LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 8/8 ts. 17-19
  • Ke Tshwakgogile! Ke ka Latlha Jang go Betšha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Tshwakgogile! Ke ka Latlha Jang go Betšha?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphelelo tsa go Tshwakgolwa ke Go Betšha
  • Maikemisetso a go Batla go go Latlha
  • Go Ya kwa Motsweding wa Bothata
  • “Sengwe se se Botoka”
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?
    Tsogang!—1994
  • Batho Ba Ba Lemaletseng Go Betšha Ba a Jewa ka Metlha
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 8/8 ts. 17-19

Ke Tshwakgogile! Ke ka Latlha Jang go Betšha?

DAVID o ne a ipolela jaana, “Ke simolotse go tshameka metšhine e e betšhang ke le 13. Ke ne ka tla mo seemong se eleng gore ke ne ke sa kgone go feta lefelo la metshameko ke sa ye go betšha mo motšhineng.” Thomas yo le ene a kileng a bo a betšha o dumelana jaana: “Ke ne ke bile ke utswela ditsala, balelapa, le badiri ka nna gore ke kgone go tswelela ka mokgwa oo. Ke ne ke betšhetsa sengwe le sengwe.”

David le Thomas ba godisitswe e le Bakeresete. Boobabedi ba ne ba tshwakgotswe ke go betšha—ba tshwarwa ke kgatelelo e e maswe. Babatlisisi ba re palo e e gakgamatsang thata ya basha ba ile ba tsenngwa mo mathateng ke maanonyana a go tsietsa tlhaloganyo a a okang basha gore ba betšhe. Makasine wa Time wa re: “Babatlisisi ka go betšha ba re mo palong e e fopholediwang mo go dimilione di le 8 tsa batho ba ba tshwakgotsweng ke go betšha kwa Amerika, ba le milione ba bone ke basha.” Bangwe ba dumela gore kwa United States, go tswa mo go 4 go ya go 6 lekgolong ya basha botlhe, mo go bone go betšha ke bolwetsi.

Basha ba betšha ka mefuta e e farologaneng. Kwa Japane, le mororo go na le melao e e gagametseng e e itsang bana go betšha, go ya ka Mainichi Daily News basha “ba bonwa thata ka dipalo tse di oketsegang ba betšhetsa [mabelo] le go betšhetsa dilo di sele kwa ntle ga mabelo, ka selekanyo se se tshwenyang.” Go iteka lesego, go betšhetsa metshameko, le go tshameka dikarata ke dingwe tsa dilo tse basha ba ratang thata go di betšhetsa.

Diphelelo tsa go Tshwakgolwa ke Go Betšha

Gordon Moody, wa Lekgotla la Babetšhi, a re: “Kwa tshimologong, [go betšha] ke selo se se monate, go tshwana le go upolola kana go ratana. . . . Go iteka lesego ke selo se se kgatlhang thata.” (Quit Compulsive Gambling) Ee, mo bathong ba bangwe go a kgatlha go fenya le go taboga madi mo go tsamaelanang le gone. Mme o ka se ka wa nnela lesego ruri. Kgabagare mmetšhi o a latlhegelwa. Mme dikoloto le go senya madi ke tshimologo ya mathata a gagwe.

Go tshwakgolwa ke boitlosodutu, fela jaaka go tshwakgolwa ke seokobatsi, go ka senya semoyeng, mo maikutlong, le mo boitsholong fela thata. Go ka go dira se Gordon Moody a se bitsang “tatlhego e . . . kgabagare, e tla go ntshang lekgoba.” Seo se re gakolola mafoko a ga moaposetoloi Paulo: “A ga lo itse ha eo lo mo ineèlañ yaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwè eo lo mo utlwañ”? (Baroma 6:16) Thanolo ya ga J. B. Phillips e tlhalosa temana eno jaana: “Lo ba nonofo e lo tlhophang go e utlwa.” Akanya fela, o gateletswe ke mokgwa o o sa kgoneng go o laola!

Ereka gantsi mosha a felela a aka, go dira boferefere, le go utswa gore a tswelele ka mokgwa wa gagwe, dikamano tsa gagwe le lelapa la gaabo di tlile go senyega. Makasine wa Borithane o go tweng Young People Now o tlhalosa jaana: “Fa o tla go lemoga gore o legodu, moaki, le morwalo, mo bathong ba o ba ratang le bone ba go rata, o latlhegelwa ke go itlotla.” Ga go gakgamatse go bo The Harvard Mental Health Letter e bega gore, batho ba ba tshwakgotsweng ke go betšha ba tshabelelwa ke “go sula pelo mo go maswe, mathata a a tsalwang ke go tlhobaela,” le mathata a mangwe a mmele, jaaka “mathata a tshilo ya dijo, go tlhorega boroko, go opiwa ke tlhogo, kgatelelo ya madi, esema, ditlhabi tsa mokwatla, le ditlhabi tsa sehuba.”

Lefa go ntse jalo, se se maswe le go feta ke tshenyo e go e direlang bomoya jwa motho. Bibela e nyatsa bopelotshetlha le go rata madi. (1 Bakorintha 5:10, 11; 1 Timotheo 6:10) Fela jaaka go ntse ka go tshwakgoga gongwe le gongwe, go tshwakgolwa ke go betšha le gone ke ‘go itshekolola nama le moya.’ (2 Bakorintha 7:1) Fa o ntse o tswelela ka go betšha, segakolodi sa gago le sone se senyegela pele mmogo le yone kamano ya gago le Modimo fela jalo.—Bapisa 1 Timotheo 4:2.

Maikemisetso a go Batla go go Latlha

O ka kgona go ikgophola jang mo mokgweng ono o o kokomelang jaaka kgofa e thamaga? Selo sa ntlha, o tshwanetse wa bo tota o batla go o latlha. Mo bukeng ya gagwe e go tweng Addictions, Liz Hodgkinson a re, “Ga go na go tshwakgoga gope mo go ka latlhiwang kwa ntle ga gore motshwakgogi a bo a batla go fetoga.” Seno se raya go ithuta go ‘ila bosula,’ go ferosiwa sebete ke go betšha. (Pesalema 97:10) Jang? Ka go akanyetsa mathata a gone, eseng monate. A “go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka [nyana]”—monate wa go fenya motshamekonyana—ke gone fela go ka go itsang go bona botshelo jo bo sa khutleng? (Bahebera 11:25) Fa o akanya ka tsela e e ntseng jalo go ka go thusa gore o ititee sehuba go latlha.

Lefa go ntse jalo, mmatlisisi ebong Liz Hodgkinson o bolela gore: “Go tshwakgoga ga mofuta mongwe le mongwe go loelela mo eleng gore go go latlha go ka tshwana fela le go kgaola tokololo nngwe.” Mme Jesu o rile: “Me ha leitlhō ya gago le gu kgopisa, u le gonyè, u le latlhè: gonne go ka nna molemō mo go wèna ha nama ñwe ea gago e ka senyèga, e señ mmele otlhe oa gago go latlhèlwa mo [Gehena].” (Mathaio 5:29) Sengwe le sengwe se se kgoreletsang kamano ya gago le Modimo se tshwanetse sa kgaolwa mo botshelong jwa gago!

Seno se raya gore o tlhagolele boikgapo. Moaposetoloi Paulo o ne a na le dikeletso tse di neng di itira seboaboane tse a ka bong a ile a ineela mo go tsone, mme lefa go ntse jalo o ile a gana go nna motlhanka wa tsone. O ile a re, “Me ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ.” (1 Bakorintha 9:27) Le wena o tshwanetse go ithuta go ikgagamaletsa dikgole, o sa leseletse dikeletso tsa gago go go laola.

Go Ya kwa Motsweding wa Bothata

Legale, go fenya ntwa eno, go tlhoka mo gontsi go feta maikemisetso fela. Go tshwakgoga fa gongwe e a bo e le sesupo sa mathata a mangwe a magolo. Motho mongwe yo o tshwakgotsweng ke go betšha yo o bidiwang Dick a re: “Nako ya me ya bonyana e ne e le ya mofuta wa yone fela. Go ne go sena le fa e le thothinyana ya lorato mo lelapeng la rona. . . . Ke ne ke aga ke nyadiwa. Ke ne ke inyatsa fela thata.” Ka ntlha ya go tshwenyega mo go kalo, o ne a ikgomotsa ka go betšha.

Bontsi jwa badiri ba tsa botsogo ba golaganya go tshwakgoga mo go farologaneng le go tshwenyega maikutlo ka ntlha ya go sotlwa kana go itlhokomolosiwa fa motho e ne e santse e le ngwana. Go sa kgathalesege gore eng ke eng, go ya kwa motsweding wa mathata a gago go ka go thusa go latlha go betšha. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me: nteka, me u itse megopolō ea me: Me u bōnè ha go na le mokgwa moñwe oa boikèpō mo go nna; me u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.” (Pesalema 139:23, 24) Go bolelela Mokeresete yo o godileng, jaaka mogolwane, maikutlo a gago a a tshwenyegileng, go ka nna ga go thusa gore o tlhaloganye gore ke eng fa o betšha le se o tshwanetseng go se dira go fetola mogopolo wa gago le mokgwa wa gago wa boitshwaro.a

“Sengwe se se Botoka”

Go ya ka buka e go tweng Quit Compulsive Gambling, go latlha “ke [kgato] ya ntlha mo ntweng kgatlhanong le bothata joo.” Go tshwanetse gape ga nna le diphetogo tse dikgolo mo mokgweng wa gago wa go tshela. Go itsa gore o seka wa boela gape mo seretseng, o tshwanetse go tila ditsala tsa gago tsa pele tse lo neng lo betšha mmogo, gape o bo o tsamaele kgakala le mafelo a go betšha, jaaka dikhasino, diholo tsa pool, le tse dingwe fela jalo. (Diane 13:20) Seno legale ga se reye gore o itlhaole. (Diane 18:1) Dira maiteko a gore o nne le ditsala tse di tla go emang nokeng mo phuthegong ya Bokeresete. Nna o tshwaregile mo tirong e e nang le mosola, ditiro tsa semoya, le boitlosobodutu jo bo agang.

Legale, Hodgkinson o re gakolola gore, motho yo o tshwakgogileng o tla fenya ntwa fela fa “a ka bona gore go na le sengwe se se mosola kwa pele—gore botshelo bo na le mo gontsi go se aba go na le go leka go kgotsofatsa go tshwakgoga.” Jaanong, ke eng se se ka gaisang tsholofetso e Bibela e e neelang?

Monna mongwe yo o bidiwang Roddy o ne a bona boammaaruri jwa seno. O ipolela fa a ne a “tshwakgotswe ke go betšha la ntlha le la bofelo” ka dingwaga di le 25, a sale a simolotse e sale mosha. Roddy o ne a betšha ka mekgwa yotlhe—mabelo a dipitse, a dintša, maduo a kgwele ya dinao, le go betšha kwa dikhasinong. Mme morago o ne a simolola go dirisa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo jo a neng a bo ithutile mo Basuping ba ga Jehofa. Roddy a re, “Mo dikgweding di le tharo fela, go ne ga nna le phetogo e e bonalang.” O ne a latlha go betšha, mme gone gompieno jaana ke mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Gongwe legale, o setse o na le kitso e e rileng ka thuto ya Bibela. Jaaka David le Thomas, ba ba umakilweng kwa tshimologong, o ka nna wa bo o paletswe ke go dira gore boammaaruri jwa Bibela bo laole botshelo jwa gago. Fa go ntse jalo, ke eng o sa ‘iponele ka bowena se eleng thato ya Modimo e e itekanetseng’ ka go ithuta Bibela ka tlhoafalo? (Baroma 12:2) Morago ga gore David le Thomas ba simolole go dirisa se ba se ithutileng ba bo ba nna le tumelo le go tlhatswega pelo, ba ne ba kgona go fenya go tshwakgolwa ke go betšha. Le wena o ka kgona!

Go ithuta Bibela ka tlhoafalo go tla dira gore tsholofetso ya Bibela ka isagwe—e leng selo se se botoka go gaisa go betšha—selo sa mmatota mo go wena. Mme ebile gape go tla go thusa gore o atamelane le Modimo ka namana. Ka jalo o tla gololesega go mo ‘rapela ka go bisa go khutla’ o mo kopa thuso, o tshepa sentle gore o tlhaloganya maikutlo a gago. (1 Bathesalonia 5:17; Pesalema 103:14) O tla lefa maiteko a gago a magolo ka go go fa nonofo e o e tlhokang go fenya ntwa kgatlhanong le go tshwakgolwa ke go betšha.—Bagalatia 6:9; Bafilipi 4:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bontsi jwa badiri ba botsogo jwa tlhaloganyo ba dumela gore go bona kgakololo ya motho yo o ithutetseng tiro go a tlhokega gore o kgone go tlogela go tshwakgoga. Fa Mokeresete a tlhopha mokgwa wa kalafi o o sa tloleng melaometheo ya Bibela, eno ke tshwetso ya gagwe ka namana go e itirela.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Gantsi batho ba ba betšhang ba felela ba aka le go utswa gore ba tswelele pele ka mokgwa wa bone wa go betšha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela