LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 8/8 ts. 23-24
  • Batsadi ba ba Lesotlo—Basulafatsi ba Maikutlo ba Bagolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi ba ba Lesotlo—Basulafatsi ba Maikutlo ba Bagolo
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Sotla Maikutlo
  • Go Sotlwa mo Mmeleng
  • Go Sotlwa mo go tsa Tlhakanelodikobo
  • Ga go Tswe
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
    Tsogang!—1991
  • Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Sotliwa ka Thobalano?—Karolo 2: Go Fola
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 8/8 ts. 23-24

Batsadi ba ba Lesotlo—Basulafatsi ba Maikutlo ba Bagolo

“Ereka [bana] ba sa ithute mo go kalo ka kwa ntle ga lelapa, dilo tse ba di ithutang kwa gae ka ga bone le ka ga ba bangwe e nna boammaaruri jo bo feletseng jo bo nwelelang mo megopolong ya bone.”—Dr. Susan Forward.

MMOPI o ka tsaya letsopa, a le tshela metsi a a lekaneng, a bo a dira sejana se sentle. Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba bopa kafa ngwana a itebang ka teng le kafa a lebang lefatshe ka teng. Fa ngwana a godisiwa ka lorato, kaelo, le kotlhao o gola go nna motho yo motona yo o tekatekanyo.

Lefa go ntse jalo, gantsi, megopolo e e tsenngwang mo tlhaloganyong ya ngwana le mo pelong ya gagwe e dirwa ke batsadi ba ba lesotlo. Go sotlwa maikutlo, mmele, le mo go tsa tlhakanelodikobo go tsenya mekgwa e e phoso ya go akanya e e ya reng kgabagare e nitame mme go nne thata go e bopa sesha.

Go Sotla Maikutlo

Mafoko a ka utlwisa botlhoko go gaisa mabole. Jason a re, “Ga ke gopole letsatsi lepe le [mmè] a neng a sa mpolelele gore o eletsa ekete ke ka bo ke sa tsholwa.” Karen o gakologelwa jaana: “Ka metlha ke ne ke aga ke itsisiwe gore ga ke a siama kana gore ga ke na mosola ope.”

Ka tlwaelo bana ba dumela sengwe le sengwe se go tweng ga ba a siama mo go sone. Fa mosimane a aga a bolelelwa gore ke seeleele, kgabagare o ka nna a ipona e le sone seeleele tota. Fa o raya mosetsana o re ga se motho wa sepe, o ka nna a ikutlwa fela jalo. Bana ga ba lebe dilo ka bophara mme gantsi ga ba kgone go farologanya se se boammaaruri mo go se se fetelediwang ka tshotlo kana se e seng boammaaruri.

Go Sotlwa mo Mmeleng

Joe o gakologelwa jaana ka rraagwe yo o neng a rata go mo utlwisa botlhoko mo mmeleng: “O ne a nteketa ka mabole go fitlhelela a ya go ntsheega ka lobotana. O ne a tswelela ka go nteketa thata jalo gore ke bo ke ntshofalelwe . . . Selo se se neng se ntshosa le go feta ke gore ke ne ke se ke ke itse gore ke a bo ke ya go mo kgopisa ka eng!”

Rraagwe Jake o ne a nna fela mo go ene ka thupa. Erile nako nngwe fa rraagwe a ntse a mmetsa, fa Jake a ne a le dingwaga di le thataro, o ne a robega letsogo. Jake o gakologelwa jaana, “Ke ne ke sa ikaelela gore rre kana bokgaitsadiake kana Mmè ba mpone ke lela. E ne e le sone selo se se mphang seriti se se neng se ntshaletse.”

Buka e go tweng Strong at the Broken Places e bolela gore go sotlwa o sale ngwana ka go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng go tshwana le “go nna le kotsi ya koloi letsatsi le letsatsi, beke nngwe le nngwe kana kgwedi nngwe le nngwe.” Tshotlo e e ntseng jalo e ruta ngwana gore lefatshe le diphatsa le gore ga go na ope yo o ka ikanngwang. Mo godimo ga moo, gantsi thubakanyo e tsala e nngwe. Makasine wa Time o tlhagisa jaana, “Fa bana ba ka seka ba sirelediwa mo basotling ba bone, go tla raya gore letsatsi lengwe batho ba tla tshwanelwa ke go sirelediwa mo baneng.”

Go Sotlwa mo go tsa Tlhakanelodikobo

Go ya ka diphopholetso, mosetsana a le 1 mo go ba le 3 le mosimane a le 1 mo go ba le 7 o abo a kile a patelelwa go tlhakanela dikobo fa a ya go tshwara dingwaga tse 18. Bontsi jwa bana bano ba swa senku. Buka e go tweng The Child in Crisis ya re, “Fela jaaka masole a a timetseng ka nako ya ntwa, le bone ba nna ba itshubile mo sekgweng sa poifo le go ipona molato.”

Louise a re, “Ke ne ke ila rre fela thata ka go bo a ile a ntshotla mme gape ke ipona molato ka go bo ke mo ila. Ke ne ke ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong ka jaana ngwana o tshwanetse go rata batsadi ba gagwe mme ka nna go ne go sa nna jalo ka metlha.” Maikutlo ao a a tsenyang mo tsietsing a a tlhaloganyesega bogolo jang fa mosireletsi wa konokono wa ngwana a fetoga go nna mosotli. Beverly Engel o botsa jaana mo go The Right to Innocence: “Re tshwanetse go amogela jang go bo batsadi ba rona, bone ba ba tshwanetseng go re rata le go re tlhokomela, gore ba bo ba sena sepe le rona jaana?”

Go sotla ngwana mo go tsa tlhakanelodikobo go dira gore a nne le pono e e sokameng ka botshelo. Dr. Susan Forward o ne a kwala jaana, “Mogolo mongwe le mongwe yo o ileng a sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo fa a santse a le monnye o gola ka maikutlo a a sa tsweng a go inyatsa, go tlhoka mosola, le a gore o maswe ka mmatota.”

Ga go Tswe

Mmatlisisi ebong Linda T. Sanford o kwala jaana, “Ga se mmele wa ngwana o le nosi o o sotlwang kana o o itlhokomolosiwang. Malapa a a nang le mathata a sotla le mogopolo wa ngwana tota.” Fa ngwana a sotlwa, e ka tswa e le maikutlo, mmele, kana mo go tsa tlhakanelodikobo, o gola a ikutlwa gore ga a kake a ratiwa le gore ga a na mosola.

Jason, yo a umakilweng pelenyana, o ne a inyatsa ka tsela e e ntseng jalo fa a setse a godile mo eleng gore o bile a tshwanelwa ke go bewa leitlho thata ka jaana a ne a na le tshekamelo ya go ipolaya. Ka go itsenya mo maemong a a neng a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing, o ne a leba botshelo jwa gagwe ka tsela e mmaagwe a neng a e mo rutile: ‘O ka bo o sa ka wa tsholwa.’

Fa a akanya kafa go leng ka teng go bo o le ngwana yo o kileng a sotlwa thata mo mmeleng, Joe a re: “Ga go tswe lefa o ka fuduga kana wa nyala. Ke nna fela ka letshogo, mme ebile ke a itenegela ka ntlha ya seo.” Kgatelelo e e mo lelapeng le bana ba sotlwang thata mo mmeleng e dira gore bana ba gole ka letshogo la gore ba ka nna ba bogisiwa me ba bo ba iphemela ka tsela e e gagametseng e e ba tswalelang go na le go ba sireletsa.

Fa e le ka Connie ene, go bo mongwe wa losika a kile a mmetelela, go ile ga mo dira gore a itebe ka tsela e e phoso e e ileng ya nonofa fa a setse a godile: “Ke santse ke akanya thata ka nako e batho ba tla mponang mo teng mme ba lemoga kafa ke leng makgapha ka teng.”

Mekgwa yotlhe ya go sotla e ruta thuto e e senyang e e ka nnang ya nwelelela fa motho a setse a godile. Go boammaaruri gore se motho a se ithutileng o ka nna a se latlha. Palo e ntsi ya batho ba ba kileng ba sotlwa ba santse ba le bannye e supela seo. Mme a bo go ka nna botoka jang ne gore batsadi ba lemoge gore go tswa fela ka nako ya fa ngwana a sena go tsholwa, ba na le seabe se setona thata sa kafa a itebang ka teng ene le lefatshe. Tlhokomelo ya mmele le maikutlo a ngwana thatathata ke maikarabelo a batsadi ba gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mafoko a ka utlwisa botlhoko thata go gaisa mabole

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela