Kgopolo E E me Bibeleng
A Ke O Kolobediwe Gape?
LUCILA o ne a tshwenyegile. Le mororo a godisitswe e le Mokatoliki, bosheng jaana o ne a ithuta Bibela ka tlhoafalo a thusiwa ke tsala ya gagwe yo e seng Mokatoliki. O ne a kgona go lemoga gore Bibela e tlhalosa kolobetso ka tsela e e farologaneng le tlwaelo e e ileng ya dirwa a santse e le lesea. O ne a botsa jaana a tlhoafetse: “A seno se raya gore ke tshwanetse go kolobediwa gape? Ke tshoga gore go dira jalo go ka nna ga kgopisa Modimo.”
Dimilione tse di makgolokgolo tsa Bakatoliki le Baporotesetanta, di ne tsa kgatšhiwa kana tsa tshelwa metsi mo moletlong wa kolobetso ba santse e le masea. Dimilione tsa batho ba bangwe di ne tsa kolobediwa ka go inwa gotlhelele mo metsing ba setse ba godile. Seno se tsosa potso ya gore, Tota kolobetso ya Bokeresete ke eng? A go na le mabaka a a utlwalang a a ka dirang gore motho a kolobediwe la bobedi?
Pocket Catholic Dictionary e tlhalosa kolobetso e re ke “tirelo e e boitshepo e e leng gore, ka metsi le lefoko la Modimo, motho o tlhatswiwa dibe tsotlhe le go tsalwa sesha le go itshepisiwa mo go Keresete go bona botshelo jo bo sa khutleng.” Mabapi le go kolobediwa gape, buka eno ya re “kolobetso e dira lotshwao lo lo sa phimogeng mo moyasebeleng, mme seno se raya gore ga e kake ya boelediwa, e bile ga go tlhokege.” A mme seo ke se Bibela e se bolelang?
Dirang Barutwa, Lo Ba Kolobetseng
Mo go Mathaio 28:19, 20, re bala ka taolo e e mabapi le kolobetso e Keresete yo o tsositsweng a neng a e neela barutwa ba gagwe pele ga a tlhatlogela kwa legodimong. “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke lo laoletseñ.” Go phepafetse gore kolobetso ke ya barutwa ba Bakeresete—ba ba rutilweng go ikobela ditaolo tsa ga Keresete—e seng masea.a Seno se dumelana le ntlha ya gore batho botlhe ba Dikwalo di tlhalosang gore ba ne ba kolobediwa e ne e le barutwa ba go bonalang sentle gore ba ne ba iniwa gotlhelele mo metsing. Go phepafetse gore go ne go ntse jalo le ka Keresete Jesu fa a ne a kolobediwa ke Johane wa Mokolobetsi. Pego ya Bibela ya re morago ga go kolobediwa, Jesu “o ne a tswa mo metsing” a Noka ya Joredane. (Mathaio 3:16, The Jerusalem Bible) Tota e bile, Dikwalo di bontsha gore Johane o ne a tlhopha mafelo a a neng a kolobeletsa mo go one ka kelotlhoko gore a tle a kgone go nna le metsi a mantsi.—Yohane 3:23.
a Go bona tshedimosetso e kgolwane, bona setlhogo “A Masea a ka Kolobediwa?” mo tokololong ya Awake! ya October 8, 1986.
Moragonyana, fa e tlhalosa kolobetso ya moopafadiwa wa Moithopia, Bibela e re bolelela gore “ba hologèla mo metsiñ boobabedi, èna Filipo le moopahadiwa; me a mo kolobetsa,” mme morago “ba tlhatloga mo metsiñ.” (Ditihō 8:38, 39) Dikolobetso tseno ka go nwetsa di dumelana le se lefoko la Segerika ba·ptiʹzo, “go kolobetsa,” go tswa mo go baʹpto, le se rayang, e leng “go ina,” mme e bile ke lone lefoko le la Seesemane “baptism” le tswang mo go lone.
Pego ya Dikwalo ya go Kolobetsa Gape
Mme jaanong go tweng ka dimilione tse dintsi tsa batho ba ba neng ba kolobeditswe e santse e le masea kana ba ba neng ba sa iniwa gotlhelele? A go tla nna le mabaka a a ka dirang gore go tshwanele gore ba kolobediwe gape? Tiragalo e e begilweng mo go Ditihō 19:1-7 e re thusa go araba dipotso tseno. E ka nna ya bo e ne e le ka mariga a 52/53 C.E. fa moaposetoloi Paulo a ne a etetse toropo e e humileng ya Efeso kwa Asia Minor. Koo o ne a fitlhela barutwa ba ba neng ba tlhoka go kolobediwa gape. Morago ga go bolelelwa gore banna bano ba ne ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane, Paulo o ne a ba kolobetsa gape “mo ineñ ya Morèna Yesu.” Ga a a ka a tsaya gore go dira jalo go ka nna ga kgopisa Modimo. Go phepafetse gore Modimo o ne o dumelana le mabaka a ga Paulo, mme go na le go kgopisiwa ke go kolobediwa gape moo, Modimo o ne wa go tlhomamisa ka mpho ya moya o o boitshepo.
Ga go belaetse gore fa banna bao ba ba 12 ba ka bo ba ile ba gana molaetsa wa ga Paulo mabapi le kolobetso le botlhokwa jwa ga Mesia, Keresete Jesu, Paulo o ka bo a se ka a ba kolobetsa. Sa ntlha, banna bao ba ne ba tshwanetse go tshwanela kolobetso eo. E ne e tla nna morago ga moo fela ba neng ba ka tshwanelwa ke go kolobediwa gape le go amogelwa ke Modimo.
Kafa O ka Tshwanelwang Ke Kolobetso ka Teng
Ke eng se se ka go tshwanedisang gore o kolobediwe? Akanya ka matshwititshwiti a batho ba ba neng ba kolobediwa ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. Ba ne ba tshwanedisiwa ke eng? Sa ntlha, ka go bo e ne e le Bajuda le Basokologelabojudeng, ba ne ba simolola ka go nna le kitso e e molemo ka Jehofa Modimo, kafa a ileng a dirisana ka teng le batho ba gagwe, boperofeti jwa Bibela ka tsholofetso ya gagwe ya ga Mesia. Sa bobedi, ba ne ba oketsa kitso ya bone e e tlhomameng ka nako ya fa ba amogela bosupi jo bo tlhotlheleditsweng jo bo neng bo neelwa ke moaposetoloi Petere mo letsatsing leo. Go ne ga felela jang?
“Me yana, e rile ba utlwa mo, ba tlhabèga mo peduñ, me ba raea Petere le baaposetoloi bañwe, ba re, Bakauleñwe, re tla dihañ? Me Petere a ba raea a re, Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe wa lona a kolobediwe boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 2:37, 38) Ela tlhoko gore bosupi jwa ga Petere bo ne bo se lolea fela. “O ne a supa a ba a ba laya ka mafoko a mangwe a le mantsi.” Mabaka a gagwe a ne a ba kgotsofatsa, ba ne ba amogela se a neng a se bua mme ba bo ba kolobediwa. “Ba okediwa ka tsatsi yenō, e ka ne e le ka batho ba le makgolo a mashomè mararo.”—Ditihō 2:40, 41.
Mabaka a a tshwanang a a tlhokega mo kolobetsong e e tshwanetseng go ya ka Dikwalo: (1) kitso e e tlhomameng, (2) boikwatlhao jwa boammaaruri, le (3) tshokologo, kana go retologela kwa Modimong le go furalela ‘losika lono lo lo kgopo.’ Mo godimo ga moo, dikolobetso tse di tshwanetseng go ya ka Dikwalo di tshwanetse go dirwa “mo ineñ ya ga Yesu Keresete,” ke gore, di ikaegile mo go dumeleng mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo sa go itshwarela dibe le go ineela mo go ene jaaka kgosi e e tlhomilweng ke Modimo.—Ditihō 2:40; Baroma 5:12-19; 7:14-25.
Batho ba ba tlhoafetseng ba ba tshwanelwang ke kolobetso go ya ka Dikwalo ga ba tlhoke go boifa gore ka go kolobediwa gape ba tla bo ba kgopisa Modimo. Go na le moo, kolobetso e e tshwanetseng go ya ka Dikwalo ya batho ba ba tshwanelang e e itumedisa Modimo.