Go Itshokela Dikgatelelo Tsa Letsatsi le Letsatsi Tsa go Nna Motlhokomedi
FA GO tlhokomela mongwe go go tlisetsa dikgatelelo, bogolo jang tse o neng o sa di solofela, o ka nna wa iphitlhela o ipega molato. O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A go na le sengwe se se phoso ka kamano ya me le batsadi ba me? Ga kere mo ditšhabeng tse dingwe bagolo ba kgona go tshela ka boitumelo le batsadi ba bone botshelo jotlhe jwa bone?’
Ebu, seemo sa gago se ka nna sa bo se farologane. Batsadi ba gago ba ka tswa ba fudugetse mo legaeng la gago morago ga go nna ba le nosi dingwaga tse 20, 30, 40, kana go feta. Seno se raya gore wena le batsadi ba gago le ile la tshela karolo e kgolo ya botshelo jwa lona ka ditsela tse di farologaneng. Morago ga masome a dingwaga mekgwa eo ya go tshela le ditlwaelo di ka nna tsa bo di farologane gotlhelele. Mme jaanong, jaaka motlhokomedi o tshwanelwa ke go dumalanya botshelo jwa gago sentle le jwa batho ba o ba tlhokomelang. Seno se ka nna thata go gaisa fa o ka bo o ile wa nna le bone lobaka lo loleele.
Gape, batsadi bangwe ba ka nna ba bo ba lwala fela thata kana ba tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng ka ditsela tse di rileng. Lefa gone, o ka nna wa bo o dira se se tlhokegang mme o sa bone go tlhokega go isa batsadi ba gago kwa legaeng la batsofe, se e leng selo se se siameng, seemo seno ruri se gatelela mongwe le mongwe wa lona letsatsi le letsatsi. Go tlhokomela batsadi ba gago ke selo sa tlholego. Go gola le go lwala ga se dilo tsa tlholego. Ga e ise e ko e nne boikaelelo jwa Mmopi gore batho ba latlhegelwe ke maatla le boitekanelo jwa bone ka ntlha ya go gola. Ka jalo, o se ka wa akanya gore gongwe o na le mathata mangwe ka gore seemo se batla mo gontsi thata, mo maikutlong le mo mmeleng, go gaisa jaaka o ne o akantse.—Genesise 1:26-31; Pesalema 90:10.
Ga se gore ka metlha dikgatelelo tsa go tlhokomela mongwe di a bo di dirwa ke go bo o se na kamano e e molemo le batsadi ba gago. Mathata ape a o nang nao a ka nna a bo a bakiwa ke dikgwetlho tsa go nna motlhokomedi wa bone, bogolo jang fa e le gore o ne o utlwana le bone sentle pele ga ba tlhoka thuso ya gago. O ka kgona go emelana jang ka katlego le dikgwetlho tsa letsatsi le letsatsi tsa go nna motlhokomedi?
Go Itebaganya le Maikutlo a Go Ipona Molato
Le batho ba tota ba dirang sengwe le sengwe se ba ka se kgonang le se se tlhokegang go tlhokomela batsadi ba bone fa gongwe ba tle ba ipone molato wa gore ga ba dire bojotlhe. Lefa go ntse jalo, go ipega molato go sa tshwanela go ka baka bothata. O ka nna wa iphitlhela o dirile diphetso e le fela gore o tle o se ka wa nnela go ipona molato mme go sa reye gore di go siametse kana bone batsadi ba gago. Ka sekai, go ka diragalang fa e le gore mosadi o ka tlhokomologa monna wa gagwe le bana ba gagwe, a tshwaregile thata mo go tlhokomeleng batsadi, e le fela gore a fedise boikutlo jo bo sa tshwanelang jwa go ipona molato? Ene, monna wa gagwe, le bana ba gagwe ba tla nna le mathata ka ntlha ya seo. Ka jalo o se ka wa letlelela go ipona molato mo go sa tshwanelang gore go laole botshelo jwa gago.
A fa gongwe o ipona molato ka ntlha ya go bo go lebega o kare ga o direle batsadi ba gago ka selekanyo se se lekaneng? Gongwe go ka tswa go dirwa ke gore dilo tse batsadi ba gago ba di tlhokang di feta selekanyo se o ka se kgonang. Seemo se ka felela ka gore, ga o kgone go dira ka tsela e e lekaneng lefa o ka dira ka selekanyo se se kana kang. Mo godimo ga moo, fa o tsaya go tlhokomela batsadi ba gago e le go ba duela tlhokomelo e ba neng ba go tlhokomela ka yone fa o santse o gola, o tlile go nnela go ipona molato, ka gore ga go ka ke ga kgonega gore o ba duele ka botlalo.
Buka e go tweng You and Your Aging Parents e bolela ka ga botlhokwa jwa go swetsa mogopolo ka selekanyo sa dilo tse o tla di direlang batsadi ba gago. Ya re: “O tla ipabalela mo maikutlong fa o ka dira [ditshwetso tsa gago] o di thaile mo go se o ka se kgonang, e seng mo go se o batlang kana se o tshwanetseng go se dira.”
Ee, sekaseka sentle se tota o ka se kgonang. O ka nna wa thusega fa o kopa thuso mo tsaleng e o e ikanyang e e itseng gore o kgona eng ga o kgone eng, le seemo sa lelapa la gago. A o ka kgona go fudusetsa batsadi ba gago mo legaeng la gago? A o na le bonno jo bo lekaneng? A ba tla dumela go fudugela kwa ga gago? Fa batsadi ba gago ba sa nne le wena, o ka ba etela ga kae, le gone leng? Fa o dira se o ka se kgonang, ga go tlhokege gore o ipone molato. Fa e le gore o santse o ipona molato, itse fela gore maikutlo ao ga a a tshwanela ka jalo o se ka wa a letlelela go laola diphetso tsa gago.
Rwadisanang Morwalo
Buka ya Bibela ya Moreri e supa kafa go leng kotsi ka teng go nna “boikèpō yoa mo go heteletseñ” kana “tshiamō ea mo go heteletseñ” le gore go nna tshiamo ka tsela e e feteletseng go ka dira gore motho a ‘itshenye.’ (Moreri 7:16-18) Seno se ka diragala fa e le gore o leka go dira go feta selekanyo se o batlang go se dira, se o ka kgonang go se dira, le se tota o tshwanetseng go se dira.
Fa e le gore o ne o setse o na le dilo tse dintsi tse o neng o di dira pele ga o simolola go tlhokomela batsadi ba gago, o tshwanetse go ntsha dingwe tsa tsone kana o batle thuso. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa ba ba tlhokang thuso ga ba ke ba e kopa. Ba ka nna ba boifa kana ba bolela gore ba bangwe ga ba a ikemisetsa go thusa. Mme lefa go ntse jalo, o a bo o itirela mathata le ba o tshelang le bone fa o ikonatsa. Mokwadi e bong E. Jane Mall o bitsa go dira go feta selekanyo moo a re ke “bolwetse jwa boswelakano,” mo bukeng ya gagwe e e buang ka go tlhokomela. O gakolola jaana: “O tshwanetse go baya dilo go ya ka botlhokwa jwa tsone, mme tse tharo tsa dilo tse di botlhokwa tseo e tshwanetse go nna le nako le [molekane] wa gago, go nna le nako le bana ba gago le ditsala, go nna le nako ya gago ka bowena.”
Ee, go ka nna ga tlhokega gore o thusane le ba bangwe morwalo. Jaanong o ka leba kae go bona thuso? Balelapa, ditsala, baagisani, le batho ba ba rutetsweng tiro eo ba ka go thusa. Mme o tshwanetse go kopa thuso eo. Mme o tshwanetse go e kopa ka tlhamalalo. Go ntsha ditshupo ga se ka metlha go atlega. O ka nna wa gakgamadiwa ke batho ba ba batlang go thusa le kafa ba leng bantsi ka teng fa o ba itsise ka tlhamalalo se o se tlhokang, le ka tlhomamo. Ka sekai, o ka nna wa kopa mongwe gore a go thuse go phepafatsa ntlo. Fa e le gore seo se ka go imolola morwalo, ga go tlhokege gore o patelele gore o tla phepafatsa ntlo ka bowena ka gore ‘ga go na ope yo o ka kgonang go e phepafatsa sentle.’
Fa o na le bokgaitsadio kana bomogoloo le bomonnao, le bone ba na le seabe mo go tlhokomeleng batsadi ba lona. Gongwe o ntse o dira tiro yotlhe kana e kgolo ya go tlhokomela, o dumela gore bokgaitsadio kana bomogoloo le bomonnao ga ba kgone kana ga ba batle. A mme gone, o kile wa ba kopa thuso ka tlhamalalo? Batho ba bangwe ba tla dumela—fa ba bolelelwa ka tlhamalalo gore go tlhokega thuso.
Ba bangwe ba tlhokomela batsadi ba le bosi ka maiteko a go ithatisa batsadi. Kana ba ka nna ba ikutlwa ba le botoka ka go dira tiro yotlhe ka bobone. Ba ka nna ba ngongoregela gore ba bangwe ga ba ba thuse mo tlhokomelong, mme kafa ba e tla ba supa gore ba rata gore dilo di tswelele di ntse jalo. Seno e ka nna go nna tshiamo go feta selekanyo. Mme mosola wa go ithatafaletsa dilo go sa tlhokege ke ofe? Fa thuso e le teng, e kope, o bo o e dirise.
Tlhagiso: O se ka wa solofela gore bana ba ga mmaago ba tla rwadisana le wena maikarabelo ka tekatekano. Lefa gone ka dinako tse dingwe go ka nna ga kgonega gore ba dire jalo, gantsi maemo a bone a dira gore go nne thata, kana gore go retele. Mo mabakeng a le mantsi, go siame fa leloko lengwe la lelapa e nna lone motlhokomedi wa konokono, mme maloko a mangwe a lelapa, bogolo jang bana ba ga mmaago ba thusa ka tsa madi le ka go letsa mogala, go eta, kana go tseela batsadi kwa magabone ka dinako tse dingwe kana ba eta le bone ka mafelobeke.
Go Nna Mmogo
Go nna mmogo go ka nna ga baka tlhokakutlwisisano e e rileng. Mekgwa e e leng gore fa e ne e dirwa ke tsala o ne o ka e itshokela e nna thata go e itshokela fa e dirwa ke leloko la lelapa.
Gape, motsadi wa gago o ka nna a bua sengwe se se tshwanang le seno, ‘Ke eletsa e kete o ne o ka nna le nna ka nako e ntsinyana, mme ke itse gore ga o na nako.’ Motsadi wa gago o ka nna a bua mafoko ao a sa rate go go tlhamalaletsa gore ga o mo tlhokomele sentle. O ka nna wa araba mafoko ao ka go tenega. Go na le go tenega, a go ne go ka se ka ga nna botoka gore o itebaganye le matshwenyego a motsadi wa gago, a gore o nne le ene ka nako e ntsinyana? Lefa e le gore ga o ka ke wa kgona, go ntsha mabaka ka bonolo go ka nna le maungo a a botoka go na le go araba ka bogale.—Diane 12:18.
Go dira maiteko a go tlhagolela dinonofo tse Bibela e di kgothaletsang go ka go thusa gore o nne bonolo mme o nitame fa go tlhokega. Buka ya Bibela ya Bakolosa e bolela gore ka boammaaruri fa gongwe re nna le “ñōñōrègō ka eo moñwe.” E re laela gore “[re] iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, [re] ichwarèlanè.” E re kgothaletsa gape gore re apare “pelotlhomogi le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.” (Bakolosa 3:12-14) Kwantle ga pelaelo dinonofo tse di ntseng jalo di tla thusa go timola tlhokakutlwisisano e e tsalwang ke go nna mmogo.
Lefa e le gore ka dinako tse dingwe o a fosa, o fela pelo, mme o bo o bua sengwe se o se ikwatlhaelang, “a letsatsi le se [go] phirimele [o] sa le bogale.” Kopa maitshwarelo ka bofefo, mme o lebale ka gone. O se ka wa go dira gore e nne sengwe sa dilo tse di go dirang gore o ipone molato.—Baefesia 4:26, 27.
Go Nna le Nako e e Leng ya Gago Fela
Fa wena le batsadi ba gago lo nna mo legaeng le le lengwe, o ka nna wa lemoga gore go nna le nako e e leng ya gago fela go thata. Lefa go ntse jalo, wena le batsadi ba gago le a e tlhoka. O ka nna wa buisana le bone ka gone mme la dumalana gore dinako dingwe tse di rileng ke tsa gago le lelapa gago fela. Ka sekai, malapa a mangwe, a tswala lebati le go kgogetsa sesupo sa gore o se ka wa itaya tsebe, mme ba bangwe ba bo ba tlhaloganya gore motho yo o mo teng ga a batle ope a tsena kana gore o batla go itirisetsa nako eo a le nosi.
Fa e le gore kamore ga e na lebati, go ka tswalwa ka garetene kana ka sesiro sengwe se se ka sutisiwang. Motho o ka gakololwa ka botlhale fa e le gore o ile a tsena fela a sa solofelwa. Lebaka le le botlhokwa ke gore, maloko a mangwe a lelapa a tshwanetse go itse gore motho yo mongwe o tshwanetswe go fiwa nako ya go nna a le nosi.
Ke Tshiamelo
Gakologelwa gape gore le mororo go koafalela pele ga batsadi ba gago go go utlwisa botlhoko, Mmopi wa rona e bong Jehofa, o batla gore re itumelele botshelo lefa re na le dilo tse di re lekang. Tiro eno e ka nna ya go thusa go atamalana le Jehofa fa jaaka o ntse o mo ikanya ka thapelo. Motlhokomedi mongwe o ne a e baya jaana: “Ke ne ke ntse ke atamalanye le Jehofa ka metlha, mme go tlhokomela mongwe go ne ga ntira gore ke mo ikanye gotlhelele. Pharologano ya teng e ne e tshwana le ya motho a go leleditse mogala a le kgakala fa go bapisiwa lefa a go etetse. Jehofa o ne a na le nna.”
Go tlhokomela motho ga se fela gore ke tshiamelo mme gape ke maikarabelo. Buisana le batsadi ba gago gore o tle o kgone go itse dilo tse ba di tlhokang. Ba direle se ba se tlhokang, mme o itumelele go dira jalo.—Bafilipi 4:4-7; 1 Petere 5:7.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Go Dira Gore Go Tlhokomela Mongwe go Nne Monate
1. Selo se batsadi gantsi ba se batlang mo baneng ba bone ba ba godileng ke go amana ka tsela e e nang le mosola. Seno se raya gore o atamalane le batsadi ba gago le go ba bontsha dilo tsa botlhokwa ka wena. Seno se ka nna thata mo tirisanong ya motsadi le ngwana. Fa mongwe wa bone a ka nna le mogopolo wa go atlhola o ka nna wa kgoreletsa dilo. Maikutlo a a ntseng jalo a tshwanetse go tlogelwa gore go tle go nne le go atamalana.
2. Fa mongwe wa batsadi ba gago a go bolelela ka bothata bongwe kana matshwenyego mangwe, o reetse ka kutlwelobotlhoko. Dikarabo tse di nyatsang maikutlo a bone di ka nna tsa ba dira gore ba sule pelo le go feta tse di tshwanang le: ‘Ao, mme ruri ga go maswe jalo’ kana, ‘Ke a itse, ke diragalelwa ke se se tshwanang.’ O ka atlega fa o ka leka go tlhaloganya maikutlo a batsadi ba gago, mme o bo o sa a nyatse mme o a ba thuse (‘Go bonala o na le mathata mo nakong eno, mme re tla bona gore re tla a thusana jang’).—Diane 20:5.
3. Fa e le gore o mogatsa motlhokomedi wa konokono, mo eme nokeng senameng le mo maikutlong. Buisana le molekane wa gago; e seng jalo go ka nna ga tlhaga tlhokakutlwisisano. Kemonokeng ya molekane e thusa fela thata. Mosadi mongwe o ne a bua ka bohutsana a bolela gore go tlhoka go engwa nokeng ke lelapa la gagwe “go ne go le bokete go gaisa le gone go tlhokomela mmaagwe tota.” Mme o ne a lebogela tsala ya gagwe fela thata e e neng e a tle e mo thuse. O ne a re: “Go ne ga nkama tota fa a ne a re o tla nthusa. Seo se ne sa nkgatlha tota, mme se ne sa ntira gore ke atamalane le ene.”
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Fa O Tlhokomelwa
E ka nna ya bo e le gore ke wena o tlhokomelwang. Ke eng se o ka se dirang gore o nne ka kagiso le bana ba gago?
Batsadi bangwe ba dira phoso ka go leka go nna le taolo ba dirisa go ngongorega, go felafela pelo, kana ka go dira gore bana ba ipone molato. O ka nna wa tswa o itse gore seno se felela fela ka gore o latlhegelwe ke taolo le go ipiletsa matshwenyego. Diphelelo tse di molemo di nna teng fa o supa gore o tlotla bana ba gago ba ba setseng ba godile, le gore o tsaya tsia lebaka la gore ba tshwanetse go nna le nako e e leng ya bone, maikutlo a bone, le fa gongwe o sa dumelane. Go akgola bana ba gago ka metlha go a thusa. Morwadi mongwe yo o godileng o ne a re: “Ngwana o batla go akgolwa ke batsadi ba gagwe go sa kgathalesege gore o dingwaga di kae.”
Fa maemo ao a lorato le tlotlo a le teng, o ka bolelela bana ba gago se o se tlhokang. Go bapisetsa le go abelela gantsi go dira mathata go na le molemo, ka jalo bua ka tlhamalalo, mme e le ka bonolo. Lefa e le gore wena le bana ba gago ga le dumelane ka sengwe, go nna botlhale ga gago go ka thusa gore go nne le katamalano e e siameng e go senang go tlhoka go utlwana mo go yone.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Mo godimo ga go tlhokomela batsadi ba gago, o tshwanetse go ipha gape le nako ya go nna le molekane wa gago, bana ba gago, le go ipha nako ka bowena