LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 10/8 ts. 16-18
  • A Ke Gola Sentle?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ke Gola Sentle?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a go Gola
  • Ba Ba Golang Morago ga Nako
  • Ka Moo O Ka Go Itshokelang Ka Gone
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Gola ka Bonako Thata Jaana?
    Tsogang!—1993
  • Go A Reng ka Mmele wa Me?
    Tsogang!—1990
  • ‘Go Diragalang ka Nna?’
    Tsogang!—2004
  • Nka Kgona Jang go Emelana le Diphetogo Tsa Bosha?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 10/8 ts. 16-18

Basha ba Botsa Jaana . . .

A Ke Gola Sentle?

“Ke ne ke le mongwe wa bana ba bannye thata mo tlelaseng ya rona—mme e bile ke ne ke fetwa ke mongwe le mongwe. Ke ne ke sa rate mabogo a me. Ke ne ke akanya gore a ne a le masesane thata. Ke ne ka ba ka romela lekwalo ke kopa gore ke romelelwe dilwana tsa go ikatisa tse go neng go na le kitsiso ya tsone kafa morago ga buka nngwe ya metlae. Mme ga go a ka ga thusa sepe.”—Eric.

“Ga ke motelele ka mo go lekaneng. Ke na le dingwaga di le 13 mme ke boleele jwa [dimitara di le 1,5] fela. Mongwe le mongwe mo tlelaseng ya rona o motelele go feta fa! Gone ee, go na le basimane bangwe ba bakhutshwanyane, mme gongwe ba tlile go gola fa selemo seno se ntse se tsweletse. Ga ke rate go nna mokhutshwane! Ga ke kgone go bona lefa e le sepe! Ke eletsa e ke te ke ka bo ke le motelelenyana gone jaanong.”—Kerri.

MOTELELE! Sekhutshwe! Mafura! Ntshese! Ano ga se mafoko fela a a buiwang ke dithaka tse di setlhogo. Basha ba le bantsi ba ipona ba ntse jalo nako le nako fa ba itebelela mo seiponeng. “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 13,” go gakologelwa jalo mosadi mongwe yo mokhutshwanyane wa Mohisipaniki yo o bidiwang Mari, “ke ne ke sa rate nko ya me le eseng; e ne e le sephara mo e bileng ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go arwa! E bile ke ne ke na le mmele o o sephaphathi! Mogolole o ne a na le mosese o o neng o lebega o le montle tota mo mmeleng wa gagwe o o agegileng sentle. Fa ke leka go o apara, mongwe le mongwe o ne a ntshega.”

Fa o le mo ‘go thunyeng ga bosha,’ bogolo jang ka nakonyana eo ya pheretlhego ya maikutlo ya go fetoga ga ka bonakonako mo mmeleng le mo maikutlong e e bidiwang go golela mo bonneng kana mo bosading, go bonolo gore o ikutlwe o sa ithate. (1 Bakorintha 7:36) O ka bona balekane ba gago ba gola go nna bagolo fela ba batelele, ba bantle. Mme go ka nna ga lebega e ke te wena ga o gole le eseng—kana o gola thata. Patlisiso nngwe e ne ya senola gore palo e e boitshegang ya 56 lekgolong ya basha ga ba kgotsofalele mebele ya bone. Babatlisisi ebong Jane Norman le Myron W. Harris ba bolela gore ba le bantsi ba basha bao ba ba sa kgotsofaleng ba ne ba ikutlwa gore ba “bakhutshwane thata” kana gore ba ne ba “sa gola sentle.”

Basha ba le bantsi gape ba tshwenyegile ka go gola ga dikaralo tsa bone tsa sephiri tsa mmele; ba ipotsa gore a di ntse jaaka fa di tshwanetse go nna. Buka ya Growing Into Love, ya ga Kathryn Watterson Burkhart e tlhalosa gore “maikutlo a basha a go itlotla, go ikutlwa o le monnanyana kana mosadinyana le go nna le seriti, a ikaegile ka popego ya mebele ya bone, ka jalo ke selo se se botlhokwa thata gore mebele ya bone e bo e gola sentle jaaka fa e tshwanetse.” Ka jalo he, ga go gakgamatse go bo gantsi basha ba sa iketla thata mo maemong ao (jaaka mo tlelaseng ya go itshidila) mebele ya bone e kgonang go bonwa gore e tle e kanokwe—kana e bo e bapisiwe le ya ba bangwe. Mosimane mongwe yo mmotlana o ne a re, “Ke ikutlwa ke sa iketla tota fa ke tlhapa le basimane ba bangwe kwa sekolong.”

A ga o itumelele tsela e mmele wa gago o golang ka yone? Mme se tshwenyege! Gongwe o siame fela jaaka wa ba bangwe botlhe.

Mathata a go Gola

Go golela mo bonneng kana mo bosading ke selo sa tlholego e bile se tshwanetse. Le Jesu Keresete tota o fetile foo, “a cwéléla mo botlhaleñ le mo go goleñ.” (Luke 2:52) Go golela mo bonneng kana mo bosading go akaretsa go gola ga dirwe tsa gago tsa tsalo.a Lefa go ntse jalo, gape go akaretsa go gola ka bonako, gantsi e le ka selekanyo se motho a tlwaetseng go gola ka sone ngwaga le ngwaga se menagane gabedi. “Ke ne ka simolola ke gola ka [disentimitara di le lesome] ka ngwaga,” go gakologelwa jalo lekawana lengwe le le bidiwang Danny. “Fa ke nna le dingwaga di le 13 ke ke le boleele jwa [dimitara di le 1,8].”

Lefa go ntse jalo, gantsi basetsana ba simolola go gola ka bonako mo e ka nnang dingwaga di le pedi pele ga basimane. Ka jalo fa mosetsana a nna le dingwaga di le 12 o ka nna a bo a le motelele go feta balekane ba gagwe botlhe ba basimane ba tlelase ya gagwe. Gongwe a ka nna a nna motelele jalo lobakanyana fela. Fa dingwaga di ntse di ya, basimane ba le bantsi ba tla mo tshwara ba bo ba mo feta ka botelele.

Lefa go ntse jalo, go gola ka bofefo go na le mathata a gone. Gantsi dikarolo tse di nnang dikgolo pele ke dinao tsa gago. Ka jalo dinao tsa gago di ka nna tsa bo di sa tsamaelane gotlhelele le mmele wa gago ka lobakanyana. Mokwadi mongwe ebong Lynda Madaras o nopola mosetsana mongwe a re: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesomenngwe ke ne ke le boleele jwa [dimitara di feta 1,5] go le gonnye fela, mme ke ne ke rwala ditlhako tsa bogolo jwa robedi. Ke ne ka akanya gore mme kana go bolela gore fa dinao tsa me di ka nna tsa gola di tlile go boitshega! Mme jaanong ke na le dingwaga di le somethataro, mme ke boleele jwa [dimitara di le 1,7], mme ke santse ke rwala bogolo jwa robedi.” Go ise go e kae go gola ka bofefo ga momo, dirope, le mmele go a latela.

Selo se sengwe se se ka tshwenyang e ka nna go fetoga ga setshwano se o se bonang mo seiponeng. Mokwadi Lynda Madaras o tlhalosa jaana mo go The What’s Happening to My Body? Book for Girls: “Fa o ntse o golela mo bosading, sefatlhego sa gago se a fetoga. Karolo e e kwa tlase ya sefatlhego sa gago e a lelefala mme sefatlhego sa gago se a tlalanyana.” Go ntse jalo ka basetsana le basimane. Go ka nna ga tsaya lobakanyana pele ga sefatlhego sa gago se lebega se tsamaelana le mmele sentle.

Ka gonne dikarolo tse di farologaneng tsa mmele wa gago di gola ka tsela e e sa tshwaneng, matsogo a gago le maoto le tsone di ka nna tsa lebega di le ditelele mo di tlhabisang ditlhong. “E ne e ke te matsogo a me a tloga a ya go kgoma fa fatshe,” go gakologelwa jalo Christine, yo moragonyana a neng a gola go nna mogolo fela yo montle. Nako ya mathata e gantsi e tlhabisang ditlhong le yone e ka nna ya simolola pele ga mmele wa gago jaanong o lebega o ‘bopega sentle le go dirisana sentle ga ditokololo tsotlhe.’—Baefesia 4:16.

Ba Ba Golang Morago ga Nako

Lefa go ntse jalo, go golela mo bonneng kana mo bosading e ka nna selo se se sa tlwaelesegang. Ka dinako tse dingwe motho yo o nang le dingwaga tse 12 a ka nna a lebega jaaka wa dingwaga tse 20. Mme mo basheng ba bangwe, dihoromone go lebega di sa dire sentle ka nako e e tshwanetseng. Mosha mongwe yo o bidiwang Willie o ngongorega jaana: “Ke mongwe wa bana ba bakhutshwanyane mo tlelaseng, mme ke a itse gore go utlwala jang go tlaopiwa.” Fa o lemoga gore o tshwanelwa ke go ema ka ditsetsekwane gore o kgone go lekalekana le balekane ba gago, o se ke wa tshwenyega. Gantsi, go bolela fela gore mmele wa gago o gola ka bonya go na le ya balekane ba gago ba o mo tlelaseng e le nngwe le bone.b

Gone ke boammaaruri gore go nna mokhutshwane kana go lebega o le mmotlana mo balekaneng ba gago go ka nna ga bo go sa itumedise. “Ke a itse gore ke lebega ke le monnye thata, ga ke rate!” go ngongorega jalo Allison yo o nang le dingwaga tse 16. A o ka kgona go itlhaganedisa kgolo ya gago? Nnyaa, mme o ka kgona go e thusa. Mo go Yobe 8:11, Bibela e bolela jaana: “A motsitla o ka gola go sena loraga? a mophutlo o ka gola go sena metse?” Fela jaaka fa sejalo se gola sentle fa se le mo tikologong e e siameng lefa se fepiwa sentle, le wena o tlhoka go ikhutsa ka mo go lekaneng le go ja dijo tse di itekanetseng. Go nnela go ja dijo tse di nontshang mme di sa otle go tla dira gore mmele o se nne le dikotla tse o di tlhokang gore o gole sentle.

Ntle le ditsela tse di tlwaelesegileng tsa go tlhokomela boitekanelo jwa gago, ga o ka ke wa dira sepe se se kalokalo ka go gola ga mmele wa gago. Mme fa nako e ntse e tsamaya go gola ka bofefo go tla simologa. Tota e bile, o ka nna wa bo wa tswelela o gola le morago ga gore balekane ba gago ba emise go gola. “Fa ke ne ke le mo mophatong wa borobabobedi,” go gakologelwa jalo lekawana lengwe le le bidiwang John, “ke ne ke feta a le mongwe fela ka botelele mo tlelaseng, mme e ne ya re fa selemo se ntse se feta, ke ne ka gola fela ka bofefo. Ka nako ya fa ke simolola mophato wa borobabongwe, ke ne ke batla ke le mosimane yo motelele go ba gaisa mo tlelaseng.” Re gakololwa ka seane sa kwa ga loe: “Cholohélō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo: me motlhañ seelecō se tlañ, e be e le setlhare sa botshelō.”—Diane 13:12.

Gone ee, ga go ka ke ga tlhomamisiwa gore o tla tsamaya o nna motelele jaaka motshameka bolotloa wa Moamerika. Fa o na le batsadi ba bakhutshwane, go ka direga gore le wena o nne mokhutshwane. Lefa go ntse jalo, go nna mokhutshwanyane mo ditsaleng tsa gago go ka nna ga go bakela mathata.

Ka Moo O Ka Go Itshokelang Ka Gone

Le mororo Modimo a sa lebe motho go ya ka seemo sa gagwe, gantsi batho ba ba megopolo mennye bone ba dira jalo. Dipatlisiso di bontsha gore basha ba na le go leba batho ba ba golang ka bonya e se ba bantle e bile ba sa nonofa go na le basha ba ba lebegang ba godile sentle. Ba ka nna ba bo ba itlhokomolosa ditsala tsa bone tsa pele tse di sa tlholeng di lebega di ba tshwanela ka gonne ba lebega ba le bannye thata. Seno se ka nna sa ama thata tsela e o itebang ka yone. Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore le morago ga lobaka lo loleele basha ba ba godileng ka iketlo ba sena go gola sentle ba bo ba tshwara balekane ba bone ba sekolo, maikutlo a go inyatsa a santse a le gone mo go bone.

O ka itshokela seno jang? Basha bangwe ba ba golang morago ga nako ba didimetse le go ikgogona. Mme lefa go ntse jalo ba bangwe—bogolo jang basimane—ba ikgantsha ka tsela e e seng ntle kana e nna digatlhamelamasisi ka maiteko a a phoso a go dira gore ba bonwe. Mme ga go na sepe sa tseno se se tla dirang gore o nne le ditsala tsa boammaaruri. Kgabagare, batho ba tlile go go ratela se o leng sone, eseng kafa o lebegang ka gone. Fa o kgatlhegela ba bangwe ka mmatota ebile o le pelonomi le bopelotshweu, batho ba le bantsi ba tla go rata. (Diane 11:25; Bafilipi 2:4) Fa bangwe ba tswelela ka go go tlaopa kana ba go itlhokomolosa, leka go tlotla seno le batsadi ba gago. Ba ka nna ba kgona go go neela dikakantsho tse di molemo.

Gape gakologelwa gore Modimo “o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Bibela e bolela gore Kgosi Saulo e ne e le mongwe wa batho ba batelele mo Iseraele e bile a le montle. Mme o ne a palelwa e le kgosi le mo botshelong jwa gagwe fela. (1 Samuele 9:2) Kafa letlhakoreng le lengwe, monna yo o neng a bidiwa Sakaio o ne a le “mokhutshane.” Mme o ne a segofadiwa ka tshiamelo ya go amogela Morwa Modimo. (Luke 19:2-5) Ka gone se se botlhokwa tota ke boleng jwa motho kwa teng. Mme fa mmele wa gago o sa gole ka bonako jaaka fa o batla, o ka nna wa gomodiwa ke go itse gore go ka nna ga bo go itshiametse fela. “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna,” mme kgabagare mmele wa gago o tla dumela fa go golela mo bonneng kana mo bosading go simologa. (Moreri 3:1) Se se gakgamatsang ke gore, basha ba le bantsi ba ngongoregela gore mebele ya bone e gola ka bonako thata. Go tla tlotlwa ka selelo sa bone mo setlhogong se se latelang sa motseletsele ono.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . .” tse di mo tokololong ya February 8, 1990, ya Tsogang!

b Bomankge bangwe ba akantsha gore fa mosha yo o santseng a gola a ise a nne le diphetogo dipe fela tsa go golela mo bonneng kana mo bosading ka nako ya fa a le dingwaga tse 15, o tshwanetse a tlhatlhojwa ke ngaka gore e kgone go bona gore a ga go na mathata ape a botsogo.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Gantsi basetsana ba simolola go gola ka bofefo dingwaga di ka nna pedi pele ga basimane. Lefa go ntse jalo, basimane ba le bantsi ba tshwara basetsana ka bonako ba bo ba ba feta ka botelele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela