Ditlamorago Tse Di Botlhoko tsa go Betšha
Bobby o ne a fitlhelwa a swetse mo koloing e e neng e eme mo mmileng mongwe mo bokone jwa Lontone. O ne a ipolaile a le dingwaga di le 23 fela.
Monnamogolo mongwe o ne a ntse a robala mo mekgwatheng mo lobakeng le le rileng pele ga a ya kwa lefelong leo go thusiwang batlhoki kwa go lone. O ne a koafetse thata, ereka a ne a ise a bone se a se isang ganong malatsi a le mane, mme gape a ne a sa nwa molemo o a neng a o neetswe wa bolwetse jwa gagwe jwa pelo.
Emilio, rrabana ba batlhano, o ne a hubitse pelo. O ne a tlogetswe ke mosadi wa gagwe le bana. Mme jaanong ba ne ba sa batle le gone go mmuisa tota.
GO IPOLAYA, mokgarakgatshegi, le rrabana yo o latlhilweng: dikgang tse di botlhoko tse tharo, le ntswa go bonala gore ga di tsamaelane ke tse di utlwalelwang gangwe le gape mo setšhabeng mo malatsing ano. Mme lefa go le jalo matlhotlhapelo ano otlhe a na le motswedi o le mongwe fela—go tshwakgolwa ke go betšha.
Batho ba le bantsi ba ba tshwakgotsweng ke go betšha ba ganela gore ba na le bothata, mme le maloko a lelapa ba na le go loba seno ka ntateng ya go tshaba go tshegwa ke batho. Mme letsatsi le letsatsi malapa a le dimilionemilione go dikologa lefatshe a nna ka tlhobaelo le go itlhoboga ka ntateng ya tshenyo e e dirwang ke go tshwakgoga mo go ntseng jaana.
Ga go na ope yo o itseng gore batho ba ba tshwakgotsweng ke go betšha ba kae ka palo. Kwa United States, palo ya dimilione tse di lesome e tsewa gore ke phopholetso e e kwa tlase. Dipalo tsa teng ke tse di tshosang mme di golela pele gongwe le gongwe fa jaaka go betšha go ntse go ntsifala mo mafatsheng ka go farologana ga one. Go tshwakgolwa ke go betšha go ile ga tlhalosiwa jaaka “go tshwakgoga mo go golelang pele ka lobelo lo logolo go gaisa mefuta e mengwe yotlhe ya go tshwakgoga.”
Bontsi jwa ba ba sa tswang go tshwakgoga ba simolotse fela ba betšha go betšhanyana mo eseng ga sepe ba batla fela go “iteka lesego.” Mme go ise go ye kae ba bo ba setse ba ile le morwalela wa go tshwakgolwa ke go betšha.
Fa go Betšha Go Sa Tlhole go Laolesega
Ke eng se se dirang gore motho a tshwakgolwe ke go betšha ntswa a simolotse a itshamekela fela? Mabaka a seno a a farologana, mme kgabagare, batho ba ba ratang go betšha ba tla mo seemong se eleng gore ba ikutlwa gore ga ba ka ke ba tshela kwantle ga go betšha. (Bona lebokose le le mo tsebeng 7.) Ba bangwe ba ja monate mo go betšheng o ba ntseng ba sa o bone mo botshelong jwa bone. Mongwe wa batho ba ba betšhang o ne a tlhalosa jaana: “Ga ke na sepe gore a ke tswa ka sengwe kgotsa ke a latlhegelwa. Fa ke betšha, bogolo jang fa ke betšha ka madi a a kwa godimo go gaisa bao ke nang nabo, ke ikutlwa gore ke motho yo o botlhokwa go gaisa mo lefatsheng. Batho ba a ntlotla. Ke ikutlwa ke itumetse fela thata!”
Ba bangwe ba betšha ka ntateng ya bodutu kana go gatelelwa maikutlo. Ester yo eleng mmabana ba bane, o ne a nyetswe ke monna wa lesole yo gantsi a neng a seyo mo gae. O ne a ikutlwa a bolawa ke bodutu mme a simolola go tshameka metšhini ya go betšha e le go leka go itlosa bodutu. Go ise go ye kae, ke fa a simolola go tshameka diura di le dintsi letsatsi le letsatsi. O ne a simolola go betšha ka madi otlhe a a neng a tshwanetse go reka dilo ka one, mme mathata a ne a ntsifala. O ne a leka go lobela monna wa gagwe seno ka fa letlhakoreng le lengwe a leka ka bojotlhe go adima madi mo dibankeng kana mo bathong ba bangwe go leka go tsweletsa pele go tshwakgoga ga gagwe mo go neng go mo ja diranta tse 550 letsatsi le letsatsi.
Go na le ba bangwe ba ba ileng ba tlhakanngwa tlhogo ke go betšha morago ga gore ba ikgapele madi a mantsi. Robert Custer, yo eleng motlhalefedi wa go tshwakgolwa ke go betšha, o tlhalosa jaana: “Gantsi ke bao ba ileng ba ikgapela madi fa ba santse ba simolola mme ebile ba ile ba tswelela ba ntse ba dira jalo mo go betšheng ga bone bao eleng gore ba felela ba tshwakgotswe ke go betšha.” Morago ga moo, keletso ya go tswelela ba ntse ba ikgapela madi e nna kgolo fela thata.
Seru Se Se Bofitlha sa Tumelabotlhodi
Bontsi jwa batho ba ba betšhang ba dirisiwa seo ke boikutlo jwa go phamoga go na le go dirisa tlhaloganyo. Ka go sekaseka dintlha di sekaenyana fela ka go betšha go ne go ka dira gore motho yo o batlang go betšha a lese seo fa a ne a dirisa tlhaloganyo fela. Ka sekai, kwa United States, sebaka sa gore motho a ka bolawa ke legadima ke bongwe mo go 1 700 000. Mme go gapa madi mo metshamekong ya go iteka lesego e e dirwang ke Puso gone go thata go feta palo eo gabedi.
Ke mang yo o nnang a solofetse go itewa ke legadima? Ke motho yo o padileng yo o nnang a ntse ka letshogo la go diragalelwa ke bosula fela. Mme lefa go le jalo, mo e ka nnang mongwe le mongwe wa bao ba rekang dithekethe tsa go iteka lesego ba lora dinomoro tse ba di tlhophileng e le tsone tseo di yang go kgethiwa gore di gapile sekgele. Go boammaaruri gore go iteka lesego ke selo se se gogelang thata, mme lefa go le jalo lebaka la go bo batho ba le bantsi ba nna le tsholofelo mo seemong se se sa solofetseng jaana ke ka go bo ba dumela mo botlhoding. Go bo ba kgetha “dinomoro tsa lesego” tse ba di ratang go ba bolelela gore ba ka nna ba kgona go fenya mathata ape a a ka ba kgoreletsang go ikgapela madi.—Bona lebokose le le mo tsebeng 8.
Claudio Alsina yo eleng rradipalo wa kwa Spain, o ne a bolela gore fa kwa dikhasinong le mafelo a go iteka lesego go ka dirisiwa ditlhaka eseng dinomoro mo metshamekong ya teng ya go iteka lesego, sebaka sa go ka fenya se ne se tla sala se ntse se tshwana, mme lefa go ntse jalo tsela e go gogelang ka yone—mme gongwe le selekanyo se se rileng sa madi a a amogelwang teng—go ne go tla nyelela. Go tsaya maikutlo mo dinomoro dingwe di nang le gone go kwa godimo fela thata. Dinomoro tse di tshwanang le 9, 7, 6 le 0 ke tse di ratwang fela thata ke bangwe, fa ba bangwe ba tlhopha “nomoro ya lesego” ya bone go tswa mo dilong tse di tshwanang le letsatsi la botsalo la bone kgotsa go ya ka seo ba se bolelelwang ke tepodinaledi. Mme go na le bao ba kaelwang ke ditiragalo tse di gakgamatsang eleruri.
Letsatsi lengwe rre mongwe o ne a diragalelwa ke tiragalo e e sa itumediseng fa a ne a goroga kwa khasinong ya Monte Carlo. Lephoi le le neng le fofa mo godimo ga tlhogo ya gagwe le ne la digela mantle a lone mo hutsheng ya gagwe. Mme mo letsatsing lone leo o ne a ikgapela R41 000. Ereka a ne a tlhatswegile pelo gore mantle ao a lephoi a ne a mo file lesego, ga a ise a ko a tlhole a tsena mo khasinong pele ga a ka dikologadikologa kwantle ka tsholofelo ya gore gongwe o tla bona gape “sesupo se se tswang kwa legodimong.” Ka jalo, tumelabotlhodi e dirile ba le bantsi ba ba betšhang gore ba akanye gore go ikgapela madi ga bone ga go kitla go tsamaya go fela. Lefa go le jalo, seno gantsi go tsamaelana le go rareediwa mo go senang pelo ga go laolwa ke go tshwakgolwa ke go betšha mo kgabagare go ba fetsang.
Ka Ntlha Ya go Rata Madi
Batho baa betšha gore ba kgone go ikgapela madi, madi a mantsi fa go kgonega. Mme motho yo o tshwakgotsweng ke go betšha ene, madi aa a ikgapelang a nna le bokao jo bo kgethegileng. Fela jaaka Robert Custer a tlhalosa, mo go ene, “madi ke go nna yo o botlhokwa. . . . Madi ke go nna le ditsala. . . . Madi ke molemo.” Mme ke eng fa madi a na le bokao jo bo kanakana mo go ene?
Mo bathong ba ba betšhang motho yo o ikgapelang madi a mantsi kgotsa a dirisa madi a mantsi ke ene a ratiwang fela thata. Ba batla go nna ba na le ene ka dinako tsotlhe. Ka jalo, madi aa a ikgapelang a bolelela motho yo o betšhang gore ke mongwe, gore o botlhale. Madi gape a mo dira gore a lebale mathata a gagwe, a mo thusa gore a kgobe kgetsi, le go mo dira gore a thame. Go ya ka mafoko a mmatlisisi ebong Jay Livingston, batho ba ba tshwakgotsweng ke go betšha “ba ineela go laolwa ke madi gotlhelele.” Eo ke phoso e e masisi eletota.
Fa mogopolo o eseng one wa gore ke tla fenya go ya go ile o fela mme a simolola go jewa nako le nako, madi a nna botlhokwa le go feta. Jaanong o batla go boelwa ke se se mo latlhegetseng ka matlho a mahibidu. O tla bona kae madi a a lekaneng go duela bao a ba kolotang, le gore a boe e nne mofenyi yole gape? Mme go ise go ye kae botshelo jwa gagwe bo felela ka gore nako tsotlhe a bo a le mo letsomong la madi.
Boemo joo jo bo maswe ke jo dimilione tse dintsi tsa batho ba ba betšhang ba mo go jone. Batho bano ba akaretsa banna le basadi, bannye le bagolo, le mefuta yotlhe ya batho. Mme ebile mongwe le mongwe a ka nna a wela ka lemena leno, jaaka go ile ga bontshiwa ke go golela pele ga bosheng jaana ga go tshwakgolwa ke go betšha mo go diragalelang basha le bommamalapa.
Basha le Bommamalapa Ba Ba Tshwakgotsweng ke go Betšha
Basha e nna mamphorwana maatlhamela babolai mo metšhineng eno e e gogelang ya go betšha kgotsa mo metshamekong e mengwe ya go iteka lesego e e ba solofetsang go ka bona madi a mantsi ka bofefo. Patlisiso nngwe e e ileng ya dirwa kwa toropong nngwe ya kwa Engelane e ile ya bontsha gore basha ba le 4 mo go ba le 5 ba ba dingwaga tse 14 ba nna le seabe mo metšhineng ya go betšha gangwe le gape le gore bontsi jwa bone ba ile ba simolola ba santse ba na le dingwaga tse 9. Bangwe ba bone ba bile ba ne ba ngwega kwa sekolong go ya go betšha. Tshekatsheko e e ileng ya dirwa mo sekolong sengwe se segolwane sa kwa U.S. e ne ya “bontsha gore 6 lekgolong ya baithuti ba koo ba ne ba bontsha dikai tsa go tshwakgolwa ke go betšha mo go golelang pele mme ebile go ka nna ga ba senyetsa le isagwe.”
Manuel Melgarejo yo eleng mookamedi wa setlhopha sa batho ba ba ikgobokantseng go ithusa se se dirilweng ka batho ba ba kileng ba bo ba tshwakgotswe ke go betšha kwa Madrid, Spain, o ne a tlhalosetsa Tsogang! gore mosha yo o tlhotlhelediwang motlhofo fela a ka kgona gore a tshwakgolwe ke go betšha fela ka ntateng ya go bo a ile a ikgapela madi a mantsi mo motšhineng o o betšhang. Mme mo nakong e khutshwane fela, go betšha e nna selo se a itlosang bodutu ka sone le se a se ratang thata. Mme go ise go ye kae, mosha yo o tshwakgotsweng ke go betšha a ka nna a simolola go rekisa boswa jwa lelapa kgotsa a simolola go utswa mo lapeng, le gone go tsamaya a utswela batho kgotsa a nna seaka gore a kgone go duelela go tshwakgoga moo.
Baitse gape ba lemoga palo e e golelang pele ya bommamalapa ba ba tshwakgotsweng ke go betšha. Ka sekai, kwa United States basadi jaanong ba dira 30 lekgolong ya batho botlhe ba ba tshwakgotsweng ke go betšha, mme go fopholetswa gore palo eno e ka nna ya golela go 50 lekgolong ka ngwaga wa 2000.
María, mongwe wa batho ba ba sa itsholelang go le kalo, yo eleng mmabana ba babedi ba basetsana, ke mongwe wa bommamalapa ba eleng gore ba ile ba tshwakgolwa ke go betšha. Mo dingwageng tse supa tse di fetileng, o ile a dirisa R96 000—a bontsi jwa one e neng e le a lelapa—mo go betšheng bingo le metšhini e e betšhang. O bua jaana ka bohutsana, “Madi ao a ile phfoo. Ke eletsa go bona letsatsi leo ka lone ke tla kgonang go tsena mo khefing ke tshwere [R140] mo kgetsing sa me mme ke na le nonofo ya gore ke a dirise fela mo dilong tse di tlhokwang ke bongwanake [go na le go a dirisa mo go betšheng kwa metšhineng].”
Ditoro Tse Di Monate Tse Ya Reng Kgabagare Di Tlhore Motho Boroko
Ditoro gantsi ke tsone tse di dirang gore batho ba tswelele ka go betšha. Mo go bangwe ba ba betšhang, go lora motho a humile ke selo se se tlang se bo se feta, mme lefa go le jalo mo go bao ba setseng ba tshwakgogile, e nna selo se eleng gore o se batla ka patla le jase, mme ebile a se latelela a sa itsape, go fitlhelela a bo a sala a le mo lehumeng, kana a felela mo kgolegelong, kana a sule.
Go betšha go solofetsa motho gore a ka kgona go fitlhelela dilo tseo totatota a di tlhokang—go itlosa bodutu mo go tshwanetseng, go ijesa monate mo go sa reng sepe, go bona madi a a oketsegileng, le gore motho a kgone go iphalotsa mo ditlhobaelong tsa letsatsi le letsatsi—mme ditlamorago tsa teng tse di fitlhegileng e ka nna tse di seng kana ka sepe fela jaaka fa batho ba ba tshwakgotsweng ke go betšha ba ile ba lemoga seo ka bohutsana. A dilo tse motho a di tlhokang di ka kgona gore di bonwe ka tsela e nngwe e sele?
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Setshwantsho sa Motho Yo o Tshwakgotsweng ke go Betšha
MOTHO yo o betšhang o tswelela pele ka go betšha go sa kgathalesege gore o latlhegelwa go le kana kang. Mme fa a ka ikgapela sengwe, o dirisa madi ao go tswelela pele ka go betšha. Lefa a ka nna a bolela gore o ka lesa go betšha nako nngwe le nngwe fa a batla, motho yo o tshwakgotsweng ke go betšha yo o nang le madi mo pateng ya gagwe o fetisa malatsi a sekaenyana fela a ise a betšhe. O na le bothata jwa go tshwakgolwa ke go betšha mo go feteletseng fela thata mo go ka nnang ga mo senyetsa le isagwe.
O tshelela mo dikolotong. Fa a sa kgone go duela bao a ba kolotang, o adima madi kwa le kwa go leka go duela dikoloto tse di mo pitlaganyang le gore a tswelele pele a ntse a betšha. Go ise go ye kae o simolola go sa ikanyege. O ka nna a bo a betšha ka madi a mohiri wa gagwe. Gantsi, o felela a kobilwe mo tirong.
Sengwe le sengwe, le eleng mosadi wa gagwe le bana, ba felela ba sa reye sepe mo go ene fa ba bapisiwa le go betšha. Mme go tshwakgolwa ga gagwe ke go betšha kgabagare go koafatsa lenyalo mme go ka nna ga tsala gore ba kgaogane kgotsa ba tlhalane.
Maikutlo a gagwe a go ipona molato thata a dira gore e nne motho yo o ditlhong fela thata. Ga a kgone go dirisana le batho ba bangwe sentle. Kgabagare, o nna a gateletswe maikutlo mme gongwe a bo a leke go ipolaya; ga a itse tsela epe ya go tswa mo nthagarageng eo.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
Monna YO O Ileng a Gapa Madi A A Seng Kana ka Sepe kwa Monte Carlo
MONNA wa Moesemane ebong Charles Wells, o ile a etela khasino ya Monte Carlo ka July 1891. Mo malatsing a sekaenyana fela, o ile a tsadisa madi a gagwe a e neng e le dikete di le lesome tsa madi a Fora go a dira milione o le mongwe, mme ka tsela e e gakgamatsang, o ile a boeletsa seno mo dikgweding di le nnè moragonyana. Bontsi jwa batho ba ba betšhang ba ile ba batla go itse “maano” a gagwe mme ba seka ba kgona. Ka dinako tsotlhe Wells o ne a ntse a bolela gore ga a ise a ko a nne le maano ape a a tlhomologileng. Tota ebile, e ne ya re ngwaga e e latelang a jewa madi otlhe a gagwe, mme o ne a swa a sena lefa e le peni. Ka mo go gakgamatsang, tiragalo eo e ile ya nna sedirisiwa se segolo sa ipapatso sa khasino eo. E ile ya itsege thata lefatshe ka bophara gore ga ise e ko e tsamaye e latlhegelwe.
Maaka a Monte Carlo
Bontsi jwa batho ba ba betšhang ba dumela gore metšhini ya go betšha le maotwana a a dikologang a teng a kgona go boloka melaetsa. Ka jalo, motshameki wa leotwana a ka nna a tsaya gore fa dinomoro dingwe di ile tsa rulagana ka tsela e e rileng, go na le gone gore leotwana le ka nna la tswelela le sala morago mokgwa oo wa go di rulaganya. Ka mo go tshwanang, bangwe ba batshameki ba metšhini ya go betšha ba tsaya fela gore fa e le gore ga go ise go ikgapelwe madi mo motšhineng mongwe mo nakong e e rileng, go raya gore ga go kgakala gore jaanong a ikgapelwe mo go one. Megopolo eno e e phoso e bidiwa maaka a Monte Carlo.
Go le leotwana le le dikologang le mokgwa o metšhini e e betšhang e ntshang madi ka one gotlhe go itlela fela ka modimonthusa. Ka jalo, se se ka tswang se diragetse pelenyana ga se na bokao bope mo go se se ka diragalang. Mo metshamekong eno ya go iteka lesego, fela jaaka The New Encyclopædia Britannica e bolela, “motshameki mongwe le mongwe o na le sebaka se se tshwanang sa go ka bona maduo a a rileng.” Ka jalo dintlha tsa go palelwa ke go fenya di a tshwana mo go mongwe le mongwe nako nngwe le nngwe. Lefa go le jalo, maaka a a bidiwang Monte Carlo, a ile a senya ba le bantsi ba ba betšhang fa kafa letlhakoreng le lengwe a humisa dikhasino.