Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Itshokela Jang Batsadi Ba Ba Nang le Maikutlo A A Sa Tlhomamang?
CLAUDIA a re: “Bothata jwa me ke gore, mmè o tshwenyegatshwenyega fela e bile o tenega bonolo.a Letsatsi lengwe o ne a mpotsa gore dithuto tsa me tsa piano di ne di ntse jang. Ke ne ka mo raya fela ka re di tsamaile sentle ka bo ke tswelela ka go tshameka piano. Mmè o ne a fitlha a nkomanya a re ga ke na maitseo, a bo a tswa a galefile. Ke ne ka tenega mme ka itaaganya piano ke bo ke tabogela kwa phaposing ya me. Mmè o ne a tla gape go nkomanyetsa go itaaganya piano.”
Batsadi ba ka tenega bonolo thata fa ba sa tsoga sentle. Ka dinako tse dingwe o ka nna le boikutlo jwa gore o tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa o na le bone, o nna o letile ka letshogo nako e o tla bong o tshwaiwa diphoso gape, o goakakiwa, kana o pegwa molato. Lefa go ntse jalo, setlhogo sa tokololo e e fetileng sa Tsogang!, se se reng, “Ke Eng Fa Batsadi Ba Me Ba Na le Maikutlo A A Sa Tlhomamang Jaana?” se ile sa bontsha gore ke selo sa tlholego gore gangwe le gape batsadi ba nne le maikutlo a a sa tlhomamang. Gantsi dilo tse di jaaka go ngamoga tlhogo, letsapa, go lwala, le mathata a botshelo ke tsone di dirang gore go nne jalo.b Go itse seno go ka nna ga go thusa gore o utlwele batsadi ba gago botlhoko. (Bapisa Diane 19:11.) Lefa go ntse jalo, seno ga se fetole ntlha ya gore ka dinako tse dingwe go ka nna thata go ba itshokela. Ke eng se o ka se dirang go tokafatsa dilo?
Matshwao a Tlhagiso
Diane 24:3 ya re: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō.” Selo sengwe se o ka se dirang go dumelana le molaomotheo ono ke go leka go tlhomamisa gore ke leng batsadi ba gago ba sa tsogang sentle. Mopesalema o ne a bua jaana ka nako ya fa a ne a sulafaletswe: “Ke tlhōla ke nntse ke hutsahetse motshegare otlhe.” (Pesalema 38:6) Ruri motho yo o kelotlhoko o ne a ka lemoga gore ga a monate! Ka tsela e e tshwanang, gantsi motsadi a ka bontsha matshwao a a lemotshegang sentle a gore ga a tsoga sentle.
Ke gone ka moo bakwadi ba basha ba buka ya The Kids’ Book About Parents ba ileng ba kwala tlhomagano ya matshwao a tlhagiso a basha ba ka a elang tlhoko. Gareng ga dilo tse di umakilweng ke, ‘go ja bobe’ ga batsadi, ‘go itidimalela fela, go robala go sa le gale, go sa dumedise fa ba tswa tirong, go tlhaba mongwe le mongwe ka mafoko, go itlhokomolosa dipotso tsa gago,’ le ‘go gotolela thelebishene matlho.’ Mo malapeng mangwe, ka dinako tse dingwe—tse di jaaka fa ba tshwanelwa ke go duela dikoloto o ka kgona go bonela pele gore batsadi ga ba ye go tsoga sentle. Go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, o ka kgona go lemoga matshwao a batsadi ba gago ka go nna kelotlhoko.
‘Molato ke eng?’
Mme he, ke eng se o se dirang fa o lemoga gore motsadi ga a itumela? A o tshwanetse go mo tila? Ga go tlhokege. Diane 15:20 ya re: “Mosimane eo o tlhalehileñ o itumedisa rragwè.” Se ga se reye gore o ipolaise mokgweleo wa mathata a segolo wa batsadi ba gago. Ka gore, motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go “ithwalèla morwalō oa gagwè.” (Bagalatia 6:5) Lefa go ntse jalo, bogolo o ka bontsha go ba kgatlhegela. Ka sekai, o ka nna wa botsa jaana ka botlhale: ‘Molato ke eng?’ (Bapisa Nehemia 2:1, 2.) O ka nna wa seka wa dira sepe se se kalo go tokafatsa seemo, mme fela, ba ka nna ba itumelela go bo o kgatlhegela go utlwa gore ba tsogile jang.
Mosha mongwe yo o bidiwang Kama o kgothatsa gore motho a ka dira jaana fa motsadi wa gagwe yo o nang le maikutlo a a sa tlhomamang a goroga mo gae: “Morago ga go dumedisa, ya kwa phaposing ya gago go sekae, go fitlhelela ba ritibala. Morago ga moo o tle go ba botsa gore molato ke eng le gore ba tlhotse jang . . . O botse fa e le gore ba batla o ba direla sengwe.” Ka dinako tse dingwe, ka go neela motsadi yoo tlhokomelo kana lorato lo a lo tlhokang go ka nna ga nyeletsa maikutlo ao a a seng monate.
Dr. Joyce Vedral mo bukeng ya gagwe ya My Parents Are Driving Me Crazy, o bolela ka tsela e mosetsana mongwe wa dingwaga tsa boleshome yo o bidiwang Deena a ileng a tsibogela tsela e mmaagwe a neng a tenegile ka yone. Deena a re: “E ne ya re fa ke tswa [mo phaposing ya me] mme ke bona a senyegile sefatlhego, ka mo tshwara le go mo tlamparela pele ga a dira sepe fela go nkganela. Morago ga moo ka mo atla, mme ka re, ‘Mama, ke a go rata.’ Ga o a bona ka tsela e go tenega ga gagwe go ileng ga nyelela ka teng—ka ponyo ya leitlho.” Dr. Vedral o konela ka gore: “Kalafi e e molemo e o ka alafang motsadi yo o tenegileng ka yone ke go mmontsha lorato. . . . Lorato lo ka dira gore motho a itumele.” Bibela e baya kgang eno jaana: “Loratō loa agèlèla.”—1 Bakorintha 8:1.
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go lebega batsadi ba gago ba tenegela wena ka namana. Fa o sa tlhomamise lebaka la seno, leka go dira gore ba go bulele mafatlha gore gongwe ba tle ba go bolelele se ba se ngongoregelang. (Bapisa Diane 20:5.) Ka sekai, mosetsana mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Ruth, o ne a lemoga gore ene le rragwe ba “katogana thata,” le gore o ntse a nnela go tshwaya maduo a gagwe a sekolo diphoso kwantle ga mabaka. Morago ga motlotlo wa lelapa wa setlhogo sengwe sa buka ya “Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang . . .” Ruth o ne a botsa rragwe gore o tshwenngwa ke eng. “Re ne ra fitlhela gore Rre o ne a batla go bona katlego ka bana ba gagwe ka jaana ene a ile a patelesega go tlogela sekolo. O ne a batla re nna le pego e ntle ya sekolo.” Fa Ruth a ne a bona maduo a a kwa tlase ga a a neng a a solofetse, o ne a shakgala. Maduo a motlotlo wa bone e ne ya nna afe? A re: “Go ne ga nthusa gore ke lebe dilo go ya ka tsela e a di lebang ka yone.” Rragwe le ene o ne a tshwanelwa ke gore a dire diphetogo dingwe mo tseleng ya gagwe ya go akanya. Ruth o bega jaana: “Dilo di simolola go tokafala.”
Fa o ka tlotla le batsadi ba gago ka tsela e ntseng jalo, o ka nna wa fitlhela gore le bone ba na le mabaka a a nonofileng a go bo ba go tenegela. E ka nna ya tswa e le sengwenyana fela, se se jaaka, go lebala go dira tiro ya legae e ba go e fileng. Diane 10:5 e gakolola jaana: “Eo o kokwanyañ go le selemō ke ñwana oa mosimane eo o botlhale: me eo o rōbalañ mo motlheñ oa thōbō ke ñwana oa mosimane eo o tlhabisañ ditlhoñ.” Gongwe fa o ka dira dilo ka tlhagafalo go ka dira go le gontsi go tokafatsa maikutlo a batsadi ba gago.
Nna Matsetseleko!
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe motsadi a ka nna a seka a gololesega go bua se se mo mafatlheng, e bile a ka nna a tsibogela maiteko otlhe a o ka a dirang go mo kgothaletsa go dira jalo ka go tlala bogale kana go go thibela. Ke eng se o ka se dirang? Bibela e re bolelela ka Dafide yo e neng ya re a le mosha a lebanwa ke maemo a a ntseng jalo a a dingalo. Dafide o ne a bereka e le moopedi mo kgotleng ya ga Kgosi Saulo fa a sa ntse a le mosha. Lefa go ntse jalo, Saulo o ne a na le bothata jwa go iphitlhela a tsogetswe e bile a shakgetse. Tota e bile, nako nngwe Saulo o ne a batla go kokotela Dafide mo leboteng ka lerumo! Lefa go ntse jalo, ela tlhoko se Bibela e se buang mo go 1 Samuele 18:14 kaga tsela e Dafide a neng a itshwara ka yone: “Me Dafide a diha ka tlhaloganyō mo ditseleñ tsa gagwè cotlhe hèla; me Yehofa o na a nna naè.”
Ke batsadi ba sekae fela ba ba ka fetofetogang jaaka Kgosi Saulo. Go ntse go le jalo, o ka tshwanelwa ke go nna matsetseleko fa o dirisana le bone. Ka sekai, Sam yo mmotlana a re: “Rre ga se Mokeresete, mme e bile o pelwana! Fa o ka mo tena, a ka simolola go go goakaka tota. Mme o bo o tshwanelwa ke go ela tlhoko se o se buang le se o se dirang. O tshwanetse go leka gore o se ka wa mo kgopisa.” Bibela e baya seno jaana: “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe.”—Diane 22:3.
Tota seno ga se reye gore o furalele batsadi ba gago. Leka go nna botsalano le lorato ka mo o ka kgonang ka teng. Fa o koelela motsadi yo o sa tsogang sentle ka dipotso tse di sa tlhokegeng kana mathata a a sa reng sepe a o neng o ka a beela nako e nngwe, o ka nna wa bo o kgotla motshitshi. (Bapisa Diane 15:23; 25:11.) Fa ba sa ritibala maikutlo e bile ba lapile, eleruri ba ka nna ba ikutlwa jaaka mosiami Jobe fa a ne a botsa jaana: “Lo tla nna lo chwenya mōea oa me . . . ka lobaka lo lo kaee?” (Jobe 19:2) Ka gone, o tla bo o le botlhale go tila ditlwaelo dipe fela tse o itseng gore di tena batsadi ba gago—tse di jaaka go bodula tšhunkama kana go thwantsha menwana. E bile gape, o tla bo o sa ba akanyetse fa o goisa seterio sa gago kana o bulela thelebishene kwa godimo.
Tsela e nngwe e o ka nnang matsetseleko ka yone ke ka go re e nne wena wa ntlha o tsayang kgato. A ka metlha Mama o tla a tenegile fa a tswa tirong? Fa e le gore ke wena o fitlhang pele mo gae, ke eng fa o sa baakanye tafole, o latlhe matlakala, kgotsa o tlhatswe dijana? Dumedisa mmè wa gago ka lorato. Dilo tse di ntseng jalo di ka dira gore a itumelele go tla gae. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa boleshome yo o bidiwang Julie, o ne a tsaya kgato pele jalo. A re: “Mmè o kgweetsa bese ya bana ba sekolo, mme ka gale o tla gae a tenegile. Ka jalo ke tshwanelwa ke go nna jaaka e kete ga ke yo. Ke leka gore ke mo katoge go sekae go fitlhelela a kokobela. Morago ga moo, ke mo tlhokomelela bana kgotsa go mo phepafaletsa kana go mo direla sengwe fela.”
Dikgotlhang dingwe di tla aga di le teng lefa o ka leka ka bojotlhe go di tila, fa batsadi ba sa tsoga sentle kana ba tenegile. Fa seno se direga, go dirisa melaometheo ya Bibela go ka go thusa gore o tile go tshela tlhware ka mmu. Ka sekai, Diane 15:1, ya re: “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale: me lehoko ye le tlhokohatsañ le tle le tlhotlheletse bogale.” Kaelo e e oketsegileng e bonwa mo go Diane 17:27, e e balegang jaana: “Eo o rèkègèlañ mahoko a gagwè o na le kicō: le eo o mōea o o tsididi ke motho oa tlhaloganyō.” Gape, gakologelwa gore, lefa batsadi ba tle ba nne le go sa tsoge sentle, go tshwanetse ga bo go na le dinako tse ba itumelang ka tsone, ba dira metlae, le go itumelela go bona o na le bone. Ngomaela dinako tseo, mme o di dirise go tlhagolela kamano e ntle le batsadi ba gago. Seno se tla dira gore ka nako ya fa go le thata seemo se se ka sa befa thata.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mangwe a maina a fetotswe.
b Setlhogo seno se bua ka go sa tlhomamang ga maikutlo go go tlwaelegileng go go tlelang bontsi jwa batho. Batsadi ba ba nang le bothata jwa go utlwa botlhoko thata mo maikutlong ka ntlha ya go sulafalelwa thata, go tshwakgolwa ke tagi kana diokobatsi, kgotsa makoa a mangwe a mmele le a maikutlo ba ka kopa thuso ya ba ba ithutetseng seo.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Batsadi ba ba berekang ba itumela thata fa bana ba bone ba ba thusa ka ditiro tsa mo gae