LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 31 ts. 242-251
  • Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A O ka Rata Motho ka Ponyo ya Leitlho Fela?
  • Dipopego di a Tsietsa
  • “E Boherehere Bogolo go Dilō Cotlhe”
  • Lorato fa Lo Bapisiwa le Lorato lwa Boeleele
  • Sekao sa Lorato lwa Mmatota
  • Go Tsaya Nako!
  • Ke Tla Itse Jang Gore ke Lorato Lwa Mmatota?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke Ka Itebatsa Lorato lwa Boeleele Jang?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Ka Lebana Jang le Go Tlogelwa ke Moratiwa?
    Tsogang!—1993
  • Ke Dire Eng Fa a Sa Nthate?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 31 ts. 242-251

Kgaolo 31

Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?

LORATO—mo bathong ba ba nang le maikutlo a lorato a magolo ke tiragalelo e e gakgamatsang eo e go remang ditokololo, boikutlo joo motho a nnang najo gangwefela mo botshelong jwa boitumelo jo bo mo yang kwa tlhogong. Ba dumela gore, lorato ke selo sa mo pelong fela, selo se se sa kakeng sa tlhaloganngwa, seo se ka itemogelelwang fela. Lorato lo fenya dilo tsotlhe mme lo nnela ruri . . .

A tlhalosiwa jalo maikutlo a lorato. Mme ga go na pelaelo, go ratana le motho ke boitemogelo jo bo itumedisang jwa mofuta wa jone fela. Mme tota lorato lwa mmatota ke eng?

A O ka Rata Motho ka Ponyo ya Leitlho Fela?

David o ne a kopana le Janet e le lwantlha kwa moletlong mongwe. Ka bokhutshwane fela a kgatlhwa ke popego ya gagwe e ntle ya mmele le tsela eo moriri wa gagwe o neng o wela mo godimo ga leitlho la gagwe ka yone fa a ne a tshega. Janet o ne a tshereanngwa ke matlho a gagwe a marokwa le motlotlo wa gagwe o o monate. Go ne go lebega ekete ke kgang ya go ratana ka ponyo ya leitlho fela!

Mo dibekeng tse tharo tse di latelang, David le Janet ba ne ba sa kgaogane. Go tswa foo bosigo bongwe Janet o ne a amogela mogala o o kgobang marapo go tswa go mosimane yo o neng a ratana nae pele. O ne a leletsa David go tla go mo gomotsa. Mme David, ka a ne a ikutlwa a tshosediwa ebile a tlhakane tlhogo, o ne a nna tsididi fela. Lorato loo ba neng ba akanya gore lo ne lo tla nnela ruri lo ne lwa fela bosigo jone joo.

Dibaesekopo, dibuka, le metshameko ya thelebishene di tla dira gore o dumele gore lorato lwa ponyo ya leitlho lo nnela ruri. Ke boammaaruri gore, gantsi batho ba tlhomana leitlho ka go bo ba kgatlhilwe ke dipopego tsa yo mongwe kwa tshimologong fela. Fela jaaka lekawana lengwe le tlhalosa: “Go thata go ‘bona’ botho jwa motho.” Mme tota motho o a bo “a rata” eng fa a na le dioura di sekae fela kana le malatsi a sekae fela a ntse a tsalane le mongwe? A o a bo a sa rate setshwantsho se motho yoo o se supang? Tota, o a bo o sa itse sepe kaga dikakanyo tsa motho yoo, ditsholofelo, dipoifo, dithulaganyo, mekgwa, botswerere, kana dikgono. O kopane fela le lentle la motho yoo, eseng “motho eo o sa bonaleñ oa pelo.” (1 Petere 3:4) Lorato lwa go nna jalo lo ka tsaya lobaka lo lo kana kang?

Dipopego di a Tsietsa

Mo godimo ga moo, dipopego tsa ka kwantle di ka tsietsa. Bibela ya re: “Boeletsègō ke tsieco, le bontlè ke boithamakō.” Sephuthelo se se phatsimang sa mpho ga se kake sa go lemotsha seo se leng mo teng. Ebile tota, bontsi jwa diphuthelo tse dintle thata di ka tswa di phuthetse mpho e e senang mosola.—Diane 31:30.

Seane sa re: “Yaka lenyena ya gouda mo nkoñ ea kolobè, mosadi eo montlè eo o senañ pharologanyō o nntse hèla yalo.” (Diane 11:22) Manyena a nko e ne e le mekgabisa e e tlwaelesegileng mo metlheng ya Bibela. E ne e tlhomologile, gantsi e dirilwe ka gouda e e sa pekwang. Jaaka go ka lebelelwa, lenyena la go nna jalo e ne e ka nna mokgabisa wa ntlha o o neng o tla o bona mo mosading.

Ka tshwanelo, Bibela e tshwantshanya mosadi yo montle ka kwantle mme a sena “pharologanyō” le “lenyena ya gouda mo nkoñ ea kolobè.” Tota mosadi yo o senang pharologanyo ga a tshwanelwe ke bontle; mokgabisa oo ga o na mosola mo go ene. Morago ga nako, o tla bo a sa tlhole a kgatlha batho fela jaaka lenyena ye le ntlentle le sa dire gore kolobe e nne ntle! A bo e le phoso jang ne, go ‘ratana’ le tsela eo motho a lebegang ka yone—mme o tlhokomologa gore motho yoo o ntse jang mo teng.

“E Boherehere Bogolo go Dilō Cotlhe”

Lefa go ntse jalo, bangwe ba ikutlwa gore pelo ya motho ga e kake ya dira phoso mo go boleleng gore a motho o na le maikutlo a lorato. ‘Reetsa fela seo pelo ya gago e se bolelang,’ ba gatelela jalo. ‘Ke yone e tla go bolelelang fa e le lorato lwa mmatota!’ Ka go tlhoka lesego, mabaka a ganetsana le mogopolo ono. Go ne ga dirwa patlisiso nngwe eo mo go yone batho ba le 1 079 (ba dingwaga tse 18 go ya go 24) ba neng ba bega fa ba ile ba itemogelela go nna le palogare ya maikutlo a lorato ka mongwe a le supa go tla go fitlha nakong eo. Ba le bantsi ba ile ba dumela gore maikutlo a lorato ao ba neng ba nna nao ka mongwe mo nakong e e fetileng e ne e le lorato lwa boeleele fela—e le maikutlo ao a neng a feta, ao a neng a tloga a nyelela. Lefa go le jalo, basha bano “ka go tshwana ba ne ba tlhalosa fa seo ba neng ba se ikutlwa ka nako eo e ne e le lorato lwa mmatota”! Lefa go le jalo, go ka nna ga diragala gore bontsi jwa bone e re letsatsi lengwe ba lebe maikutlo a bone a jaanong jaaka ba dirile ka a a fetileng—jaaka lorato lwa boeleele fela.

Selo se se utlwisang botlhoko ke gore ngwaga le ngwaga diketekete tsa banyalani ba nyalana ba ithaya ba re ‘ba a ratana,’ mme e re ka bokhutshwane fela morago ga moo ba lemoge gore ba dirile phoso e e masisi. Lorato lwa boeleele “lo gogela banna le basadi bao ba sa belaeleng sepe mo manyalong a a sa siamang jaaka dikwanyana tse di yang go tlhabiwa,” go bolela jalo Ray Short mo bukeng ya gagwe Sex, Love, or Infatuation.

“Eo o ikanyañ pelo ea gagwe ka esi ke seeleele.” (Diane 28:26) Go le gantsi, pelo ya rona e atlhola ka go tlhoka kaelo kana ka go timela. Ebile tota, Bibela ya re: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe.” (Yeremia 17:9) Lefa go le jalo, seane seo se umakilweng pelenyana se tswelela jaana: “Me eo o tsamaeañ ka botlhale, o tla gololwa.” Le wena o ka falola dikotsi le dikhidiego tseo basha ba bangwe ba di bogileng fa o ithuta pharologanyo gareng ga lorato lwa boeleele le lorato loo lo tlhalosiwang mo Bibeleng—eleng lorato loo lo sekeng lo tlhaela.

Lorato fa Lo Bapisiwa le Lorato lwa Boeleele

“Motho yo o nang le lorato lwa boeleele ga a bone sepe mme ebile o batla go nna fela jalo. Ga a batle go leba dilo jaaka di ntse,” go ipolela jalo Calvin wa dingwaga tse 24. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 16, yo o bidiwang Kenya, o ne a oketsa ka go re, “Fa o na le lorato lwa boeleele mo mothong mongwe o akanya gore sengwe le sengwe seo a se dirang se siame fela.”

Lorato lwa boeleele ke lorato lwa tsietso. Ga lo na tlhaloganyo ebile ke lwa boithati. Batho ba ba nang le lorato lwa boeleele ba na le go rata go re: ‘Eleruri ke ikutlwa ke le motho wa botlhokwa fa ke na le ene. Ga ke kgone go robala. Ke mo rata mo ebileng ke sa dumele’ kana, ‘O intumedisa e le tota.’ Elatlhoko gore go dirisiwa “ke” ga kae? Go tlhomamisega gore botsalano joo bo thailweng mo bogagapeng ga bona go tshwarelela! Lefa go ntse jalo, elatlhoko kafa Bibela e tlhalosang ka teng lorato lwa boammaaruri: “Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi; loratō ga lo pelotshètlha; loratō ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela, Ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ, ga lo ko lo ipatlèla hèla, ga lo ko lo gakatsèga, ga lo ko lo akanya boshula.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

Ereka lo se ke lo “ipatlèla hèla,” lorato lo lo thailweng mo molao-motheong wa Bibela ga se lwa boithati le gone ga se lwa bogagapa. Ke boammaaruri gore, batho ba babedi ba ka nna le maikutlo a magolo a lorato ka yo mongwe ba bile ba kgatlhana. Mme maikutlo ano a lekalekanngwa ke go nna le tlhaloganyo le tlotlo e kgolo mo mothong yo mongwe. Fa tota o rata motho yo mongwe, o amega fela ka go tshela sentle ga gagwe le go itumela fela jaaka o dira kaga gago. Ga o dire gore maikutlo ao a go fekeetsang a dire gore o seka wa atlhola dilo sentle.

Sekao sa Lorato lwa Mmatota

Polelo ya Bibela kaga Jakobe le Ragele e tshwantsha seno ka botlalo. Batho ba babedi bano ba ne ba kopana fa sedibeng seo Ragele a neng a tlile go nosetsa dinku tsa ga rraagwe mo go sone. Ka bokhutshwane fela Jakobe o ne a mo kgatlhegela eseng fela ka gonne a ne a “le montlè, a bopegile sentlè” mme ka gonne e ne e le moobamedi wa ga Jehofa.—Genesise 29:1-12, 17.

Morago ga go nna kgwedi e e tletseng mo legaeng la balelapa la ga Ragele, Jakobe o ne a itsise gore o ne a rata Ragele a bile a batla go mo nyala. A e ne e le maikutlo fela a lorato lwa boeleele? Le eseng! Mo kgweding eo, o ne a kgona go bona Ragele kafa a ntseng ka teng ka tlholego—kafa a neng a tshwara batsadi ba gagwe le ba bangwe ka gone, kafa a neng a dira tiro ya gagwe jaaka modisa wa mosadi ka gone, kafa a neng a tsaya kobamelo ya ga Jehofa ka masisi ka gone. Kwantle ga pelaelo o ne a mmone “a ipaakantse sentle” gammogo le “fa a ne a kgamathetse fela.” Ka jalo lorato lwa gagwe e ne e se maikutlo fela ao a sa laolesegeng mme e ne e le lorato lo eseng lwa bogagapa lo lo neng lo thailwe mo mabakeng le mo tlotlong e kgolo.

Ereka go ne go ntse jalo, Jakobe o ne a ka bolela gore o ne a ikemiseditse go direla rraagwe dingwaga tse supa e le gore a tle a kgone go mo tsaya go nna mosadi wa gagwe. Tota ga go na lorato lwa boeleele lope loo lo ka bong lo ile lwa tshwarelela ka lobaka lo loleele jalo! Ke lorato lwa mmatota fela, kgatlhego e e seng ya bogagapa mo mothong yo mongwe, eo e neng e ka dira dingwaga tseo gore di lebege jaaka “malatsinyana hèla.” Ka baka la lorato loo lwa mmatota, ba ne ba kgona go boloka boitsheko jwa bone mo lobakeng loo.—Genesise 29:20, 21.

Go Tsaya Nako!

Ka jalo lorato lwa boammaaruri ga lo amiwe ke nako ka gope. Eleruri, gantsi tsela e e molemo ya go tlhatlhobisa maikutlo a gago ka motho mongwe ke go fetisa nako e e rileng. Mo godimo ga moo, jaaka mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Sandra a ne a lemotsha: “Motho ga a kake a go bontsha botho jwa gagwe fela ka go re: ‘Ke motho wa mofuta ono. Jaanong o itse gotlhe ka ga me.’” Nnyaa, gape go tsaya nako go itse motho yo o mo kgatlhegelang.

Gape nako e go letlelela go tlhatlhobisa maikutlo a gago a lorato go ya kafa Bibeleng. Gakologelwa, lorato “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ, ga lo ko lo ipatlèla hèla.” A molekane wa gago o tlhoafaletse go atlegisa maikaelelo a lona—kana a o tlhoafaletse go atlegisa a gagwe fela? A go bonala a tlotla pono ya gago, maikutlo a gago? A o kile a go gatelela go dira dilo tseo tota di ‘sa tshwanelang’ e le gore a kgotsofatse dikgotelo tsa gagwe tsa bogagapa? A motho yono o na le go go kgoba marapo kana go go aga fa pele ga ba bangwe? Go ipotsa dipotso tsa go tshwana le tseno go ka go thusa go sekaseka maikutlo a gago ka tlhamalalo.

Go itlhaganelela go nna le maikutlo a lorato ka motho mongwe ke go ipakela matlhotlhapelo. “Ke ne ka mo rata, ka bofefo fela mme ebile e le ka botlalo,” go tlhalosa jalo Jill wa dingwaga tse 20. Morago ga go nna mo maibing a maikutlo a lorato ka dikgwedi tse pedi, o ne a nyalwa. Mme diphoso tseo pele di neng di bipilwe di ne tsa ntsha nko. Jill o ne a simolola go bontsha go sa itshepang ga gagwe le go ithata. Monna wa gagwe, ebong Rick, o ne a seka a tlhola a eletsega go ka ratwa mme a nna bogagapa. Morago ga mo e ka nnang dingwaga di le pedi ba ntse ba nyalane, Jill o ne a simolola go bokolela letsatsi lengwe a re monna wa gagwe o ne “a se motho wa sepe,” “a le setshwakga,” le gore o ne a “sa kgone” jaaka monna yo o nyetseng. Rick o ne a arabela ka go mo itaya mo letlhaeng ka feise. Jill o ne a tswa mo ntlong ya bone a siane, a lela—mme a intsha mo lenyalong la bone.

Kwantle ga pelaelo go latela kgakololo ya Bibela go ka bo go ile ga ba thusa go boloka lenyalo la bone. (Baefesia 5:22-33) Mme a bo dilo di ka bo di ile tsa farologana jang ne fa ba ne ba ile ba tlwaelana sentle pele ga lenyalo! Ba ka bo ba ile ba seka ba rata “ditshwantsho” mme ba rata botho jwa mmatota—joo bo nang le ditlhaelo gammogo le dikgono. Ditebelelo tsa bone di ka bo di nnile tse di utlwalang.

Lorato lwa mmatota ga lo nne mo nakong e khutshwane fela. Le gone motho yo o ka nnang molekane wa lenyalo yo o molemo ga go reye gore e tshwanetse go nna motho yo montle fela thata. Ka sekai, Barbara o ne a kopana le lekawana lengwe leo a dumelang gore o ne a sa le rate thata—kwa tshimologong. “Mme fa ke ntse ke mo itse,” Barbara o gakologelwa jalo, “dilo di ne tsa fetoga. Ke ne ka lemoga fa Stephen a amega ka batho ba bangwe le kafa ka metlha a neng a baya dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe ka gone. Tseno e ne e le dinonofo tse ke neng ke itse gore di ne di tla dira monna yo o molemo. Ke ne ka mo kgatlhegela mme ka simolola go mo rata.” Go ne ga latela lenyalo le le tiileng.

Jalo o ka itse jang fa e le lorato lwa mmatota? Pelo ya gago e ka bua sengwe, mme ikanye mogopolo wa gago o o thapisitsweng ke Bibela. Se itse fela “setshwantsho” se se ka kwantle sa motho yoo. Naya botsalano joo nako gore bo betlame. Gakologelwa, ka makgetlo a sekae lorato lwa boeleele lo fitlha kwa setlhoeng sa lone mo nakong e khutshwane fela mme go tswa foo lo bo lo nyelela. Lorato lwa mmatota lo nonofela pele fa nako e ntse e tsamaya mme lo nne “sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14.

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 31

◻ Go na le kotsi efe mo go rateng ditebego tsa motho?

◻ A o ka ikanya pelo ya gago go go lemotsha fa e le lorato lwa mmatota?

◻ Dipharologanyo dingwe gareng ga lorato le lorato lwa boeleele ke dife?

◻ Ke ka ntlhayang fa gantsi batho ba babedi bao ba fereanang ba na le go kgaogana? A ka metlha seno se phoso?

◻ O ka dirisana jang le maikutlo a go sa ratwe fa maikutlo a lorato a kgaoseditswe?

◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore lo tseye nako lo itsanye?

[Mafoko a a mo go tsebe 242]

A o rata motho yoo kana “setshwantsho” fela?

[Mafoko a a mo go tsebe 247]

“Motho yo o nang le lorato lwa boeleele ga a bone sepe mme ebile o batla go nna fela jalo. Ga a batle go leba dilo jaaka di ntse.”—Monna wa dingwaga tse 24

[Mafoko a a mo go tsebe 250]

“Jaanong ke motho fela wa ‘Dumela, o kae?’ Ga ke letlelele motho ope go atamalana le nna”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 248, 249]

Ke Ka Kgona Jang go Itebatsa go Phatlolwa Pelo?

O itse fela sentle gore motho yono ke ene yo lo tla nyalanang mmogo. Lo ipelelana go nna mmogo, lo na le dikgatlhego tse di tshwanang, ebile lo ikutlwa lo kgatlhana. Go tswa foo, ka tshoganetso fela, botsalano jwa lona bo a fela, bo felela ka kgalefelano e kgolo—kana bo nyelela fela mo go bileng go letsa.

Mo bukeng ya gagwe ya The Chemistry of Love, Dr. Michael Liebowitz o ne a tshwantsha tshimologo ya lorato le go bereka mo mmeleng ga seokobatsi se se maatla. Mme fela jaaka seokobatsi, lorato lwa go nna jalo lo ka nna le ‘ditshupo tsa gore lo a fela’ tse di sa tlwaelesegang fa lo swa. Mme ebile ga go na pharologanyo e e kalo kalo fa lorato e le lorato lwa boeleele fela kana e le ‘selo sa mmatota.’ Oo mabedi a ka itumedisa mo go tlhakanyang tlhogo—a ba a sulafatsa mo go utlwisang botlhoko fa botsalano joo bo fela.

Maikutlo a go sa ratwe, go utlwisiwa botlhoko, mme gongwe le kgalefo ao a nnang teng morago ga lorato lo sena go kgaosediwa a ka nna ka gone a sulafatsa pono ya gago ya isagwe. Mosadi mongwe yo mmotlana o bua gore o ne a ‘ntshiwa ntho’ ka gonne o ne a phuaganngwa fela. “Jaanong ke motho fela wa ‘Dumela, o kae?’ [mo bathong ba bong bo sele],” a rialo. “Ga ke letlelele motho ope go atamalana le nna.” Fa motho a nwetse thata ka maikutlo mo botsalanong jwa go nna jalo, go kgaosediwa ga jone go ka utlwisa botlhoko fela thata.

Ee, eleruri, kgololesego ya gore motho o ka fereana le ope fela e ka nna le tuelo e kgolo morago: gore ka boammaaruri go ka nna ga diragala gore o seka wa ratwa. Tota ga go na tiisetso epe ya gore lorato lwa boammaaruri lo tla gola. Jalo fa motho mongwe a ne a simolola go fereana le wena a na le maikaelelo a bopeloephepa mme e re moragonyana a bo a fetsa ka gore go tla bo go se botlhale gore lo nyalane, tota ga go reye gore ga o a tsewa sentle.

Bothata ke gore, le eleng fa go kgaosediwa ga lorato go ka dirwa ka botswerere jo bogolo le ka bopelonomi, o santse o tla ikutlwa o utlwile botlhoko ebile o sa ratwe. Lefa go ntse jalo, leno ga se lebaka la go latlhegelwa ke boitlotlo jwa gago. Lebaka la go bo o ne o sa “siama” go ya ka pono ya motho yono ga go reye gore ga o na go siama ka botlalo go ya ka pono ya motho o sele!

Leka go tsaya maikutlo a a fetileng a lorato ka go wela dibete fela. Go kgaosediwa moo ga lorato go ka nna ga bo go tlhomolotse dilo dingwe tseo di sa itumediseng kaga motho yoo o neng o ratana nae—gore ga aa gola mo maikutlong, ga a kgone go dira diphetso, o a fetofetoga, ga a pelotelele, ga a akanyetse maikutlo a gago. Dinonofo tseno di kgakala le go eletsega mo molekaneng wa lenyalo.

Go tweng fa e le motho a le mongwefela fela yo o batlang go kgaosetsa lorato mme wena o tlhatswegile pelo gore lenyalo la lona le ne le ka atlega? Eleruri o na le tshwanelo ya go bolelela motho yo mongwe kafa o ikutlwang ka gone. Gongwe ke fela gore lo tlhokile kutlwisisano. Go kukega maikutlo o buela kwa godimo le go sotla ga go na go thusa sepe. Mme fa a santse a gatelela gore lo kgaogane, ga go tlhokafale gore o itlisetse lenyatso, o lopa ka dikeledi motho yo ka phepafalo a senang lorato mo go wena gore a go rate. Solomone o ne a bolela gore go na le “motlha oa go batla, le motlha oa go latlhègèlwa.”—Moreri 3:6.

Go tweng fa e le gore o na le mabaka a a tiileng a go dumela gore o ne o dirisiwa fela ke motho yoo a iseng a ko a nne le kgatlhego ya mmatota ya go nyalana nao kwa tshimologong? Ga o a tshwanela go lwa o re o a ipusolosetsa. Tlhomamisega gore ga se gore Modimo ga o lemoge boferefere jwa go nna jalo. Lefoko la Gagwe la re: “Eo o selalome o ichwenya nama ea gagwè.”—Diane 11:17; bapisa Diane 6:12-15.

Gangwe le gape o ka nna wa tlhokofadiwa ke maikutlo a go jewa ke bodutu le go gakologelwa maikutlo a lorato. Fa go ntse jalo, ke selo se se siameng fela go ikgomotsa ka go lela. Gape o ka thusiwa ke go nna o tshwaregile, gongwe o dira tiro nngwe ya diatla kana bodihedi jwa Bokeresete. (Diane 18:1) Boloka mogopolo wa gago o akantse ka dilo tseo di kgatlhisang le tseo di agang. (Bafilipi 4:8) Ipolelele tsala nngwe eo o atamalaneng nayo. (Diane 18:24) Batsadi ba gago le bone ba ka nna ba go naya kgomotso e kgolo, le eleng fa o ikutlwa gore o setse o godile mo o ka ikemelang ka nosi. (Diane 23:22) Mme mo godimo ga tsotlhe, ipolelele Jehofa.

Jaanong o ka tswa o bona tlhokafalo ya go berekela mo dintlheng dingwe tsa botho jwa gago. Pono ya gago kaga se o se batlang mo molekaneng wa lenyalo e ka tswa e phepafetse go feta pele. Mme ereka o kile wa ratana le mongwe wa bo wa kgaogana nae, o ka nna wa fetsa ka gore o dirisane le lefereo ka tsela e e botlhale fa e le gore o tla thulana gape le motho yo o mo ratang—seo se ka nnang sa diragala go feta jaaka wena o akanya.

[Tšhate mo go tsebe 245]

A Ke Lorato Kana Lorato lwa Boeleele?

LORATO LORATO LWA BOELEELE

1. Go amega ka dikgatlhego tsa 1. Lo bogagapa, lo na le

motho yo mongwe kwantle ga dithibedi. Motho o akanya gore,

bogagapa ‘Seno se ntsholegela molemo ka

eng?’

2. Gantsi maikutlo a lorato a 2. Maikutlo a lorato a simologa

simologa ka bonya, gongwe a ka bofefo, gongwe morago ga

tsaya dikgwedi kana dingwaga dioura fela kana malatsi

3. O a bo o kgatlhwa ke botho 3. O tsewa maikutlo fela thata

jotlhe jwa motho yo mongwe le kana o kgatlhegela popego ya

dinonofo tsa semoya mmele ya motho yo mongwe. (‘O na

le matlho a a bokalalang.’ ‘O na

le mmele o o bopegileng sentle’)

4. Seno se felela ka gore go go 4. Lo na le phelelo e e senyang,

dire motho yo o botoka e e tlhakatlhakanyang

5. O leba motho yo mongwe jaaka 5. Ga lo lebe dilo kafa di ntseng

a ntse, o bona ditlhaelo tsa ka gone. Motho yo mongwe o lebega

gagwe, mme lefa go le jalo o mo a siame ka botlalo. O

rata itlhokomolosa dipelaelo dipe tse

di tshwenyang kaga ditlhaelo tse

di masisi tsa botho jwa yo mongwe

6. Lo nna le ditlhoka-kutlwano, 6. Lo nna le dikomano gangwe le

mme lo fitlhela gore lo kgona go gape. Ga go na epe e e atleng e

buisana ka tsone le go di rarabologe. Bontsi jwa tsone di

rarabolola “rarabololwa” ka go atlana

7. O batla go abalana le go 7. Kgatelelo e mo go tseyeng kana

arolana le motho yo mongwe mo go gapeng, segolo bogolo mo go

kgotsofatseng dikgotelo tsa

tlhakanelo-dikobo

[Setshwantsho mo go tsebe 244]

Monna kana mosadi yo o nang le dipopego tse dintle, mme a sena pharologanyo, ‘o tshwana le lenyena la gouda mo nkong ya kolobe’

[Setshwantsho mo go tsebe 246]

Motho yoo gangwe le gape a go kgobang marapo fa pele ga ba bangwe o ka nna a tswa a sena lorato lwa mmatota mo go wena

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela