Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Dirang Gore Ke Se Ka ka Mo Kgatlhegela?
“KE NA le dingwaga di le 20 e bile ke Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ke ne ka simolola go intsha le lekau [le le sa dumeleng] la dingwaga di le 28. Ke ne ke mo rata e bile ke dumela gore o a nthata. Batsadi ba me ba ne ba sa itse ka gone gonne ke ne ke itse gore ba ne ba se kitla ba rata. E ne ya re fa ba lemoga, ba ne ba utlwa botlhoko thata ba bo ba garoga dipelo. Ba ne ba sa tlhaloganye gore go tla jang gore ke gapiwe maikutlo ke motho wa lefatshe.”
Go ne ga kwala jalo lekgarebe lengwe la Mokeresete le re tla le bitsang Monique.a Ka maswabi, basha ba le bantsi ba ile ba iphitlhela ba le mo maemong a a ntseng jalo—ba gapilwe maikutlo kana ba rata motho yo o sa dumeleng, motho yo o sa lebeng dilo tse di dumelwang mo Bokereseteng le melao ya boitshwaro jaaka bone. Setlhogo se se tlileng pele ga seno mo motseletseleng ono (wa Tsogang! eno) se bontshitse gore ga se fela gore Modimo ga o rate kamano e e ntseng jalo mme gape e ka nna ya dira gore o se ka wa itumela o bo o se ka wa tshela sentle. Ruth yo mmotlana o ne a lemoga ntlha eno. O ipolela jaana: “Ke ne ka itsalanya thata le mosimane yo e neng e se modumedi. Lefa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore fa ke batla go tsalana le Jehofa ke tshwanetse go tlogela go tsalana le ene.”
Fa e le gore o Mokeresete gongwe o ka kgona go gakologelwa mafoko ano a Bibela a a mo go Yakobe 4:4: “A ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” Lefa go ntse jalo, fa o gapilwe maikutlo ke motho yo o sa dumeleng go ka nna thata go dirisa mafoko ano. Eleruri, go ka nna thata tota gore o akanye go mo tlogela. O ka nna wa tobekana maikutlo. O ka nna wa botsa, ‘Nka dira eng gore ke se ka ka kgatlhegela—kana le eleng go rata—mongwe?’
Moaposetoloi Paulo o kile a re: “Ke natehèlwa ke molaō oa Modimo kaha bothuñ yoa kaha teñ: Me ke hitlhèla molaō o sele mo ditokololoñ tsa me, o o tlhabanañ le molaō oa pelo ea me, me o ntsenya mo kgolegoñ ea molaō oa boleo o o mo ditokololoñ tsa me. A motho oa mogolo nna!” (Baroma 7:22-24) Fela jaaka Paulo, o ka nna wa bo o lwantshana le maikutlo a gago. Lefa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba fenya, ‘ba itshwatola mo molelong’ jaaka re ka rialo. (Bapisa Yude 23.) Jang? Ka go fedisa botsala jo bo sa siamang pele ba senya ka tsela e ba tla palelwang ke go e fetola.
Go Senka Thuso
Ka sekai, Mark o ne a nna le se a se bitsang “go gapiwa maikutlo thata” ke motho yo o sa dumeleng, a santse a na le dingwaga tse 14 fela. Go na le gore a senke thuso, o ne a dira maikutlo a gagwe khupamarama. Lefa go ntse jalo, mosetsana yoo o ne a nnela go mo gapa maikutlo thata. Go ise go ye kae o ne a simolola go mo founela ka sephiri. Fa le ene a simolola go mo founela, ga go a ka ga tsaya lobaka ke fa batsadi ba gagwe ba lemoga se se diregang.
O se ka wa ba wa dira phoso e e ntseng jalo ka go batla go itharabololela bothata joo ka bowena. Diane 28:26 ya re: “Eo o ikanyañ pelo ea gagwè ka esi ke seeleele; mme eo o tsamaeañ ka botlhale, o tla gololwa.” A ruri o ne o ka bo o le mo seemong se se ntseng jaana fa e ne e se gore tsela e o atlholang dilo ka yone e phoso? Ka dinako tse dingwe maikutlo a rona a fekeetsa go akanya ga rona, mme re tlhoka gore mongwe yo o nang le tlhaloganyo le yo o akanyang sentle a re thuse. Batsadi ba gago ke bone ba ba ka kgonang go go thusa thata, segolobogolo fa e le ba ba boifang Modimo. Gongwe e bile, ba go itse go feta motho ope o sele. Le bone ba kile ba nna bannye mme ba ka kgona go go thusa go tlhaloganya maemo a o mo go one. Mokwadi wa Bibela, Solomone o gakolola jaana mo go Diane 23:26: “Morwaaka, nnaea pelo ea gago, me a matlhō a gago a natehèlwè ke ditsela tsa me.” Ke eng fa o sa neye batsadi ba gago pelo ya gago o bo o ba bolelele gore o tlhoka thuso?
Jim yo mmotlana o ne a dira fela jalo. O ne a lwantshana le go gapiwa maikutlo ke mosetsana mongwe kwa sekolong. A re: “Kgabagare ke ne ka kopa batsadi ba me go nthusa. Seno se ne sa nthusa go fenya maikutlo ano. Ba ne ba nthusa thata.” Ka ntlha ya tsela e batsadi ba gagwe ba neng ba mo ema nokeng ka lorato ka yone, Jim o gakolola jaana: “Ke akanya gore basha ba bangwe ba Bakeresete le bone ba se ka ba tshaba go buisana le batsadi ba bone. Tlotla le bone. Ba tla go tlhaloganya.”
Mosha mongwe yo o bidiwang Andrew o ne a senka mofuta o mongwe gape wa thuso fa a ne a le mo maemong a a ntseng jalo. O ne a bolela jaana ka kopano ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e le mo lefelong la bone e a neng a ya kwa go yone: “Puo nngwe e ne ya nkama tota. Molebedi wa potologo o ne a ntsha kgakololo e e amang tota kgatlhanong le go itsalanya thata le batho ba bong bo sele ba e seng Bakeresete. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone gone fela foo.” Ka jalo, ke eng se a neng a se dira? Sa ntlha, o ne a bua le mmaagwe, yo e leng motsadi yo o mongwe fela mme a thusiwa thata ke kgakololo ya gagwe. O ne a buisana gape le mogolwane mongwe mo phuthegong ya gaabo ya Basupi ba ga Jehofa, yo o neng a mo thusa go ya pele. Bagolwane ba phuthego ba ka nna “yaka boipotelecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ” mo bathong ba ba ngomogileng maikutlo. (Isaia 32:2) Ke eng o sa buisane le mongwe wa bone mme o mmolelele se se go tshwenyang?
Go Kgaogana le Ene Gotlhelele
Fa batsadi ba ga Mark ba sena go itse ka botsala jwa gagwe jwa sephiri, ba ne ba tsaya kgato ka yone nako eo. Mark a re: “Ba ne ba mpolelela ba tlhamaletse gore ke kgaogane le ene. Kwa tshimologong ke ne ka kgwaralatsa thamo. Ke ne ka omana le bone, ka bo ka ya go itswalela kwa kamoreng ya me. Mme moragonyana ke ne ka akanya sentle ka kgang eno, ke ne ka lemoga gore nna le mosetsana yono re ne re na le mekgele e e sa tshwaneng. Go ne go se kitla go thusa ka sepe.” Ee, go tlhatlhanya sentle ka seemo seo go ka go thusa gore maikutlo a gago a okobale. Ipotse jaana: ‘A mekgele ya motho yono, dilo tse a di dumelang le melao ya boitshwaro e a e latelang e tshwana le ya me? Fa go ka direga gore re nyalane le ene, a o tla nkema nokeng mo maitekong a me a go obamela Modimo? A motho yono o tlhagafaletse dilo tsa semoya jaaka nna? Totatota, a re tlile go kgona go utlwana mo botsaleng jo bo ntseng jalo?’—Bapisa 2 Bakorintha 6:14-18.
Lefa go ntse jalo, ga go ne go nna bonolo gore o kgaogane le ene gotlhelele. Monique yo o umakilweng kwa tshimologong o dumelana le seo jaana: “Ke ne ka leka gabedi go fedisa botsala joo mme ga pala. Ke ne ke sa batle go kgaogana le ene gotlhelele. Ke ne ka leka go mo neela bosupi ka tsholofelo ya gore o tla amogela Jehofa. O ne a ba a tla pokanong ya Sontaga nako nngwe. Mme lefa go ntse jalo, o ne a sa kgatlhegele Jehofa ka gope. Ke ne ka lemoga gore se ke tshwanelwang ke go se dira ke go kgaogana le ene gotlhelele.”
Seno se re gopotsa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:30. Mo go yone o bua ka dilo tse di ka kgoreletsang motho go tsena mo Bogosing jwa Modimo—dilo tse motho a ka tswang a di rata thata tse di jaaka seatla sa moja. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a gakolola jaana: “U se kgaolè, u se latlhè; gonne go ka nna molemō mo go wèna ha nama ñwe ea gago e ka senyèga, e señ mmele otlhe oa gago go latlhèlwa mo moletiñ [o o emelang go nyelediwa ruri].” Dumelana le molaomotheo ono ka go nna pelokgale go buisana le motho yono yo o mo kgatlhegelang mme o “buè boamarure.” (Baefesia 4:25) Mmolelele o nonofile e bile o tlhamaletse gore go fedile ka lona—lo le fa lo ka bonwang ke batho botlhe gone—e seng lo le babedi fela kana fa lo ka kgonang go bontshana lorato gone. Sheila yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Ke ne ka thusiwa ke go tsaya dikgato ke nonofile. Re ne re sa tlhole re ja dijo tsa motshegare mmogo. Re sa tlhole re etelana ka nako ya go bala. Ke ne ka mmolelela seemo sa me ka phepafalo.” Mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Pam le ene o ne a tlhamalatsa dilo fela jalo: “Kgabagare ke ne ka mo bolelela gore a kgaogane le nna, mme ke ne ka mo itlhokomolosa.”
Go Ikoka Dintho
Morago ga go kgaogana le ene jalo o ka nna wa ikutlwa fela jaaka mopesalema yo o neng a re: “Kea serèga, ke bile ke hutaganye thata; ke tlhōla ke nntse ke hutsahetse motshegare otlhe.” (Pesalema 38:6) Ke ga tlholego gore o hutsafale ka lobaka lo lo rileng. Bibela e bolela gore go na le “motlha oa go lela.” (Moreri 3:4) Lefa go ntse jalo, ga o a tshwanela go hutsafalela ruri. Morago ga lobakanyana botlhoko bo tla nyelela. Mark o dumelana jaana, “Ee, ke ne ka hutsafala ka lobakanyana. Batsadi ba me ba ne ba ntemoga mme ba ne ba dira gore ke tsalane thata le basha ba bangwe ba Bakeresete. Seno se ne sa nthusa thata.” Andrew yo le ene a neng a tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya go kgaogana le mongwe, o bolela jaana: “Bagolwane ba ne ba nthusa. Ke ne ka oketsa gape tiro ya me ya go rera mme ka atamalana thata le bakaulengwe bangwe ba Bakeresete ba ke neng ke na le botsala jo bo itumedisang le bone.” Ee, tshwarega thata mo ditirong tsa semoya. (1 Bakorintha 15:58) Ditiro dingwe kana go itshidila mmele le gone go ka thusa. Tila go nna o le nosi. (Diane 18:1) Akanya ka dilo tse di itumedisang le tse di agang.—Bafilipi 4:8.
Gakologelwa gape gore Jehofa o tla itumedisiwa ke kgato ya bopelokgale e o e tsereng. Gololesega go mo kopa thuso le gore a go eme nokeng ka go mo rapela. (Pesalema 55:22; 65:2) Sheila yo mmotlana o gakologelwa jaana, “Ke ne ke rapela thata.” Nnyaa, ga go bonolo go emisa botsala jo bo ka nnang kotsi. Sheila o dumelana le seno jaana: “Lefa ke kgaogane le ene, ke a tle ke akanye ka ene ke ipotsa gore o dirang kwa a leng teng. Lefa go ntse jalo, ga o fetoge mo tshwetsong ya gago ka o itse gore o itumedisa Jehofa.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Mmolelele o nonofile e bile o tlhamaletse gore go fedile ka lona