LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 7/8 ts. 16-18
  • A go Eta Mogopolo go Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Eta Mogopolo go Phoso?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Go Diphatsa mo Mogopolong wa Gago?
  • Go Dirisetsa Dikakanyo tsa Gago Dilo tse di Nang le Mosola
  • Dikotsi
  • Ke Ka Emisa Jang go Eta Mogopolo mo go Kanakana?
    Tsogang!—1993
  • Nka Tlhoma Mogopolo Jang mo Dilong?
    Tsogang!—1998
  • Ke Tla Dirang Fa a Ka Nkgana?
    Tsogang!—2005
  • Anaanelang Ntlo ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 7/8 ts. 16-18

A go Eta Mogopolo go Phoso?

Selo se o ileng wa se utlwa la bofelo ke mafoko a morutabana a ntse a gatelela ka melao ya alejebora, mme mogopolo wa gago ga o sa tlhole o le mo tlelaseng; mogopolo wa gago o ile kwa lotshitshing lwa lewatle leo lelapa la gaeno le neng le le etetse ka selemo. O utlwa motlhaba o o molelo le letsatsi le le bothitho. O utlwa modumo wa makhubu a phasha mo dipoteng, o utlwa modumo wa bana ba tshameka, modumo wa . . . bana ba tlelase ya gago ba tshega? Ee, jaanong ditoro tsa gago tse di monate di fedile mme di emiseditswe ke morutabana yo o jeleng magala, a itshwere dinoka, a batla karabo ya potso e o sa e utlwang fa e bodiwa.

GO ETA mogopolo—go tlwaelesegile mo bathong ba ba farologaneng, basha le bagolo, mo eleng gore mmatlisisi mongwe yo o tumileng o ne a go bitsa “sengwe sa dilo tse dikgolo mo botshelong jwa motho.” Bangwe ba dumela gore nngwetharong ya nako ya fa re sa robala megopolo ya rona e a bo e jele nala ka mokgwa mongwe. Borasaense ga ba tlhomamise gore totatota ke eng fa megopolo eno e e tsenang e tswa e nna teng le gone gore e nna teng jang, le gone ga ba dumelane ka mogopolo gore tota gone go eta mogopolo ke eng. Bukantswe nngwe e tlhalosa go eta mogopolo e re ke “ponatshegelo e e monate . . . selo se mogopolo o se bopang.” Lefa go ntse jalo, babatlisisi ba le bantsi ba go tlhalosa ka kakaretso ba re ke go ijesa dijo tsa ditoro kana go ja nala ga mogopolo—go sa kgathalesege gore a go monate kana nnyaa. Mo setlhogong seno re tla dirisa lefoko leo ka tlhaloso ya lone e e tletseng, go akaretsa go eta ga mogopolo mo go itlelang fela le mo go dirwang ka bomo.

Ka jalo, ga se gore go eta mogopolo gotlhe ke selo se se kgethegileng, go ikina mo ditorong tse di monate. Mo gongwe motho o a bo a boetse kwa moragonyana kwa malatsing a maloba a botshelo jwa gagwe. Mo setlhogong sengwe mo makasineng wa Parents, Dr. James Comer o tlhalosa se se mo diragaletseng mabapi le go eta mogopolo—jaaka fa gongwe fa a kgweetsa koloi a boela gae morago ga go bereka bokete kwa ofising mo letsatsing leo, o ka nna a akanya nako ele e santse e le mosimane ka nno e a neng a e nosa ba tshameka basketball. O akgela jaana, “Gongwe e ka tswa e se selo se se botlhokwa, mme lefa go ntse jalo e nthusa gore ke itumele.” Mme ba bangwe bone ba dirisa go jesa mogopolo nala go loga maano ka isagwe ya bone. Rre mongwe yo o ileng a nna seopedi le motlhami yo o tumileng wa mmino wa jese o gakologelwa jaana, “Ke ne ke aga ke ipona ke le moopedi yo o tumileng mo lefatsheng.”

Lefa go ntse jalo, go lebega gantsi mogopolo o o ja nala ka dilo tsa letsatsi le letsatsi—sekolo, dikokoano tsa batho, le tiro ya kwa gae ya sekolo. Ka dinako tse dingwe batho ba ka nna ba ikakanyetsa dilo tseo fela gore ba fedise bodutu jwa thuto nngwe ya kwa sekolong e e sa tlhaboleng kana ka ntlha ya tiro ya mo lelapeng. Go eta mogopolo mo gongwe gone go itlela fela. Lefoko, modumo, kana sengwe se motho a se bonang se ka nna sa gopotsa motho sengwe se se mo tshwenyang, sengwe se a kileng a se ja monate, kana dilo tse a ka nnang a di rua mo nakong e e tlang, mme mogopolo wa gagwe o bo o simolola go kgarakgatshega. Bibela ya re: “Gonne tōrō e tle e tle ka bontsi yoa ditihōtihō.” (Moreri 5:3) Ka boammaaruri, motho yo o nnang a tshwenyegile ka dilo tsa gagwe le tse a di eletsang o ka nna a tlhola a nnetse go akanya ka dilo tse di bonalang.

Mme legale, le fa gone go eta mogopolo go ka tswa go le monate jang, go ka nna ga kgoreletsa go reetsa ga gago kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa sekolong, kana kwa tirong. Go ijesa dijo tsa ditoro mo gongwe gone go ka nna ga bo go sa tshwanela—kana go le kotsi. Mme jaanong a go eta mogopolo ke tlwaelo e o tshwanetseng go e latlha?

A Go Diphatsa mo Mogopolong wa Gago?

Mo metlheng ya maloba, go eta mogopolo go ne go kgopisa badiri ba tsa tlhaloganyo, dingaka, le batlhatlhelela dithuto. Ke ka lebaka leo lekawana lengwe le neng la bolelelwa ke ngaka ya tlhaloganyo jaana: “Re tshwanetse go go thusa gore o latlhe go eta mogopolo.” Go ya ka mmatlisisi ebong Dr. Eric Klinger, kgakololo eo e ne e ikaegile ka megopolo ya ga Sigmund Freud, yo o bidiwang motlhodi wa go tlhatlhoba tlhaloganyo, yo o neng a tsaya go eta mogopolo e le selo sa bongwana le botsenwa. Ka lebaka leo he nngwe ya dibuka tsa thuto ya tlhaloganyo e bolela jaana: “Go eta mogopolo go tsalwa ke go bo motho a palelwa kana a sa kgatlhegele seemo se a tshelang mo go sone, mme ka boammaaruri ke go iphapaanya le botshelo jaaka bo ntse.” Losika lo lo rileng lwa batlhatlhelathuto le badiri ba tsa tlhaloganyo ba ne ba rutwa gore go eta mogopolo ga mofuta mongwe le mongwe go tshwanetse ga kgorelediwa. Go ne ga bo ga nna le dipego tsa gore go eta mogopolo go ka nna ga tsala go latlhegelwa ke dikolojane.

Lefa go ntse jalo, megopolo ya ga Freud e latlhilwe ka ntlha ya dipatlisiso tse di ileng tsa dirwa. Mo bukeng ya gagwe e go tweng Daydreaming, Dr. Eric Klinger o lemotsha gore mo godimo ga dilo tse dingwe, batlhotlhomisi ba re:

Go eta mogopolo go aname mme ebile ga go phoso ka gope.

Ka kakaretso, batho ba ba etang mogopolo thata ditlhogo tsa bone di bereka sentle fela jaaka tsa ba ba sa eteng mogopolo thata.

Go eta mogopolo ga go felele ka gore motho a bone dilo tse di seong.

Go eta mogopolo ga go dire gore motho a latlhegelwe ke dikolojane. Ga se gore batho ba ba latlhegetsweng ke dikolojane ba eta mogopolo go gaisa batho ba bangwe.

Go Dirisetsa Dikakanyo tsa Gago Dilo tse di Nang le Mosola

Ga go gakgamatse he, go bo go sena gope mo Bibela e kgalang go dirisa mogopolo sentle teng. Tota ebile, go bo megopolo ya rona e kgona go bopa dilo le go di akanya ke bosupi jwa gore, go ya ka mafoko a ga mopesalema, re “dihilwe ka mo go . . . gakgamatsañ.” (Pesalema 139:14) Fa bokgoni jono bo dirisiwa sentle, e ka nna sedirisiwa se se molemo. Bakeresete ba bolelelwa gore ‘ba lebe e seng dilo tse di bonalang, fa e se tse di sa bonaleng.’ (2 Bakorintha 4:18) Seno se ka akaretsa go leka go bopa setshwantsho sa lefatshe le lesha la Modimo mo mogopolong. Tlhaloso ya Bibela ka Paradaise e e tlang ya lefatshe lotlhe e re dira gore re e bone ka mogopolo!—Isaia 35:5-7; 65:21-25; Tshenolō 21:3, 4.

Go akanyetsa dilo ga gago go ka nna mosola gape fa e le gore o lebagane le tiro nngwe e e bokete go e dira. Ka sekai, basha ba Basupi ba ga Jehofa gantsi ba abelwa gore ba neele polelo mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo. Mo godimo ga go itshuga mo go yone o buela kwa godimo, leka go e buela mo mogopolong. Bopa mo mogopolong wa gago ka fa bareetsi ba itsayang ka teng fa o ntse o ba neela tshedimosetso. Seno se ka go thusa gore o dire diphetogo tse di rileng tsa ka fa o tla e neelang ka teng le go dira gore o seka wa itshoga.

O ka nna gape wa boeletsa mo mogopolong ka fa o tla dirisanang ka teng le seemo sengwe se se thata. Gongwe o lemoga gore Mokeresete ka wena o go kgotswetse ka tsela nngwe, mme o batla gore le bue ka bothata joo. (Mathaio 5:23, 24) Go na le go ya kwa mothong yoo o sa ipaakanyetsa, o ka nna wa tshwara kgang eo mo mogopolong wa gago, wa leka mekgwa e e farologaneng ya go tsena bothata. Seno se tla bo se dumelana le molaomotheo wa Bibela o o reng: “Pelo ea mosiami e tlhatlhanya go hetola.”—Diane 15:28.

A mongwe o go kgopisitse kana o go tenne? Ela tlhoko kgakololo e e mo go Pesalema 4:4: ‘Lo kgopege, mme lo seka lwa leofa. Buela mo pelong, o le mo bolaong jwa gago, o bo o didimala.’ Seno ga se reye gore o nnele go akanya ka dilo tse di utlwisang botlhoko, ebile ga gore o nne o akantse ka fa o tla arabang yo mongwe ka teng go mo fenya ka puo. Ka tota ebile Jesu a tlhagisa jaana “moñwe le moñwe eo o nnañ bogale le oa ga gabō ka boomo, o tla bo a na le go sekisiwa,” mme go ntse fela jalo le ka “eo o tla raeañ oa ga gabō, a re, Selo hèla.” (Mathaio 5:22) Mme go boeletsa dikgato tse o ka di tsayang mo mogopolong—tse di ka nna tsa akaretsa go itshwarela yo o go rumotseng—go ka nna ga thusa gore o fetse kgang le ene ka tsela e e bonolo, le e e siameng.

Go eta mogopolo go ka thusa thata mo go rarabololeng mathata. Dr. Klinger a re: “Go eta mogopolo ke tsela e nngwe ya go batla mokgwa o o nang le mosola wa go rarabolola mathata. Batho ba ba etang mogopolo ba akanyetsa selo ka tsela e e botlhale fa gongwe ba bona tharabololo ya mathata e gongwe ba neng ba ka seka ba e akanya fa ba ne ba ile ba thula mathata fela gone foo.”

Go bile go na le bosupi jwa gore go eta mogopolo go ka go thusa gore o tokafatse ditiro tse o di dirang. Ka sekai, mokatisi mongwe wa sekii, o bolelela baithuti ba gagwe gore ba bope mo mogopolong mmila o o siametseng go tshameka sekii, mme ba ipone ba itsoketsatsoketsa le one le go fologela le one. Babatlisisi ba dumela gore ka go dira jalo o a bo o tsosa karolo ya boboko e e laolang dinama, o bo kgotletsa gore bo bereke. Legale, ga go na se se ka emisetsang go itshuga, mme lefa go ntse jalo go boeletsa mo mogopolong go ka go thusa go tokafatsa tsela ya go letsa seletso kana go tlanya. Dr. James Comer a re, “Ka bokhutshwane fela, go eta mogopolo ga se go senya nako mme go na le moo ke selo sa botlhokwa se se re thusang go dira dilo botoka.”

Dikotsi

Legale, “señwe le señwe se na le motlha oa shōna.” (Moreri 3:1) Lefa go eta mogopolo go siame fa o le nosi mo kamoreng ya gago, go na le dinako tse eleng gore ga go a tshwanela mme ebile go le kotsi. A o kgweetsa koloi? He o tshwanetse go nna podimatseba le go tlhokomela gore a ga go na kotsi e e tlang. Go tweng fa e le gore o kwala ditlhatlhobo kana o reeditse polelo ya Bibela? He o tlhoka go nna le ‘mogopolo o o thantseng sentle.’—2 Petere 3:1.

Bibela gape e re tlhagisa kgatlhanong le go nna re akantse ka megopolo e e phoso. Ke ga tlholego fela gore o tlhobaele fa o tlile go kwala tlhatlhobo e e botlhokwa kana o tlile go botswa fa o batla tiro, mme lefa go ntse jalo ga go thuse thata go nna o bopa megopolo ya go ipona o paletswe kana o gannwe. (Bapisa Moreri 11:4.) Diane 12:25 e tlhagisa jaana, “Boimèlèsègō mo peduñ ea motho bo tlo bo e inamise.” Jesu Keresete o ne a gakolola bareetsi ba gagwe jaana: “Se tlhobaeleleñ ka moshō: gonne ka moshō go tla itlhobaèlèla ka gosi. Letsatsi leñwe le leñwe le lekanywe ke boshula yoa yeōna.”—Mathaio 6:34.

Se se kgatlhang gape ke gore, go eta mogopolo thata go ka tsosa mathata a mangwe gape. Ka sekai, basha bangwe ba ijesa dijo tsa ditoro mabapi le tlhakanelodikobo. Ba bangwe ba lemogile gore go eta mogopolo go kgoreletsa tsela ya bone ya go reetsa. Setlhogo sa rona se se latelang mo motseletseleng ono se tla ntsha dikakantsho dingwe go go thusa go emelana le bothata joo.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go tlhatlhanya ka sengwe go ka tokafatsa tsela ya gago ya go dira dilo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela