LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 2/8 ts. 4-6
  • Go Sekaseka se se Tlhokwang ke Batsadi ba Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sekaseka se se Tlhokwang ke Batsadi ba Gago
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke eng se Tota ba se Batlang?
  • Nna Kelotlhoko
  • Go Tseela Batsadi ba Rona ba Batsofe Kwa Godimo
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
    Tsogang!—2009
  • Go Tlhokomela Bagodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 2/8 ts. 4-6

Go Sekaseka se se Tlhokwang ke Batsadi ba Gago

GORE o tle o kgone go thusa batsadi ba gago ba ba tsofetseng sentle, o tshwanetse go ithuta gore ke eng se ba se tlhokang le se ba se batlang. E seng jalo—ka maikaelelo a a molemo—o ka nna wa iphitlhela o diretse batsadi ba gago dilo tse ba sa di tlhokeng kana ba sa di batleng, le mororo ba ka nna ba se ka ba batla go go bolelela jalo. Mme jaanong tirisanommogo ya lona, e e tla bong e thailwe mo go sa tlhaloganyaneng, e ka nna ya lo imela wena le batsadi ba gago go sa tlhokege.

Ke eng se Tota ba se Batlang?

Ka ntlha ya go akanya gore letsatsi lengwe go tla tlhokega gore batsadi ba gagwe ba tle go nna le ene, mosadi mongwe o baakanyetsa khudugo eo go sale gale. Mme kwa morago o lemoga gore batsadi ba gagwe ba kgona go nna ba le nosi mme e bile ba ka itumela thata fa go ka nna jalo!

Morago ga go fudusetsa batsadi ba gagwe kwa ga gagwe, morwa mongwe o bolela jaana: “Ga lo na lo duela sepe go nna mo ntlong ya me! E seng lo ntiretse molemo mo go kanakana!” Lefa go ntse jalo, seno se dira gore batsadi ba gagwe ba ikutlwe e le morwalo go feta selekanyo. Kgabagare ba mmolelela gore ba ikanya go duela gore le bone ba tle ba ikutlwe jaaka batho.

Lelapa lengwe le direla batsadi ba bone ba ba tsofetseng sengwe le sengwe le se e seng sa sepe tota go tlhomamisa gore ga ba tshwenngwe ke sepe le gore ba se ka ba tshwanelwa ke go dira sepe se se bokete. Kwa morago ba lemoga gore batsadi ba bone ba batla go itirela dilo tse dintsi ka namana.

Mo dikaing tse di fa godimo, ditlamelo tse di neng di dirwa e ne e se fela gore batsadi ga ba di tlhoke mme gape ba ne ba sa di batle. Seno se ka diragala motlhofo fela fa e le gore morwa kana morwadi yo o dirang ka maikaelelo a mantle o rotloediwa ke boikutlo jo bo feteletseng jwa go rwala maikarabelo kana ke go tlhoka go tlhaloganya gore ke eng se tota batsadi ba se tlhokang. Akanya fela ka matshwenyego a seno se ka a bakelang botlhe ba ba amegang. Mme tharabololo ke go sekaseka se tota batsadi ba gago ba se tlhokang le se ba se batlang.

A mme tota go a tlhokega gore batsadi ba gago ba fudugele kwa legaeng la gago mo nakong eno? A mme gone ba batla go fuduga? Go ka nna ga go gakgamatsa go lemoga gore bagolo bangwe ba eletsa go tshela ba sa kgoreletsege kafa go ka kgonegang ka gone. Ka ntlha ya go tshaba gore e tloga e ne e kete ga ba leboge, ba ka nna ba se ka ba bolelela bana ba bone gore ba ne ba ka rata go nna mo ntlong ya bone ba le nosi, lefa seo se nna sa baka mathatanyana a a rileng. Ba ka nna ba bo ba rata bana ba bone mme e bile ba eletsa go tsaya nako e ntsi le bone. A ke ba ikaege ka bana ba bone? Nnyaa, ba ikanya go itirela dilo ka bobone.

Gongwe nako nngwe go tla tlhokega gore batsadi ba gago ba fudugele mo legaeng la gago. Mme fa e le gore nako eo ga e ise e tle, mme fa e le gore ruri ba batla go nna ba le nosi, o ba thibelelang go nna le dingwaga tseno tsa kgololesego? A diphetogo dingwe mo lelapeng kana thulaganyo ya ka metlha ya go ba leletsa megala kana go ba etela e ka dira gore ba tswelele ba nna kwa legaeng la bone? Ba ka nna ba itumelela go nna kwa legaeng la bone, ba itirela ditshwetso tsa letsatsi le letsatsi.

Motho mongwe yo o neng a tlhokomela mmaagwe o ne a tlhalosa jang morago ga go itlhaganelela go mo fudusetsa kwa ga gagwe: “Fa rre a sena go tlhokafala, re ne ra fudusetsa mmè kwa ga rona, ka ntlha ya go mo utlwela botlhoko. Mme, o ne a tshela dingwaga tse dingwe gape tse 22. Go na le go rekisa ntlo ya gagwe, o ka bo a ile a nna mo go yone. O se ka wa itlhaganelela go tsaya kgato. Tshwetso ya mofuta oo e thata go fetolwa fa e setse e dirilwe.”—Bapisa Mathaio 6:34.

O ka nna wa botsa jaana: ‘Mme jaanong go ka tweng fa e le gore sengwe se ka diragalela mongwe wa batsadi ba me fa ba nna kwa legaeng la bone? Fa Mmè kana Rre a ka wa mme a golafala, ga nketla ke iitshwarela!’ Matshwenyego ao a a utlwala, bogolo jang fa e le gore nonofo le boitekanelo jwa batsadi ba gago di setse di fokotsegile mo go ka dirang gore ba welwe ke dikotsi. Fa seemo e se seo, ipotse gore a o tshwenyegile ka batsadi ba gago kana ka bowena ka namana, ke gore, ka go itshereletsa mo go ipegeng molato go sa tshwanela.

Akanyetsa gape le kgang ya gore batsadi ba gago ba tla bo ba le mo seemong se se botoka fa ba le mo legaeng la bone. Edith M. Stern le Dr. Mabel Ross ba bolela jaana mo bukeng ya bone e go tweng You and Your Aging Parents: “Dipatlisiso di supile gore bagolo ba nna basha le go tshela ba le tlhaga fa ba le mo magaeng a bone go na le fa ba le go sele. Ka bokhutshwane, maiteko a le mantsi a a sa dirweng sentle a go leka go dira gore dingwaga tsa botsofe e nne tse di motlhofo a itlhaganedisa botsofe fela.” Ka jalo, thusa batsadi ba gago go tshela ba ikemetse ka nosi kafa go ka kgonegang ka gone, le mororo o ntse o ba tlhokomela le go ba tlamela ka dilo tse tota ba di tlhokang. O tshwanetse go nna o sekaseka seemo ka metlha le go fetoga go ya ka dilo tse batsadi ba gago ba di tlhokang fa di oketsega kana le gone go fokotsega tota.

Nna Kelotlhoko

Mme gongwe fa o akanyetsa botsogo le maemo a batsadi ba gago, go ba lere mo legaeng la gago e ka nna ya bo e le selo se se molemo go di gaisa tsotlhe. Fa go ntse jalo, ela tlhoko gore ba ka nna ba batla go itirela dilo tse dintsi ka bobone ka mo go ka kgonegang ka teng. Fela jaaka go ntse ka motho mongwe le mongwe, le bone ba ka tswa ba batla go lejwa jaaka batho, go nna le thulaganyo ya bone ya ditiro, le go nna le ditsala tsa bone ka namana. Seno se ka thusa thata. Le mororo go ka nna molemo go dira dilo dingwe mmogo le bagolo ba lona, go ka nna molemo ka wena go dira ditiro tse dingwe le lelapa la gago fela le gore o fe batsadi ba gago sebaka sa go dira dilo tsa bone le bone. Motlhokomedi mongwe o ne a bua jaana ka botlhale: “Tlhomamisa gore batsadi ba gago ba na le fanitšhara e ba e tlwaetseng le dinepe tse ba di ratang thata.”

Buisana le batsadi ba gago gore o tle o tlhaloganye ka botlalo se tota ba se tlhokang. Reetsa matshwenyego a bone o bo o ele tlhoko thata se ba lekang go se go bolelela. Ba tlhalosetse gore ke eng se o ka se kgonang le se o ka sekeng o se kgone gore ba se ka ba tla ba utlwisiwa botlhoko ke go solofela dilo tse di seyong. Motlhokomedi mongwe o gakolola jaana: “Tlhaloganya ka botlalo se se ka solofelwang mo lelokong lengwe le lengwe la lelapa. Tlotlang ka metlha go itsa maikutlo a go tenega le a go kgopisega a a hupediwang ka lobaka lo loleele.” Fa o dira ditsholofetso tse di tla tsayang nako e telele (“Ke tla ne ke go leletsa mogala ka Mosupologo mongwe le mongwe thapama”; “Ke tla ne ke tsaya loeto le wena mafelobeke mangwe le mangwe”), o ka nna wa tlhamalala fela wa ba bolelela gore o tla batla go lekeletsa pele ka lebaka le le rileng gore o tle o bone gore a go ka kgonega. Ka go dira jalo, fa go lebega go sa kgonege, go a bo go na le phatlha ya go sekaseka dilo sesha.

Ga go na lepe la mabaka a a fa godimo le le tshwanetseng go dirisiwa go rontsha batsadi tlotlo le tlhokomelo e e ba tshwanetseng. Mmopi ga a a loba kafa a ikutlwang ka teng mo kgannyeng eno. Bana ba ba godileng ba tshwanetse go tlotla, go tlhokomela le go thusa batsadi ba bone. Jesu o ne a nyatsa Bafarasai ba ba neng ba ipona tshiamo ka go sokamisa dikwalo gore motho a kgone go itlhokomolosa go tlhokomela batsadi ba gagwe. Mafoko a a sa dikologeng a a mo go Diane 30:17 a supa kafa Modimo o ferosiwang sebete ka teng ke batho ba ba sa tlotleng batsadi ba bone: “Leitlhō ya motho eo o shotlañ rragwè, le ya eo o nyatsañ go utlwa mmagwè, mahukubu a molapō a tla le gonya, le manoñyana a tla le ya.”—Bona Mareko 7:9-13; 1 Timotheo 5:4, 8.

Fa jaaka o ntse o thusa batsadi ba gago ka thuso e ba e tlhokang o ka nna wa welwa ke dikgatelelo tse disha. O ka di lwantsha jang? Setlhogo se se latelang se tla fa dikakantsho dingwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Motsadi o ka nna a itumelela go dira dilo dingwe tsa gagwe le ditsala kana le lelapa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela