LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 10/8 ts. 9
  • Fa Ngwana wa Gago a Sotlilwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Ngwana wa Gago a Sotlilwe
  • Tsogang!—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
    Tsogang!—1991
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 10/8 ts. 9

Fa Ngwana wa Gago a Sotlilwe

GO EMISA tshotlo, o tshwanetse go kgona go e lemoga fa o e bona. Mo dibukeng tse dintsi tse di buang ka kgang eno, baitse ba rulagantse ditshupo tse dintsi tsa go sotliwa tse batsadi ba ka di elang tlhoko. Tseno di akaretsa: go bolela gore ba utlwa botlhoko fa ba ntsha metsi kana ba ya ntle, malwetsi a mapele, go kgoboga kana go gobala fa pele, go simolola ka tshoganetso go tlhapologela mo dikobong, go gana dijo kana mathata a mangwe fela a go ja, go tlhalefela dilo tsa tlhakanelodikobo, go tlelwa ke poifo ya tshoganetso ya mafelo a a etsang sekolo le dikarolo tse dingwe tsa ntlo, go nna ka dinako tse dingwe a tshogile, go boifa go apola fela thata, go boifa go sala le mongwe a le nosi yo a mo itseng, go itshegaka.

Legale, o tlhokomele gore o se ka wa itlhaganelela go dira ditshwetso. Dikai tseno ga se gore ka dinako tsotlhe di raya gore ngwana o a bo a sotlilwe mo go tsa tlhakanelodikobo. Sengwe le sengwe sa tsone se ka kaya bothata bongwe bo sele. Mme legale, fa o bona dikai tse di tlhobaetsang phunya kgang eo ka bonolo, gongwe ka mafoko a a tshwanang le: “Fa mongwe a ka go kgoma ka tsela e e go dirang gore o ikutlwe o sa wele dibete, ke batla go go itsise gore o ka mpolelela o sa boife sepe, mme ke tla dira bojotlhe go go sireletsa. A ga o ise o ke o diragalelwe ke sengwe se se ntseng jalo?”—Diane 20:5.

Fa ngwana wa gago a ka go bolelela gore o kile a sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo, kwa ntle ga pelaelo seo se tla go utlwisa botlhoko thata. Mme fela gakologelwa: Tsela e o itshwarang ka yone e tla nna le seabe se segolo mo go foleng ga ngwana. Ngwana wa gago o ntse a rwele mokgweleo o o bokete mme o go tlhoka gore, wena ka maatla a gago a segolo, o o mo role. Akgolela ngwana go bo a ile a nna pelokgale go go bolelela se se diragetseng. O bo o mo tlhomamisetse gangwe le gape gore o tla dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang go mo sireletsa; le gore tshotlo eo ke molato wa motho yo o neng a mo sotla, e seng wa ngwana; gore ngwana ga a “bosula”; gore o rata ngwana.

Baitse ba tsa molao ba gakolola gore go begwe tshotlo kwa molaong ka bofefo jo bo ka kgonegang. Kwa dinageng tse dingwe tsamaiso ya molao e ka nna ya tlhoka gore go dirwe jalo. Mme kwa mafelong a mangwe tsamaiso ya molao e ka nna ya bo e sa neele tsholofelo e e kalo ya gore motho yoo o tla sekisiwa.

Go tweng jaanong fa e le gore mosotli ke molekane wa motho yo a mo ratang? Ka maswabi, basadi ba le bantsi ba palelwa ke go tsaya kgato e e tshwanetseng. Ee gone, ga se selo se se motlhofo go iphitlhela o lebagane le molekane yo o sotlang ngwana. Go amega thata ka ene, le go ikaega gotlhelele mo go ene mo go tsa madi, e ka nna dilo tse dikgolo fela thata. Mosadi yo o leofetsweng o ka nna a lemoga gore go tsaya kgato go ka dira gore monna wa gagwe a latlhegelwe ke lelapa la gagwe, tiro, le seriti.a Lefa go ntse jalo, boammaaruri jo bo teng ke gore seo e tla bo e le go roba se a se jadileng. (Bagalatia 6:7) Kafa letlhakoreng le lengwe, bana ba ba senang molato, ba ka nna ba latlhegelwa fela thata fa e le gore ga ba dumelwe le go sirelediwa. Isagwe ya bone yotlhe e mo kotsing. Ga ba na ditsompelo tse bagolo ba nang le tsone. Letshogo le ka ba gobatsa la ba la ba bopa ka tsela e e sa siamang botshelo jotlhe jwa bone. Ke bone ba tlhokang e bile ba tshwanelwang ke go tshwarwa ka go nenekediwa.—Bapisa Genesise 33:13, 14.

Ka lebaka leo he batsadi ba tshwanetse go dira maiteko otlhe a a tshwanetseng go sireletsa bana ba bone! Bontsi jwa batsadi ba ba nang le maikarabelo ba tlhopha go senka motho yo o nang le kitso go thusa ngwana yo o sotlilweng. Fela jaaka o ne o tla dira ka ngaka ya kalafi, tlhomamisa gore moitse yoo o tla tlotla dilo tse o di dumelang.b Thusa ngwana wa gago go boa a itlotla gape ka go mmontsha lorato lwa botsadi ka metlha.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Motho yo o tlhakanelang le bana dikobo tota o a bo a setse a le mo kotsing mme o tlhoka thuso fela thata. Lefa a ka re o maswabi, molekane yo o leofetseng o ka sekaseka seno: Ke eng fa a ne a sa ipolele pele ga a upololwa ke yo a mo sotlileng?

b Ka sekai, fa Basupi ba ga Jehofa ba lebana le kgang ya tshelo ya madi, ba tlhomamisa gore ngaka e tla tlotla dilo tse ba di dumelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela