Basha ba Botsa Jaana . . .
A Nka Lekeletsa Metshameko E E Boifisang?
FA O ntse o eme o roroma mo seraleng, o bolelelwa gore “motsotso ono e tla nna o o tshosang thata mo botshelong jwa gago.” Metsotswana e simolola go balelwa kwa morago: “Tlhano, nne, tharo, pedi, nngwe—TLOLA!” O garoga pelo. O fologela kwa tlase e kete o tla tloga o swa, mme o sa lebelela o utlwa fela o gogwa ka mogala wa rekere. Ka bonako fela o ikutlwa o wela makgwafo. O falotse!
Motshameko wa go tlola wa banji.a Go fopholediwa gore motshameko ono o kgatlhegelwa ke batho ba le milione o le mongwe go ya go di le pedi kwa United States fela. Ke mongwe wa metshameko e mentsi e e sa tswang go tuma thata bosheng jaana—go palama dithaba, go itheledisa go tswa mo dithoteng, go itheledisa mo metsing a diphororo, go itiga go tswa kwa loaping, fa go umakiwa e sekae fela. “Dingwaga tsa bo90 ke masome a dingwaga a metshameko e e boifisang,” go bolela jalo motho mongwe yo o buelelang motshameko wa go tlola wa banji.
Dilo tse di kotsi tseno ga di dirwe fela ke batho ba mafelo a go tletseng dilo tsa tlhago kwa go one. Batho ba ba ratang dilo tse di tshosang ba ba nnang mo ditoropong ba dira dilo tse di ntseng jalo tse di kotsi (tse di bileng di sa dumelelwang ke molao) tse di jaaka go itshupa bopelokgale ka go itheledisa mo godimo ga dilifiti (ba palame mo godimo ga dilifiti tse di tsamayang), go palama dithanele (ba gwaela mesele ya dikago tse di kgolo), ba gwaela dikoloi tsa kafa tlase ga lefatshe (ba palama mo godimo ga dikoloi tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe), le go tlola mo disetepising (go itheledisa mo disetepising tse di tshasitsweng mafura).
Ke Eng Fa E Kgatlhegelwa Jaana?
“Ke rata go leka sengwe le sengwe se se ntshosang,” go bolela jalo Norbert yo mmotlana. “Ke rata mefuta yotlhe ya metshameko—beisebolo, baseketebolo—mme go tlola go tswa mo borogong go ne ga ntshosa! Ke selo se se farologaneng gotlhelele.” Douglas yo mmotlana le ene o dumelana le seo. “Metshameko e e tlwaelegileng e monate, mme lefa go ntse jalo, e beetswe melao,” o bolela jalo. “Gantsi o bolelelwa gore o dire eng. Nna ke rata go wa. Le lobelo lwa teng . . . Ga o ke o ikutlwa jalo mo metshamekong e mengwe.”
Metshameko e e boifisang ga se fela go gwetlha bokgoni jwa gago jaaka moatleletiki; e dira gore o bone loso lo go lebile! Go bonala fa batho ba metshameko eno ba rata go ikutlwa ba tseegile maikutlo thata jalo. Baitse bangwe ba bolela gore batho bangwe ka tlholego fela ke ba Mofuta wa T, kana ba itumelela go tshoga. Lefa go ntse jalo, basha ba bantsi ba rata go dira dilo dingwe tse di kotsi; ba dira jalo gore ba bone gore ba ka kgona go le kana kang le go itira bopelokgale.
Ka maswabi, gantsi basha ba dira jalo ba sa akanyetsa dilo sentle. “Kgalalèlō ea makau ke thata ea aōna,” Diane 20:29 e bolela jalo. Lefa go ntse jalo, bangwe ba akanya gore ba ka dira sengwe le sengwe ka maatla a bone. Dr. David Elkind o bolela gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome gantsi ba akanya gore “ke batho ba ba kgethegileng le ba ba tlhomologileng—ba akanya gore melao e e beetsweng batho ba bangwe ga e ba ame. Ke boikutlo jono jwa go ikutlwa ba kgethegile, gore ga ba kitla ba utlwa botlhoko ka gope, jo bo dirang gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba dire tshwetso ya go batla go lekeletsa dilo tse di kotsi.” Dr. Robert Butterworth le ene o akgela jaana: “Fa o dira selo se se tshwanang le go tlola go tswa kwa loaping, o ikutlwa o tlhatswegile pelo gore go tla diragala jaaka o akanya, o akanya fela ka gore wena o tla ya bokgakaleng bofe.”
Lefa go ntse jalo, go lekeletsa dilo tse di kotsi gape go ka tswa go dirwa ka maikaelelo a a sa siamang. Mo bukeng ya gagwe ya Childstress!, mokwadi Mary Susan Miller, o bolela gore basha ba bantsi ba ba lekeletsang dilo ba itsenya mo kotsing ka boeleele e le fela ka go bo ba sa kgone go itshokela mathata a botshelo jwa bone. Metshameko e e boifisang e ka nna ya bo e supa boikutlo jwa go batla go ikgobatsa kana go ipolaya. “Ba ipaya ka bomo fela mo maemong a a kotsi,” go bolela jalo Miller, “e kete ba batla gore sengwe le sengwe se itiragalele fela.”
A Tota go Kotsi?
Go sa kgathalesege gore metshameko e e boifisang e kgatlha go le kana kang, e ka nna kotsi fela jalo. Ba bangwe ba bolela gore ‘go kgabaganya tsela,’ le gone go kotsi. Mme lefa go ntse jalo, motho yo o kgabaganyang tsela ga a latele kotsi ka bomo kana go lekeletsa dilo. Mme lefa gone metshameko e mentsi e e tshwanang le motshameko wa go tlola wa banji e itsege ka gore e babalesegile, dilo di ka nna tsa senyega. Mark Bracker, M.D., o bolela jaana: “Mo metshamekong e mentsi eno e e kotsi, fa go ka direga phoso e ka nna masetlapelo. Gantsi fa e le selo se se boifisang thata, kotsi ya gone e kgolo, go sa kgathalesege gore a motho o tlola go tswa mo difofaneng kana go fofa ka go akgega kana go kgweetsa sethuthuthu.” Mosha mongwe wa dingwaga tse 20 o ne a tlola ka tsela ya banji go tswa mo balunong e e tsamaisiwang ka mowa o o mogote a akgega dimetara di le 58 go tswa fa fatshe. Go ne ga direga eng? Mogala o ne o le moleele thata o le dimetara di le 79! O ne a rutlagana a bo a swa.
Gone ke boammaaruri gore dilo tse dingwe tse di ntseng jaaka go kgweetsa sethuthuthu ka tsela nngwe di dirwa ka tsela e e babalesegileng. Mme lefa go ntse jalo, moitse mongwe wa tsa kalafi ya metshameko o bolela jaana ka batho ba ba ratang go lekeletsa dilo: “Fa bokgoni jwa bone bo ntse bo tokafala, ba tlhopha sengwe se se boimanyana, mme ba feleletsa ba utlwile botlhoko.” Mosha mongwe o ne a ipolela jaana: “Ke tshwakgotswe. Jaanong go thata gore ke ikutlwe ke boifa le go tseega maikutlo.”
A Go Siametse Bakeresete?
A Bibela e kgatlhanong gotlhelele le metshameko yotlhe? Nnyaa. E kgatlhanong le go feteletsa dilo ka boeleele. Jaaka fa go begilwe mo go Moreri 7:17, Solomone o ne a botsa jaana: “Ana u ka bo u shwèlañ e e se e nne motlha oa gago?”
Phasalatso nngwe ya ditlhako tsa diatleletiki e rotloetsa batho jaana, ‘Botshelo bo bokhutshwane. Dira bojotlhe mo metshamekong.’ Mme lefa go ntse jalo, re na le boikarabelo mo go rona ka borona, mo go ba ba re ratang, le go Mmopi wa rona jwa gore re anaanele botshelo. Botshelo ke mpho e e tswang go Modimo. (Pesalema 36:9) Mo metlheng ya Bibela motho o ne a otlhaiwa tota fa a ne a ka bolaya yo mongwe ka phoso. (Ekesodo 21:29; Dipalō 35:22-25) Ka jalo seno se ne sa dira gore batho ba Modimo ba tile dikotsi tse di sa tlhokegeng.—Bapisa Duteronome 22:8.
Bakeresete le bone gompieno ba tshwanetse go supa fa ba tlotla botshelo. A go tla bo go siame go nna le seabe mo metshamekong e e ka nang ya go gobatsa go sa tlhokege? Fa Satane Diabolo a ne a leka go raela Jesu, a bolela gore fa Jesu a ne a ka itigela fa fatshe go tswa kwa godimo ga tempele, baengele ba ne ba tla mo tshwara. Jesu o ne a mo araba jaana: “U se ka ua leka Yehofa Modimo oa gago.”—Mathaio 4:5-7.
Kwantle ga moo, lefa o ka ikutlwa o nonofile e bile o itekanetse go le kana kang ga se gore o ka se ka wa utlwa botlhoko. Ga go utlwale gore motho a akanye gore: ‘Go ka se ka ga ntiragalela.’ Bibela e re tlhagisa gore ‘rotlhe re welwa ke motlha le bowelo.’—Moreri 9:11.
Akanya Pele ga O Dira Sengwe
Go a utlwala gore motho a akanye thata ka se se ka nnang sa diragala fa a tlola go tswa mo kereineng, go tlola go tswa mo sefofaneng kana go dira lefa e le eng se se ka tswang se le kotsi thata. O se ka wa ikaega ka magatwe kana ka dipego tsa basha ba bangwe tse di ntlafatsang dilo tseno. (Diane 14:15) Batla boammaaruri.
Ka sekai, batho ba gobala go le kana kang mo motshamekong oo? Go dirwa eng go tila dikotsi? Moitse mongwe o bolela jaana malebana le go tlolela mo metsing: “[Batho ba akanya gore] go tlolela mo metsing o tswa kwa loaping go kotsi. . . . Mme go kotsi fela fa o sa latele ditaelo sentle.” Ka jalo, gape o tshwanetse go ipotsa, Go tlhokega thapiso ya mofuta ofe le didirisiwa dife mo motshamekong oo? A o ka tswela motho mosola ka tsela nngwe, jaaka go sidila mmele? A dikotsi tsotlhe tse di ka nnang teng di diragala fela ka phoso, kana a boikaelelo jwa motshameko ono ke go lekeletsa loso?
Fa e le gore boikaelelo ke go lekeletsa loso, o ka nna wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa o kgatlhegela go lekeletsa dilo. A o go dira fela ka ntlha ya go jewa ke bodutu kana ka ntlha ya go ngomoga pelo? Fa go ntse jalo, ke eng fa o sa senke tsela e e babalesegileng, le e e molemo thata ya go fenya maikutlo a a ntseng jalo?b Buka ya Teenage Stress e re gakolola gore go lekeletsa dilo ke “tsela e e kotsi e e sa thuseng ka sepe ya go batla go fenya maikutlo a a sa siamang a go ngomoga pelo.”—Bapisa Diane 21:17.
Fa o sena go tlhatlhoba mabaka ka botlalo—le fa o sena go buisana le batsadi ba gago—go ka nna ga swediwa ka gore go tla nna botoka thata fa o ka tila metshameko e e boifisang thata. Batsadi ba gago ba ka nna ba rata gore o dire dilo tse dingwe tse go bonalang di se kotsi thata jalo tse di jaaka go palama baesekele, go itheledisa mo aeseng, go itheledisa mo godimo ga metsi, le go šapa kwa tengteng ga metsi o dirisa senokele, fa go umakiwa di sekae fela. Le gale, le e leng dilo tse di babalesegileng go sekae di ka nna kotsi fa go sa tlhokomelwe.
Seno se ile sa diragalela setlhophanyana sa basha ba Bakeresete ba ba neng ba sweditse gore ba tla ya go palama dithaba. Ba ne ba fapoga tselana e ba neng ba tsamaya ka yone mme ba simolola go palamela kwa karolong e tshesane ya mokgotlho o o kwa godimo. Go ise go ye kae ba ne ba iphitlhela ba sa kgone go suta, ba sa kgone go ya kwa pele kana kwa morago. Mosha yo o neng a eteletse setlhopha seno pele o ne ka tshoganetso fela a utlwa modumo. Ditsala tsa gagwe tse pedi di ne di wele mme tsa swa. A bohutsana ruri!
Ka jalo, tsweetswee nna kelotlhoko! ‘Itumele mo bosheng jwa gago,’ o ipelele maatla le matlhagatlhaga a o nang le one. (Moreri 11:9) Mme pele ga o ka dumela go dira sengwe se se kotsi, etsa Brian yo mmotlana. O bolela jaana: “Ke ipotsa gore, ‘Jehofa o tla ikutlwa jang ka gone? Seo se tla supa gore ke ikutlwa jang ka mpho ya botshelo e a e mphileng?’” Ee, sekaseka dikotsi, tlhatlhoba maikaelelo a gago. Botshelo bo botlhokwa thata gore motho a ka dira se se sa dumalaneng le seno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Motshameko ono wa go tlola wa banji,” ke motshameko o mo go one batho ba ba tlolang, ba ba bofilweng ka mogala o moleele wa rekere o o bidiwang banji, ba tlolang go tswa mo marogong, mo dikereineng, tota le mo dibaluning tse di buduletsweng ka moya o o mogote. Motho o itiga go tswa mo loaping go fitlha mogala o gagamala gore motho a se ka a itagana fa fatshe.
b Fa e le gore o tshwenyegile thata mo maikutlong kana o lwantshana le go batla go ipolaya, ke eng o sa bue le mongwe gore a go thuse go na le gore o itsenye mo kotsing go sa tlhokege?—Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . A go Ipolaya go Rarabolola Mathata?” mo tokololong ya rona ya April 8, 1994, ya Tsogang!
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A basha ba Bakeresete ba tshwanetse go nna le seabe mo metshamekong e e boifisang e e tshwanang le motshameko wa go tlola wa banji?