mo maemong mangwe le mangwe a lelapa fa e re: “Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14.