Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Gola ka Bonako Thata Jaana?
“Fa ke ne ke le mo mophatong wa borataro, ke ne ke le motelele go ba feta botlhe. Go ne go ntlhabisa ditlhong. Ke ne ke na le tsala e e neng e na le mmele o monnye thata mme ke ne ke aga ke eletsa e ke te ke ka bo ke tshwana le ene.”—Annie.
“Ka gonne ke lebega ke na le dingwaga di le somethataro kana di le somesupa, batho ba le bantsi, ke akaretsa le batsadi ba me, ba solofela gore ke itshware jaaka mogolo.”—Tanya, wa dingwaga tse 12.
GO GOLELA mo bonneng kana mo bosading—ba le bantsi ba rona ba ba fetileng foo ba ka nna ba se ka ba rata go gakologelwa nako eo. E a kgatlha e bile e a tshosa. Ka nako ya fa o golela mo bonneng kana mo bosading, mmele wa gago o nna le diphetogo tse di diregang ka bonako, tse di gakgamatsang, mme ka dinako tse dingwe, di tlhabisa ditlhong. O kubugelwa ke maikutlo a masha, ditlhotlheletso tse disha, le dikeletso tse disha. Basha ba le bantsi ba gomodiwa ke lebaka la go bo balekane ba bone le bone ba diragalelwa ke se se tshwanang. Lefa go ntse jalo, mo basheng bangwe go golela mo bonneng kana mo bosading go bonala go tla pele ga nako thata. Ba ipona ba nna batona, ba nna batelele, ba gola thata, ba lebega ba le bagolo go feta ditsala tsa bone le ba ba mo tlelaseng le bone.
Fa e le gore seno se go diragaletse, o ka nna wa gomodiwa ke go itse gore ga go na sepe se se sa tlwaelesegang kaga go gola pele ga nako. Sesupanako sa mmele sa mongwe le mongwe se tsamaya ka lobelo lwa sone fela, mme gongwe sa gago se tsamaya ka bonakonyana go feta tsa balekane ba gago. Ee, diphetogo tse di nnang gone mo mosimaneng fa a golela mo bonneng di ka nna tsa simologa a santse a na le dingwaga tse di lesome fela, mme mo mosetsaneng, a santse a na le dingwaga di robabobedi fela. Go ise go ye kae ditsala tsa gago le tsone di tla bo di diragalelwa ke se se tshwanang. Mo nakong eno o ka nna wa tshwanelwa ke go itshokela mathata mangwe a a rileng.
Menate le Masula A go Nna Motelele
Mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ke rata go nna ngwana yo motelele go ba feta mo tlelaseng. Batho ba a go tlotla.” Dipatlisiso di bontsha gore basimane segolobogolo ba ba golang ka bonako ba nna le melemo mengwe e e tlhomologileng go feta balekane ba bone ba ba sa goleng thata. Buka ya Adolescent Development e e kwadilweng ke Barbara le Philip Newman e bolela jaana: “Basimane ba ba golang ka bonako ba nna batelele le go nna le maatla go gaisa balekane ba bone. . . . Basimane ba batelele, ba ba maatla gantsi ba newa maikarabelo, le go lejwa jaaka ba ba etelelang balekane ba bone pele, le go tsewa jaaka e ke te ba godile mo tlhaloganyong le mo mmeleng go feta ba bangwe.”
Lefa go ntse jalo, go nna motelele thata ka bonako thata le gone go na le masula a gone. Sa ntlha, balekane ba gago ba mo tlelaseng ba ka nnela go tlhola ba go ja ditshego ba sa fetse. Mosetsana mongwe yo mmotlana o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Ke ne ke le mosetsana yo motelele go ba gaisa botlhe mo tlelaseng. Ba ne ba mpitsa ‘Maoto Matelele.’” Lekawana lengwe le le bidiwang Dwayne le gakologelwa jaana: “Bana ba ne ba mpitsa ka maina, a a jaaka ‘Mogolori.’ Ka dinako tse dingwe ba ne ba mpotsa jaana, ‘Maemo a bosa a utlwala jang ka ko godimo ka koo?’”a
Fa go nnang boima le go feta ke ka dinako tsa fa ditokololo tsa gago tse ditelele di sa kgone go dirisana sentle mmogo. (Bapisa Baefesia 4:16.) “Ke ne ke le manyekenyeke, ke le mosesane, ebile ke le marorongwane,” go gakologelwa jalo Christine ka nako ya fa a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome. “Ke ne ke le setshururu mo metshamekong,” go oketsa jalo Dwayne. “Go ne go ntse jaaka e ke te boboko jwa me bo ne bo ntsha taolo, mme ditokololo tsa me di ye go e amogela beke moragonyana! Ke ne ke sa dire bontle go le kalo.” Itse gore nako eno e e boima ke selo se se tlwaelesegileng. E tla feta fa nako e ntse e tla. Gape o ka nna wa fitlhela gore ‘go itshikhinya mmele mo go lekanetseng go molemo.’ (1 Timotheo 4:8) Fa o dirisa mmele wa gago thata, o tla dira mmogo botoka.
Go tweng kaga go tewa maina le go tlhapadiwa? O ka nna wa raelesega go ipusolosetsa ka go konopela a gago mabolela a se makaenyana, mme Bibela ya re: “U se ka ua hetola seeleele kaha boeleeleñ yoa shōna, ka u ka tla ua nna yaka shōna.” (Diane 26:4) Mo godimo ga moo, kgabagare, ‘go duela bosula ka bosula’ ke go dira fela gore seemo se se maswe se nnele maswe go ya pele. (Baroma 12:17) Bibela e bolela gore go na le “motlha oa go tshèga.” (Moreri 3:4) Go tshega ka dilo tseno go ka nna ga go thusa gore o kgone go itshokela dinako tse dintsi tsa go jewa ditshego.b
‘Ba Ithaya ba Re ke Mogolo’
Ka dinako tse dingwe bothata ke bagolo, eseng balekane ba gago, ba ba akanyang gore o mogolo. Dwayne o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhaolwa mo setlhopheng go twe ke nna ke nang le taolo, ke nna ke di gogang kwa pele. Ka nako nngwe ke ne ke le gaufi le setlhopha sengwe sa bana, mme ba simolola go konopa dilo dingwe go tswa kafa borogong. Mapodisi a ne a tla mme ba simolola go nkgoakaka ka gonne ke ne ke le motelele go ba feta botlhe. Mme gone ke ne ke sa itse le go itse se se neng se diragala.”
Ka dinako dingwe, o ka nna wa bo o rata thata go tsewa jaaka mogolo. Bothata ke gore, mmele o ka gola ka bonako go gaisa mogopolo le maikutlo. Go sa kgathalesege gore o lebega jang, o ka nna wa bo o santse o akanya le go leba dilo, eseng jaaka mogolo, mme jaaka motho wa dingwaga tsa gago. (Bapisa 1 Bakorintha 13:11.) Ka jalo fa batho ba batla gore o dire dilo segolo, o ka nna wa go fitlhela go le thata go dira jaaka fa ba solofetse.
O ka nna wa tshwanelwa ke gore nako le nako o nne o gakolole ditsala le maloko a lelapa ka bonolo fela gore ga o mogolo jaaka fa o lebega. Diane 15:22 ya re, “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” Ka jalo fa o ikutlwa gore batsadi ba gago ba batla go le gontsi thata mo go wena, ba bolelele ka bonolo. Makasine mongwe wa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome o ne wa akantsha gore o ka nna wa bua jaana: “Ke a itse gore ka gonne ke lebega ke godile thata jaana, go bonolo gore lo solofele gore ke dire dilo jaaka mogolo. Mme mo teng, ke santse ke le wa dingwaga tsa me, mme ka dinako tse dingwe go a nthatafalela gore ke dire tsotlhe tse lo solofelang gore ke di dire le go nna tsone.”
O se ka wa dira phoso ya go dira gore lo lebege jaaka e ke te o mogolo ka go itshwara, kana go dira dilo ka tsela e e seng ya gago ya tlholego, kana ka go apara le go ikgabisa ka tsela e e sa tshwanelang dingwaga tsa gago. Ee, e bile basha bangwe ba ba godileng ka bonako ba ile ba bo ba tlogela ditsala tsa bone tse di lebegang di sa le dinnye tse ba saleng ba nna le tsone fa ba santse e le bana ba bo ba leka go itekatekanya le batho ba bagolo mo go bone! Mme motho yo o lekang go fitlha se a leng sone tota mo ntlheng eno a ka nna a bo a feleletsa a itshegisa ka batho. (Bapisa Pesalema 26:4.) Fa nako e ntse e ya ba bangwe ba tlile go bona gore o itira se o seng sone. Ka gone Bibela ka botlhale e bolela gore “botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ.” (Diane 11:2; Mika 6:8) Motho yo o ikgobalatsang o itse fa a felelang gone.
Go Tshwenngwa ke Batho ba Bong Bo Sele
Go itshwara ka go ikgobalatsa gape go ka go sireletsa mo bothateng jo gantsi bo welang basetsana ba ba golang ka bonako: go tshwenngwa ke batho ba bong bo sele. Ka bonako jo bo gakgamatsang, mmele wa mosetsanyana o ka lebega o le montle jaaka wa mosadi. (Bapisa Sehela sa Dihela 8:8, 10.) Lefa go ntse jalo, mo basetsaneng bangwe ba ba botlana, go nna le mabele le mahepapoo e ka nna—eeh—selo se se tlhabisang ditlhong.
Mokwadi ebong Ruth Bell o tlhalosa jaana: “Basetsana ba ba santseng ba gola ba angwa thatathata ke tsela e batho ba senna ba itshwarang ka yone fa ba ba bona.” Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 yo o bidiwang Denise o tlhalosa jaana: “E re ka ke godile thata mo mmeleng, fa ke tswela kwa ntle batho ba tlhola ba lebile mmele wa me fela thata.” (Changing Bodies, Changing Lives) Balekane ba gago ba mo tlelaseng, ba basimane le ba basetsana ba ba ratang go lekeletsa dilo ba ka nna ba bo ba leka le go go tshwaratshwara ka tsela e e sa tshwanelang. Ga go gakgamatse go bo buka ya Adolescent Development e bolela jaana: “Batho ba sesadi ba ba golang ka bonako ba ka nna ba itira matepe, ba apara dijeresi tse di fa tse dikgolo e bile di leketla fela mo mebeleng ya bone, kana ba nna ditlhong le go ikgogona mo bathong go dira gore balekane ba bone ba se ka ba lemoga gore sebopego sa mebele ya bone se a fetoga.”
Le mororo gone o sa patelesege go fitlha sepe ka go nnela go tlhatlaganya diaparo tse dintsintsi, go a utlwala gore o tshwanetse go tlogela go dirisa diaparo le mekgwa ya go ikgabisa e e tsosang maikutlo kana e e dirang gore go tlholwe go lebilwe wena fela ka tsela e e sa tlhokegeng. Seno se tsamaisana le kgakololo ya Bibela ya go apara ka “bori le tekanō.”—1 Timotheo 2:9.
Go ka nna ga bo go na le dilo tse dingwe tse di molemo tse o ka di dirang. Morago kwa ka dinako tsa Bibela, Ruthe o ne a le mo boemong jo mo go jone go neng go ka nna ga direga gore a tshwenngwe ke batho ba bong bo sele fa a ya go dira kwa tshimong ya ga Boase. Boase ka bonolo ‘o ne a laela makau gore ba se ka ba mo ama.’ Le mo maemong ao o ne a nna a mo tlhagisa jaana: “U se ka ua ea go rōnōpa mo tshimoñ epè e sele, . . . me u tlhōmamè gōna ha, le barweetsana ba ga echo.” (Ruthe 2:8, 9) Ka tsela e e tshwanang, basetsana bangwe ba ba botlana ba kgonne go nna ba atamelane thata le basetsana ba bangwe ba Bakeresete ba ba tsenang mo sekolong se le sengwe le bone. Ba tila go tsamaya ba sa patwa ke ope mo mafelong a a itseweng ka mathata.
Go sa kgathalesege gore boemo ke bofe, ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go go tshwenya—e ka tswa e le mo mmeleng kana ka puo fela. Fa o na le mathata mangwe mo ntlheng eno, tlotla ka seno le batsadi ba gago kana le mogolo mongwe yo o mo ikanyang. Ba ka nna ba nna le dikakantsho dingwe kana ba ka nna ba batla go tsenelela ka tsela nngwe.
Lefa o ka tswa o le mo maemong a a molemolemo go a gaisa otlhe, go golela mo bonneng kana mo bosading ke nako e e boima thata mo botshelong. Go feta—kana go fetwa—ke balekane ba gago go ka nna ga dira gore go nne boima le go feta. Go sa kgathalesege maiteko ape a o a dirang, ga go na sepe se se kalo se o ka se dirang ka go gola ga mmele wa gago. Mme o ka kgona go dira ka natla gore o gole semoyeng. Mme fa o dira jalo, jaaka Samuele yo mmotlana wa dinako tsa Bibela, o tla “golèla pele, me [o] ratwa ke Yehofa, le ke batho le bōnè.”—1 Samuele 2:26.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mangwe a maina a fetotswe.
b Gore o bone dikakantsho tse di oketsegileng tsa kafa o ka dirisanang ka gone le go tlaopiwa, bona Kgaolo 19 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Basha ba batelele gantsi ba tlhola ba nnetse go jewa ditshego