Go Tlhokomela Batsadi ba ba Tsofetseng
“KE NE ke theogela bosigo le motshegare, mme lefa go ntse jalo ke ne ke tsaya seo e le tshiamelo.” Seo ke se se neng sa tlhalosiwa ke mmè mongwe yo o neng a tlhokomela mmaagwe yo o tsofetseng. Mo go mmè yono, le ba bangwe ba le bantsi, go tlhokomela batsadi ba ba tsofalang ke selo se se molemo thata.
Mme e bile ke tiragalo e e simololang go ntsifala. Go bolelwa fa kwa United States palo e e golang go di gaisa tsotlhe ke ya batho ba ba dingwaga tse di fetang 75. Ka 1900, ke Baamerika ba palo e e kwa tlase ga milione ba ba neng ba na le dingwaga di le 75 kana go feta. Ka 1980 ba ba ka tshwarang dimilione di le lesome ba ne ba na le dingwaga tse di fetang 75. Batsofe ba tshela lobaka lo loleele, mme nngwetharong ya ba ba dingwaga tse 85 le go feta ba tlhoka tlhokomelo ya ka metlha.
Le mororo go tlhokomela motho yo o palelwang go ka itumedisa, ga se selo se se motlhofo. Fa e le gore mongwe wa batsadi ba gago kana boobabedi ba tsofetse mme ba tlhoka gore o ba tlhokomele, o ka nna wa fitlhela dilo dingwe di le bokete. Go ba bona ba koafalela pele ruri go go utlwisa botlhoko. Mme fa e le gore maloko a mangwe a lelapa a go thusa go le gonnye kana ga a go thuse gotlhelele, go raya gore o tshwanelwa ke go rwala morwalo o mogolo wa tlhokomelo ka bowena.
O ka nna wa lemoga gape gore le fa o ka tswa o godile go le kana kang, batsadi ga ba ke ba tsaya gore o mogolo. Gantsi ba tla go tsaya jaaka ngwana, mme le wena o bo o itsaya jaaka ngwana. Go sa engwe nokeng mo maikutlong ke ditsala tsa gago le gone go ka oketsa mokgweleo wa go ba tlhokomela.
Mme le gale, dikgwetlho tsa go ba tlhokomela ga di a tshwanela go dira gore o katoge batsadi ba gago. Dikwalo di laela bagolo ka phepafalo gore “ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo.” Mo letlhakoreng le lengwe, mongwe le mongwe yo o “lèlèka[ng] mmagwè, ke ñwana oa mosimane eo o tlhabisañ ditlhoñ le eo o lereñ kgōbō.”—1 Timotheo 5:4; Diane 19:26.
Poifomodimo e e supiwang ka go tlhokomela mongwe e ka nna selo se se nonotshang tota. Mme selo sa ntlha se o tshwanetseng go se itse ke gore totatota ke thuso efe e batsadi ba gago ba e tlhokang mo go wena. Ditlhogo tse di latelang di ka nna tsa go thusa go itse se ba se tlhokang le kafa o ka se ba direlang ka teng. Le mororo ditlhogo tseno di itebagantse le se se ka dirwang mo legaeng, go itsege sentle gore mo mabakeng a mangwe, ka ntlha ya go koafala thata kana botsofe jwa lekgorokgoro, motsadi o ka nna a tlhoka tlhokomelo ya ba ba rutetsweng tiro, jaaka e e teng kwa magaeng a go tlhokomelelwang batsofe mo go one.