Kgaolo 30
A Ke Setse Ke Godile Mo Ke Siametseng Lenyalo?
LENYALO ga se matshamekwane. Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore banna le basadi ba bone ba tlhame sebofo sa sennela-ruri, seo se kitlaneng go gaisa sepe seo ba ka nnang naso le motho ope fela. (Genesise 2:24) Ka gone molekane wa lenyalo ke motho yo o tla mo ngaparelang—yoo lo tla ngaparanang mmogo—mo botshelong jotlhe jwa lona.
Boammaaruri ke gore lenyalo lepe fela le tla nna le “botlhoko le bohutsana.” (1 Bakorintha 7:28, The New English Bible) Mme Marcia Lasswell, yo o leng moporofesa wa boitseanape jwa maitshwaro a batho, o tlhagisa jaana: “Tshedimosetsonyana epe fela eo re nang nayo eo e sa kakeng ya ganediwa malebana le gore a lenyalo le tla tshwarelela kana nnyaa, ke gore bao ba tsenelelang mo lenyalong ba sa le basha ba nna le mathata a a menaganeng seraro.”
Ke ka ntlhayang fa manyalo a le mantsi a batho ba babotlana a sa tshwarelele jaana? Karabo ya seno e ka tswa e amana thata le go akanyetsa ga gago gore a wena o setse o godile mo o siametseng lenyalo kana nnyaa.
Ditsholofelo tse Dikgolo
“Re ne re na le kakanyo e sele fela kaga seo lenyalo e leng sone,” go ipolela jalo mosetsana mongwe yo mosha. “Re ne re akanya gore re ne re ka itlela fela ka nako eo re e ratang mo lelapeng, ra itirela maratwa-e-pelo, ra tlhatswa dijana fa re rata, mme dilo ga di a nna jalo.” Basha ba le bantsi ba tlhagolela dipono tse di ntseng jalo tsa bongwana kaga lenyalo. Ba akanya gore ke maikutlo a lorato a eketeng ke a ditoro. Kana ba ya go saena jaaka banyalani ka gonne ba batla go nna mo boemong jwa go lebega jaaka batho ba ba godileng. Gape ba bangwe ba batla fela go falola seemo se se maswe kwa gae, kwa sekolong, kana mo bathong ba ba tshelang nabo. Mosetsana mongwe o ne a raya motho yo o neng a tla mo nyala a re: “Ke tlile go itumela tota fa re nyalana. Ke tla bo ke sa tlhole ke tlhoka go dira diphetso!”
Mme lenyalo ga se selo sa ditoro le gone ga se selo seo se rarabololang mathata otlhe. Ebile tota, le lere mathata a le mantsinyana a masha ao motho a tshwanetseng go dirisana nao. “Basha ba le bantsi ba nyalela go tshameka fela,” go bolela jalo Vicky, yo o neng a nna le ngwana wa gagwe wa ntlha fa a ne a na le dingwaga tse 20. “Ao tlhe, go lebega e le selo seo se ipedisang eleruri! O akanya ka ngwana yo o tshwanang le mpopi o monnyennyane, e le selo se sentle ebile e le seo o ka tshamekang ka sone, mme dilo ga di a nna jalo.”
Gape basha ba le bantsi ba na le ditebelelo tseo di senang tlhaloganyo mabapi le tlhakanelo-dikobo. Lekawana lengwe leo le neng la nyala fa le na le dingwaga tse 18 le bua jaana: “Morago ga ke sena go nyala ke ne ka lemoga gore monate wa tlhakanelo-dikobo o tswapoga mo nakong e khutshwane fela mme go tswa foo re ne ra simolola go nna le mathata a mmatota.” Patlisiso nngwe ya banyalani ba basha e ne ya fitlhela gore morago ga mathata a tsa madi, gantsi go ne go omanelwa tlhakanelo-dikobo. Kwantle ga pelaelo seno ke ka gonne dikamano tseo di kgotsofatsang mo lenyalong di nna teng fa go sena bogagapa ebile go na le boikgapo—eleng dinonofo tseo gantsi basha baa bong ba sa kgona go di tlhagolela.—1 Bakorintha 7:3, 4.
Ka botlhale, Bibela e kgothaletsa Bakeresete go nyala fa ba ‘sena go feta kgotelo ya bosha.’ (1 Bakorintha 7:36) Fa motho a tsenelela mo lenyalong fa kgotelo ya gagwe e santse e le kgolo seo se ka mo dira gore a seka a akanya sentle sa ba sa mo sira go bona diphoso tsa motho yoo o ka nnang a nna molekane wa gagwe.
Ga Ba Ise Ba Siamele go Dira Diabe tsa Bone
Monyadiwa mongwe yo mosha o bua jaana ka monna wa gagwe: “Jaanong ka re setse re nyalane, nako fela eo a itshupang fa a na le kgatlhego mo go nna ke fa a batla gore re tlhakanele dikobo. O akanya gore go botlhokwa go nna le ditsala tsa gagwe tsa basimane fela jaaka go le botlhokwa gore a nne le nna. . . . Ke ne ke akanya gore ke nna fela ke neng ke tla nna motho wa gagwe, mme ke ne ke tsietsegile.” Seno se tlotlomatsa go sa akanyeng sentle mo makawana a le mantsi a nang le gone: Ba akanya gore jaaka banna ba ba nyetseng, ba santse ba ka tshela jaaka ba ba sa nyalang.
Monyadiwa mongwe wa dingwaga tse 19 o supa bothata joo basadi ba ba nyetsweng ba babotlana ba nang najo ka bontsi: “Ke ka mpa ka lebelela TV go tswa foo ke bo ke robala go na le go phepafatsa ntlo le go apaya dijo. Ke tlhabiwa ke ditlhong fa bomatsale ba re etela ka gonne ntlo ya bone e phepa ka metlha mme ya me e nna e tlhakatlhakane fela. Gape, ga ke itse go apaya.” Abo mosetsana yo o seng setswerere sa ditiro tsa lelapa a ka lere bothata jang ne mo lenyalong! “Tota lenyalo le tlhoka boitlamo,” go tlhalosa jalo Vicky (yo o tsopotsweng pelenyana). “Ga se matshamekwane. Monate wa lenyalo o fedile. Ka bokhutshwane fela e nna selo sa letsatsi le letsatsi mme seo ga se motlhofo.”
Mme go tweng kaga tiro e e bokete ya letsatsi le letsatsi ya go tlamela balelapa la gago? Monna wa ga Vicky, ebong Mark, o bolela jaana: “Ke gakologelwa gore mo tirong e ke neng ke e bereka lantlha ke ne ka tshwanela go tsoga ka 6 a.m. Ke ne ka nnela go akanya jaana: ‘Tiro eno e bokete. A ke tla kitla ke gololesega mo go yone?’ Mme fa ke fitlha kwa gae ke ne ka bona gore Vicky o ne a sa tlhaloganye bothata jo ke neng ke le mo go jone.”
Mathata a Madi
Seno se re lere mo motsweding o mongwe wa go sa utlwaneng ga batho ba basha bao ba nyalaneng: eleng madi. Banyalani ba basha ba le 48 ba ne ba ipolela gore dikgwedi tse tharo morago ga lenyalo la bone, bothata jwa bone jo bogolo e ne e le go “dirisa madi a a tsenang mo lelapeng.” Morago ga mo e ka nnang dingwaga di le tharo, banyalani ba le 37 ba bano ba ne ba bodiwa potso e e tshwanang. Gape mathata a madi e ne e santse e le jone bothata jo bogolo—mme ebile tlalelo ya bone e ne e le maswe fela thata! “O ka ja monate jang mo botshelong,” go botsa jalo Bill, “fa o seke o nna le madi a a lekaneng go reka dilo tseo o di tlhokang gore o kgotsofale? . . . Fa o seke o nna le madi a a lekaneng go fitlhela kgwedi e fela gape, seno se ka tsosa dintwa tse dintsi le go sa itumele.”
Mathata a madi ke selo se se tlwaelesegileng gareng ga batho ba basha, ka jaana gantsi e le batho bao ba tlhokang tiro ba le bantsi ba bile ba amogela madi a a seng kalo. “Ka gonne ke ne ke sa kgone go tlamela ba lelapa la me, re ne ra tshwanela go nna le batsadi ba me,” go ipolela jalo Roy. “Seno se ne sa tsosa tlalelo e kgolo ya mogopolo, segolo bogolo ka re ne re na le ngwana gape.” Diane 24:27 e gakolola jaana: “Baakanya tihō ea gago e e kwa ntlè, me u e iketleeletse kwa nageñ; me moragō ga mouō, u agè ntlo ea gago.” Mo metlheng ya Bibela, banna ba ne ba dira ka natla gore e re moragonyana ba nne mo seemong sa go ka tlamela balelapa la bone. Ka go bo banna ba le bantsi ba basha gompieno baa bo ba sa kgona go dira dipaakanyo tsa go nna jalo tse di tlhokegang, ba fitlhela fa seabe sa bone sa go nna motlamedi e le mokgweleo.
Mme le eleng fa motho a amogela madi a mantsi seno ga sena go fedisa mathata a madi fa e le gore banyalani ba na le pono ya bongwana kaga dilo tse di bonalang. Patlisiso nngwe e ne ya senola gore “basha ba ne ba solofela gore ka bokhutshwane fela ba ne ba tla kgona go rekela lelapa la bone leo ba le rulaganyetsang dilo ka bontsi tseo gongwe go tsereng batsadi ba bone dingwaga tse dintsi go nna natso.” Ka go bo ba ikemiseditse go ipelela dilo tse di bonalang tseno mo nakong eno, ba le bantsi ba itsenya mo mathateng a dikoloto. Ereka ba sena bogodi jwa go kgotsofalela “diyō le diaparō,” ba oketsa mathata mo lenyalong la bone.—1 Timotheo 6:8-10.
“E Farologane Gotlhelele”
Maureen o gakologelwa jaana: “Ke ne ke rata Don fela thata. O ne a le montle fela thata, a nonofile, a le rametshameko yo o setswerere fela thata a bile a tumile fela thata . . . Lenyalo la rona le ne le tshwanetse go atlega.” Mme le ne la seka la atlega. Ba ne ba ngalelana go ya bokgakaleng jo, jaaka Maureen a bolela, “Sengwe le sengwe se Don a neng a se dira se neng se ntena—le eleng tsela eo a neng a tlhafuna ka yone. Kwa bokhutlong, re ne ra seka ra tlhola re kgona go itshoka.” Lenyalo la bone le ne la senyega mo dingwageng tse pedi fela.
Bothata e ne e le eng? “Mekgele ya rona ya botshelo e ne e farologane gotlhelele,” go tlhalosa jalo Maureen. “Jaanong ke ne ka simolola go lemoga gore ke ne ke tlhoka motho yo re neng re ka utlwana ka mogopolo. Mme botshelo jotlhe jwa ga Don o ne a bo senya mo metshamekong. Dilo tse ke neng ke akanya gore di ne di le botlhokwa fa ke ne ke na le dingwaga tse 18 ka tshoganyetso fela di ne tsa seka tsa tlhola di kaya sepe mo go nna.” Gantsi basha ba na le pono ya bongwana ya seo ba se tlhokang mo molekaneng wa lenyalo, ba dira ditebego selo sa botlhokwa. Diane 31:30 e tlhagisa jaana: “Boeletsègō ke tsieco, le bontlè ke boithamakō.”
Go Itlhatlhoba
Bibela ya re motho yo o itlhaganelelang go ikana fa pele ga Modimo, mme e re fela ‘morago ga a sena go ikana a bo a tshwanelwa ke go itlhatlhoba’ o mafega. (Diane 20:25) A he, go tla bo go sa utlwale gore o itlhatlhobe go ya kafa Dikwalong pele ga o tsenelela mo selong se se masisi jaaka go ikana mo lenyalong? Tota mekgele ya gago mo botshelong ke efe? E tla amiwa jang ke lenyalo? A o batla go tsenelela mo lenyalong fela go ipelela tlhakanelo-dikobo kana go tshaba mathata?
Gape, o ipaakanyeditse go ya bokgakaleng jo bo kana kang go diragatsa seabe sa monna yo o nyetseng kana mosadi yo o nyetsweng? A o ka kgona go tlhokomela ba ntlo ya gago kana go ba tlamela? Fa gangwe le gape o iphitlhela o na le dikgotlhang le batsadi ba gago, a o tla kgona go tshedisana sentle le molekane wa lenyalo? A o ka kgona go emelelana le diteko le dipitlagano tseo lenyalo le nang le tsone? A ka boammaaruri o latlhile ‘mekgwa ya ngwanyana’ fa go tla mo go diriseng madi? (1 Bakorintha 13:11) Kwantle ga pelaelo batsadi ba gago ba ka go thusa ka mo gontsi ka gore o tshwanelega go le kana kang.
Lenyalo e ka nna motswedi wa boitumelo jo bogolo kana wa kutlobotlhoko e kgolo. Mo gontsi go ikaegile ka gore o setse o godile go le kana kang mo o le siametseng. Fa o santse o le mosha, ke ka ntlhayang fa o sa iketle go sekae pele ga o simolola go fereana le mongwe? Go iketla ga go na go go gobatsa ka gope. Go tla go naya fela nako eo o e tlhokang gore o bo o godile ka boammaaruri fa o tsaya kgato e e masisi eo—le ya sennela-ruri—ya lenyalo.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 30
◻ Ke dipono dife tsa bongwana kaga lenyalo tseo basha bangwe ba nang natso mo mogopolong?
◻ Ke ka ntlhayang fa o akanya gore ga go na tlhaloganyo go nyalela tlhakanelo-dikobo fela?
◻ Basha bangwe ba itshupile jang fa ba sa ipaakanyetsa go dira seabe sa monna yo o nyetseng kana sa mosadi yo o nyetsweng?
◻ Ke ka ntlhayang fa gantsi banyalani ba babotlana ba nna le mathata a a masisi mo go tsa madi?
◻ Ke phoso efe eo basha bangwe ba e dirang fa ba kgetha molekane wa lenyalo?
◻ Ke dipotso dife tse o ka nnang wa di ipotsa mabapi le gore a o godile mo o siametseng lenyalo? Morago ga go sekaseka tshedimosetso eno, o ikutlwa gore o godile mo o siametseng go tsenelela mo lenyalong go le kana kang?
[Mafoko a a mo go tsebe 240]
“Tshedimosetsonyana epe eo re nang nayo eo e sa kakeng ya ganediwa malebana le gore a lenyalo le tla tshwarelela kana nnyaa, ke gore bao ba tsenelelang mo lenyalong ba sa le basha ba nna le mathata a a menaganeng seraro.”—Marcia Lasswell, moporofesa wa boitseanape jwa maitshwaro a batho
[Setshwantsho mo go tsebe 237]
Basha ba le bantsi ba tsenelela mo lenyalong ba sa ipaakanyetsa fela jaaka bano