LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 3/8 ts. 20
  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha O O Rategang Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha O O Rategang Thata
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe
  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha ke Eng?
    Tsogang!—1994
  • Motlha O Mosha wa Mmatota O Tla Tla Jang?
    Tsogang!—1994
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Tlogela Madumedi a a Tlwaelegileng?
    Tsogang!—2002
  • Fa Botsofe bo Nna “Serwalo sa Bontle”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 3/8 ts. 20

Mokgatlho wa Motlha O Mosha O O Rategang Thata

RE TSHELA mo motlheng wa botlhokwa fela thata. Mekgwa le ditlwaelo tsa bogologolo di gwetlhiwa ka metlha. Motswako o o kotsi wa bodumedi le polotiki o re thulanya le mathata a se kana ka sepe. Saense le boranyane ga di a tlisa tharabololo epe e e bonalang ya mathata a setho. Bontsi bo tlhatswegile pelo gore seemo se ka fetoga fela fa tsamaiso e ntšha e ka tla.

Mme motlha o mosha oo o tla tla jang? A o tla tlisiwa ke Modimo? Fa go ntse jalo, a ke re tswelele re letile? Kana re ka dira sengwe ka borona? A re ka tlisa motlha o mosha oo o o tlhokegang thata? Dimilione tsa batho mo lefatsheng ba ba tswang mo maemong a a farologaneng ba dumela gore ba ka nna le seabe se se bonalang mo go lereng motlha o mosha wa kagiso le bokaulengwe. Ke maloko a mokgatlho wa diphetogo wa Motlha o Mosha, mme ba batla gore le wena o nne leloko!

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe

A o setse o kile wa utlwa ka mokgatlho wa Motlha o Mosha? Mo dinageng di le dintsi mafoko “Motlha o Mosha” a ile a dirisiwa go tlhalosa ka kakaretso mefuta e e rategang ya dibuka, mmino, le botshwantshi. Ebu, e bile go na le diresetšhurente tsa Motlha o Mosha! Bagaka ba metshameko le dikgantshwane tsa Hollywood di buelela mokgatlho oo. Maloko a tshwara dikopano le dipontsho ka metlha. Mafoko “Motlha o Mosha” a ile a dirisiwa mo dilong tse di dirisiwang, jaaka ditlolo, dintlafatsi, dibithamine, le dilo tsa tlhokomelo ya botsogo. Dibuka tsa Motlha o Mosha di rekisiwa di le dintsi. Mabentlele mangwe a na le mafelo a tsone fela. Bontsi jwa dibuka tseno di na le tlhotlheletso e kgolo ya bodumedi mo babading.

Mo bukeng ya gagwe ya The Cosmic Self—A Penetrating Look at Today’s New Age Movements, mokwadi e bong Ted Peters o re mokgatlho oo “o tshwana le bomo ya haeterojene e e ntseng e thunya e iketlile mo dingwageng tse jaanong di ka tshwarang masomeamararo.” O tlatsa ka gore “baperofeti ba motlha o mosha ba dira barutwa; mme dithuto tsa bone di dirisiwa ke . . . Baporotesetanta, Baroma Katoliki, Bajuda, balatolamodimo, le palo e e golelang pele ya Babuda le Bahindu kwa Amerika Bokone.”

The Times ya Lontone e bega gore “bodumedi jwa Motlha o Mosha . . . e ka nna ya bo e le jone jo bo golang ka bofefo go a gaisa otlhe kwa Bophirima. Go fopholediwa gore, mo bogautshwaneng, 25 lekgolong ya Baamerika ba a dumela gore le bone ba dumela go ya bokgakaleng jo bo rileng mo Motlheng o Mosha.” Makasine wa Switzerland wa Fundamentum o ne wa bolela gore, kwa Netherlands, baruti ba ka tshwara lekgolo ba ne ba kopana ka metlha “go buisana kafa mogopolo wa Motlha o Mosha o ka tsenngwang ka teng mo kerekeng le mo therong.” Makasine mongwe o ne wa bolela gore “dinaga mo lefatsheng di na le mefuta e e farologaneng ya go dirisa Motlha o Mosha, mme fela o ratega lefatshe ka bophara.”

Dikgwebo tse dikgolo di dirisitse dimilione tsa diranta di duela bagakolodi ba Motlha o Mosha le go isa badiri ba tsone kwa dithutong tsa Motlha o Mosha. San Francisco Chronicle e bega gore “mogopolo wa Motlha o Mosha o tsene le kwa go bomankge ba kgwebo mo Amerika tota.” Pampiri eo ya dikgang e tlatsa ka gore patlisiso nngwe ya dikhampani di le 500 e supile gore tse di fetang 50 lekgolong di ile tsa amana le mogopolo wa Motlha o Mosha ka tsela nngwe.

Mme mogopolo wa Motlha o Mosha ke eng, le gone o simologile jang? A ruri o ka tlisa kagiso le thokgamo mo lefatsheng? O ruta eng, mme e bile o go ama jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela