LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 3/8 ts. 27-28
  • Motlha O Mosha wa Mmatota O Tla Tla Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlha O Mosha wa Mmatota O Tla Tla Jang?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Tharabololo E E Utlwalang?
  • Bibela—Buka ya Dikarabo
  • A O Tla Nna Teng?
  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha ke Eng?
    Tsogang!—1994
  • Mokgatlho wa Motlha O Mosha O O Rategang Thata
    Tsogang!—1994
  • Lefatshe Le Lesha Le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tumelo le Isagwe ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 3/8 ts. 27-28

Motlha O Mosha wa Mmatota O Tla Tla Jang?

MOKWADI wa tsa Motlha o Mosha e bong Shirley MacLaine o ne a bua ka selo se se tlwaelesegileng fa a ne a kwala jaana: “O fitlhela ke akanya thata ka mathata a lefatshe. Go thata go go itlhokomolosa fa gone o bona lehuma, tlala, le kilo. Ke simolotse go etela dinaga di sele ke na le dingwaga di le lesomerobongwe, mme jaanong mo dingwageng tse ke mo go tsone tsa magare a bomasomemane, ke ka bua sentle gore dilo di senyegetse pele.”

Ka tsela e e tshwanang, batho gongwe le gongwe ba lapisitswe ke boitimokanyi jwa bodumedi le maaka a jone. Ba kgobiwa marapo ke botlhaswa le go palelwa ga mebuso. Ba gakgamadiwa ke boikutlo jo ba akanyang gore bo teng jwa go sa kgathale le diphoso tsa mafelo a kalafi. Mme bontsi ba jela mo lesweng ka ntlha ya go kgethololwa ka lotso le bong.

A ke Tharabololo E E Utlwalang?

Boammaaruri ke gore, ruriruri re tlhoka lefatshe le lesha. A mme ditsholofetso tsa Motlha o Mosha di a utlwala? Kana mokgwa o o bolelang ka isagwe ka one o tshwana le dibaesekopo tsa ditoro tsa saense tsa Hollywood? A go botlhale go dumela mo boperofeting jo bo ikaegileng ka dingwao tse di lebetsweng, masaitsiweng a bogologolo, le go ikgopolela fela?

Gone go boammaaruri gore, mekgwa e le mentsi ya mokgatlho wa Motlha o Mosha e ka nna ya thusa mo botsogong jwa mmele ka tsela e e rileng. Dijo tse di nang le dikotla, go itshidila, go itapolosa, le go tshwenyega ka tikologo ke dilo tse di siameng mo botshelong. Gongwe dingaka di ne di ka atlega thata fa di ne di ka ela tlhoko thata se molwetsi a se tlhokang mo maikutlong fa ba ntse ba alafa mmele wa gagwe. Mme fa nako e ntse e ya mongwe le mongwe o a lwala, mme le batho ba ba itekanetseng sentle kgabagare ba a swa. Ga re ka ke ra itumelela botshelo fa bolwetsi le loso di re okame godimo. A baruti ba Motlha o Mosha ba na le tharabololo e e nang le mosola ya mathata ano?

Palo e e oketsegang ya batho ba mo mahutsaneng e bile ba ngomogile dipelo, mme mokgatlho wa Motlha o Mosha ga o kgone go thusa ka sepe. International Herald Tribune ya Lontone e ne ya re: “Lekgolo la bo 20 la dingwaga le lerile Motlha wa go Tshwenyega, mme go fela ga lone go sutela Motlha wa go Ngomoga Pelo.” Pampiri eo e ne ya tlatsa ka gore “tlhotlhomiso ya ditšhaba ya ntlha ka go ngomoga pelo mo gogolo e ne ya supa gore ke mathata a a golelang pele mo lefatsheng lotlhe.”

Mokgatlho wa Motlha o Mosha, o o nang le matlhasedinyana a bodumedi, ga o kgotsofatse dilo tse batho ba di tlhokang semoyeng mo lefatsheng gompieno. Tota le fa go twe o kgonne go kgotsofatsa semoyeng, e a bo e le ga nakwana fela. Ee gone, bodumedi jwa ka tlwaelo, bogolo jang Labokeresete, ga bo a kgona go kgotsofatsa dilo tse batho ba di tlhokang semoyeng. Pampiri nngwe ya dikgang e ne ya nyaletsa “Kereke go palelwa ke go dira maiteko a go thusa ba ba ikutlwang ba latlhegile, ba sa atamelwa, ba sa ratiwe.” Pampiri eo ya dikgang e ne ya tlhalosa bodumedi jwa gompieno e re bo a itsapisa, “bo kgoreletsa batho go nna le boikutlo bope jwa go atamalana le Modimo.”

Bibela—Buka ya Dikarabo

Labokeresete le leswefaditse le go tswapola boammaaruri jwa Bibela. Ka tsela e e tshwanang, ditumelo di le dintsi tsa Motlha o Mosha ga di dumelane le se Bibela e se rutang. Ka sekai, tsaya mogopolo wa Motlha o Mosha wa gore batho ba ka rarabolola mathata a lefatshe leno. Bibela e bolela ka papamalo mo go Yeremia 10:23 gore: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Lekwalo le lengwe la re: “Poloka ke ea ga Yehofa.”—Pesalema 3:8.

Bibela ga e rute gore batho ke meyasebele e e sa sweng e e tshelang ka boyone, e kgaogane le mmele. Go ya ka Dikwalo, moyasebele o a swa, mme loso ke bokhutlo jwa go akanya le go dira. (Dipalō 23:10; 35:11; Moreri 9:5, 10) Seno se ganetsa gotlhelele mogopolo wa go tsalwa ka mmele o mosha wa Motlha o Mosha.

Gapegape, ga go ka ke ga kgonega gore o buisane le baswi. Go ya ka Bibela, puisano yotlhe e go tweng e dirwa le baswi, tota e a bo e le go buisana le badimona—meya e e leng baba ba Modimo le batho. Ka jalo Molao wa Modimo o ne wa tlhalosa gore tirisabadimo, go akaretsa go laola, tepodinaledi, le go bua le baswi, ke molato o o atlholelwang loso.—Lefitiko 19:31; 20:6, 27; Duteronome 18:10-12.

Bibela ke yone motswedi wa phodiso ya boammaaruri ya semoya. E na le dithuto tse di thusang Bakeresete go itlhaloganya le go fetola botho jwa bone. (Baroma 12:2; 2 Bakorintha 13:5; Baefesia 4:21-24) E ruta boikgapo, go nna le mogopolo o o lekalekaneng, go itlotla le go tlotla ba bangwe.

Bibela e re golaganya le nonofo e kgolo mo lobopong lotlhe e bong Mmopi wa rona. (Ditihō 17:24-28) E bontsha gore ka go supa tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa Morwawe, batho ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Baroma 6:23) E araba ka tsela e e kgotsofatsang dipotso tse di tshwanang le: Ke eng fa Modimo o letleletse pogo e e kanakana? Ditshedi tse di maatla tse di sa bonaleng ke bomang? A ke bone ba ikarabelelelang mo ditiragalong tse go tweng ga se tsa motho fela?

Bibela e solofetsa isagwe e mo go yone batho ba tla bong ba itekanetse ba tshelela ruri le lefatshe le lesha la kagiso le kutlwano, le na le tikologo e e phepa, gone mo lefatsheng mo. (Isaia 33:24; 2 Petere 3:13) Ga go belaetse gore mo lefatsheng le lesha leo, kitso ya batho e tla oketsega, mme ka kaelo ya Modimo, ba tla kgona go rarabolola masaitsiweng a mmele wa motho, polanete ya rona, le a lobopo lotlhe. Dilo tseno tsotlhe di tla kgonega ka thata ya ga Jehofa, Modimo o o ratang batho.

A O Tla Nna Teng?

Lefa go ntse jalo, Bibela e ruta gore masego ano a tla bonwa fela ke ba ba tshelang go dumelana le melao ya Modimo. Melao eno ga e gatelele. Mme fela e tshwanetse go ikobelwa. (Diane 4:18, 19; 1 Yohane 5:3) Ga go kgonege gore o dumele mo megopolong e e seng ya dikwalo ya Motlha o Mosha mme kafa o ntse o dumela mo Bibeleng.—1 Bakorintha 3:18-20; 10:18-22; Yakobe 4:4.

Ka jalo, Bakeresete ba mmatota ba tila go raretswa ke dikgopolo tse e seng tsa dikwalo tsa mokgatlho wa Motlha o Mosha. Go tlhokega go leba dilo sentle le go dirisa mogopolo ka botlhale. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore leina “Motlha o Mosha” jaanong le setse le dirisiwa thata mo dilong tse di sa amaneng ka gope le mokgatlho wa Motlha o Mosha mme go sa reye gore ga di dumelane le dikwalo. Seno se boammaaruri bogolo jang mo go tsa botsogo, dikotla, botshwantshi, le mmino. Ka jalo Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko le go nna tekatekano ba ntse ba iketse tlhoko gore ga ba amane le sepe se se nyadiwang ke Bibela. Diane 14:15 e gakolola jaana ka tshwanelo: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.”

Ee ruri, Bibela ke sekopololo sa lesedi la boammaaruri. Go itlhokomolosa Dikwalo ga batho ba ba dumelang mo Motlheng o Mosha ga tlwaelo go ka okeletsa lefatshe lefifi fela. Mme Bibela e lere lesedi la semoya le tsholofetso ya lefatshe le lesha le le solofeditsweng ke Modimo: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure. Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”—Tshenolō 21:3-5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela