Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Emisa Jang go Eta Mogopolo mo go Kanakana?
MOSHA mongwe yo o bidiwang Jonathan o ne a ipolela jaana a re, “Ke na le mathata a matona. Ke eta mogopolo ke le kwa tirong, ke tsamaya, pele ga ke robala, le kwa Holong ya Bogosi tota. Gantsi ke a bo ke akantse ka basetsana, tlhakanelodikobo, kana go tuma kana go nna mogaka.”
Go eta mogopolo go atile mo bathong ba bagolo le ba bannye. Fa go dirwa ka selekanyo, e ka nna selo se se siameng fela, se se senang mathata.a Lefa go ntse jalo, selo lefa se le molemo, fa se dirisiwa thata se ka nna diphatsa. (Bapisa Diane 25:16.) Go nna jalo bogolo jang fa e le gore motho o eta mogopolo a akantse ka dilo tse di phoso.
Ka sekai, a re re, ka dinako tse dingwe o ipona o le seopedi se o se ratang thata. Kwa tshimologong o ka nna wa tsaya metsotso e se kae letsatsi lengwe le lengwe o ipona o le mo seraleng o opelwa legofi ke boidiidi jwa batho. Mme fa dibeke di ntse di ya, o simolola go tsaya nako e ntsi o le mo ditorong tsa o ipona o le mo dikhonsateng, dipotsolotsong, le mo go gatiseng dipina. Ditoro tseo di go jesa monate mo eleng gore ga o kgone go di emisa.
‘Jaanong, mathata a go ipaya mo seemong se se seyong ke afe?’ o a botsa. Lebaka le lengwe ke gore, baitse ba re batho ba ba etang mogopolo thata gantsi “ga ba kgone . . . go tshela botshelo sentle jaaka bo ntse ka mmatota.” (The Parents’ Guide to Teenagers) Go tshelela mo ditorong go kgoreletsa go gola; go na le go latlha mekgwa ya bonyana o a e ngaparela. (1 Bakorintha 13:11) O nna le megopolo e e dirang gore botshelo bo lebege e le monate fela, go sena mathata mo go jone. Go na le gore o nonotshe ‘dinonofo tsa gago tsa go akanya’ ka go rarabolola mathata a a rileng, o a di hupetsa ka go tshelela mo ditorong. (Bahebera 5:14) Ka lebaka leo go eta mogopolo jaanong go laola botshelo jwa gago, mme jalo go bo go senya dikamano tse di tshwanetseng tsa botshelo le dilo tse o tshwanetseng go di baya kwa pele.
Buka e go tweng Daydreaming, e e kwadilweng ke Dr. Eric Klinger, e tlhalosa se e ka nnang kotsi e e maswe thata, eleng gore “go nna o akantse ka selo se o sa tshwanelang go nna le sone mme o se batla go ka nna ga go dira gore o retelelwe ke go lesa go se sala morago.” Bibela e ne ya e baya jaana: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa.” (Yakobe 1:14) Motho o dira se a ileng a se akanya go le pele. Lefa gongwe o ka seka wa nna mogaka wa roko yo o tshwakgotsweng ke diokobatsi fela ka go bo o a tle o lore o le seopedi se se tumileng, o ka nna wa tlhagolela keletso e e sa siamang ya “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō.”—1 Yohane 2:16.
Go Fedisa go Ijesa Dijo tsa Ditoro
Jaanong he, o ka kgaogana jang le ditoro tseno? Sa ntlha, go ka nna ga go thusa go ipotsa gore ke eng se se dirang gore o rate ditoro tseno thata.b A ke ka gore o batla go ratiwa ke ba bangwe? A o di ratisiwa ke go bo o akanya gore o na le bontle le bokgoni jo bo tshwanang le jo bo dirileng gore mogaka yono a ratege thata? Kana ke ka go bo o rata botshelo jwa motho yoo jwa go sa kgathale. Motlhalefi mongwe mo go tsa botsogo jwa tlhaloganyo o ne a bolela jaana ka moopedi yo o tumileng ebong Madonna: “Mo megopolong ya barati ba gagwe ba mmona e le motho yo o sa tshwenngweng ke tsa madi, tiro ya sekolo, le bodutu.” Ka lebaka leo ba bangwe ba ka nna ba lora gore ekete ba ka tshwana le ene.
Legale, go leba dilo sentle, go thusa gore motho a kgaogane le go ijesa dijo tsa ditoro moo. Dirisa molaomotheo o o mo go Bafilipi 4:8, o ka one re bolelelwang gore re nne re akantse ka dilo tse di boammaaruri le tse di galalediwang. A go boammaaruri gore bagaka ba tshela botshelo jo bo senang mathata? A maitsholo a bone ka metlha a ka galalediwa? Boammaaruri ke gore, botshelo jwa go sa kgathale bo baketse ba le bantsi mathata a mmele le maikutlo. Go sa kgathalesege khumo ya bone, bontsi jwa bagaka ba na le mathata a madi. Ke ba sekae ba malapa a bone a sa thubegang. A o eletsa go tshela botshelo jo bo ntseng jalo?
Ee gone, ke tlholego go batla go ratiwa le go itumelelwa. Mogopolo wa ga Olivia wa dingwaga tse di lesome le borataro o eta gantsi a ipona e le “mongwe yo o ratiwang ke batho botlhe.” Mme fa motho a etile mogopolo—go sa kgathalesege gore se a se akantseng se a bonala kana gore se lebega se le boammaaruri go le kanakang—ga go kake ga diragatsa dikeletso tseo fela jaaka go lora o o ja go ka seka ga go kgorisa. (Isaia 29:8) Mo godimo ga moo, Bibela e tlhagisa jaana: “Ena eo o tlhokometseñ phehō ga a ketla a yala.” (Moreri 11:4) Ka jalo go na le go lora o ipona o ratiwa, dira maiteko a gore o ratiwe.—Bona setlhogo “Young People Ask . . . How Can I Make People Like Me?” mo tokololong ya Awake! ya November 22, 1988.
Dijo tsa Ditoro ka tsa Tlhakanelodikobo
Erile a santse a le mo dingwageng tsa bosha, Alan (ga se leina la gagwe tota) o ne a eta mogopolo a akantse ka sengwe se se farologaneng. O ne “a ithuta go bopa megopolo e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo” mme a bo a tsaya nako e ntsi a e akantse. Moragonyana, o ne a ineela mo Modimong go nna Mokeresete. Alan o ipolela jaana, “Seo ga se a ka sa fetola sepe. Ke ne ka nna ka tswelela ke ijesa dijo tsa ditoro ka tsa tlhakanelodikobo.”
A le wena ka tsela e e tshwanang o na le mathata a go ijesa dijo tsa ditoro mo go tsa tlhakanelodikobo?c Seno se ka nna sa se ka sa gakgamatsa fa e le gore o ‘mo dingwageng tsa bosha,’ nako e dikeletso tsa tlhakanelodikobo di a bong di nonofile thata ka yone. (1 Bakorintha 7:36) Le fa go ntse jalo, o ipakela mathata fa e le gore o nna o gopotse ka tlhakanelodikobo ka bomo. Mo go Bakolosa 3:5 Bibela ya re: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō [tsa tlhakanelodikobo].” Go nna o akantse ka tlhakanelodikobo go oketsa dikeletso tse di maswe. Go ka nna ga dira gore o iphoraphore mapele—kana le gone go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo tota.
O ka ‘tima’ jang ditoro tsa boitsholo jo bo maswe? Alan o gakologelwa jaana: “Ke ne ka swetsa ka gore ke di emisetse ka sengwe. Ke ne ke sa nne ke akantse ka tlhakanelodikobo fa ke ne ke tshwaregile ka sengwe se sele.” Ka jalo Alan o ne a ithuta boikgapo. (1 Bakorintha 9:27) O ne a tlhatlhanya ka dilo tse di agang mme a ithuta go kgaphela ntle ka bonako mogopolo mongwe le mongwe wa boitsholo jo bo maswe. (Pesalema 77:12) Alan o gakologelwa jaana, “Ke ne ka atlega!”
Se se kgatlhang ke gore, babatlisisi ba lemogile gore re eta mogopolo thata fa re sena se re se dirang. Ka jalo go nna le tiro e ntsi go e dira, bogolo jang “mo tihoñ ea Morèna,” le yone ke tsela e nngwe ya go kgoreletsa gore megopolo e e maswe e seka ya nna teng.—1 Bakorintha 15:58.
Itsa Mogopolo wa Gago go Kgarakgatshega
Mo basheng ba le bantsi bothata jo bogolo ga se se ba a bong ba se akantse, mme go na le moo ke kafa e leng gore seno se ama tiro ya bone ya sekolo le go ithuta ka gone. Karine wa dingwaga tse 16 o ngongorega jaana, “Mogopolo wa me ga o kgone go tlhomama. Ga ke kgone go tlhoma mogopolo wa me mo selong se le sengwe fela.” Ke jang o ka tlhomang mogopolo wa gago ka botlalo mo go se o se reeditseng? (Bapisa Mareko 4:24.) Babatlisisi bangwe ba dumela gore go a thusa go itemotsha kafa o lorang ka teng. Gongwe o ka nna wa kwala mo pampiring nako le nako fa o iphitlhela o le teng mo tlelaseng ka mmele fela. Erile baithuti bangwe ba dira jalo mo tshekatshekong nngwe, go eta mogopolo go ne ga fokotsega fela thata.
Gape leka gore o kgatlhegele se o se ithutang. Fa e le gore o ipoleletse gore dipalo di bolaisa bodutu kana gore hisitori e kgoba marapo, o tlile go nna le bothata go tlhoma mogopolo wa gago mo go tsone. Mme lefa go ntse jalo, go ithuta ga gago go tlile go kgatlha thata, fa o ikgakolola kafa tshedimosetso eo e leng mosola mo go wena ka gone. Fa go twe go ithuta ga go a go tswela mosola ope, bogolo go ka go thusa gore o nonotshe ‘bokgoni jwa gago jwa go akanya.’ (Diane 1:4) Gape o ka ithuta kitso e e botlhokwa. Ka sekai, dipalo di tla go thusa thata mo tirong ya boitshediso, mo go tsamaiseng lelapa, le mo go direng maikarabelo a a rileng a Bokeresete. Go itse hisitori go ka go thusa go tlhaloganya batho le ditiragalo tsa gompieno. Daniel wa dingwaga tse 14, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, a re: “Ka metlha ke leka go bona gore tiro ya me ya sekolo ya kwa gae e tsena fa kae mo Bibeleng le gore ke ka dirisa jang tshedimosetso eo mo tirong ya go rera. Seo se dira gore mogopolo wa me o seka wa kgarakgatshega, mme ke bo ke sa itlhaganelele go fetsa tiro eo.” Ee, fa o tsaya gore selo se o se ithutang se na le mosola o montsi, seo se tla go dira gore o batle kitso ka tlhagafalo.—Bapisa Diane 2:4.
Go thata le go feta go tlhoma mogopolo, bogolo jang fa o dira dilo tsa ka metlha jaaka go apaya, go phepafatsa, kana go faela. A bo go le motlhofo jang ne go eta mogopolo! Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore o kgotsofala thata fa o dirile tiro ka botswerere. (Moreri 2:24) Gape e re kgothaletsa gore re ‘dire dilo tsotlhe jaaka re ka bo re di direla Jehofa.’ (Bakolosa 3:23) Go nna le mogopolo o o ntseng jalo o o molemo go ka go thusa gore o tlhomame. Samuel wa dingwaga tse 12 a re, “Fa ke tlhoma mogopolo wa me mo go se ke se dirang ke se fetsa ka bonako.”
Go lora go ka nna ga bo go le monate, mme lefa go ntse jalo ga go emisetse boammaaruri jo bo teng ka dilo. O se ka wa go letlelela gore go laole botshelo jwa gago. Laola mogopolo wa gago. O dire gore o tshwarege mo dilong tse di nang le mosola. Ka go dira jalo, ga o kitla o emisa go lora thata go le gosi fela mme gape o tla “chwar[a] botshelō yo e leñ botshelō rure.”—1 Timotheo 6:19.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo “Basha ba Botsa Jaana . . . A Go Eta Mogopolo go Phoso?” mo tokololong ya rona ya July 8, 1993.
b Ka dinako tse dingwe go ijesa dijo tsa ditoro ke sesupo sa gore go na le mathata a a masisi. Dipatlisiso di bontshitse gore bontsi jwa bagolo ba ba iteelwang thata ke go ijesa dijo tsa ditoro ba ile ba sotlwa thata mo mmeleng le mo go tsa tlhakanelodikobo fa ba santse ba le bannye. Go ijesa dijo tsa ditoro go ne go ba thusa gore ba seka ba imelwa ke mahutsana. Mosha yo o sotlwang ka tsela nngwe e e rileng o tshwanetse go bolelela mogolo yo o ka ikanngwang gore a bone thuso.
c Dipatlisiso di bontsha gore go ijesa dijo tsa ditoro ka tsa tlhakanelodikobo go tsaya karolo e potlana thata ya megopolo ya motho fa a sa robala. Mme buka ya ga Dr. Eric Klinger e go tweng Daydreaming, e bolela gore: “Re na le tshekamelo ya go gakologelwa sentle dilo tse di re amang maikutlo. Mme ereka go ijesa dijo tsa ditoro ka tsa tlhakanelodikobo gantsi go ama maikutlo thata, ka lebaka leo re ka di gakologelwa thata go gaisa ditoro tse dingwe.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go na le go lora o ratiwa, dira maiteko a gore o nne motho yo o rategang