LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 10/8 ts. 22-24
  • Batho Ba Ba Lemaletseng Go Betšha Ba a Jewa ka Metlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho Ba Ba Lemaletseng Go Betšha Ba a Jewa ka Metlha
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?
    Tsogang!—1994
  • Ditlamorago Tse Di Botlhoko tsa go Betšha
    Tsogang!—1992
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 10/8 ts. 22-24

Batho Ba Ba Lemaletseng Go Betšha Ba a Jewa ka Metlha

“GO LEMALELA go betšha ke bolwetse jo bo tshwanang fela le jwa go lemalela bojalwa le go tshwakgolwa ke diokobatsi,” Porofesa Jean Ades, wa kwa Fora o ne a bolela jalo. O ne a re: “Ke selo se se go tshwakgolang kwantle ga go dirisa seokobatsi, mme batho ba le bantsi ke gone ba lemogang gore go ba tshwakgotse.” Tota lefa batho ba ba lemaletseng go betšha ba ka jewa madi a mantsi jang, ba fekeediwa ke go batla go boelwa ke madi a ba a jelweng ka go betšha le eleng go feta. Mmegadikgang mongwe wa kwa Fora o ne a kwala jaana: “Bontsi jwa ba ba jewang ba gomotsega ka bonako fela. Lefa go ntse jalo, ba bangwe bone, keletso ya go betšha e a ba fekeetsa e ba ketefaletsa dilo mo botshelong. Ba aga ba itsholofetsa gore ba tlile go tlogela tlwaelo eo, lefa go ntse jalo, e tswelela e ntse e ba laola. Ba tshwakgotswe ke go betšha.”

Motho mongwe yo o betšhang wa Afrika Borwa o ne a ipolela jaana: “Fa o tshwakgotswe ke go betšha, mme o dutse gaufi le tafole ya roulette kana ya blackjack, ga o re sepe ka dilo tse dingwe. Madi a gago a a bela, mme o tla betšha ka sente nngwe le nngwe e o nang le yone fela gore o dikolose leotwana la teng gape kana o bitse karata nngwe. . . . Fa ke ntse ke ya le gore madi a me a bela go le kana kang, ke ne ke kgona go nna malatsi a le mantsi bosigo le motshegare ke gototse matlho ka lobaka lo loleele, ke lebile dikarata le dinomore e bile ke eletsa go gapa tuelo e kgolo e e thata go bonwa e ke neng ke e meletsa mathe ka metlha.” Morago ga moo o ne a konela ka go re: “Go na le batho ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanang le nna ba ba sa kgoneng go emisa fa ba sena go jewa makgolo a sekae a diranta kana tota le dikete di sekae. Re tla nnela go betšha go fitlha re sa tlhole re na le sepe, le go fitlha go sa tlhole go na le kagiso mo malapeng a rona.”

Henry R. Lesieur, yo e leng porofesa wa thutaloago kwa St. John’s University kwa New York, o ne a kwala a bolela gore go sa kgathalasege gore motho o a gapa kana o a jewa keletso ya go betšha e nna kgolo jaana mo e leng gore “bontsi jwa batho ba ba betšhang ba ka fetsa malatsi a le mantsi ba sa robale, ba sa je e bile ba sa ye ntlwaneng. Fa ba betšha ba lebala gotlhelele ka dilo tse dingwe. Fa ba ntse ba solofetse go gapa jalo, ba tla ba ‘swegaswega pelo,’ go o go lemogang ka diatla tse di fufutseng, pelo e e iteelang kwa godimo le go feroga sebete.”

Motho mongwe yo o neng a tshwakgotswe ke go betšha o ne a dumela gore tlwaelo eo ya gagwe e ne e sa tlhotlhelediwe ke go batla go gapa, go na le moo e ne e le ka ntlha ya go “swegaswega pelo,” monate wa go betšha ka bogone. O ne a re: “Go betšha go gotetsa maikutlo ka tsela e e sa tlwaelegang. Fa leotwana la roulette le ntse le dikologa, o letetse Lesego la gago, go na le nako e o tsewang ke sedidi ka yone mme go nna jaaka e kete o idibetse.” André wa kwa Fora, yo o ratang go betšha o dumela jaana: “Fa o betšhitse pitse nngwe ka FF10 000 [R7 500] mme lobelo loo lo setse ka dimetara tse 100 fela, ga o ne o tsaya sepe tsia lefa mongwe a ne a ka go itsise gore mosadi wa gago kana mmaago o tlhokafetse.”

André o tlhalosa kafa a neng a tswelela a betšha ka gone tota le morago ga go latlhegelwa ke madi a mantsi. O ne a adima madi mo dibankeng, mo ditsaleng, le mo bathong ba ba adimisanang ka madi mme ba kopa merokotso e e kwa godimo thata. O ne a utswa ditšheke tsa batho le go fetola dibuka tsa banka ya poso ka tsietso. Fa a le kwa dikhasinong o ne a hepisa basadi ba ba tlileng ba le nosi mme a bo a utswa di-credit card tsa bone. “Ka nako eo,” mmegadikgang mongwe wa kwa Fora o ne a re, André “o ne a sa tlhole a tshwenyega gore a o tla tsamaya a baakanya maemo a gagwe a madi. O ne a kgarakgatshega jalo ka ntlha ya keletso eo ya gagwe.” O ne a simolola bonokwane mme a isiwa kgolegelong. Lenyalo la gagwe le ne la thubega.

Gantsi batho ba ba lemaletseng go betšha, fela jaaka ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi le ba ba lemaletseng bojalwa, ba nnela go betšha le mororo go baka gore ba latlhegelwe ke tiro, kgwebo ya bone, boitekanelo jwa bone tota le, malapa a bone.

Bosheng jaana ditoropokgolo di le dintsi tsa Fora di ile tsa dumelela gore batho ba ka betšha. Le mororo dikgwebo tse dingwe tsone di wa, kgwebo ya mabenkele a a adimang motho madi a bo a tsaya dithoto tsa gagwe e gatela pele tota. Beng ba tsone ba bolela gore gangwe le gape batho ba ba betšhang ba latlhegelwa ke madi otlhe a ba nang le one mme ba bo ba rekisa dipalamonwana, diwatšhe, diaparo le dilwana tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo gore ba nne le madi a peterolo ya go boela gae. Mo ditoropong dingwe tsa United States tse di fa lobopong, go butswe mabenkele a masha a go adima batho madi ka dithoto tsa bone; ka dinako tse dingwe o ka fitlhela a le mararo kana a le manè a tlhomagane.

Bangwe ba ile ba bo ba inaakanya le ditiro tsa bonokwane gore ba kgone go nna le madi a go betšha. Go ya ka Porofesa Lesieur, dipatlisiso dingwe tse di dirilweng go fitlha jaanong, “di senotse gore batho ba ba lemaletseng go betšha ba na le mekgwa e e farologaneng e e sa dumelelweng ke molao . . . ba itirela ditšheke tsa tsietso, ba amoga batho matlo a bone, ba a utswa, ba gapa dilo tsa batho ka dibetsa, ba itirela madi ka tsietso, ba tseela batho madi ka dikgoka, ba tsaya madi mo bathong ka go ba fora le go rekisa dilo tsa bogodu.” Mo godimo ga dilo tseno, gape batho bano ba ba betšhang ba dira bonokwane jwa maemo a a kwa godimo ka go utswela bahiri ba bone. Go ya ka Gerry T. Fulcher, mokaedi wa Setheo sa go Ruta le go Alafa Batho ba ba Lemaletseng go Betšha, diperesente di le 85 tsa diketekete tsa batho ba go itsegeng gore ba lemaletse go betšha, di ne tsa dumela gore ba tle ba utswetse bahiri ba bone. O ne a re: “Tota e bile, fa go tla mo mading, go lemalela go betšha go maswe go gaisa go lemalela bojalwa le go se dirise diokobatsi sentle di kopantswe.”

Dipatlisiso tse dingwe di ne tsa swetsa ka gore mo e ka nnang peditharong ya batho ba ba lemaletseng go betšha ba ba iseng ba tshwarwe le diperesente di le 97 tsa ba ba tshwerweng ba dumela gore ba dirisa mekgwa e e sa siamang gore ba kgone go nna le madi a go betšha kana go duela dikoloto tse di amanang le go betšha. Ka 1993, kwa ditoropong tse go nang le mafelo a le mantsi a go betšha a a dumeletsweng ke molao tsa Gulf Coast kwa United States, dibanka di le 16 tsa teng di ne tsa gapelwa madi, e leng palo e e oketsegileng ganè go feta ngwaga pele ga oo. Monna mongwe o ne a gapa palogotlhe ya $89 000 (R323-000) mo dibankeng di le robedi go a dirisetsa go betšha. Dibanka tse dingwe di ne tsa gapelwa madi ka tlhobolo ke batho ba ba betšhang ba ba neng ba patelesega go duela madi a mantsi a ba a kolotang.

“Fa batho ba ba lemaletseng go betšha ba leka go tlogela tlwaelo eno ya bone, e nna balwetse ba ba tshwanang fela le batho ba ba gogang kana ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi,” The New York Times e bolela jalo. Lefa go ntse jalo, batho ba ba betšhang ba a dumela gore go tlogela go betšha go bokete go gaisa go tlogela ditlwaelo tse dingwe. Mongwe wa bone o ne a re: “Bangwe ba rona re kile ra nna le bothata jwa go lemalela bojalwa le go sa diriseng diokobatsi sentle, mme re a dumela gore go lemalela go betšha go tshwakgola thata go gaisa sepe fela se se tshwakgolang.” Dr. Howard Shaffer, wa Setheo sa Dipatlisiso Tsa go Tshwakgolwa kwa Harvard University o ne a bolela gore bobotlana diperesente di le 30 tsa batho ba ba lemaletseng go betšha ba ba lekang go go tlogela ba nna le “go serega kana go segwa ke mala, go tlhobaela boroko, kgatelelo ya madi e e kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang e bile dipelo tsa bone di iteela kwa godimo.”

Dr. Valerie Lorenz, yo e leng motsamaisi wa Setheo sa Naga sa go Betšha go go Bakang Malwetse kwa Baltimore, kwa Maryland, kwa U.S.A., o ne a re, tota lefa ba tswelela pele ka go betšha, batho bano ba ba lemaletseng go betšha “ba nna le mathata a kalafi: ba opiwa ke tlhogo e e sa kgaotseng, tlhogo e e opang botlhoko ka tsela e e feteletseng, mathata a khemo, ditlhabi tse di botlhoko thata tsa pelo, pelo e sa iteye jaaka tlwaelo e bile matsogo le maoto a bone a swa bogatsu.”

Mme gape ba a ipolaya. A go na le selo se se maswe go gaisa fa selo se se bidiwang gore ke “selo se se tshwakgolang se se seng kotsi” se baka loso? Ka sekai, kwa nageng nngwe ya Amerika koo bosheng jaana go neng ga bulwa dikhasino tsa go betšha teng, “dipalo tsa batho ba ba ipolayang di oketsegile go menagane gabedi ka tsela e e tshosang le mororo go sena modiredimogolo ope wa tsa tlhokomelo ya boitekanelo yo o neng a batla go amanya seno le go betšha,” The New York Times Magazine e ne ya bega jalo. Mo Afrika Borwa, batho ba bangwe ba bararo ba ba neng ba betšha ba ne ba ipolaya mo bekeng e le nngwe fela. Ga go itsewe gore ke batho ba le kae ba ba ipolayang ka ntlha ya go betšha go go kafa molaong le go go seng kafa molaong le dikoloto tse di amanang le gone.

Go botlhoko tota gore motho a batle go tlogela go betšha go go mo ngangatletseng ka go ipolaya. Mo setlhogong se se latelang, bona kafa batho bangwe ba neng ba dirisa tsela e e botoka ya go tlogela mokgwa ono ka teng.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Mabenkele a a adimang madi ka dithoto a mantsi thata—bokebekwa le jone bo aname

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela