Basupi ba ga Jehofa ba Fenya Kgang ya go Godisa Bana
INGRID HOFFMANN o ntse a lwa ntwa ya go leka gore a neelwe bana ba gagwe ba babedi fa e sale mo bogareng jwa lesome le le fetileng la dingwaga. Ka e le mosadi wa kwa Austria, o ne a tsholelwa mo Roma Katoliki a bo a godisediwa mo go yone. A nyalwa ke Mokatoliki ka ene, mme a tshola morwa ka 1980 le morwadi ka 1982. Mme lefa go ntse jalo ka 1983 banyalani bao ba ne ba tlhalana; mongwe le mongwe wa bone o ne a batla go nna ene a godisang bana. Rre o ne a bolela gore bodumedi jwa ga mmè—o ne a setse e le Mosupi wa ga Jehofa—bo ne bo tla gobatsa bana, bo dira gore ba se ka ba godisiwa ka tsela e e tlwaelegileng, e e siameng. O ne a umaka dikgang tse di tshwanang le gore Basupi ba gana go keteka malatsi mangwe a boitapoloso a a tlwaelegileng mo nageng ya gaabo le gore ba gana go tshelwa madi.—Ditihō 15:28, 29.
Mabaka ano a boferefere ga a ka a dira. Kgotlatshekelo ya ntlha le ya boikuelo di ne tsa gana maiphako a ga rre mme tsa letla mmè gore a godise bana. Lefa go ntse jalo, ka September 1986, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Austria e ne ya gana ditshwetso tsa kgotla e potlana. E ne ya bolela gore ditshwetso tseno di ne di tlodile Molao wa Thuto ya Bodumedi wa Austria, molao o o batlang gore bana ba ba tsholetsweng mo kerekeng ya Katoliki ba rutiwe jaaka Makatoliki. Gape kgotla e ne ya laola gore go ne go se kitla go solegela bana molemo go ba letla gore ba godisiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa!
Ingrid Hoffmann o ne a ka tshabela kae go tlhoiwa mo go mo pepeneneng jaana ka ntlha ya bodumedi? Ka February 1987 kgang ya gagwe e ne ya isiwa fa pele ga Lekgotla la Yuropa la Ditshwanelo tsa Batho. Ka April 13, 1992, lekgotla leno, le le bopilweng ka baatlhodi ba ba emetseng merafe e e farologaneng e e leng maloko a Khansele ya Yuropa tsa Yuropa, le ne la isa kgang eno gore e ye go reediwa ke Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho.
Kgotlatshekelo eo e ne ya ntsha tshwetso ka June 23, 1993. E ne ya bolela jaana: “Ka jalo Kgotlatshekelo ya Yuropa e dumela gore kgang ga e a ka ya tshwarwa ka tekatekano le gore pharologanyo eno e ne e le ka ntlha ya bodumedi; tshwetso eno e tshegediwa ke tsela e ka yone Kgotla ya Makgaolakgang [ya Austria] e beileng mabaka a yone le mafoko a e a dirisitseng malebana le diphelelo tse di ka nnang gone tsa bodumedi jwa moikuedi. Pharologanyo e e ntseng jalo e a tlhaola.” [Mokwalo o o sekameng ke wa rona.] Gape e ne ya tlhalosa gore Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang “e ne e lebile mabaka ka tsela e e sa tshwaneng le dikgotla tse dipotlana, mme tsone e bile mabaka a tsone a ne a engwa nokeng ke baithutatlhaloganyo. Go sa kgathalesege dikganetso dipe tse di ka tsogang, go kgetholola mo go thailweng fela mo goreng ke bodumedi jo bo farologaneng ruri go ka se amogelwe.”
Baatlhodi ba le batlhano kgatlhanong le ba le bane ba ne ba ntsha katlholo ba le kafa letlhakoreng la ga Ingrid Hoffmann ba le kgatlhanong le Austria, e bile tota ba bolela gore Austria e ne e mo tlhaotse ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe mme e ne e mo rontshitse tshwanelo ya gagwe ya go godisa lelapa la gagwe. Mo godimo ga moo, baatlhodi ba robabobedi kgatlhanong le a le mongwe ba ne ba tlhopha gore a neelwe madi go duelela ditshenyegelo.
Phenyo eno e e tlhomologileng ya kgololesego ya bodumedi e ne ya tla kgwedi fela morago ga e nngwe mo go yone kgotla eno—kgang ya ga Kokkinakis kgatlhanong le Gerika, e e neng ya bolela gore Gerika e ne e itlhokomolositse tshwanelo ya rre yoo ya go ruta Lefoko la Modimo ka ntlo le ntlo. Barati ba kgololesego mo lefatsheng lotlhe ba a itumela fa maiteko a a ntseng jalo a go leka go gataka kgololesego ya bodumedi a kganelwa mme ditshwanelo tsa motho mongwe le mongwe tsa go obamela Modimo le go godisa lelapa go ya ka melaometheo ya Bibela di sirelediwa.