LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 28 ts. 219-224
  • Ke Ka Itebatsa Lorato lwa Boeleele Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Itebatsa Lorato lwa Boeleele Jang?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhaloso ya Lorato lwa Boeleele
  • Lorato lwa Boeleele—Lebaka la go bo lo ka Gobatsa
  • Go Lebana le Boammaaruri
  • Go Tlhatlhobisa Maikutlo a Gago
  • Go Mo Itebatsa
  • Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Go Tla Diragalang Fa Nka Ratana le Motho yo o Sa Dumeleng?
    Tsogang!—1994
  • Ke Ka Lebana Jang le Go Tlogelwa ke Moratiwa?
    Tsogang!—1993
  • Ke Dire Eng Fa a Sa Nthate?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 28 ts. 219-224

Kgaolo 28

Ke Ka Itebatsa Lorato lwa Boeleele Jang?

“MO BASHENG ba le bantsi,” go ne ga kwala jalo makasine mongwe o o ratang go kwala thata ka basha, “lorato lwa boeleele ke selo se se tlwaelesegileng fela jaaka mohikela.” Mo e batlileng e nna basha botlhe ba nna le lone, mme mo e ka nnang botlhe ba kgona go nna ba ikutlwa jalo le eleng fa ba setse ba godile, ba ikgantsha ba bile ba itshegela fela ka gone. Lefa go ntse jalo, fa o na le lorato lwa boeleele mo mothong mongwe, ga se selo se se tshegisang. “Ke ne ke khidiega,” go gakologelwa jalo mosha mongwe, “ka gonne ke ne ke sa kgone go dira sepe ka gone. Ke ne ke itse gore mosadi yoo o ne a le mogolo fela thata mo go nna, mme ke ne ke mo rata. Ke ne ke tlhakatlhakane tota ka baka la selo seno.”

Tlhaloso ya Lorato lwa Boeleele

Ga se boleo go nna le lorato lo logolo mo mongweng—fa fela e se lwa boitsholo jo bo sa siamang kana e le lo lo sa tshwanelang (jaaka fa o ka rata motho yo o nyetsweng). (Diane 5:15-18) Lefa go le jalo, fa o santse o le mosha, gantsi dikakanyo le ditiro tsa gago di laolwa ke “dithatō tsa bokau.” (2 Timotheo 2:22) Ka go bo mosha o a bo a santse a ithuta go laola dikeletso tsa gagwe tse disha tse di maatla tse di tlang ka nako ya bokau, o ka tlhoafadiwa ke maikutlo a magolo a lorato—mme a tlhoke motho yoo o ka a abalanang nae.

Mo godimo ga moo, “basetsana ba simolola go itsetsepela le go tsalana le batho ka phuthologo fa ba santse ba le basha go gaisa basimane.” Ka baka leo, “gantsi ba bona fa balekane ba bone ba sekolo ba ise ba gole ebile ba sa kgatlhe fa ba bapisiwa le barutabana ba bone” kana banna bangwe ba bagolwane, bao ba sa kakeng ba ratana nabo. (Makasine wa Seventeen) Ka gone mosetsana o ka nna a akanya gore morutabana mongwe yo a mo ratang thata, moopedi wa mmino wa pop, kana tsala nngwe fela yo motona mo go ene ke monna “yo o mo tshwanetseng.” Gantsi basimane le bone ba nna le lorato lwa boeleele ka tsela e e tshwanang. Lefa go ntse jalo, lorato loo ba nang le lone mo bathong bano ba ba sa tshwanelegeng gotlhelele ka phepafalo le thailwe mo go ijeseng dijo tsa ditoro fela go na le mo loratong lwa mmatota.

Lorato lwa Boeleele—Lebaka la go bo lo ka Gobatsa

Lefa ka mo go gakgamatsang lorato lwa boeleele gantsi lo sa tseye lobaka lo loleele, lefa go le jalo lo ka gobatsa basha fela thata. Ntlha ke gore, batho ba gantsi basha ba ba ratang ga se batho ba ba tlotlegang lefa e le go le gonnye. Monna mongwe yo o botlhale o ne a re: “Boeleele bo beèwa mo tlotloñ e kgolo.” (Moreri 10:6) Ka gone moopedi o ratelwa go bo a na le lentswe le le borethe kana a le mabono-mantle. A mme maitsholo a gagwe a tshwanela go bakiwa? A ke motho yo o “mo Moreneñ” jaaka Mokeresete yo o ineetseng?—1 Bakorintha 7:39.

Gape Bibela e tlhagisa jaana: “Botsalanō yoa lehatshe [ke] bobaba mo Modimoñ.” (Yakobe 4:4) A ga o na go baya botsalano jwa gago le Modimo mo kotsing fa o tlhoma pelo ya gago mo mothong yoo boitshwaro jwa gagwe bo kgalwang ke Modimo? Gape, Bibela e laola jaana, “Ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.” (1 Yohane 5:21) O ka go bitsa eng fa mosha a kgabisa dipota tsotlhe tsa kamore ya gagwe ka ditshwantsho tsa seopedi sengwe se se tumileng? A ga go na go tshwanela gore o go bitse “kobamelo ya medimo ya disetwa”? Seno se ka itumedisa Modimo jang tota?

Ebile basha bangwe ba letlelela gore dilo tseo ba ijesang ditoro ka tsone di ba itse go akanya. Mosadi mongwe yo mosha o ne a re: “Nako le nako fa ke mmotsa gore o ikutlwa jang—ka metlha o bolela gore ga a na lorato lope mo go nna. Mme ke itse gore seo ga se boammaaruri ka baka la tsela eo a ntebang ka yone le kafa a itshwarang ka gone.” Lekawana leo go buiwang ka lone o lekile ka bopelonomi go bolela fa a sena kgatlhego mme mosetsana yo ene o gana go dumela gore ga a mo rate.

Mosetsana yo mongwe gape o kwala jaana kaga lorato lwa boeleele lo a neng a na le lone mo seopeding sengwe se se tumileng: ‘Ke batla gore e nne mosimane yo ke ratanang nae, mme ebile ke rapeletse gore seno se diragale! Ke ne ke a tle ke robale ke tshotse alebamo ya gagwe ka gonne e ne e le gone fela kafa ke neng ke ka atamalana nae ka gone. Ke fitlhile mo seemong seo eleng gore fa ke ka seka ka ratana nae, ke tla ipolaya.’ A kgotelo eno e e senang tlhaloganyo e ka tswa e itumedisa Modimo, yoo o re laolelang gore re o direle ka “tekanō”?—Baroma 12:3.

Bibela e bolela jaana mo go Diane 13:12: “Cholohèlō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo.” Ka gone go tlhagolela maikutlo a lorato mo mothong yoo go sa kakeng ga kgonega gore o tsalane nae ke lorato lo lo sa neyeng botsogo jo bontle, lo lo sa lefediweng ke ope loo dingaka di umakang fa lo baka “pelo e e botlhoko, tlhodiego, tlalelo ka kakaretso . . . go tlhoka boroko kana go tobekana mmele, ditlhabi tsa mafatlha kana go fela mowa.” (Bapisa 2 Samuele 13:1, 2.) Mosetsana mongwe yo o neng a na le lorato lwa boeleele o ipolela jaana: “Ga ke kgone go ja. . . . Ga ke sa tlhole ke kgona go ithuta. Ke . . . akanya ka ene tsatsi lotlhe. . . . Ke mo matlhomoleng a magolo.”

Akanya ka tlhakatlhakano e o e tsosang fa o letlelela dilo tsa ditoro go laola botshelo jwa gago. Dr. Lawrence Bauman o lemotsha gore nngwe ya ditshupo tsa ntlha tsa lorato lwa boeleele lo lo sa laolesegeng ke “go nyahala mo go direng boiteko kwa sekolong.” Phelelo e nngwe e e tlwaelesegileng ke go itomolola mo ditsaleng le mo go balelapa. Gape go ka nna le go ikutlwa o nyatsega. “Ke jewa ke kgala go ipolela jaana,” go bolela jalo mokwadi Gil Schwartz, “mme ke ne ka itshwara jaaka lesilo fa ke ne ke na le lorato lwa boeleele mo go Judy.” Ka nako e telele morago ga lorato lwa boeleele lo sena go kokobela, motho o nna a gakologelwa kafa a nnileng a sala-sala motho morago ka teng, a dira gore batho ba lemoge, mme ka kakaretso a itira seeleele ka boene.

Go Lebana le Boammaaruri

Kgosi Solomone, mongwe wa banna ba ba botlhale go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, o ne a ratana fela thata le mosetsana mongwe yo a neng a sena maikutlo a a tshwanang le a gagwe. O ne a mmoka ka maboko a a monate a a gaisang otlhe a a kileng a kwalwa, a mmolelela gore o ne a le “montlè yaka ñwedi, a itshekile yaka letsatsi”—mme a tshwara lephoro fela!—Sehela sa Dihela 6:10.

Lefa go ntse jalo, kgabagare Solomone o ne a seka a tlhola a leka go gapa mosetsana yoo. Ke jang, wena le wena, o ka laolang maikutlo a gago? “Eo o ikanyañ pelo ea gagwè ka esi ke seeleele,” go bolela jalo Bibela. (Diane 28:26) Seno se boammaaruri segolo bogolo fa o ijesa dijo tsa ditoro ka maikutlo mangwe a lorato. Lefa go ntse jalo, “eo o tsamaeañ ka botlhale, o tla gololwa.” Seno se raya go leba dilo jaaka di ntse.

“O ka itse jang fa go tshwanela gore o nne le tsholofelo lefa go sena mabaka a gore o solofele?” go botsa jalo Dr. Howard Halpern. “Ka go sekaseka mabaka ka kelotlhoko le ka moya o o oleng.” Akanyetsa seno: Go na le kgonego e e kana kang ya gore wena le motho yono lo ka nna le maikutlo a mmatota a lorato ka yo mongwe? Fa motho yono e le motlotlegi, se se sa itumediseng ke gore ga o kitla o kopana le motho yono! Kgonego ya gore o ratane le motho yono ga e kalo kalo gape fa e le motho yo o godileng, yo o tshwanang le morutabana.

Mo godimo ga moo, a go fitlha nakong eno motho yo o mo ratang yono o bontshitse kgatlhego ya mofuta ope fela mo go wena? Fa go sa nna jalo, a tota go na le lebaka le le utlwalang la gore o dumele gore dilo di tla fetoga mo isagweng? A kana ke fela gore o akanyetsa gore o na le maikutlo a lorato mo go wena fa ene a ipuela fela a bile a itshwara ka tsela eo a sa kaeng sepe ka yone? Ebile kana tota, mo mafatsheng a mantsi ke selo se se tlwaelesegileng gore banna e nne bone ba simololang go nna le maikutlo a lorato. Mosetsanyana yo mmotlana o ka ikisa kwa tlase fa ka bogagapa fela a sala-sala motho yo o sa mo kgatlhegeleng gotlhelele morago.

Mo godimo ga moo, o ne o tla dirang fa motho yoo tota a arabela lorato lwa gago? A o setse o siametse maikarabelo a lenyalo? Fa go sa nna jalo, he ‘tlosa bohutsana mo pelong ya gago’ ka go gana go tlhola o ijesitse dijo tsa ditoro. Go na le “motlha oa go rata,” mme gongwe oo e tla nna morago ga dingwaga di le dintsi fa o setse o godile.—Moreri 3:8; 11:10.

Go Tlhatlhobisa Maikutlo a Gago

Dr. Charles Zastrow o lemotsha jaana: “Motho o nna le lorato lwa boeleele fa a tsaya gore motho yoo a nang le lorato lwa boeleele mo go ene ke ‘moratiwa yo o tshwanelegang ka botlalo’; ke gore, a fetsa ka gore motho yoo o na le mekgwa yotlhe eo a e batlang mo molekaneng.” Lefa go ntse jalo, ga go na motho yo go tweng ke “moratiwa yo o tshwanelegang ka botlalo.” “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo,” go rialo Bibela.—Baroma 3:23.

Jalo ipotse jaana: Tota ke itse motho yono yo ke tlhomileng pelo ya me mo go ene go le kana kang? A ke rata setshwantsho fela? A ke itlhokomolosa ditlhaelo tsa motho yono? Go leba motho yo o ithayang o re o a mo rata ka boikaelelo e ka nna gone fela mo go tlhokafalang gore o tswe mo maibing a o mo go one a maikutlo a lorato! Se gape se ka thusang ke go tlhatlhobisa mofuta wa lorato loo o nang nalo mo mothong yono. Mokwadi Kathy McCoy o bolela jaana: “Lorato lo lo sa tiyang lo ka se tseye lobaka lo loleele . . . O a bo o tlhomile mogopolo fela mo go wena, mme o rata go ratana fela . . . Motho yo o nang le lorato lo lo sa tiyang o a ngaparela, o a boulela, ebile o lefufa. . . . Motho yo o nang le lorato lo lo sa tiyang o batla boitekanelo.”—Bapisa 1 Bakorintha 13:4, 5.

Go Mo Itebatsa

Se se boammaaruri ke gore, lefa o ka newa mabaka otlhe mo lefatsheng seo ga se na se phimola kafa o ikutlwang ka gone. Mme o ka tila go gakatsa bothata. Go bala dibuka tseo di tsosang maikutlo a lorato, go lebelela metshameko ya lorato ya TV, kana fela go reetsa mmino wa mofuta o o rileng go ka gakatsa maikutlo a go jewa ke bodutu. Jalo gana go tlhola o akantse ka kgang eno. “Molelō o tima ka go tlhōka dikgoñ.”—Diane 26:20.

Maikutlo a lorato lwa ditoro a gaisiwa gotlhelele ke a batho bao ba go ratang ka boammaaruri ba bile ba amega ka wena. O seka wa ‘itomolola.’ (Diane 18:1) O ka nna gape wa fitlhela gore batsadi ba gago ba ka go thusa fela thata. Lefa o ka tswa o leka jang go fitlha maikutlo a gago, gongwe ba setse ba lemogile gore sengwe se a go tlhorontsha. Ke ka ntlhayang fa o sa ba atamele mme wa ba bolelela seo se leng mo pelong ya gago? (Bapisa Diane 23:26.) Gape Mokeresete mongwe yo o tiileng o ka nna a go reetsa ka tlhoafalo.

“Tshwarega ka go dira sengwe,” go kgothatsa jalo mokwadi Esther Davidowitz yo o kwalang kaga basha. Dira tiro nngwe ya go itlosa bodutu, itshidile mmele ka tsela nngwe fela, ithute puo nngwe, simolola go dira patlisiso nngwe ya Bibela. Go nwetsa mogopolo mo ditirong dingwe tse di nang le mosola go ka thibela motho fela thata mo go itomololeng.

Go itebatsa lorato lwa boeleele ga se selo se se motlhofo. Mme fa nako e ntse e tsamaya, botlhoko jwa gone bo tla kokobela. O tla bo o ithutile go le gontsi kaga gago le maikutlo a gago, ebile o tla bo o ipaakanyeditse botoka go dirisana le lorato lwa mmatota lo mongwe a ka nnang le lone mo go wena fa e le gore o tla nna le lone mo isagweng! Mme o ka kgona jang go lemoga fa motho a na le ‘lorato lwa mmatota’ mo go wena?

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 28

◻ Ke ka ntlhayang fa e le selo se se tlwaelesegileng gore basha ba nne le lorato lwa boeleele?

◻ Batho bao gantsi basha ba nnang le maikutlo a lorato lwa ditoro mo go bone ke bafe, mme ka ntlhayang?

◻ Ke ka ntlhayang fa lorato lwa boeleele lo ka gobatsa?

◻ Dilo dingwe tseo mosha o ka di dirang go itebatsa lorato lwa boeleele ke dife?

◻ Mosha o ka tila jang go gakatsa maikutlo a lorato lwa ditoro?

[Mafoko a a mo go tsebe 223]

‘Ga ke kgone go ja. Ga ke sa tlhole ke kgona go ithuta. Ke akanya ka ene letsatsi lotlhe. Ke mo matlhomoleng a magolo’

[Setshwantsho mo go tsebe 220]

Ke selo se se tlwaelesegileng fela thata gore motho a nne le lorato lwa boeleele mo mothong yo mogolo go ene, yoo a sa kakeng a ratana nae wa bong bo sele

[Setshwantsho mo go tsebe 221]

Go leba motho yono ka maikutlo a a oleng, ka boikaelelo go ka alafa maikutlo a gago a lorato lwa ditoro

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela