Kgaolo 29
A Ke Godile Mo Ke Siametseng Lefereo?
MO MAFATSHENG a mantsi lefereo le tsewa e le go itlosa bodutu ka maikutlo a lorato, tiro ya go ijesa monate fela. Ka gone lefereo le mefuta mentsi. Mo go ba bangwe, go fereana ke selo se se rulaganyediwang sentle, se se baakanyediwang—dithunya, dijo tse di baakantsweng sentle, le go latsa motho sentle ka go mo atla tsotlhe ke karolo ya thulaganyo eo. Mo go ba bangwe, go fereana ke fela go senya nako le motho yo o ratanang nae wa bong bo sele. Ebile go na le balekane bao ba bonwang ba le mmogo gangwe le gape mme ba ipolela fa e le ‘ditsala fela.’ Ebu, lefa o ka tswa o go bitsa lefereo, go tsamaya mmogo, kana go bonana fela, gantsi ke selo se se tshwanang fela: mosimane le mosetsana ba senya nako e telele mmogo, gantsi ba sena le ope.
Lefereo e ne e se selo se se tlwaelesegileng mo metlheng ya Bibela. Lefa go le jalo, fa go fereana go dirwa ka botlhale, ka kelotlhoko, le ka tlotlo, ke tsela e e tshwanetseng ya gore batho ba babedi ba kgone go itsane. Ebile, ee, e ka nna selo se se ipedisang. Mme a seno se raya gore o tshwanetse go fereana le mongwe?
Kgatelelo ya go Batla go Fereana le Mongwe
O ka nna wa ikutlwa o na le kgatelelo ya go batla go fereana le mongwe. Gongwe bontsi jwa balekane ba gago ba setse ba fereana le bangwe, gape ka tlwaelo fela ga o batle go lebega jaaka yo o sa tlwaelesegang kana yo o pharologanyo. Gape ditsala tsa gago tse dikgolo le balosika ba ka nna ba go gatelela go fereana le mongwe. Fa Mary Ann wa dingwaga tse 15 a ne a kopiwa ke lekau le le neng le mo ferea go ya go iphokisa phefo nae, mmangwanaagwe o ne a mo gakolola jaana: “Lefa o ka tswa o batla go nyala mosimane yono kana nnyaa, seo ga se amane ka gope le gone. Go fereana ke karolo fela ya go gola ga gago ga tlholego jaaka motho. . . . Ebile tota, fa ka metlha o swabisa makau ga o na o ratwa ke batho gape ga go na ope yo o tla go kopang gore o ye go iphokisa phefo nae.” Mary Ann o gakologelwa jaana: “Mafoko a ga mmangwane a ne a nwela mo pelong ya me. A ke tla bo ke ikamoga tshono e e molemo? Mosimane yono o na le kara, o na le madi a mantsi; mme ke ne ke itse gore o ne a tla njesa monate. A ke tshwanetse go fereana nae kana nnyaa?”
Basha ba bangwe ba gatelelwa ke go eletsa ga bone go itumela le go ratwa. “Ke ne ke batla go ratwa le go anaanelwa,” go tlhalosa jalo mosha mongwe wa dingwaga tse 18 yo o bidiwang Ann. “Ereka ke ne ke sa atamalana thata le batsadi ba me, ke ne ka atamalana le mosimane yo ke neng ke ratana nae e le gore ke tle ke nne le motho yo ke neng ke ka mo tshololela maikutlo a me yoo o neng a tla ntlhaloganya tota.”
Lefa go le jalo, mosha ga aa tshwanela go fereana le mongwe fela ka gonne a ikutlwa a gatelesega go dira jalo! Ntlha ke gore, lefereo ke kgang e e masisi—ke karolo ya tiro ya go tlhopha molekane wa lenyalo. Lenyalo? Boammaaruri ke gore, bontsi jwa basha ba ba fereanang le bangwe ba ka tswa ba sa akanye ka gope ka seno. Mme tota, lebaka la go bo batho ba babedi ba bong jo bo sa tshwaneng ba senya nako e ntsi mmogo e ka tswa e le lefe fa e se go sekaseka kgonego ya go ka nyalana? Morago ga nako, fa motho a fereana le yo mongwe fela ka mabaka a sele go ka nna ga felela ka gore e nne selo sa “go ijesa monate” fela. Ke ka ntlhayang fa re rialo?
Go sa Itumediseng ga Lefereo
Ntlha ke gore, basha ba mo nakong e e diphatsa eo Bibela e e bitsang ‘kgotelo ya bosha.’ (1 Bakorintha 7:36, NW) Mo nakong eno, o ka nna wa ikutlwa o na le ditlalelo tse dikgolo tsa keletso ya tlhakanelo-dikobo. Ga go na sepe se se phoso ka seno; ke karolo fela ya go gola ga gago.
Mme mo go yone nako eno go na le bothata jo bogolo mo go fereaneng ga basha: Basha ba a bo ba santse ba simolola go ithuta kafa ba ka laolang ka gone maikutlo ano a bone a tlhakanelo-dikobo. Ke boammaaruri gore o ka tswa o itse sentle seo melao ya Modimo e se buang mabapi le tlhakanelo-dikobo mme ebile o ka tswa ka bopeloephepa o eletsa go nna o itshekile. (Bona Kgaolo 23.) Lefa go le jalo, o simolola go diragalelwa ke selo sa botshelo sa kafa o bopilweng ka gone: Fa o ntse o itsalanya le motho wa bong bo sele, keletso ya gago ya tlhakanelo-dikobo e ka gola—o ka tswa o rata kana o sa rate. (Bona ditsebe 232-3.) Ke ka tsela eo rotlhe re bopilweng ka yone! Go fitlhela o gola ebile o ka kgona go laola maikutlo a gago botoka, lefereo e ka nna selo se se ka go ketefalelang fela thata go se laola. Ka go tlhoka lesego, basha ba le bantsi ba itemogetse seno ka tsela e e sa itumediseng.
“Fa re ne re simolola go fereana, . . . re ne ra seka ra tshwarana ka diatla lefa e le go atlana. Ke ne ke batla fela go ipelela boitumelo jwa go nna nae le go tlotla le ene,” go ne ga bolela jalo lekawana lengwe. “Lefa go ntse jalo, e ne e le motho yo o rategang fela thata mme ebile a e tle a nne go bapa le nna fela thata. Morago ga nako re ne ra simolola go tshwarana ka diatla mme ra atlana. Seno se ne sa dira gore ke nne le keletso e kgolo ya tlhakanelo-dikobo. Go ne ga ama go akanya ga me fela thata mo e leng gore ke ne ke batla go nna le ene, eseng fela go tlotla le ene, mme go mo tshwara, go mo ama le go mo atla. Ke ne ke sa kgone go kgotsofala! Tota ke ne ke tsentshiwa ke kgotelo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke a tle ke ikutlwe ke se motho wa sepe ebile ke tlhabiwa ke ditlhong.”
He, ga go gakgamatse go bo gantsi lefereo le felela ka gore batho ba tlhakanele dikobo ba sa tshwanela. Patlisiso eo e neng ya dirwa mo basheng ba le makgolo a le mmalwa e ne ya lemotsha gore 87 lekgolong ya basetsana le 95 lekgolong ya basimane ba ne ba ikutlwa gore tlhakanelo-dikobo e ne e le “selo sa botlhokwa go ya bokgakaleng jo bo rileng kana sa botlhokwa fela thata” fa batho ba fereana. Lefa go ntse jalo, 65 lekgolong ya basetsana le 43 lekgolong ya basimane ba ne ba dumela gore go na le dinako tseo erileng fa ba ne ba fereana le bangwe ba neng ba tlhakanela dikobo le bone lemororo ba ne ba sa ikutlwe ba batla go dira jalo!
Loretta wa dingwaga tse 20 o gakologelwa jaana: “Fa re ne re ntse re tswelela re bonana, re ne ra atamalana fela thata. Re ne ra tloga ra sulafalelwa ke go atlana mme ra simolola go tshwarana dirwe tsa sephiri tsa mmele. Ke ne ka simolola go tshwenyega fela thata mo mogopolong ka gonne ke ne ke ikutlwa ke tletse leswe fela thata. Fa nako e ntse e tsamaya motho yo ke neng ke fereana nae le ene o ne a lebelela gore ke ‘dire gotlhe’ . . . Ke ne ka ikutlwa ke tlhakane tlhogo ebile ke akabetse. Mme ke ne ke akanya fela ka gore, ‘Ga ke batle gore a ntatlhegele.’ Ke ne ke tlhakatlhakane fela thata!”
Ke boammaaruri gore, ga se balekane botlhe ba ba feletsang ba tlhakanetse dikobo; ba bangwe ba dira gore ba emise go bontshana lorato ga bone pele fela ga ba dira jalo. Mme ke eng seo se diragalang fa motho a tsositswe maikutlo mme go sena kafa a ka a digelang ka gone ka tsela e e tlotlegang? Se se tlhomamisegang ke gore o tla khidiega. Mme go khidiega moo ga go na go felela fela mo go reng a gotele maikutlo a tlhakanelo-dikobo.
Maikutlo a a Tlhakanyang Tlhogo
Akanyetsa namane e tona ya bothata jo lekawana lengwe le neng le na najo: ‘Ke ne ke rata Kathy fela thata kwa tshimologong. Ebu, ke dumela gore ke ne ka mo pateletsa go dira dilo dingwe tseo a neng a sa akanye gore di ne di siame. Jaanong ke ikutlwa ke le leswe ka gonne ga ke sa tlhole ke mo kgatlhegela. Ke ka kgona go kgaogana jang le Kathy kwantle ga go mo utlwisa botlhoko?’ Abo e le seemo se se akabatsang jang ne! Mme wena o ne o ka ikutlwa jang fa o ne o le Kathy?
Go phatlolana dipelo ga basha ke bokoa jo bo tlwaelesegileng. Ke boammaaruri gore, e ka nna selo se se lebegang se kgatlhisa go bona baratani ba basha ba tsamaya ba tshwaragane ka diatla. Mme go tlhomamisega go le kana kang gore bone baratani bao ba tla bo ba santse ba le mmogo ngwaga morago ga jaanong, re sa bue sepe kaga go nyalana ga bone? Ga go tlhomamisege mo go kalo. Ka gone gantsi go ratana ga basha ke botsalano jo bo se keng bo felela ka mo go itumedisang, joo ka sewelo bo felelang ka gore ba nyalane, gantsi bo felela ka go phatlolana dipelo.
Kana ebile tota, fa o santse o le mo dingwageng tsa bosha botho jwa gago bo santse bo le mo seemong sa go fetofetoga. O santse o lemoga gore o motho wa mofuta ofe, gore ke eng se tota o se ratang, gore ke eng se o batlang go se dira mo botshelong jwa gago. Motho yoo o mo kgatlhegelang gompieno o ka nna a tswa a go sulafalela ka moso. Mme fa maikutlo a lorato a ile a letlelelwa go gola, mongwe wa lona o tshwanetse go utlwa botlhoko. Ka mo go sa gakgamatseng, dipatlisiso di le mmalwa di lemotsha gore maemo a mangwe a a dirang gore bontsi jwa basha ba ipolaye ke go bo “motho a lole le mosetsana yo a neng a ratana nae” kana “a swabisitswe ke motho yo a neng a mo rata.”
A ke Setse ke Godile?
Modimo o raya batho ba basha o re: “Itumèlè, wèna lekau [kana lekgarebe], mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau yoa gago, me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago, le mo ponoñ ea matlhō a gago.” Batho ba basha ba na le ‘go tsamaya mo ditseleng tsa dipelo tsa bone.’ Lefa go le jalo gantsi ‘ditsela’ tseo, tseo di lebegang di ipedisa fela thata, di felela di ba tliseditse bohutsana le tatlhego. Ka gone Bibela e kgothatsa jaana mo temaneng e e latelang: “U tlosè bohutsana mo peduñ ea gago, u bo u tlosè boshula [“tatlhego,” NW] mo nameñ ea gago: gonne bokau le bonna yo bo tletseñ ke boithamakō hèla.” (Moreri 11:9, 10) “Bohutsana” bo lebisitse mo go tshwenyegeng thata mo pelong kana go tlalelwa thata mo mogopolong. “Tatlhego” e tlhalosa masetlapelo a motho o a itlisetsang. Tsoopedi di ka nna dilo tse di hutsafatsang fela thata mo botshelong.
A seno, he, se raya gore lefereo ka bolone le baka bohutsana le tatlhego? Eseng jalo. Mme go ka nna jalo fa o fereana le motho ka lebaka le le phoso (‘go ijesa monate fela’) kana pele ga o godile mo o ka dirang jalo! Ka jalo, dipotso tse di latelang di ka go thusa go sekaseka seemo sa gago.
A go fereana le mongwe go tla nthusa kana go kgoreletsa go gola ga me mo maikutlong? Lefereo le ka dira gore o tsalane le motho wa bong bo sele fela. A mme go ne go sa kake ga go solegela molemo gore, go na le moo, o pitlologe ka go tsalana le batho ba bangwe? (Bapisa 2 Bakorintha 6:12, 13.) Lekgarebe lengwe le le bidiwang Susan a re: “Ke ne ka ithuta go tsalana thata le basadi ba ba godileng ba Bakeresete mo phuthegong. Ba ne ba tlhoka ditsala, mme ke ne ke tlhoka tlhotlheletso ya bone e e tlhomameng. Jalo ke ne ke a tle ke ba etele go ya go nwa tee le bone. Re ne re tle re bue mme re tshege fela thata. Re ne ra nna ditsala tsa mmatota, tseo di neng tsa tsaya lobaka lo loleele mmogo.”
Go nna le ditsala tsa mefuta yotlhe—bagolo le basha, batho ba ba nyetsweng le ba ba sa nyalwang, banna le basadi—o ithuta go wela dibete fa o na le batho, go akareletsa le ba bong bo sele, o sa pitlagana jaaka fa o ka bo o na le motho yoo lo fereanang mmogo fela. Mo godimo ga moo, fa o tsalana le banyalani, o nna le pono e e tlhamaletseng ka lenyalo. Moragonyana o tla bo o ipaakanyeditse botoka go ka kgetha molekane yo o molemo wa lenyalo le go diragatsa seabe sa gago mo lenyalong. (Diane 31:10) Ka gone mosha mongwe yo o bidiwang Gail o digela jaana: “Ga ke ise ke gole mo ke siametseng lenyalo le go nna fa fatshe. Ke santse ke ithuta gore ke motho wa mofuta ofe, gape ke na le mekgele e mentsi ya semoya eo ke santseng ke tshwanetse go e fitlhelela. Jalo tota ga ke tlhoke go atamalana le motho ope wa bong bo sele.”
A ke batla go utlwisa mongwe botlhoko? Maikutlo a gago le a motho yo mongwe a utlwa botlhoko fela thata fa lo simolola go nna le maikutlo a lorato ka yo mongwe lo sa ikaelela go nyalana. Tota, a go siame gore o bontshe yo mongwe fa o na le maikutlo a lorato ka ene e le gore o tle o nne le boitemogelo jwa go dirisana le batho ba bong bo sele?—Bona Mathaio 7:12.
Batsadi ba me ba reng? Gantsi batsadi ba bona bodiphatsa joo wena o sa bo boneng. Kana ebile, ba kile ba nna basha. Ba itse mathata ao tota a ka tsogang fa batho ba basha ba babedi ba bong jo bo sa tshwaneng ba simolola go senya nako e telele ba le mmogo! Jalo fa batsadi ba gago ba sa rate gore o fereane le mongwe, o seka wa ba tsuologela. (Baefesia 6:1-3) Go ka nna ga diragala gore, ba bo ba batla fela gore o lete go fitlhela o gola.
A ke tla kgona go itshola sentle kafa Bibela e layang ka gone? Fa motho a setse a ‘fetile kgotelo ya bosha,’ motho o ka kgona go dirisana botoka le maikutlo a tlhakanelo-dikobo—mme le eleng ka nako eo ga go motlhofo. A tota o setse o godile mo nakong eno mo botshelong mo o ka kgonang go dirisana sentle le botsalano jwa go atamalana thata le motho wa bong bo sele mme wa nna o ntse o itshekile?
Ka mo go kgatlhisang, basha ba le bantsi ba ipotsa dipotso tseno mme ba dira phetso e e tshwanang le eo e ileng ya dirwa ke Mary Ann (yo o tsopotsweng pelenyana). O ne a re: “Ke ne ka ikemisetsa gore ke ne ke sena go tlhotlhelediwa go fereana le motho ke maikutlo a ba bangwe. Gore ke ne ke sena go fereana le ope go fitlhela ke godile ebile ke siametse go ka nyalwa mme ebile ke bone motho yo o nang le dinonofo tseo ke neng ke di batla mo monneng.”
Ka gone Mary Ann o tsosa potso ya konokono e e masisi e o tshwanetseng go e ipotsa pele ga o fereana le motho.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 29
◻ Lereo “lefereo” le kaya eng go wena?
◻ Ke ka ntlhayang fa basha bangwe ba ikutlwa ba patelesega go fereana le mongwe?
◻ Ke ka ntlhayang fa go se botlhale gore motho yo o santseng a le mo nakong ya ‘kgotelo ya bosha’ a fereane le mongwe?
◻ Mosha o ka ‘tlosa tatlhego’ jang mo go ene fa go tla mo lefereong?
◻ Mathata mangwe ao a ka tsogang fa mosimane le mosetsana ba nna ‘ditsala fela’ ke afe?
◻ O ka itse jang fa o setse o godile mo o siametseng lefereo?
[Mafoko a a mo go tsebe 231]
“Re ne ra tloga ra sulafalelwa ke go atlana mme ra simolola go tshwarana dirwe tsa sephiri tsa mmele. Ke ne ka simolola go tshwenyega fela thata mo mogopolong ka gonne ke ne ke ikutlwa ke tletse leswe fela thata. Fa nako e ntse e tsamaya motho yo ke neng ke fereana nae le ene o ne a lebelela gore ke ‘dire gotlhe’”
[Mafoko a a mo go tsebe 234]
‘Ke ka kgona go kgaogana jang le Kathy kwantle ga go mo utlwisa botlhoko?’
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 232, 233]
A Mosimane le Mosetsana Ba Ka Nna ‘Ditsala Fela’?
Botsalano joo go tweng ke jwa go ratana ga banna le basadi bao ba senang maikutlo a tlhakanelo-dikobo bo tlwaelesegile thata gareng ga basha. Gregory wa dingwaga tse 17 o bolela jaana: “Nna ke tlhofofalelwa ke go bua le basetsana ka gonne gantsi ke batho ba ba kutlwelo botlhoko le ba ba amegang.” Basha ba bangwe ba ntsha mabaka a gore botsalano jo bo ntseng jalo bo ba thusa go tlhagolela botho jo bo molemo fela thata.
Bibela e kgothaletsa makawana go tshwara “barweetsana yaka [bokgaitsadiabone], ka boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 5:2) Fa molao-motheo ono o dirisiwa, eleruri go ka kgonega go ipelela botsalano jo bo phepa, jo bo molemo le batho ba bong bo sele. Ka sekai, moaposetoloi Paulo e ne e le monna yo o sa nyalang yo o neng a ipelela go nna le ditsala di le dintsi tsa basadi ba Bakeresete. (Bona Baroma 16:1, 3, 6, 12.) O ne a kwala ka ‘basadi ba ba kileng ba dira le nna mo mafokong a a molemo.’ (Bafilipi 4:3) Jesu Keresete le ene o ne a ipelela botsalano jo bo lekalekaneng, jo bo molemo le basadi bangwe. Ka makgetlo a le mmalwa, o ne a ipelela go tsholwa sentle le go tlotla le Maratha le Maria.—Luke 10:38, 39; Yohane 11:5.
Lefa go ntse jalo, botsalano jwa go ratana ga banna le basadi bao ba senang maikutlo a tlhakanelo-dikobo gantsi e a bo e le fela seipato se eseng sa sepe sa go nna le maikutlo a lorato kana tsela ya gore motho a bo a ntse a bontshiwa lorato ke wa bong bo sele mme ba sa itlama ka sepe. Mme ereka go le motlhofo gore maikutlo a fetoge, go tlhokega gore batho ba ikele tlhoko. Dr. Marion Hilliard o ile a tlhagisa jaana: “Balekane ba ba iketlileng fela mo botsalanong jwa bone ka tshoganetso fela ba ka nna le dikgotelo tse dikgolo ka bofefo jo bogolo.”
Mike wa dingwaga tse 16 o ne a lemoga seno fa a ne a “tsalana” le mosetsana mongwe wa dingwaga tse 14: “Ka bofefo fela ke ne ka lemoga [gore] batho ba babedi ga ba kake ba nna ditsala fela fa ba nnela go bonana kwa bothokong. Botsalano jwa rona bo ne jwa golela pele. Re ne ra tloga ra nna le maikutlo a a kgethegileng ka yo mongwe, ebile re santse re na nao.” Ereka go se ope wa rona yo o godileng mo a ka tsenelelang lenyalo, maikutlo ao e nna selo se se khidiang fela.
Gape go tsalana le yo mongwe lo atamalane thata go ka nna gape le diphelelo tse di utlwisang botlhoko thata. Mosha mongwe o ne a leka go gomotsa tsala ya gagwe ya mosetsana yo o neng a mmolelela kaga mathata mangwe a gagwe. Go ise go ye kae, ba ne ba simolola go phoraphorana. Phelelo e ne ya nna efe? Ba ne ba nna le digakolodi tse di tshwenyegileng le maikutlo a go sa ithate. Fa e le ka ba bangwe, go ile ga felela ka gore ba tlhakanele dikobo. Patlisiso nngwe eo e neng ya dirwa ke Psychology Today e senola jaana: “Mo e ka nnang sephatlo sa batho bao ba neng ba arabela (49 lekgolong) ba ne ba ile ba nna le botsalano joo bo neng jwa felela ka tlhakanelo-dikobo.” Ebile tota, “mo e ka nnang bongwe-borarong (31 lekgolong) ba ne ba bega fa ba ile ba tlhakanela dikobo le tsala nngwe mo kgweding e e fetileng.”
‘Mme kana ga ke na kgatlhego mo tsaleng ya me ebile ga ke kitla ke nna le maikutlo a lorato mo go ene.’ Gongwe. Mme go ka nna ga diragala gore o ikutlwe jang mo nakong e e tlang? Mo godimo ga moo, “eo o ikanyañ pelo ea gagwè ka esi ke seeleele.” (Diane 28:26) Dipelo tsa rona di ka nna bonokwane, tsa re tsietsa, tsa re sira go bona seo tota eleng maikutlo a rona a boammaaruri. Mme tota a o itse kafa tsala ya gago e ikutlwang ka gone kaga gago?
Mo bukeng ya gagwe The Friendship Factor, Alan Loy McGinnis o gakolola jaana: “O seka wa itshepa thata.” Nna podimatseba, gongwe o dira gore botsalano jwa lona lo bo bontshane fela fa lo dira ditiro dingwe lo na le setlhopha seo se okametsweng ke mongwe yo o tshwanelegang. Tila gore lo bontshane lorato ka mo go sa tshwanelang kana go nna nosi mo maemong ao a ka tsosang maikutlo a lorato. Fa o tshwenyegile, bolelela batsadi ba gago le batho ba ba godileng go na le mosha mongwe wa bong bo sele.
Mme go tweng fa, go sa kgathalesege go itibela ga lona, mongwe wa lona a simolola go nna le maikutlo a lorato? ‘Bua boammaaruri,’ mme o bolelele motho yo mongwe gore wena o ikutlwa jang. (Baefesia 4:25) Fa seno se sa rarabolole dikgang, e ka nna selo se se molemo gore o emele kgakajana. “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe.” (Diane 22:3) Kana fela jaaka buka The Friendship Factor e tlhalosa: “Intshe mo dilong fa go tlhokega. Nako nngwe fela mo botshelong, go sa kgathalesege kafa re lekang ka gone, go tsalana ga rona le motho wa bong bo sele go tswa mo tseleng mme re itse koo go tla gogelang gone.” He, eo ke nako ya go “ikgogela kwa morago.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 227]
Gantsi basha ba ikutlwa ba na le kgatelelo ya go fereana le mongwe kana go iphokisa phefo le mongwe
[Setshwantsho mo go tsebe 228]
Gantsi lefereo le baya basha mo kgate-lelong ya go bontshana lorato ba sa batle
[Setshwantsho mo go tsebe 229]
Motho o ka ipelela botsala jwa motho wa bong bo sele mo maemong ao go senang pitlagano ya gore o fereana le mongwe
[Setshwantsho mo go tsebe 230]
Gantsi botsalano joo go tweng ke jwa go ratana ga banna le basadi bao ba senang maikutlo a tlhakanelo-dikobo bo felela ka go phatlolana dipelo