LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 3/8 ts. 21-26
  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha ke Eng?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Se Sesha Ka One?
  • Tsholofelo ya Motlha o Mosha
  • Bodumedi jwa go Ikobamela
  • Tirisabadimo E E Ntlafaditsweng
  • Motlha o Mosha le Boitekanelo
  • Motlha o Mosha le Tikologo
  • Motlha O Mosha wa Mmatota O Tla Tla Jang?
    Tsogang!—1994
  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha O O Rategang Thata
    Tsogang!—1994
  • Go Batla Masaitsiweng ka Maselamose le Tirisabadimo
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Fa Botsofe bo Nna “Serwalo sa Bontle”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 3/8 ts. 21-26

Mokgatlho wa Motlha O Mosha ke Eng?

GA SE lekgotla lengwe le le rileng, mme lefa go ntse jalo makgotla a le makgolokgolo a rotloetsa dithuto tsa one. Ga o na setlhopha sa baeteledipele, mme lefa go ntse jalo boramatlhajana le baruti ba one ba ka nna ba bo ba le diketekete. Ga o na buka ya melao ya bodumedi le ditumelo, mme lefa go ntse jalo badumedi ba one ba ka kgona go bala ka one mo dilaeboraring tsa botlhe mo lefatsheng lotlhe. Ga o na modingwana ope o o ka obamelwang, mme gantsi o buelela mogopolo wa modingwana o o ka bonwang gongwe le gongwe.

Ke eng sone seo? Ke mokgatlho wa Motlha o Mosha: motswako o o sa tlhomamang wa dikgopolo tsa bodumedi, ngwao, loago, polotiki, le tsa saense, di tswakane le go rata masaitsiweng a Botlhaba, dilo tse di sa dirweng ke batho fela, tirisabadimo, tota le mefuta mengwe ya thutotlhaloganyo ya malatsing ano. Motswako o akaretsa go dumela mo tepongdinaledi, go tsalwa ka mmele o mosha, botshelo jwa kwa dipopong tse dingwe tsa legodimo, thutotlhagelelo, le botshelo morago ga loso. Go tshwenyega ka tikologo le botsogo le tsone ke dingwe tsa dilo tsa botlhokwa mo motswakong oo.

Mongwe le mongwe o ka nna leloko la mokgatlho ono. Ga o tlhoke go rutwa sepe ka one kana go kolobediwa mo go one. Le gone ga go tlhokege gore batho ba latlhe bodumedi jwa bone gore ba tle ba nne maloko a one. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ka bontsi ga ba rate go bidiwa ba “Motlha o Mosha” fela ka go bo ba dumela mo go dingwe tsa dilo tse di akarediwang mo mokgatlhong wa Motlha o Mosha kana ka go bo ba rata sengwe sa tse go tweng ke mmino kana botshwantshi jwa Motlha o Mosha.

Ke ka sewelo fela badumedi ba one ba ipolelang gore ke ba Motlha o Mosha. Tota e bile, mafoko “Motlha o Mosha” a dirisiwa thata ke babegadikgang. Mo malatsing ano, dibuka, mabentlele, dithutosekadipuisano, le dithulaganyo tsa Motlha o Mosha, gantsi di tila go dirisa lefoko leo. Library Journal e tlhalosa gore “go begwa thata mo dikgannyeng kwa bofelong jwa bo1980 go ne ga dira gore batho ba ile ditumelonyana tse di belaetsang tsa Motlha o Mosha (di-UFO, go bua le meya, magakwa, jl.jl.); seno se supiwa ke go bo makgotla a kgatiso a dibuka a magolo . . . tota le dikgatiso tse di buang ka Motlha o Mosha fela di ntse di latlha mafoko Motlha o Mosha.” Ka lebaka leo, batho ba le bantsi ba ka nna ba bo ba tlhotlhelediwa ke Motlha o Mosha ba sa itemoge.

Ke Eng Se Sesha Ka One?

Bontsi bo tsaya gore mokgatlho wa Motlha o Mosha ke selo sa metlha eno fela. Go ya ka Porofesara e bong Carl Raschke wa Yunibesithi ya Denver, kgopolo ya Motlha o Mosha tota ke “motswaiso wa boganamekgwa jwa dingwaga tsa Masomeamarataro.” Batlhotlhomise ba bangwe le bone ba supa bo1960, ka maiteko a mahipi a go batla kgololesego le boammaaruri, ba re ke gone kwa mokgatlho wa Motlha o Mosha o simologileng teng. Bontsi jwa mahipi, ba jaanong ba leng mo dingwageng tsa bo 40 le bo 50, ba santse ba anapetsa go batla boammaaruri joo. Mme jaanong go batla ga bone ga go sa tlhole go tshololwa go twe ke go akgaakgega megopolo ga basha ba dingwaga tsa bolesome. Bontsi jwa bone ke barutegi ba ba nang le kitso mo dithutong tse di tlotlegang, ba na le seabe mo dipolotiking, mme ba lejwa jaaka batho ba ba nang le mosola mo setšhabeng.

Ka bo1970 le bo1980, ba ne ba dirisa botlhale jwa bone le madi a bone go tsweletsa go batla ga bone. Go ne ga felela ka eng? Go tswakanya ditumelo ga bone go ne ga amogelwa thata le go tlotliwa. Bobegadikgang le jone bo ne jwa ba latela, mme seo se ne sa felela ka go anamisiwa ga botlhajana jwa Motlha o Mosha.

Tota boammaaruri ke gore, ke dilo di sekaenyana fela tse di leng disha ka ditumelo tsa Motlha o Mosha. Ka sekai, botlhajana jwa one bo thaetswe thatathata mo masaitsiweng a Botlhaba, a a nang le dingwaga di le diketekete. Sekaseka megopolo ya Motlha o Mosha e sekae.

Tsholofelo ya Motlha o Mosha

E re ka ngwaga wa 2000 o le fela fa, mogopolo wa isagwe e e botoka, dingwaga tse di sekete tse di botoka, o simolola go ratiwa thata. Tumelo ya konokono ke ya gore botshelo jwa batho jaaka re bo itse gompieno bo tla emisediwa ke Bo-Utopia.a Go ya ka baruti ba Motlha o Mosha, seno se tla kgonwa ka go fetola mokgwa wa tlwaelo wa go akanya ka kitso ya masaitsiweng e e ntseng e fitlhegile kana e itlhokomolosiwa go tla go fitlha gompieno. Ba re motlha ono o mosha wa kutlwano o tla bulela bokgoni jwa batho mme o tla tlisa kagiso ya lefatshe lotlhe ya semoya.

Tsholofelo eno e lebega e ikaegile thata ka ponelopele ya balepadinaledi ba ba reng re tshela mo nakong ya go fela ga motlha wa Pisces le go simologa ga motlha wa Aquarius. Babueledi ba mogopolo ono ba re letshwao la tepodinaledi la Pisces le ntse le ama batho ka tsela e e sa siamang mo dingwageng tse di ka tshwarang 2 000. Ba pega Labokeresete molato wa go dira botshelo jo bo kwa morago jo bo ikaegileng ka dilo tse di bonalang. Labokeresete o pegwa molato wa go kgoreletsa boammaaruri. Mme gompieno ga twe boammaaruri joo bo ka bonwa mo tirisongbadimo mme bo tla senolwa ka nako e e seng kgakala ya Aquarius, motlha wa go bona lesedi la semoya, motlha o mosha.

Batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ga ba utlwane ka mogopolo wa gore a mokgwa ono wa botshelo o tla tlisiwa ke dinonofo tsa legodimo kana ke batho ka bobone. Kgopolo e nngwe e bolela gore “lotso lo lo fetogileng lwa Batho ba Motlha o Mosha ba ba tswang mo dipeong tsa dijine tsa batho ba bogologolo ba ba botlhale tse di jadilweng dingwaga tse 3 500 tse di fetileng, ba tla tloga ba ata ba bo ba golola lefatshe mo bogagapeng.”—The Wall Street Journal, January 11, 1989.

Mme le gale, tsholofelo eo ya motlha wa go tlhaba kgobe ka mitlwa, wa Utopia, kana wa lefatshe le lesha, ga e ntšha. Mo e ka nnang ditlhamane tsa dingwao tsotlhe tse dikgolo di akaretsa tsholofelo ya nako ya fa batho ba tla bo ba tshela Se-Utopia. Ditlhamane tsa Sumer, Bagerika, Baroma, le Ba-Scandinavia di na le tumelo eno. Encyclopedia of Religion ya re: “Go eletsa Utopia koo motho o tla bong a tshela a sa tlhoke sepe le koo kagiso le katlego di tla bong e le dilo tse dikgolo e sale e nnile karolo e kgolo ya bodumedi jwa Setšhaena pele ga metlha ya ga Ch‘in (pele ga 221 BCE).” Buka e e boitshepo e kgologolo mo go tsone tsotlhe, e bong Bibela, e bua ka dingwaga tse di sekete tse mo go tsone batho ba tla dirwang gore ba itekanele gape, le nako e ka yone ntwa, tlolomolao, kutlobotlhoko, le loso di tla bong di nyeleditswe.—Tshenolō 21:1-4.

Bodumedi jwa go Ikobamela

Mo filiming e e buang ka ene ya Out on a Limb, motshameki yo o tumileng le mokwadi ka dikgang tsa Motlha o Mosha e bong Shirley MacLaine o eme mo lotshitshing lwa lewatle phefo e foka a phutholotse matsogo a bo a re: “Ke Modimo! Ke Modimo!” Bontsi jwa batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha, ba tshwana le ene le bone ba batla motho yo o kwa godimo mo go bone, mogopolo wa go nna le modimo mo teng ga bone. Ba re se batho ba se tlhokang fela ke go godisa temogo ya bone gore ba kgone go bona bomodimo jwa bone.

Ba re fa seno se setse se diragetse, boammaaruri jwa go amana ga dilo bo tla phepafala—sengwe le sengwe ke modimo, mme le modimo ke sengwe le sengwe. Mme seno ga se kgopolo e ntšha gotlhelele. Ditumelo tsa bogologolo tsa Mesopotamia le Egepeto di ne di dumela mo medimong ya diphologolo, ya metsi, phefo, le ya loapi. Bosheng fela jaana, go begwa gore Adolf Hitler o ne a kgothaletsa ba bangwe go dumela “tumelo e e nonofileng ya bogaka mo Modimong wa Tlholego, Modimo o o mo teng ga batho ba rona, mo bokamosong jwa rona, le mo mading a rona.”

Ngwao ya Motlha o Mosha e na le dibuka tse dintsi, dithutosekadipuisano, le dithuto tse di mabapi le bokgoni jwa motho le go itokafatsa. Polelwana e e rategang thata ke ya gore, “Go itlhaloganya ka namana.” Batho ba kgothalediwa go lekeletsa sengwe le sengwe se se ka ba thusang go atolosa dilo tse ba ka di kgonang. Jaaka mokwadi mongwe a ile a kwala mo makasineng wa Wilson Quarterly, “thuto ya konokono ya mokgatlho ke ya gore ‘ntlha ya botlhokwa ga se se o se dumelang mme ke gore a se go solegela molemo.’”

Margot Adler, yo o e leng mmueledi wa Motlha o Mosha, o tlhalosa gore bontsi jwa basadi ba ba nnang maloko a mekgatlho ya Motlha o Mosha ba dira seo “ka mabaka a bone fela. . . . Ba ila mebele ya bone, e bile ba a ikila. Ba tla mo ditlhopheng tseno tse di ba bolelelang gore, ‘O Modimogadi, o montle.’”

Makasine wa New York o tlhalosa jaana fa o bua ka mokgwa o setlhopha se neng se batla motho yo o kwa godimo mo mothong: “Mosadi mongwe o a goa, ‘Ke rona re rutang ka Mahube a Masha. Ke rona ke rona.’ Maloko a mangwe, a a apereng ditukwi tse di dinaka, megaga ya diphofa, le diaparo tse di galalelang, ba bina mo sekgweng, ba kgorotlha le matsogo a akgega kwa le kwa, ba hutsafetse le go bokolela.”

Tirisabadimo E E Ntlafaditsweng

Megopolo e mengwe ya Motlha o Mosha e buelela mokgwa o mosha, o o ntlafaditsweng wa tirisabadimo. Go obamela Satane ga go sa tlhole go amanngwa le tirisabadimo mo megopolong ya batho ba le bantsi ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha. Mokwadi mongwe mo makasineng wa Free Inquiry a re: “Go na le palo e e oketsegang ya baloi, e go seng ope wa bone yo o obamelang Satane.”

Tshekatsheko ya bosheng kwa Jeremane e ne ya supa gore go na le baloi ba le 10 000 kwa nageng eo. Le bana tota ba okelwa ka boferefetšhana mo tirisongbadimo. Buka ya Sejeremane ya Der Griff nach unseren Kindern (Maiteko a go Oka Bana Ba Rona) e tlhalosa gore ka go dirisa “dikhasete tsa terama tsa bana, bana ba tlwaediwa go leba moloi e le mosadi yo o itshiametseng fela yo o dirisang maselamose go dira molemo.” Buka eo e oketsa ka gore: “Ka tsela e e ntseng jalo bana ba okelwa mo tseleng ya Motlha o Mosha e e ka nnang ya dira gore ba dirisane le meya.”

Mo dibukeng tsa gagwe, Shirley MacLaine o buelela mogopolo wa gore tirisabadimo ke kitso e e fitlhegileng fela le gore go bo e fitlhegile ga go reye gore ga e boammaaruri. Mogopolo ono o oketse batho ba le bantsi thata mo go lekeletseng ditiro tse di sa itsiweng tsa tirisabadimo, jaaka go laola, tepodinaledi, go utlwa ka marago, le go bua le meya. Go bua le meya go sale go itsiwe ka dingwaga di le dikete gore ke go bua le badimo. Mme batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ba go bitsa go ikgolaganya. Mogopolo wa bone wa re meya ya baswi e tlhopha batho bangwe go nna bagolaganyi ba bone fa ba bua le batho.

Batho bano ba go tweng ke bagolaganyi ba kgona go tsenwa ke moya fa ba batla mme ba bo ba bua kana ba kwala melaetsa ya “go nna mo leseding,” mo go tweng go tswa kwa baswing kana kwa bathong ba ba tshelang kwa dipopong tsa legodimo. Meya ya baswi e tsewa jaaka batlhale ba bagolo ba ba emetseng go tla go tshela ka mebele e mesha gape. Mo nakong eno, ga twe ba kaela batho go ba isa kwa motlheng o mosha.

Batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ba kopana ka metlha go reetsa se batlhale bano ba se bolelang ka bagolaganyi ba bone. Mme badumedi ba ka itlhophela meya e ba batlang go bua le yone. Mengwe ya meya e go tweng e a bua mo nakong eno ke ya ga John Lennon le Elvis Presley, le ya ditshedi tsa dipopo tsa legodimo tsa maina a a jaaka Attarro le Rakorczy, le motlhabani mongwe wa dingwaga tse 35 000 yo o tswang kwa lefelong lengwe la masaitsiweng la Atlantis yo o bidiwang Ramtha.

Motlha o Mosha le Boitekanelo

Palo e e ntseng e gola ya dingaka di dumela gore balwetsi ba se ka ba alafiwa jaaka e kete go baakanngwa metšhine e e robegileng mme go tshwanetse ga tsewa tsia botsogo jwa tlhaloganyo le maikutlo a motho. Mokgwa ono wa go alafa o bidiwa kalafi ya gotlhe, mme ga o amane ka gope le megopolo ya Motlha o Mosha. Mme lefa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ba dumelana le go alafa gotlhe. Buka ya The Cosmic Self e tlhalosa gore kwantle ga go nyatsa bongaka jo bo tlwaelesegileng, batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ba buelela go alafa molwetsi jaaka motho yo o feletseng, “setshedi se se nang le mmele, mogopolo, le moya.”

Batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ba dumela gore motho o ka nna le botsogo jo bo siameng le fa a sa dirisa bongaka jo bo tlwaelesegileng. Pampiri ya dikgang ya Borithane ya The Herald ya re: “Golo kwa batho ba kopanang la ntlha teng le megopolo ya Motlha o Mosha ke fa ba batla mokgwa o o farologaneng wa kalafi.” Mme megopolo e e sa tlwaelesegang fela thata e a lekelediwa. Ka sekai, ngaka ya diphologolo kwa Australia e bong Ian Gawler a re kankere e ka alafiwa ka go tlhatlhanya. Mekgwa e mengwe ya go alafa e e amanngwang le Motlha o Mosha ke go tlhatlhoba go dirisiwa maemo a dinaledi, go sekaseka masedi a a tswang mo mothong, go alafa ka go korobetsa, go ara kwantle ga go dirisa dithipa, le go alafa ka go gopotsa motho ka matshelo a gagwe a pele. Mekgwa eno ya go alafa gantsi e buelelwa mo dimakasineng tse di kgethegileng tse di buang ka botsogo, melemo ya tlholego, dibithamine, go itshidila, le dikotla.

Motlha o Mosha le Magakwa

Mokgwa o mongwe o o rategang thata wa kalafi ya Motlha o Mosha ke wa go dirisa magakwa le matlapa a a tlhwatlhwakgolo, jaaka kwatse, amethase, topase, rubi, opale, le emeralete. Morekisi wa mekgabisa ya Motlha o Mosha e bong Uma Silbey a re: “Mo hisitoring yotlhe o tla fitlhela dingwao tse di neng di dumela gore kwatse e ka godisa maatla a tlhaloganyo le dinonofo tsa go alafa.” O oketsa ka gore: “Ba-Sumer, Bamaya le batho ba bangwe ba ne ba alafa ka magakwa a kwatse.”

Magakwa ano a dirisiwa jang? Batho ba ba alafang ka magakwa ba re malwetsi a mmele le a tlhaloganyo a ka alafiwa ka go baya kwatse le matlapa a mangwe a a tlhwatlhwakgolo mo mafelong a a rileng a mmele. Katrina Raphaell, moruti wa magakwa wa Motlha o Mosha, o tlhalosa gore magakwa “a ka bewa kafa tlase ga mosamo motho a robetse gore a mo thuse go lora ditoro tse dikgolo le tsa boperofeti. A ka dirisiwa go ritibatsa maikutlo, go kokobetsa megopolo e e tshwenyegileng le go thusa go alafa tlhakatlhakano ya mmele. Motho o ka a tshwara ka nako ya fa a le mo ditlhabing le fa a belega gore a tle a oketse maatla a gagwe.”

Motlha o Mosha le Tikologo

Makasine wa basha wa Borithane wa TSBeat, wa re mokgatlho wa Motlha o Mosha o “a aga, o kgatlhegela tikologo, o a ratega.” Go nna le seabe ka tlhagafalo mo go ruteng ka tlhokomelo ya ditsatlholego le tshireletso ya tikologo go ile ga dira gore mokgatlho wa Motlha o Mosha o lejwe sentle, mme melaetsa eno e e bontshang go amega ka tikologo e dirile gore batho ba kgatlhegele dithuto tsa yone. Lefa go ntse jalo, go amega ga Motlha o Mosha ka tikologo gantsi go supiwa ka tsela e e bonalang sentle ya go obamela tlholego, ka mediro e e tshwanang le ya meletlo ya bogologolo e e neng e dirwa go obamela mmaetsho mmu.

A mokgwa ono wa segompieno wa go dirisa masaitsiweng a bogologolo ke yone tharabololo ya mathata a rona? A polanete eno e tla bolokwa ka botlhale jwa baloi le ditshedi tsa dipopo tsa legodimo? A motlha o mosha wa kagiso le katlego o tla tla?

[Lebokoso mo go tsebe 23]

MacLaine, Motlha o Mosha, le Ramtha

“SELEKANYO sa dilo tse di sa bonaleng se teng totatota le fa gone re ne re sa kgone go se bona kana go se lekanya ka dilo tse re di bonang. Go na le dilo tse di teng tota go feta tse megopolo ya rona e ‘di bonang.’ Seo ke sone se se bidiwang go akanya ga motlha o mosha. Motlha o mosha wa go lemoga dilo. . . .

“Ke ne ka etela batho ba go tweng ba dirisana le meya ba ba ileng ba nkgolaganya le bakaedi ba meya go tswa kwa lefatsheng la meya. Ke ne ka tsalana le ‘meya’ eo. . . . Mongwe wa yone o ne o nonofile go feta e mengwe yotlhe. O ne o bidiwa . . . Ramtha Yo O nang le Temogo. . . . O ne a re o kile a tshela gangwe e le motho ka motlha wa Atlantis mme o ne a nna le temogo e e feletseng ka nako eo. . . . Fa jaaka ke ne ke lebile Ramtha mo matlhong, ke ne ka ikutlwa ke re, ‘A o ne o le morwarre ka nako ya fa o ne o le motho ka motlha wa Atlantis?’

“. . . Dikeledi di ne tsa tshologa mo matlhong a gagwe. O ne a re, ‘Ee, moratiwa, mme le wena o ne o le morwarre.’”

MacLaine o tswelela ka go bolela gore: “Thuto ya gagwe ya semoya e ne e le go mpolelela boammaaruri jwa gore re Modimo. Re ka kgona go nna le kitso fela jaaka ene.”—Dancing in the Light, ka Shirley MacLaine.

Bapisa seno le Genesise 3:5, koo Noga (Satane) e ileng ya aketsa Efa jaana: “Gonne Modimo oa itse, go re, e tla re mo letsatsiñ ye lo lo yañ, hoñ matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.” Botlhe ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go tila go amana le ditshedi tsa moya tse di tsietsang e bile di le boikepo. Molao wa ga Moshe o ne wa re: “Se hapogeleñ kwa go bōnè ba ba buañ le badimo, leha e le kwa go bōnè ba ba lōañ; lo se ka loa ba batla, go tla lo itshekololwa ke bōnè: Ke nna Yehofa Modimo oa lona.”—Lefitiko 19:31.

[Lebokoso mo go tsebe 26]

“A ke Seokobatsi se Sengwe Gape mo Lefatsheng le le Tletseng ka Diokobatsi”?

“MOKGATLHO wa Motlha o Mosha—selo se sesha mo hisitoring ya rona ya dilo tsa semoya tse di gakgamatsang thata mme di ratega le tse go tweng di rarabolola mathata otlhe—o dira gore o kgalwe le go tshosa fela thata. Ga se fela gore o nyatsa poifomodimo mme gape go sekamela ga one thata mo kgwebong go tsenya dipelaelo tsa gore o na le tsietso e kgolo ya bodumedi. . . . 

“Mokgatlho wa Motlha o Mosha o leka go dirisa go tlhatlhanya, go akanya sentle, go fodisa ka go rapelela, . . . masaitsiweng, yoga, go alafa ka metsi, go alafa ka dimao, maswalo, tepodinaledi, thutotlhaloganyo ya ga Jung, biofeedback, temogo e e sa tlwaelegang, semoya, . . . kgopolo ya thutotlhagelelo, mokgwa wa kalafi ya tlhakanelodikobo wa ga Reich, ditumelabotlhodi tsa bogologolo, . . . go korobetsa, le mokgwa mongwe le mongwe o o dirisediwang go oketsa temogo, go akaretsa le e e adimilweng mo dingwaong tsa ditumelo tse dikgolo. . . .

“Dilo tsa Motlha o Mosha tse di emisetsang bodumedi di mpampetsa segakolodi go na le go se kgoreletsa. Thuto ya tsone ya konokono ke gore ga go kgathalesege gore o dumela eng ntlha ke gore a se a go thusa. ‘Se boammaaruri fa o se dumela’: ke polelwana ya Motlha o Mosha. . . .

“Ntlha ga se gore a ruriruri dikalafi tsa Motlha o Mosha di a thusa mme ke gore a bodumedi bo tshwanetse go dirwa selo sa kalafi fela. Fa e le gore bodumedi ga bo thuse ka sepe fa e se go sesa maikutlo fela, bo fetoga sengwe sa diokobatsi mo lefatsheng le le tletseng ka diokobatsi.”—“The New Age Movement: No Effort, No Truth, No Solutions, Notes on Gnosticism—Part V,” ka Christopher Lasch, Porofesa wa Watson wa Hisitori kwa Yunibesithing ya Rochester, New York, U.S.A.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Utopia: “Lefelo le le monate le kwa go lone go nniwang kwa ga tlebebe, segolo [bogolo] mo go tsa loago, polotiki, le tsa maitsholo.”—The American Heritage Dictionary of the English Language.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dingwe tsa dilo tse ditumelo tsa Motlha o Mosha o di lekeletsang ke tepodinaledi, go utlwa ka marago, go tlhatlhanya, le magakwa

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kalafi ya Motlha o Mosha e akaretsa go dirisa magakwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela